LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w90 11/15 ts. 29-31
  • Thobo E Kgolo E Lere Boitumelo kwa Taiwan

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Thobo E Kgolo E Lere Boitumelo kwa Taiwan
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1990
  • Ditlhogwana
  • Go Jala go Gonnye ga kwa Tshimologong
  • Go Arabela ka Bopelonomi go Bapisiwa le Kgatlhego Tota
  • Se Se Rotloetsang Koketsego
  • Thobo mo Ditlhopheng tsa Merafe
  • Thobo E A Tswelela
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1990
w90 11/15 ts. 29-31

Thobo E Kgolo E Lere Boitumelo kwa Taiwan

TAIWAN ke setlhaketlhake se se dikilometara di le 390 ka boleele le dikilometara di le 140 ka bophara. Ke lengwe la mafelo a a nang le baagi ba le bantsi thata mo lefatsheng ka le na le baagi ba ba fetang 20-000 000. Bontsi jwa baagi ba yone ba bua Setšhaena kana Setšhaena sa Mandarin jaaka batho ba kwa bophirima ba se bitsa. Mme go buiwa gape le diteme tse dingwe le dipuo di le 13 tsa semorafe.

Ereka e le mo Tropic of Cancer, Taiwan ke setlhaketlhake se se humileng thata, seo se ntshang thobo e ntsi ya reisi le dijalo tse dingwe tseo e di romelang kwa ntle. Lefa go ntse jalo, go na le thobo ya mofuta o mongwe gape eo e tlisetsang batho ba ba leng mo go yone boitumelo. Eno ke thobo ya semoya ya ba ba amogelang ‘Mafoko a a Molemo a Bogosi.’—Mathaio 24:14.

Go Jala go Gonnye ga kwa Tshimologong

Tiro ya go jala peo ya boammaaruri jwa Bibela mo Taiwan e simolotse dingwaga tse di ka nnang 60 tse di fetileng, fa moemedi wa Mokgatlho wa Watch Tower yo o tswang kwa Japane a ne a tla go neela dipuo tsa Bibela kwa Taipei, eleng motsemogolo wa yone. Lekawana lengwe la Mojapane le le bidiwang Saburo Ochiai le ne la reetsa molaetsa wa Bogosi mme la simolola go bolelela ba bangwe ka one. Moragonyana badihedi ba babedi ba nako e e tletseng ba ba tswang kwa Japane ba ne ba ya kwa setlhaketlhakeng seno go ya go jala peo ya mafoko a a molemo. Kgabagare, ba ne ba tsenngwa mo kgolegelong ke baeteledipele ba bagolo ba masole ba Japane mme ba ne ba swa ka ntlha ya Bogosi jwa Modimo. Bontsi jwa dipeo tseo ba neng ba di jetse bo ne jwa tlhoga ka bonako mo morafeng wa Ba-Amis, mme batho ba bantsi ba Ba-China bao ba neng ba nna kafa lotshitshing lo lo kafa bophirima lwa setlhaketlhake ba ne ba se ka ba kgatlhega thata. Bontsi jwa bone ke Babuda le Ba-Tao.

Tiro ya semoya ya go roba mo Taiwan e ne ya simolola e le potlana jalo, mo eleng gore setlhaketlhake seo gompieno ke tshimo e e ntshang maungo tota. Ka sekai, mo dingwageng tse tlhano tse di fetileng, go ne ga kolobediwa batho ba le 529, bao bontsi jwa bone bo neng bo tswa mo baaging ba Ba-China. Seno se ne sa dira palo ya baboledi ba Bogosi mo setlhaketlhakeng go nna 1 552 ka 1989. Ee, Ba-Tao, Babuda, le bao ba bidiwang Bakeresete ba arabela mafoko a a molemo mme ba ithuta kaga Jehofa Modimo! Mme go ntse jang go bua ka Bibela le batho ba ba sa tshwaneng jalo? Mme go ile ga felela ka eng?

