Jehofa O a Re Dibela
Jaaka go bolela Erich Kattner
PHAA! Buka ya wela mo tlhogong ya me. Mo e ne e le go kopana ga me ga ntlha le Bibela, mme e ne e tshotswe ke moruti wa Mokatoliki. Ka ntlha yang? E ne e le ka baka la potso e ke neng ke e boditse.
Moruti o ne a ruta katakasima le bodumedi mme o ne a leka go kgothaletsa rona basimane go ithutela boruti. Mo boitekong jwa gagwe jwa go dira se, o ne a dirisa lekwalo la 1 Bathesalonika 4:17, moo e buang ka bao ‘ba tsholelediwang mo marung go ya go kgatlhantsha Morena mo loaping.’
Ke ne ke na le dipotso tse dintsi ka metlha yotlhe, jalo ka botsa: “Ke ka ntlha yang fa o re baruti ba tlhatlogela kwa legodimong, fa Thuto e bolela gore Jesu o ne a ya diheleng?” (Ditihō 2:31) Ke gone fa Bibela e tla wela mo tlhogong ya me.
Keletso ya go Itse
Mme nna ke ne ke batla dikarabo tota. Ke ne ke rata go obamela Modimo thata, le eleng fa ke santse ke le mosimanyana. Ke ne ke etle ke tsene mo e ka nnang mo kerekeng nngwe le nngwe e ke neng ke feta ka yone go rapela. Lefa go le jalo ke ne ke sa kgotsofala. Gantsi ka tsela nngwe ke ne ke tenwa ke dilo tse ke neng ke di bona, jaaka go obamela ditshwantsho mo gontsi ga bangwe kana boitshwaro jwa baruti bangwe.
Fa ke ne ke ka nna dingwaga di roba-bobedi fela, ke ne ka bala buka ya me ya ntlha. E ne e bidiwa The Christianization of Brazil. Ke ne ka gakgamala thata. E ne e tshwana fela le polelo ya polao mo go nna, go bolawa ga Maindia mo leineng la bodumedi. Go ithuta kaga dilo tse di ntseng jaana go ne go lekane go fetola mogopolo wa me kaga dilo tse dintsi.
Gotlhe mo go diragetse bogologolo mo dingwageng tsa bo 1920. Ke ne ka tsholelwa mo Vienna, kwa Austria, ka August 19, 1919, ke le nna ngwana fela wa batsadi ba me. Fa ke ne ke ka nna dingwaga tse thataro, rre yo a neng a le moinjiniere wa motlakase, o ne a bona tiro kwa bokone jwa Czechoslovakia, mo karolong ya batho ba ba buang Sejeremane ya Sudetenland. Jalo lelapa la gaetsho le ne la fudugela koo, mme labofelo la fudugela kwa motsaneng o o neng o bidiwa Warnsdorf.
Ke ne ka sulafalelwa ke Kereke ya Katoloki fela thata. Tsatsi lengwe, ke utlwisitswe botlhoko thata ka go bo ke otlhailwe ke moruti gape, ke ne ka tsamaya ke lela ke boela gae go tswa sekoleng. Fa ke ntse ke tsamaya ke raletse masimo mangwe, ke ne ka akanya gore ga go kake ga bo go na le Modimo, ka ntlha ya dilo tse dintsi tse di sokameng tse ke di boneng le tse ke di rutilweng.
Morago ga moo, ga utlwala molodi wa dinonyane, ka bona ditšhešhe, dirurubele, le bontle jotlhe jwa popo. Mme ga sedimosega mo go nna gore go tshwanetse ga bo go na le Modimo o o lorato mme gore ba gotweng ke batho ba Modimo gongwe ga ba nna jalo gotlhelele. Le gore gongwe Modimo o itlhobogile ka setho. Ke gone fa ke tla rapela thapelo ya me ya ntlha ya mmatota, e e utlwalang, ke kopa Modimo go nthusa go mo itse fa e le gore o ne a tla tlhola a boela a kgatlhegela batho gape. E ne e le ka 1928.
