“Lo Se Ka Lwa Lapa mo go Diheñ Molemō”
Dintlhakgolo go Tswa go Bathesalonia wa Bobedi
GO TSHWENYEGA ga ga moaposetoloi Paulo ka Bakeresete ba kwa Makedonia kwa motseng mongwe wa Thesalonika go ne ga mo tlhotlheletsa gore a ba kwalele lokwalo lono lwa gagwe lwa bobedi mo e ka nnang ka ngwaga wa 51 C.E. Bangwe mo phuthegong ba ne ba bolela ka phoso gore go nna gone ga ga Jesu Keresete go setse go le gaufi. Gongwe ebile lokwalo longwe lo ka phoso go neng go bolelwa gore ke lwa ga Paulo lo ne lwa tsewa gore lo supa gore “letsatsi ya ga Yehofa” le gorogile.—2 Bathesalonia 2:1, 2.
Ka gone tsela eo Bathesalonia ba bangwe ba neng ba akanya ka yone e ne e tlhoka go baakanngwa. Mo lokwalong lwa gagwe lwa bobedi, Paulo o ne a ba akgolela go bo ba gola mo tumelong, ba okeditse lorato lwa bone, ebile ba itshokile ka bopelotelele. Mme o ne a bontsha gape gore botenegi bo ne bo tla tla pele Jesu a tla. Ka jalo go ne go tlile go tla dinako tsa mathata, mme lokwalo lwa ga moaposetoloi lo ne lo tla ba thusa go reetsa kgothatso eno ya gagwe: “Lo se ka loa lapa mo go diheñ molemō.” (2 Bathesalonia 3:13) Mafoko ano a ga Paulo a ka re thusa ka tsela e e tshwanang.
Go Senolwa Ga Ga Keresete le go Nna Gone ga Gagwe
Paulo o ne a bua la ntlha kaga go gololwa mo pitlaganong. (1:1-12) Seno se ne se tla tla “mo motlheñ oa tshenolō ea Morèna Yesu ha a cwa legodimoñ, a na le baengele ba thata ea gagwè, a tla.” Bao ba sa reetseng mafoko a a molemo jaanong ba tla nyelediwa ka bosakhutleng. Go a gomotsa go gakologelwa seno fa re pitlaganngwa ke babogisi.
Morago, Paulo o ne a supa gore “monna oa boleo” o tla senolwa pele ga lobaka lwa go nna gone ga ga Keresete. (2:1-17) Bathesalonia ba ne ba sa tshwanela go kgatlhiwa ke molaetsa ope o o neng o akantsha gore “letsatsi ya ga Yehofa” le ne le setse le gorogile. Sa ntlha, botenegi bo ne bo tla nna gone le monna wa boleo o ne a tla senolwa. Morago ga foo, Jesu o ne a tla mo nyeletsa, a dira jalo fa go setse go bonala gore O gone. Ka nako eo, Paulo o ne a rapela gore Modimo le Keresete ba gomotse dipelo tsa Bathesalonia mme ba ba “tlhōmamisè mo tihoñ le mo puoñ ñwe le ñwe e e molemō.”
Go Dirisana le Ba Ba Sa Lateleng Thulaganyo
Mo mafokong a a latelang a ga Paulo go ne go na le dikaelo tseo di neng di bua ka batho ba ba sa lateleng thulaganyo. (3:1-18) O ne a bolela fa a tlhomamisegile gore Morena o ne a tla nonotsha Bathesalonia mme a ba sireletse mo go yo o bosula, ebong Satane Diabolo. Mme ba ne ba tlhoka go tsaya dikgato gore ba solegelwe molemo semoyeng. Ba ne ba tshwanetse go ikgogona mo go bao ba sa lateleng thulaganyo, bao ba neng ba itsenya mo dikgannyeng tseo di neng di sa ba ame ka gope ebile ba gana go dira. “Ha moñwe a gana go diha,” Paulo o ne a bolela jalo, “le gōna a se ka a ya.” Batho ba ba ntseng jalo ba ne ba tshwanetse go tshwaiwa, mme go ne go se ope yo a neng a tshwanetse go tsalana nabo, lemororo ba ne ba tshwanetse go kgothadiwa jaaka bakaulengwe. Bakeresete ba ba ikanyegang ba kwa Thesalonia ba ne ba sa tshwanela go lapa go dira molemo, mme Paulo o ne a eletsa gore bopelonomi jo bo sa tshwanelang jwa Morena Jesu Keresete bo nne le bone botlhe.
Lokwalo lwa bobedi lwa ga Paulo lo lo yang kwa go Bathesalonia lo naya Basupi ba ga Jehofa tlhomamisetso ya gore ba tla gololwa mo pitlaganong ya bone fa Keresete le baengele ba gagwe ba tla go ipusolosetsa mo go bao ba sa reetseng mafoko a a molemo. Go nonotsha tumelo gape go itse gore “monna oa boleo” (setlhopha sa baruti ba Labodumedi) le bodumedi jotlhe jwa maaka di tla tloga di senngwa. Pele nako eo e tla, a re reetseng kgothatso ya ga Paulo ya gore re se ka ra lapa go dira molemo.
[Lebokoso/Setshwantsho mo go tsebe 23]
Lefoko la ga Jehofa le Tsamaya ka Bofefo: “Lo re rapèlèlè,” Paulo o ne a kwala jalo, “gore lehoko ya Morèna le sianè, le galalediwè, hèla yaka le nntse mo go lona.” (2 Bathesalonia 3:1) Bakanoki bangwe ba ile ba akantsha gore moaposetoloi o ne a bua ka basiani ba mabelo bao ba neng ba siana ka lobelo mo kgaisanong. Lemororo seo se sa tlhomamisege, Paulo o ne a kopa gore Bakeresete ba kwa Thesalonika ba rapelele gore ene le badiri ka ene ba kgone go phasalatsa lefoko la boammaaruri ka bonako ba sa kgorelediwe ke sepe. Lefoko le a ‘siana’ fa mafoko a a molemo a ntse a rerwa ka bonako mo metlheng eno ya bokhutlo gonne Modimo o araba dithapelo tse di ntseng jalo. Lefoko la ga Jehofa gape le a ‘galalediwa,’ badumedi ba le tseela kwa godimo jaaka “thata ea Modimo e e isañ polokoñ,” fela jaaka le ne le ntse mo go Bathesalonia bao ba neng ba le amogela. (Baroma 1:16; 1 Bathesalonia 2:13) Abo re itumela jang ne go bo Modimo o segofatsa baboledi ba Bogosi ebile o oketsa dipalo tsa baobamedi ba gagwe ka lebelo jaana!—Isaia 60:22.