Go Arabela ka Bopelonomi go Bapisiwa le Kgatlhego Tota

Tiro ya go rera mo Taiwan e a duela ebile e a gwetlha ka gonne batho ba Ba-China ka tlholego ba pelonomi. Ka kakaretso fela ba reetsa baeng. Fa ba neelwa dibuka tsa Bibela ba di amogela ka go rata go supa botsalano fela. Go felela ka gore badihedi bangwe ba nako e e tletseng ba ne ba tsamaisa dimakasine di le 300 kana ba ile ba bona dipeeletso di le 100 tsa makwalopaka a rona mo kgweding e le nngwe fela. Batho ba ile ba itshalela le Dibibela, dibuka, dimakasine, le dipampitshana tse dintsi go ralala dingwaga. Ke ka ntlha yang he, fa koketsego ya baboledi ba Bogosi e ne e le bonya jaana fa e bapisiwa le seno?

Lebaka le lengwe ke ka ntlha ya dikgopolo tsa ga Confucius tse di ileng tsa dira batho gore ba akanye ka tsela nngwe mo dingwageng tse dintsi. Go ya ka Confucius, motho yoo “ka go tlotla Meya a e bolokang e le kgakala le ene, a ka bitswa yo o botlhale.”a Seo se raya gore motho yo o botlhale ga a tsenelele mo go obameleng meya kana medimo. Ka gone, batho ba bantsi ba ka nna ba batla go itse ka molaetsa wa Bogosi, mme ke ba sekae fela ba ba batlang go ithuta Bibela. Gape, lemororo Ba-China ba dumela mo meyeng e le mentsi le medimo, kgopolo ya gore go na le mmopi yo mogolo ke sengwe se ba sa se itseng. Mo godimo ga moo, le batho ba Bibela ba ba itsegeng thata jaaka Aberahame le Dafide ga ba kae sepe se se kalo mo go bone. Ka gone, go motlhofo go bona gore ke ka ntlha yang fa go tlhokega nako e ntsi le bopelotelele go thusa batho bano go amogela Bibela jaaka lefoko le le tlhotlheleditsweng la Modimo le go nna le kamano ya botho le Mmopi, ebong Jehofa Modimo. Lefa go ntse jalo, maiteko a a ntseng jalo a a duela ka gonne Jehofa o a ba segofatsa.

Se Se Rotloetsang Koketsego

Diphuthego tsa batho ba ga Jehofa mo Taiwan di ne di ntse di dirisa diholo tse di hiriwang go tshwarela dipokano tsa tsone ka dingwaga di le dintsi. Bagolwane ba phuthego e nngwe ba ne ba bona botlhokwa jwa go nna le lefelo le le siameng le go kopanelwang kwa go lone fa motho mongwe yo o kgatlhegang a ne a akgela jaana: “Fa e le gore se lo se tshotseng ke boammaaruri, jaanong lo dirang mo mafelong a a tshwanang le leno? Ke ka ntlha yang fa lo sa nne le lefelo le le tlhomameng le lo kopanelang kwa go lone?” Ka jalo phuthego eo e ne ya simolola go batla lefelo le le siametseng Holo ya Bogosi ba ikaegile ka Jehofa. Kgabagare ba ne ba reka dikamore tse pedi tse di bapileng mo kagong nngwe e tona, mme jaanong ba na le Holo e ntle ya Bogosi.