Morago ga mo e ka nnang kgwedi, mmè o ne ya go kopana le ba lapa la gagabo kwa Vienna; e ne e le letsatsi la botsalo la ga mmemogolo la ngwaga wa bo-60. Mmè o ne a bona mogolowe koo, yo o bidiwang Richard Tauta, yo ka nako eo a neng a nna mo Maribor, kwa Yugoslavia. O ne a sa tswa go nna mongwe wa Diithuti tsa Bibela, jaaka Basupi ba ga Jehofa ba ne ba bidiwa ka nako eo. Mmè o ne a boela gae a itumeletse boammaaruri jo bosha jwa Bibela jo a neng a bo ithutile thata. Se a neng a se bolela se ne se utlwala mo go nna. E ne ekete Jehofa o tsamaisa dilo.—Pesalema 121:5.
Go Dirisa Seo ke Neng ke se Ithutile
Moragonyana, Diithuti tsa Bibela di ne tsa goroga di tswa kwa Jeremane, mme ga simololwa go rerwa mo lefelong la rona. Morago ga dikgwedi di sekae, dipokano di ne tsa simolola go tshwarwa ka metlha mo motseng o o gaufi le rona mo Jeremane, mme re ne re tsamaya dikhilometara di sekae re tlola molelwane go ya go kopanela. E ne e le ka yone nako e ke neng ka kopana le Otto Estelmann, yo ke neng ka tshwaraganela tiro thata le ene mo dingwageng tse di latelang.
Ka 1932 lelapa la gaetsho le ne la fudugela kwa Bratislava, motse-mogolo wa Slovakia, dikhilometara di ka nna 72 go tswa Vienna. Go ne go sena Basupi ba bangwe koo ka nako eo. Ke ne ka dira phetso ya gore ke tshwanetse go tlhoafalela tiro ya go rera. Jalo ka tlhopha seo ke neng ke akanya gore e ne e le tshimo e e thata go feta tsotlhe, eleng kago ya matlwana a mantsi e mo go yone go neng go tletse malapa a badirela-puso. Ka nako eo go ne go buiwa dipuo tse nne mo Bratislava: Seslovakia, Seczechoslovakia, Sejeremane le Sehungary.
Ke ne ka tsamaya ke le nosi ke kokota mo matlwaneng ao, ke tshotse dikarata tseo go neng go kwadilwe thero e e khutshwane ka dipuo tse nne mo go tsone. Fa gongwe rre, yo a neng a ise a nne Mosupi, o ne a tle a eme mo ntlheng e nngwe ya mmila, a ntebeletse ebile a tshikinya tlhogo. Moragonyana fela le ene o ne a tsaya kgato e e tlhomameng mo letlhakoreng la ga Jehofa.
Ka February 15, 1935, kwa pokanong e e kgethegileng le molebedi yo o etang kwa legaeng la rona, nna, gammogo le ba bangwe, re ne ra kolobediwa mo bateng. Ke ne ka aloga kwa sekoleng sa kgwebo ngwaga oo mme ka neelwa tiro e e kgatlhang, mme ka yone nako eo ke ne ka lalediwa go ya go dira kwa ofising ya lekala ya Watch Tower Society mo Prague, kwa Czechoslovakia. Morago ga go bua ka tlhoafalo le batsadi ba me, re ne ra isa kgang go Jehofa ka thapelo. Jalo, pele fela ga ke nna dingwaga tse 16, ke ne ka tsenelela tirelo ya nako e e tletseng ka June 1, 1935.
Go Direla mo Dinakong tse di sa Iketlang
Mo ofising ya Mokgatlho mo Prague, ke ne ka ithuta go dirisa metšhine e e gatisang le go rulaganya ditlhaka mo dipampiring. Re ne re gatisa dipampitshana go dirisiwa ke bakaulengwe ba rona mo Jeremane, ba ba neng ba thibetswe ke Hitler, gape re ne ra gatisa The Watchtower ka dipuo di le mmalwa. Lefa go ntse jalo, nako eno e ne e le dipaka tse di sa iketlang mo tirong ya rona mo Yuropa, mme labofelo babusi ba ne ba tswala lekala la rona ka December 1938.
