Nako e e Gaisang Tota mo Botshelong
Bosheng jaana mosha mongwe go tswa kwa Nigeria, kwa Afrika Bophirima, o ne a kwala jaana: “Pele, ke ne ke akanya gore bosha ke nako e e bokete tota mo botshelong jwa motho mme dingwaga tse di itumedisang thata ke tsa fa motho e setse e le rre kana mmè kana tsa fa e setse e le mogolo.”
Mme mosha yono wa mo Afrika o ne a amogela sekaelo sa buka Bosha jwa Gago—Go Iponela Molemo mo go Jone. “Ke lo leboga tota,” o ne a kwala jalo. “Buka eno e nthusitse ka ditsela tse dintsi.” O ne a konela jaana: “Jaanong, fa ke sena go bala buka eno, ke lemoga gore dingwaga tsa bosha ke tsone tse di gaisang.”
Basha ba ba golang mo metlheng e e tletseng mathata eno ba lebana le maemo a mantsi a masha mme ba tshwanela go dira ditshwetso tse di bokete tota. A mosha o tshwanetse go goga kana go dirisa diokobatsi? Nka itshwara jang ka tsela e e siameng mo bathong ba bong bo sele? Go tweng ka go itshwaratswara dirwe tsa tlhakanelodikobo le bosodoma?
Ditshwetso tse di phoso di ka lere mefuta yotlhe ya kutlobotlhoko le mathata. Bosha jwa Gago—Go Iponela Molemo mo go Jone e tlhatlhoba dipotso tse di fa godimo tseno mmogo le tse dingwe tse dintsi. Fa o rata go amogela sekaelo sa yone, tsweetswee tlatsa o bo o romele foromonyana e e fa tlase eno.
Ke rata go amogela buka ya khabara e e thata ya ditsebe tse 192 Bosha jwa Gago—Go Iponela Molemo mo go Jone. (Kwa ntle ga Repaboliki ya Afrika Borwa, kwalela lekala la Watch Tower la mo lefelong la lona go bona tshedimosetso. Bona tsebe 2.)