Mo dingwageng tse thataro tse di fetileng go ile ga agiwa kana ga rekwa Diholo tsa Bogosi di le 11 mo Taiwan. Mo go nngwe le nngwe ya tseno, go ile ga felela ka gore thobo e oketsege go be go nne le batho ba bantsi ba ba tlang dipokanong. Sekai se sengwe ke phuthego e e kwa toropong e e kwa borwa ya Tainan. Ka 1981, toropo eno ya batho ba le 600 000 e ne e na le phuthego e le nngwe fela e nnye ya baboledi ba Bogosi ba le 44. Setlhopha seno se ne sa swetsa go ikagela Holo ya sone ya Bogosi, ka gonne se ne se e tlhoka. Ka tumelo ya gore Jehofa o tla ba segofatsa, bakaulengwe le bokgaitsadi ba ne ba tswelela ka kago eo le eleng lefa holo eo e ne e tlile go nna R520,000. Bangwe ba ne ba ntsha digouta tseo ba neng ba di filwe ke banna ba bone fa ba nyalwa; bangwe ba ne ba beela maeto a go ya kwa moseja fa thoko. Mongwe le mongwe mo phuthegong o ne a thusa. Fa bakaulengwe ba ofisi ya lekala ya Watch Tower ba utlwa ka kago eno, ba ne ba swetsa go aga legae la barongwa mo godimo ga Holo ya Bogosi, ka gone ba duela bontlhanngwe jwa ditshenyegelo. Holo e ne ya wediwa mo dingwageng tse pedi. Ga felela jang? Fa Holo ya Bogosi e wediwa palo ya baboledi e ne e setse e fitlhile go 74! Jaanong, holo eo e dirisiwa ke diphuthego tse pedi tseo di nang le baboledi ba le 160, mme palogare ya ba ba tlang dipokanong tsa beke le beke ke 250. Diphuthego tse pedi tseno jaanong di batla go aga Holo ya bobedi ya Bogosi.

Thobo mo Ditlhopheng tsa Merafe

Thobo mo ditlhopheng tsa merafe e e kafa lotshitshing lo lo kafa botlhaba la Taiwan e ne e ntse e tswelela fa e sale tiro ya Bogosi e simolola mo setlhaketlhakeng. Bangwe ba batho ba Ba-Amis bao ba saleng ba ithuta boammaaruri la ntlha dingwaga tse di fetang 50 tse di fetileng ba santse ba le tlhaga le jaanong. Ba ile ba fenya dikgwetlho tse dintsi fa dingwaga di ntse di feta. Ba ne ba tshwanela go ithuta Sejapane fa Bajapane ba ne ba le koo ka Ntwa ya Lefatshe II. Fa setlhaketlhake seo se ne se busediwa China morago ga ntwa, ba ne ba tshwanela go ithuta puo ya Se-China. Ba ne ba nna le teko ya mofuta o mongwe kwa tshimologong ya bo 1960. Ka nako eo bontsi jwa bao ba neng ba le bagolo mo morafeng wa Ba-Amis ba ne ba tlogela phuthego e e phepa ya ga Jehofa kana ba ne ba itshupa ba sa tshwanela go kopanela le yone. Fa dilo tseno di ntse di diragala, setlhopha se sennye sa Basupi ba ba ikanyegang se ne sa tswelela se direla Jehofa. Bontsi jwa ditlogolwana tsa bakaulengwe le bokgaitsadi ba ba ikanyegang bao jaanong di eteletse pele mo tirong ya go rera.

Batho ba ditso tse dingwe le bone ba ile ba dira botswelelopele mo semoyeng. Ka sekai, go na le setlhopha sa baboledi ba Bogosi se se ikanyegang mo morafeng wa Ba-Bunun. Bangwe ba borraabonemogolo e ne e le batho ba ba neng ba bolaya baba ba bone ba boloka ditlhogo tsa bone jaaka dikgele. Merafe ya Ba-Lukai le Ba-Pai le yone e ne ya neelwa bosupi, mme ba bantsi mo go bone ba ne ba dira diphetogo tse dikgolo tota mo matshelong a bone. Ba Chu Fu o bolela boitemogelo jwa gagwe, ka go bolela jaana:

“Ke tsholetswe kwa lefelong la dithaba la Pingtung. Ereka rre e ne e le kgosi ya morafe wa Lukai, re ne re tlisediwa dijo jaaka dimpho, ka jalo re ne re sa dire tiro epe e e bokete. Ke ne ka nna le moya wa boikgogomoso ka ntlha ya boemo jono. Ke ne ka nna ‘kgosi’ ya setlhopha sengwe sa basha ba ba dirang thubakanyo, re tshosetsa batho le go ba tseela madi. Ke ne ke tshajwa tota mo motseng wa rona. Fa ke na le dingwaga di le 22, ke ne ka nyala mongwe wa basetsana ba bantsi ba ke neng ke ratana le bone. Mme ke ne ke tshela botshelo jwa boitsholo jo bo sa siamang ebile ke nwa thata mme seno se ne sa dira gore botshelo jwa lenyalo bo nketefalele. Go ise go e kae lenyalo la rona le ne la senyega, mme ke ne ka boela kwa mokgweng wa me wa pele wa botshelo.

“Mo e ka nnang ka nako eno, mosadi wa me o ne a simolola go ya kwa dipokanong tsa Basupi ba ga Jehofa. Ke ne ke sa kgatlhege mme ke ipolela fa ke le molatolamodimo. Lefa go ntse jalo, ke ne ka dumela go ya le mosadi wa me kwa kopanong ya merafe yotlhe kwa Taipei ka 1973, gonne a ne a tlhoafetse ebile a dira maiteko a tlhagafetse tota. Re ne re nna le lelapa lengwe la Basupi. Bopelonomi jwa kgaitsadi yoo wa Mo-China le mokgwa wa gagwe wa go sa tlhaole o ne wa nkgatlha tota mo nka se kang ka go lebala. Fa re boela kwa gae, ke ne ka simolola go ithuta Bibela mme ka dira maiteko a a tlhoafetseng tota go fetoga. Ke ne ka kolobediwa ka 1974.

“Ke ne ka nna le diteko tse dintsi go tloga ka nako eo. Nngwe ya tsone e ne e le go ithuta go bala Se-China. Go tlhoka ditsala e ne e le nngwe ya tsone. Ke ne ka kgothalediwa go ikaega ka Jehofa gonne go ne go sena bakaulengwe ba ba godileng bao ke neng nka tsalana le bone kana ka kopa thuso mo go bone. Ke ne ka ithuta boikokobetso le go kgomarela phuthego ya ga Jehofa. Ga felela jang? Gompieno balelapa la me botlhe ba tlhaga mo boammaaruring. Ke na le tshiamelo ya go nna motlhanka wa bodihedi mo phuthegong e jaanong e nang le baboledi ba ba tlhaga ba le 60. Lemororo ke sena kgono epe fela e e kgethegileng, Jehofa o ile a ntshegofatsa le go tshegetsa maiteko a ke a dirang mo tirong ya go roba.”

Thobo E A Tswelela

Taiwan ke karolo e nnye tota ya tshimo ya lefatshe lotlhe. Lefa go le jalo, mafoko ano a ga Jesu, “Thōbō e kgolo rure, me barobi ba bannye,” a boammaaruri le fano. (Mathaio 9:37) Mo ngwageng o o fetileng, ba le 4 534 ba ne ba tla kwa Segopotsong sa loso lwa ga Keresete. Mme jaaka thobo e ntse e ya kwa setlhoeng sa yone, badiri ba ba ntseng ba dira kwa Taiwan ba roba ka loshalaba lwa boitumelo.—Bapisa Pesalema 126:5, 6.

[Ntlha e e kwa tlase]

a The Analects, vii 20, jaaka e ranotswe ke Arthur Waley, mo go The Analects of Confucius, 1938, Vintage Books, New York.

[Mmapa/Ditshwantsho mo go tsebe 31]

(For fully formatted text, see publication)

JAPANE

CHINA

TAIWAN

PHILIPPINES

[Ditshwantsho]

Holo ya Bogosi e e sa tswang go agiwa mo lotshitshing lo lo kafa botlhaba lwa Taiwan

Baboledi ba Bogosi ba lere boitumelo mo bathong ba le bantsi mo nageng e tala eno

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela