‘Serwalo sa Bogosi le Tshupo’
“HOÑ [moperesiti Jehoiada] a ntsha morwa kgosi a mo rwesa serwalō sa bogosi, a mo naea chupō, me ba mo diha kgosi, ba mo tlotsa.” (2 Dikgosi 11:12) Seno ke kafa buka ya Dikgosi e tlhalosang kafa Kgosi Joashe a neng a dirwa kgosi ka gone. A o lemogile gore mo godimo ga “serwalō sa bogosi,” kana seaparo sa tlhogo sa bogosi, Jehoiada gape o ne a tlhoma “chupō” mo godimo ga kgosi e potlana eno. “Chupō” eno e ne e le eng? Mme ke ka ntlha yang fa e ne e le karolo ya moletlo ono wa go tlhoma kgosi?
Lefoko la Sehebera le le ranotsweng fano jaaka “chupō” gantsi le raya Melao E E Lesome kana Molao wa Modimo fela ka kakaretso. (Ekesodo 31:18; Pesalema 78:5) Go dumalana le seno pego e e tshwanang le eno e e mo go 2 Ditihalō 23:11 e balega jaana mo go The Jerusalem Bible (1966): “Jehoiada o ne a lere morwa kgosi, a mo rwesa serwalo sa bogosi, mme a mo naya Molao.” Lefa go ntse jalo, thanolo eno mo go 2 Dikgosi 11:12 e dirisa lefoko “maselana a a aparwang mo letsogong” mo boemong jwa “chupō,” lemororo go dirisiwa lefoko le le tshwanang la Sehebera mo ditemaneng tse pedi tseno. Ka ntlha yang?
Buka nngwe e e akgelang ka Bibela ya Sejeremane, e e bidiwang Herders Bibelkommentar, e tlhalosa gore baranodi bangwe ga ba akanye gore kgosi e ne e ka apara Molao mo tlhogong kana mo letsogong. Ereka 2 Samuele 1:10 fa e tlotla ka Kgosi Saule, e umaka seaparo sa letsogo (kana, sebaga) mmogo le serwalo sa bogosi seo a neng a se rwala, ba dumela gore temana e e mo go 2 Dikgosi 11:12 kwa tshimologong e tshwanetse ya bo e ne e balega ka go re “serwalo sa bogosi le dirwalo tsa letsogo.” Mme seno ke go fopholetsa fela. Go baya “seaparo sa letsogo” mo boemong jwa “chupō” totatota ke go fetola temana.
The New Jerusalem Bible (1985) ka gone e busetsa kgopolo ya gore e ne e le Molao, kana kgolagano ya molao, e baya polelwana eo jaana, “mme a mo naya sekaelo sa kgolagano.” Mme a Jehoiada o ne a naya Jeoashe “chupō”? Ka boammaaruri, lefoko la Sehebera le le ranotsweng jaaka “o ne a baya” le ka ranolwa gape jaaka “o ne a naya.” Mme mo go Dikgosi le mo go Ditihalō, le tlhaga gangwe fela, le bua ka serwalo sa bogosi le Tshupo. Mo godimo ga moo, le latelwa ke lefoko la Sehebera “mo godimo ga.” Ka gone, “go baya mo godimo ga” e tshwanetse ya bo e le thanolo e e siameng. Serwalo sa bogosi le tshupo di ne tsa “bewa mo godimo” ga Kgosi Jeoashe yo mmotlana, jaaka New World Translation e bontsha.
Ka jalo ke ka ntlha yang fa moperesiti yo mogolo a ne a “baya” Tshupo mo godimo ga kgosi mme o ne a dira seo jang? Tlhokomela kakgelo eno ya mokanoki wa Mojeremane Otto Thenius: “Molao, eleng buka eo melao ya ga Moshe e neng e kwadilwe mo go yone. Kgosi e ne e rwala mo tlhogong ka tshwantshetso fa e sena go rwesiwa serwalo sa bogosi.” (Die Bücher der Könige) Ka mo go tshwanang, Porofesa Ernst Bertheau o akgela jaana: “Molao o ne o bewa [mo godimo ga kgosi] ka tsela ya tshwantshetso, mme kgosi e ne e tshwanetse go bua go ya ka one.”—Die Bücher der Chronik.
Modimo o ne o laotse gore fa kgosi e ne e nna mo setulong sa bogosi, e ne e tshwanetse go ikwalela sekaelo sa Molao, e o ithute le go o dirisa mo botshelong jotlhe jwa yone. (Duteronome 17:18-20) Go baya “chupō” mo godimo ga kgosi e ntšha e ne e le tiro ya tshwantshetso e e neng e bontsha gore lemororo e ne e le kgosi o ne a santse a le kafa tlase ga Molao wa ga Jehofa. Se se utlwisang botlhoko ke gore fa moperesiti yo mogolo Jehoiada a sena go tlhokafala, Jeoashe o ne a lebala thuto e e botlhokwa eno mme a tlogela kobamelo ya ga Jehofa ka bonya ka bonya, mme kgabagare a bolawa ke batsuolodi.—2 Ditihalō 24:17-25.