Ke ne ka boela gae kwa Bratislava, kwa puso e neng e tserwe ke ba ba emeng Bonazi nokeng, mme ke ne ka dira kwantle ga kgoreletso mo dikgweding tse pedi ke rera ka ntlo le ntlo. Mo e ka nnang ka yone nako eno ofisi ya Yuropa Bogare ya Watch Tower Society mo Bern, kwa Switzerland, e ne ya nkwalela gore fa ke ne ke rata go direla jaaka mmulatsela gongwe le gongwe mo lefatsheng, ke ne ke tshwanetse go tla mo Bern.
Ke ne ka amogela taletso mme ka tlogela legae. E ne e le labofelo ke bona rre, mme go ne go tla ntsaya dingwaga tse 30 pele ga ke bona mmè gape. Mme Jehofa o ne a re dibela rotlhe ka boraro mo mathateng otlhe a a neng a latela. Ka sekai, ke ne ka utlwalela morago gore ba Hlinka Guarda ba ba setlhogo (mofuta wa SS wa Slovakia) ba ne ba mpatla ka lone letsatsi le ke duleng kwa Bratislava ka lone. Mme mo tseleng fa baemedi ba Nazi ba ne ba lemoga gore ke mongwe wa Basupi ba ga Jehofa, ba ne ba leka go ntshwarisa kwa melelwaneng ya Yugoslavia le Italy. Mme Jehofa a nna a ntibela.—Pesalema 48:14; 61:3.
Kwa Bern ke ne ka utlwalela gore ke tla romelwa kwa Shanghai, kwa China, mme morago kabelo eno e ne ya fetolwa, ka abelwa go ya go direla kwa Brazil. Ke ne ka bereka kwa lekaleng mo Bern go fitlhela ke amogela tetlelelo ya me ya go ya kwa Brazil. Ka nako eo mathata mo Yuropa a ne a gola. Melelwane e ne e tswalwa, jalo ka August 1939, Mokgatlho o ne wa ntlhotlheletsa go ya Fora. Sekepe sa babapatsi sa Brazil sa Siqueira Campos se ne se emelela go tswa mo Le Havre, kwa France, ka August a le 31, mme ke ne ke tshwanetse go bo ke le mo go sone. Sekepe seo se ne sa emelela dioura di le nne fela pele ga Ntwa ya Lefatshe II e simologa.
Ke ne ka lemoga morago gore bapalami ba ba ka nnang lesome le bobedi bao ke neng ke na le bone mo karolong ya borobalo ya seemo sa bobedi, botlhe e ne e le baemedi ba Ma-Nazi. Ba ne ba sa rate go rera ga me gotlhelele. Ba ne ba leka ka makgetlho a mantsi go ntatlhela kwantle ga sekepe. Mo Vigo, kwa Spain, mokgweetsi wa sekepe yo o botsalano o ne a ntlhagisa gore ke seka ka fologa sekepe fa ke sale koo. Mo Lisbon, kwa Portugal, baemedi ba Ma-Nasi ba ne ba kwala nako e e seng yone ya go emelela ga sekepe mo lomating lwa dikitsiso gore ke tle ke kaelelwe koo. Mme le gone gape Jehofa o ne a ntibela. (Pesalema 121:3) Ke ne ka goroga mo Santos, kwa Brazil, ka letlatlana la September 24, 1939. Letsatsi le le latelang ke ne ka ya kwa São Paulo, koo ofisi ya Mokgatlho e neng e le teng.
Go Direla mo Brazil
Ka September 1939 go ne go na le Basupi ba le 127 fela mo Brazil, eo ka nako eo e neng e na le batho ba ka nna dimilione tse 41. Morago ga go nna mo e ka nnang beke mo São Paulo, ke ne ka ya kabelong ya me ya bobulatsela kwa nageng e e kgakala kwa borwa, Rio Grande do Sul. Ke ne ke tshwanetse go ya go nna le Basupi ba ba buang Sejeremane ba ba tlholegang kwa Poland ba ba neng ba nna kwa lefelong le le kgakala le le sekgwa.
Loeto la terena le ne la tsaya malatsi a le mane. Seporo se ne se felela kwa Giruá, eo e neng e tshwana le motse o o sa tlhabologang wa Bophirima wa metlha ya bogologolo wa Amerika Bokone. Go tswa Giruá, ke ne ke santse ke saletswe ke dikhilometara di le 32 go ralala sekgwa go ya go fitlha koo Basupi ba neng ba nna teng. Ke ne ka pegwa ke lori e e isang dilwana, e e neng ya mpholosa mo tseleng e e dithole. Labofelo ke ne ka goroga ke sena go tsamaya ka dinao sekgala sa khilometara e le nngwe le sephatlho go kgabaganya sekgwa se se iseng se ko se rengwe le go tsamaya ka tshokolo go kgabaganya molatswana.
Ka baka la go bo lefelo leo le ne le le kgakala, ke ne ke dira tirelo ya me ya bobulatsela fela fa mongwe a ne a ka mpega mo kolotsaneng ya dipitse. Re ne re tshwanetse go tsamaya malatsi a mantsi go fitlhelela batho, re robala mo ditseleng fela go tila dinoga kana kafa tlase ga kolotsana fa pula e na. Gape re ne ra rera mo metseng e e tshwanang le Cruz Alta.
Ka 1940 Mokgatlho o ne wa nthomela gape kwa Pôrto Alegre, motse-mogolo wa naga ya Rio Grande do Sul. Koo ke ne ka kopana le tsala ya me ya fa ke santse ke le ngwanyana, Otto Estelmann, yo le ene a neng a abetswe go ya go direla kwa Brazil. Babusi koo go lebega ba ne ba ema Ma-Nazi nokeng. Re ne ra tshwarwa mme ra bolelelwa gore re ka tlhopha gareng ga go saena pampiri re itatola tumelo ya rona kana go tsamaya ka terena ya maitseboeng ao go ya go tlhatlhelwa kwa molelwaneng wa Uruguay. Re ne re le mo tereneg maitseboeng ao.
Tlaseng ga Thibelo
Re ne ra fetsa dingwaga tse di ka nnang pedi kwa molelwaneng oo re sa letlelelwe go tsamaela gope fela. Mme gape Jehofa o ne a re thusa. Bora-kgwebo bangwe ba Majuda ba ne ba re thusa. Ka baka leo, go na le go nna mo kgolegelong, ke ne ka letlelelwa go bereka, mme re ne ra nna re disitswe fela thata. Re ne re sa kgone go golagana le ofisi ya lekala ya Mokgatlho.
Lefa go ntse jalo, letsatsi lengwe re ne ra kopana le mokaulengwe wa mmulatsela go tswa Yuropa mo mmileng yo a neng a abetswe go direla kwa Uruguay. Go ne ga diragala fela gore a ba a etetse kwa molelwaneng. A go kopana mo gontle! O ne a re neela Bibela ya Sejeremane le Tora ya Tebelo ya Seesemane. Ke gone fa ke tla simolola go ithuta Seesemane.
Morago, ka August 22, 1942, Brazil e ne ya simolola go tlhabana le Jeremane le Italy, mo go neng go raya go fetoga ga boemo jwa rona. Re ne ra busediwa kwa Pôrto Alegre, mme morago ga go botsolotswa, ke ne ka gololwa. Morago ga moo, ke ne ka kopana le Basupi ba banana bao ke neng ke ba itse go tswa lefelong le le sekgwa leo ke neng ke abetswe go ya go direla kwa go lone pele. Jalo ke ne ka kgona go golagana le ofisi ya lekala, mme ka simolola go bulatsela gape. Ba le bane ba basha bano ba ne ba kopanela le nna mo tirong ya bobulatsela, mme re ne ra bona batho ba ba neng ba amogela molaetsa wa Bogosi, bangwe ba bao ba santse ba rera.
Babusi ba basha ba ne ba re siametse, jalo ka 1943 re ne ra rulaganyetsa kopano ya ntlha e potlana mo Pôrto Alegre. Botlhe ba ba neng ba le teng ba ne ba le 50, mo e ka nnang sephatlo sa bone e le mapodisi ao e seng a seaparo. Morago ga ngwaga, ka 1944, re ne ra rulaganyetsa kopano e nngwe. Morago ga moo ke ne ka bilediwa go ya go direla kwa ofising ya lekala ya Mokgatlho, eo e neng e fudusitswe go tswa São Paulo go ya Rio de Janeiro.
Gilead le Morago
Ka 1950 ke ne ka lalediwa go ya go tsenelela setlhopha sa bo-16 sa Sekole sa Bibela sa Gilead sa Watchtower kwa South Lansing, New York. Morago ga go aloga ka February 1951 ke ne ka abelwa go ya go direla jaaka mmulatsela yo o kgethegileng wa nakwana mo Phuthegong ya South Bronx, kwa New York, mme morago ke ne ka boela kwa Brazil.
Ke ne ka direla jaaka moemedi yo o etang wa Mokgatlho mo e ka nnang ngwaga le sephatlo, ka bobedi jaaka molebedi wa kgaolo le jaaka molebedi wa potologo. Morago, ka February 1953, ke ne ka bidiwa gape kwa ofising ya lekala mo Rio de Janeiro mme ka abelwa go dira tiro ya thanolo. Morago, go tswa go September 1961 go ya go September 1963, ke ne ka nna le tshiamelo ya go dira tiro ya thanolo e e kgethegileng kwa ntlo-kgolong ya Mokgatlho mo Brooklyn, kwa New York. Fa ke le koo, ke ne ka kopana le banyalani ba ke neng ke ba itse go tswa Brazil. Monna o ne a dumela go ithuta le nna mo oteleng kwa ba neng ba nna teng mme a tlhatswega pelo ka boammaaruri.
Dikgwedi di sekae morago, fa re ne re boetse kwa Brazil, ke ne ka kopana le ene gape. Mme o ne a lebega a sa tshwenyega ka sepe. Jalo ka mo raya ka re: “Bona Paul, o moinjiniere wa dikago. Mme a re re ke ne ke le moinjiniere wa dikago mme ke go bolelela gore borulelo bo gaufi le go go wela. O ne o tla dirang? Mme kana, jaaka ‘moinjiniere’ wa Bibela, ke go bolelela gore fa o sa dirise seo o se itseng, o mo mathateng.”
O ne a kolobediwa mo nakong e khutshwane mme ga a bolo go direla jaaka mogolwane wa Mokeresete mo dingwageng tse dintsi. Gape o ne a thusa thata mo kagong ya didirisiwa tse dikgolo tse disha tsa lekala mo Cesário Lange, São Paulo, koo rona ba re leng 480 jaanong re dirang teng go direla ditlhokafalo tsa semoya tsa palo e e golang ya Basupi mo Brazil.
Koketsego e e Tswelelang-pele
Ka 1945 re ne ra etelwa lantlha ke mookamedi wa Watch Tower Society, Nathan H. Knorr, le ke yo ka nako eo e neng e le mothusa-mookamedi Frederick Franz. Go ne ga rulaganyediwa kopano mo holong ya metshameko ya Pacaembu mo toropong ya São Paulo, mme ke ne ka direla jaaka moranodi wa bakaulengwe ba baetileng. Palo ya rona e kgolo ya ba ba neng ba le teng e ne e le 765.
Ke gakologelwa mokaulengwe Knorr a lebile lebala la metshameko le le tshwaraganeng le holo mme a ipotsa gore a re tla kitla re tlala mo go lone. Mme kana, re ne ra kgona go le tlatsa ka December 1973, fa ba ba 94 586 ba ne ba tlala mo lebaleng la metshameko la Pacaembu kwa Kopanong ya “Phenyo ya Bomodimo.” Palo eo e ne ya fetwa ke ya August 1985 kwa Kopanong ya “Baboloka Bothokgami” mo Lebaleng la metshameko la Morumbi, mo toropong ya São Paulo, koo go neng go na le ba ba 162 941. Mme ka nako yone eo, go ne go na le ba ba 86 410 kwa lebaleng la metshameko mo Rio de Janeiro. Morago, dikopano tse dingwe tse 23 di ne tsa tsholeletsa palo ya ba ba neng ba nna teng kwa dikopanong tsa “Baboloka Bothokgami” mo Brazil go 389 387!
Go kgabaganya dingwaga, ke nnile le tshiamelo ya go ranolela dibui tse di etileng go tswa diofising-kgolo tsa Brooklyn, New York. Bosheng jaana mongwe wa bone, fa a ntse a tsamaya le nna mme a bona batho ba bantsi ba ke ithutileng le bone go kgabaganya dingwaga ba tla go ntumedisa, a bua ka go tshameka a re: “Ga ke ise ke bone monna yo o sa nyalang yo o nang le bana ba bantsi jaana.”
Gape ditiragalo tse dikgolo mo botshelong jwa me e nnile dikopano tsa mafatshe-fatshe tseo ke kgonneng go ya go tsone mo mafatsheng a mangwe. Kwa kopanong ya Nuremberg ka 1969, ke ne ka bona mmè e le lantlha mo dingwageng tse 30. O ne a swa a ikanyegile ka 1973. Rre o ne a sa letlelelwa go tswa mo lefatsheng la gabone go ya kopanong, mme ga ke ise ke ko ke mmone fa e sale ke tswa kwa gae. Ka 1978 ke ne ka nna le tshiamelo ya go neela puo ya phatlalatsa kwa kopanong ya mafatshe-fatshe mo Vienna, kwa Austria, eo e neng e le kopano ya ntlha e kgolo e ke nnileng go yone mo toropong e ke tsaletsweng mo go yone.
Mo dingwageng tse dintsi tseno ke le mo Brazil, ke iponetse gore Jehofa ke ene yo o ‘ungwisang.’ (1 Bakorintha 3:7) Ka 1948 re ne ra feta palo ya 1 000 ya baboledi. Morago ga moo, palo ya baboledi e ne ya tlolela go 12 992 ka 1958 le go 60 139 ka 1970. Mo boemong jwa baboledi ba Bogosi ba ba 127 ba re neng re na le bone ka September 1939, ka August 1986 go ne go na le ba ba 196 948. Ruri ‘yo mmotlana o nnile morafe o o thata’ le mo nageng eno.—Isaia 60:22.
Mme palo ya batho mo Brazil le yone e oketsegile, go tswa go dimilione tse 41 ka 1939 go ya go feta dimilione tse 135 gompieno. Jalo re santse re na le tshimo e kgolo e e tshwanetseng go dirwa. E nnile boitumelo jwa me ka bonna go bo ke nnile le seabe mo koketsegong e kgolo e Jehofa a re e neetseng, mme go re itumedisitse mo gogolo jang ne! Jalo nka hakela mongwe le mongwe yo, o batlang go direla Jehofa ka nako e e tletseng ka go re: Tswela pele! O seka wa boifisiwa ke se se ka nnang sa diragala, ka gonne “Yehofa o tla dibèla go cwa ga gago le go tsèna ga gago.”—Pesalema 121:7, 8.
[Mafoko a a mo go tsebe 26]
“Ke go bolelela gore fa o sa dirise seo o se itseng, o mo mathateng”
[Setshwantsho mo go tsebe 25]
N. H. Knorr o a bua, mme Erich Kattner a ranola, mo São Paulo, kwa Brazil, ka 1945