LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w91 2/1 ts. 32
  • “Ke ne Ke Tuka Bogale”

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • “Ke ne Ke Tuka Bogale”
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1991
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1991
w91 2/1 ts. 32

“Ke ne Ke Tuka Bogale”

Mosetsana mongwe wa dingwaga tse 15 go tswa kwa Knoxville, kwa Tennessee o ne a kwala jaana: “Ke ne ke batla go lo lebogela buka ya lona e ntšha Dipotso Tse Basha Ba Di Botsang—Dikarabo Tse Di Nang le Tharabololo. Ke itumeletse go e bala thata.”

Morago o tlhalosa jaana seo se neng sa mo dira gore a kwale lokwalo lono: “Ke ne ke tuketse kgaitsadiake bogale gonne o ne a begile gore ga ke a dira sengwe se ke neng ke tshwanetse ka bo ke ne ke se dirile mo lapeng. Jaanong ka re e sekile, ke ikutlwa ke le molato mme ke pagametse kwano mo kamoreng ya me go lo kwalela le go bala ‘Ke Ka Ntlhayang Fa Go Le Thata go Dirisana Sentle le Morwarre le Morwadiarre?’ (Kgaolo 6) Ke a itse gore e tlile go thusa mo go fenyeng mathata mo isagweng.”

Basha ba lebana le dipotso tse dintsi tse di batlang go rarabololwa ka botlhale: A ke godile mo ke siametseng lefereo? Ke ka itse jang fa e le lorato lwa mmatota? Ke tshwanetse go tlhopha tiro efe mo botshelong? Ke ka kgona jang kgatelelo ya bankane? Basha ba tlhoka dikarabo tse di nang le tharabololo tsa dipotso tse di ntseng jalo le tse dingwe. Re akanya gore o tla solegelwa molemo tota ke buka Dipotso Tse Basha Ba Di Botsang—Dikarabo Tse Di Nang le Tharabololo, e mo go yone potso nngwe le nngwe e arabiwang ke kgaolo. O ka amogela sekaelo sa buka eno e e nang le ditshwantsho tse dintle ka go tlatsa le go romela foromonyana eno.

Ke rata go amogela buka ya khabara e e thata ya ditsebe di le 320 ya Dipotso Tse Basha Ba Di Botsang—Dikarabo Tse Di Nang le Tharabololo. (Kwa ntle ga Repaboliki ya Afrika Borwa, kwalela lekala la Watch Tower le le mo lefelong la lona go bona tshedimosetso. Bona tsebe 2.)

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela