LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w90 10/1 ts. 26-29
  • Jehofa O Ne A Segofatsa Maikaelelo A Me

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Jehofa O Ne A Segofatsa Maikaelelo A Me
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1990
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Lelapa le A Fuduga
  • Fa Ke Kopana le Boammaaruri jwa Bibela la Ntlha
  • Go Diragatsa Keletso ya Me ya Mmatota
  • Dikgoro Tse Disha tsa Tirelo Di A Bulega
  • Go Lwela Dikgatlhego tsa Bogosi
  • Gileade E Nonotsha Boikaelelo jwa Me
  • Jehofa O a Re Dibela
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1987
  • Go Itshoka go Tlisa Kgatelopele
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1995
  • Boitshoko bo Lere Boipelo
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2006
  • Ke ne Ka Nonotshiwa ke go Ikanya Jehofa ga Me
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1997
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1990
w90 10/1 ts. 26-29

Jehofa O Ne A Segofatsa Maikaelelo A Me

JAAKA GO BOLETSE RICHARD WUTTKE

“Otlile go swa mo lobakeng lwa dikgwedi di le tharo!”

“O raya jang?” “Ke seo ngaka eo o neng o ile kwa go yone kwa Assis e se mpoleletseng,” morwarre William o ne a araba jalo.

TOTA ke ne ke batla go tshela eseng go swa. Ke ne ka rapela Modimo, e le la ntlha, gore o nthuse. Se se kgatlhisang ke gore, dingwaga tse 46 morago ga foo, ke kgona go bolela gore lemororo ngaka eo e ne ya seka ya mpolelela gore bothata jwa me e ne e le eng, se a neng a se bone se ne se le phoso. Lefa go ntse jalo, letshogo leo le ne la ntira gore ke akanye ka se ke ikaeletseng sone mo botshelong le gore re tshwanetse go direla Mmopi wa rona.

Lelapa le A Fuduga

Fa ke tsholwa ka November 11, 1921, batsadi ba me ba ne ba nna kwa Grosen, mo torotswaneng nngwe kwa Jeremane botlhaba. Ba ne ba tsholetswe kwa Russia ke bafaladi ba Bajeremane. Mme fa diphetogo tsa ga Bolshevik tsa 1917 di tlisa Bokomonisi, ba ne ba ntshiwa koo mmogo le ba bangwe bao e neng e le Bajeremane mme ba latlhegelwa ke dithoto tsotlhe tsa bone. Batsadi ba me le bana ba bone ba bannye ba ne ba goroga kwa molelwaneng wa Jeremane, morago ga loeto lo loleele ka terena ya dithoto. Lefa go ntse jalo ga ba a ka ba letlwa go tsena ka jalo ba tshwanela go boela gape kwa Russia. Fa ba fitlha koo, ba ne ba gana gape ba tsena, ka jalo ba tshwanela go boela gape kwa Jeremane. Morago ga go sotlega ka dikgwedi di le dintsi, ba ne ba letlwa go tsena mo nageng.

Rre o ne a tlhokafala fa ke na le dingwaga di le lesome. Hitler o ne a simolola go busa dingwaga di le pedi morago ga foo ka 1933, mme ke ne ka patelediwa go tsena mo bosoleng jwa Basha jwa Nazi. Bajeremane ba ba neng ba tsholetswe kwa dinageng tse dingwe ba ne ba nna le mathata mo pusong ya ga Hitler, mme ebile go ne go na le bosupi jwa gore Jeremane e ne e ipaakanyetsa ntwa e nngwe gape. Ka jalo re ne ra swetsa ka gore re fudugele kwa Brazil, re kgothalediwa ke ba bangwe ba ba neng ba setse ba fudugetse koo. Re ne ra goroga kwa Santos, kwa Brazil, ka May 1936.

Morago ga go dira mo polasing ya kofi ka dikgwedi di sekae, re ne ra reka polasinyana mo kgaolong e e nonneng thata gaufi le Maracaí mo kgaolong ya São Paulo. Fa re ntse re aga ntlo ya rona, re ne ra kgona go nna mo legaeng la moruti mongwe wa Moluthere. O ne a re kgothaletsa go tsena kereke ya gagwe mme re ne ra tlogela kereke fa ene le motlhatlhami wa gagwe, ba simolola go bua ka dipolotiki mo ditherong tsa bone.

Fa Ke Kopana le Boammaaruri jwa Bibela la Ntlha

Morwarre o ne a mpolelela ka dilo tse di tshosang tseo a di boleletsweng ke ngaka ka bolwetsi jwa me. Ka jalo ke ne ka ya kwa São Paulo go utlwa gore e nngwe e tla reng. Fa ke ntse ke le koo, lelapa leo ke neng ke nna le lone le ne la etelwa ke tsala nngwe ya lone, ebong Otto Erbert. E ne e le mongwe wa Basupi ba ga Jehofa, mme o ne a simolola go re neela bosupi. Lefa go ntse jalo, lelapa leo le ne le sa anaanele seo a neng a se bua, ka jalo ba ne na tswa mo kamoreng eo ka bongwe ka bongwe, ba ntlogela le moeng wa bone.

Otto o ne a bua dioura di ka nna pedi ka dikgang tse di jaaka molelo wa dihele; go sa sweng ga moya; Modimo wa boammaaruri, Jehofa; Bogosi jwa gagwe; le tsholofelo ya go tshelela ruri mo lefatsheng la paradaise. Abo a ne a mpolelela ka isagwe e e phatsimang jang ne! Abo seo se ne se farologana thata jang ne le seo ke neng ke se ithutile kwa Kerekeng ya Luthere! Kgabagare, Otto o ne a mpotsa jaana: “A o dumela dithuto tsa maaka tsa Labodumedi kana a o dumela Bibela?”

“Bibela,” ke ne ka araba jalo.

“He e ithute!” o ne a nkgothatsa jalo a bo a oketsa jaana: “Fa o batla go utlwa go le gontsi ka yone, o tle go mpona.” Ereka ke ne ke rata seo ke neng ke se utlwile, segolobogolo kaga go tshelela ruri mo lefatsheng, ke ne ka ya go mmona letsatsi le le latelang. Motlotlo oo wa bobedi o ne wa ntlhatswa pelo gore ke ne ke bone ‘boammaaruri jo bo gololang batho.’ (Yohane 8:32) Ke ne ka tloga koo ka buka, Health and Life, le taletso ya gore ke ye kwa thutong ya Bibela ya Sejeremane.

Go Diragatsa Keletso ya Me ya Mmatota

Ka yone nako eo, ke ne ka bona kalafi e e tshwanetseng mme ke ne ka kgona go boela gae. Ke ne ka tsamaya le Otto Erbert gore a ye go ja malatsi a boikhutso le nna. Mmè o ne a itumeletse go bo ke ithuta Bibela, buka eo e neng e tlhola e le mo tafoleng ya rona mme e seka e balwa. Fa Otto a sena go boela kwa São Paulo, ke ne ke ithuta Bibela le ba lelapa la etsho mo e ka nnang bosigo bongwe le bongwe, fela ka mo ke neng nka kgona ka gone. Ke ne ka itumela tota fa mmè, morwarre Robert, le kgaitsadiake Olga ba ne ba amogela molaetsa wa boammaaruri. Legae la rona le ne le tlhola le tlala ka ditsala, mme morago ga go neela bosupi ka dikgwedi tse di ka nnang pedi le ne le setse le le lolea. Mongwe wa bao ba neng ba tlhola ba tla kwa legaeng la rona o ne a re: “Fa lo tswelela ka seno, lo tla felela kwa kokelong ya ditsenwa.”

Lefa go ntse jalo, keletso ya me ya go direla Jehofa e ne ya tswelela e ntse e gola. Ke ne ka amogela dibuka tse di oketsegileng, mme ke bala go fitlha bosigo. Mme dibuka tsotlhe di ne di le ka Sejeremane, mme ke ne ka lemoga gore fa ke batla go ruta ba bangwe ke tshwanetse go ithuta Sepotokisi. Ka jalo, ke ne ka fudugela kwa São Paulo ka 1945 go ya go ithuta Sepotokisi. Ke ne ka nna le Otto Erbert, yo a neng a nyala kgaitsadiake Olga moragonyana.

Ke ne ka simolola go ya kwa dipokanong kwa Holong ya Bogosi eo e neng e le yone fela kwa São Paulo le ba bangwe ba ba ka nnang 50. Phuthego eo e neng e le yone fela eo jaanong e godile go nna diphuthego tse di fetang 510 mo São Paulo o mogolwane, mme di na le baboledi ba Bogosi ba ba fetang 50 000. Ke ne ka bontsha boineelo jwa me go dira go rata ga Modimo ka kolobetso ka January 6, 1946. Ke ne ka ya kwa Kopanong ya Bolegodimo ya “Merafe E E Itumetseng” kwa São Paulo, eo e neng e le kopano ya me ya ntlha e kgolo, mo go one ngwaga oo. Abo go ne go kgatlha jang ne go bona batho ba le 1 700 koo ka Sontaga! Ke ne ka kopana le Otto Estelmann kwa kopanong eno, mme o ne a nkgothatsa jaana: “Richard, o sa le mmotlana; o itekanetse sentle; ka jalo nna mmulatsela.”

Ke ne nkile ka akanya ka bodihedi jwa nako e e tletseng pele, mme jaanong ke ne ka akanya ka jone ka tlhoafalo. Nna le ba bangwe ba babedi re ne ra itlhomela gore re tla simolola morago ga dikgwedi tse thataro tse di latelang. Fa nako eo e goroga, ke ne ka ba botsa jaana: “A lo siametse go tsamaya?” Go ne go se ope wa bone yo a neng a siame. Ka jalo ke ne ka ba bolelela gore lefa go le jalo nna ke tlile go simolola. “O tlile go nna le mathata,” ba ne ba ntlhagisa jalo. Mme ke ne ka ngaparela tshwetso eo ya me. Ke ne ka amogela kabelo ya me jaaka mmulatsela wa ka metlha ka May 24, 1947.

Dikgoro Tse Disha tsa Tirelo Di A Bulega

Tshimo ya me e ne e le kgolo tota, e akaretsa mafelo a bonno le dikarolo tsa kgwebo tsa São Paulo. Ke ne ke tsamaisa dibuka le dibukana di le makgolokgolo kgwedi nngwe le nngwe. Moso mongwe ke ne ka tsena mo kamoreng nngwe e kgolo eo go neng go dira banna ba le mmalwa mo go yone. Ke ne ka atamela monna wa ntlha mme ka mo naya buka “The Truth Shall Make You Free.”

“O na le dibuka tse kae mo kgetseng ya gago?” o ne a botsa jalo.

“Di ka nna 20,” ke ne ka araba jalo. O ne a di tsaya tsotlhe a naya monna mongwe le mongwe e le nngwe. Ke ne ka fitlhela gore e ne e le kwa holong ya motse!

Lefa go ntse jalo, ke ne ke itumelela thata go tsamaisa dithuto tsa Bibela tsa magae. Ke leboga Jehofa go bo mo dingwageng tse nnè batho botlhe ba ba 38 ba ke neng ke ithuta le bone ba ne ba kolobediwa. Ba sekae ba bone ba ne ba tsenela bodihedi jwa nako e e tletseng. Mongwe wa bone e ne e le Afonso Grigalhunas, yo a neng a nna mmulatsela yo o thusang ka dingwaga tse di fetang lesome, go fitlha a tlhokafala ka 1988—mme a bula tsela jalo ka leoto la maitirelo. Gape go ne go na le lelapa loora Ciuffa. Morwa wa bone, ebong Francisco, o ne a dira ka dingwaga di le mmalwa jaaka molebedi yo o etang mme kgaitsadie, Ângela, e santse e le mmulatsela.

Ke ne ka lalediwa go nna molebedi yo o etang ka 1951. Kabelo ya me e ne e akaretsa mafelo a magolo a dikgaolo tsa Rio Grande do Sul le Santa Catarina. Go ne go na le diketekete tsa batho ba Yuropa ba ba neng ba nna kwa bokone jwa Brazil. Ke ne ke etela thata batho bangwe ba ba neng ba le bosi le ditlhopha, ka go ne go sena diphuthego tse dintsi ka nako eo. Go ne go na le dinoka tse dintsi mme marogo a se mantsi, seo se neng se raya gore ke ne ke tshela tse dinnye ke belege sutukeise ya me mme ke tshotse motŝhini wa go tlanya le kgetse ya me ka diatla. Ditsela di ne di sa tshelwa sekontere ebile di tletse dikhuti. Ke ne ke apara khiba e e motlhofonyana fa godimo go sireletsa diaparo tsa me. Seno se ne sa dira bangwe gore ba akanye gore ke moruti wa bone, mme ba leka go atla letsogo la me.

Go Lwela Dikgatlhego tsa Bogosi

Fa ke ntse ke leka go leba mathata ka pono e e tlhamaletseng, ke ne ke latela molaomotheo ono: Fa batho ba bangwe ba kgona go tshela kgakala le ditoropo, ba tsamaya mo ditseleng tseno ebile ba tshela dinoka tseno, ke ka ntlha yang fa nka seka ka dira se se tshwanang, segolobogolo ereka ke tshwanela go tsamaisa molaetsa o o botlhokwa jaana?

Go ne go tsoga mathata a a farologaneng gantsi mo ditorotswaneng tse dinnye. Ka sekai, ka nako nngwe re ne re dirile dithulaganyo tsa go tshwarela pokano mo sekolong sa mo lefelong leo gaufi le paraka. Go ne go na le lefelo le go nwelwang bojalwa kwa go lone le kereke ya Katoliki kafa ntlheng e nngwe ya paraka eno. E ne ya re fa morutabana a sa tle go bula sekolo, ka swetsa ka gore ke neele puo mo parakeng. Ka bonako fela fa puo e sena go simolola, banna ba ba ka nnang barataro ba ne ba tswa mo ntlong e go nwelwang bojalwa mo go yone mme ba simolola go goa ba bua ka diatla. Moragonyana re ne ra utlwa gore moruti o ne a ba duetse gore ba dire jalo.

Ke ne ka simolola go buela kwa godimo, ke itebagantse le bone. Ba ne ba emisa, mme yo mongwe o ne a re: “O bua ka Modimo, Ke ka ntlha yang fa moruti a ne a re ke motho wa ga Diabolo?” Fa moruti a bona gore banna bano ba ne ba sa tle go phatlalatsa pokano eno, o ne a tsena mo koloing ya gagwe a bo a kgweetsa go dikologa paraka, a tlhaeletsa a re: “Motho ope fela yo e leng Mokatoliki ga a tshwanela go tla mo pokanong eno!” Ga go ope yo a neng a tsamaya mme pokano e ne ya tswelela fela ka kagiso.

Fa ke le kwa Mirante do Paranapanema, kwa São Paulo, ke ne ka etela mookamedi wa mapodisi go ya go mo tlhalosetsa ka tiro ya rona le go kopa go dirisa holo go tshwarela puo ya phatlalatsa. O ne a re rulaganyetsa gore re ye go dirisa holo ya setlhopha sengwe. Re ne ra mmolelela gore re tlile go gatisa ditaletso go itsise ka puo eo. O ne a botsa jaana, “Lo tlile go di phasalatsa mo karolong efe ya toropo?” Fa re sena go mmolelela o ne a kopa gore go nne le bangwe ba ba tla di gasang mo karolong e nngwe ya toropo. O ne a tla kwa puong eo ka Sontaga, a na le mapodisi a mangwe a mabedi, mme o ne a re lebaka ke gore “dilo di tle di tsamaye ka tolamo.”

“A o batla gore ke itsise puo ya gago?” o ne a botsa jalo.

“Ke tla itumelela seo,” ke ne ka araba jalo, “mme mma ke go tlhalosetse gore re bitsa dibui tsa rona jang.” Fa a sena go mpitsa, o ne a nna fa fatshe kwa seraleng go reetsa. O ka se dumele fa ke go raya ke re bareetsi ba ne ba itshwara sentle tota. Ga re a ka ra nna le mathata koo, ka mapodisi a mabedi a ne a le kwa mojako mme mookamedi wa mapodisi a ntse mo seraleng!

Ke ne ka tlhophiwa jaaka molebedi wa kgaolo ka March 1956 mme ka direla mo dikopanong kwa Brazil. Ke ne ke tsamaya dikgala tse dileele tota. Ka nako nngwe ke ne ke tsaya malatsi a le mararo go tswa mo kopanong e nngwe go ya kwa go e e latelang. Ka dinako dingwe ke ne ke tsamaya ka dikoloi kwa karolong e e kwa bokone ya naga. Di ne di sena difensetere, ka gone di tsenya phefo tota, mme seo se ne se le molemo ka go bo go ne go pagama le dikgogo le dikolobe!

Gileade E Nonotsha Boikaelelo jwa Me

Abo e ne e le selo se se kgatlhang jang ne go ya kwa Sekolong sa Bibela sa Watchtower sa Gileade! Setlhopha sa rona se ne sa aloga selemo kwa kopanong e e neng e le kwa Yankee Stadium le kwa Polo Grounds, koo ba le 253 922 go tswa kwa dinageng tse di farologaneng di le 123 ba neng ba tla kwa puong ya phatlalatsa gone. A pono e e kgatlhang ruri! Morago ke ne ka boela kwa Brazil, ke iketleeditse tota go gaisa pele go nna ke ntse ke itsise Bogosi jwa ga Jehofa.

Ka 1962, ke ne ka nyala Ruth Honemann yo a neng a setse a nnile morongwa mo Brazil ka dingwaga tse di fetang tse thataro. Fa re sale re nyalana ke ne ka nna ka tswelela go ipelela ditshiamelo tse di oketsegileng tsa tirelo, eleng go ruta mo Sekolong sa Bodihedi jwa Bogosi le mo Sekolong sa Tirelo ya Bobulatsela, mmogo le mo go eteleleng pele mo go rulaganyetseng dikopano tsa semorafe le tsa meraferafe le mo go ageng Holo ya ntlha ya Dikopano mo São Paulo.

Jaanong re ipelela tshiamelo e e di fetang tsotlhe mo tirong ya rona ya bolegodimo jaaka maloko a lelapa la Bethele ya Brazil. Fa ke leba kwa morago mo dingwageng tse di fetang 40 ke le mo tirelong ya nako e e tletseng, tseo tse 35 tsa tsone ke neng ke dira jaaka molebedi yo o etang, nka bua fela ka re di ne di tletse ka tiro e e monate e e kgotsofatsang. (Diane 10:22) Ke ithutile dilo tse dintsi mo phuthegong ya ga Jehofa, mmogo le botlhokwa jwa go akanyetsa ba bangwe, go nna tsala eseng molaodi, le go se tshwarege thata mo o sa kgoneng go tlhokomela se ba bangwe ba se tlhokang. Kwa bokhutlong, ke batla go bua jaana, segolobogolo le ba babotlana, seo Mokaulengwe Estelmann a neng a se bua le nna dingwaga tse di fetileng: “O mmotlana; o itekanetse sentle; ka jalo nna mmulatsela!”

[Setshwantsho mo go tsebe 29]

Legae la rona la jaanong, Bethele ya kwa Brazil

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela