Jehofa O Tshwanetse go Bakiwa ka Bosakhutleng
“Ke tla gu baka ka malatsi aotlhe; me ke tla baka leina ya gago ka bosakhutleñ le ka bosaeeñkae.”—PESALEMA 145:2.
1. Ke ka ntlhayang fa Dafide a ne a na le mabaka a mantsi a go baka Jehofa?
MOTLHANKA yo o ikanyegang wa ga Jehofa, Dafide o ne a na le mabaka a mantsi a go baka Modimo. Kgosi eno e e neng e itsege thata ya Iseraele wa bogologolo e ne e itse kaga bogolo jwa ga Jehofa le bomolemo jwa gagwe ebile e lemoga gore ke kgosi ya bosakhutleng. Mogodimodimo o ne a tshwanela go bakiwa ka ntlha ya fa a kgotsofatsa keletso ya sengwe le sengwe se se tshelang le ka go bontsha batlhanka ba gagwe ba ba ikanyegang boutlwelobotlhoko.
2. (a) Pesalema 145 e rulagantswe jang? (b) Ke dipotso dife tse re tla di sekasekang?
2 Dafide o ne a baka Modimo ka tsela e e ntseng jalo mo Pesalemeng ya bo 145. Temana nngwe le nngwe ya pesalema eno e mafoko a yone a lekanang ka boleele e simolola ka tlhaka e e latelang ya alefabete ya Sehebera, lemororo go tlodilwe tlhaka e le nngwe (nun). Thulaganyo eno ya mafoko a a lekanang ka boleele e ka tswa e ne e diretswe gore e gakologelwe motlhofo. Pesalema 145 e goletsa Jehofa, jaaka mo mafokong ano: “Ke tla gu baka ka malatsi aotlhe; me ke tla baka leina ya gago ka bosakhutleñ le ka bosaeeñkae.” (Pesalema 145:2) Mme pesalema eno e ka re tlhotlheletsa jang? Ke eng seo e ka se dirang ka kamano ya rona le Modimo? Go bona dikarabo, a re sekasekeng pele temana 1 go fitlha ka 10.
Bogolo jwa ga Jehofa Ga Bo Kake jwa Tlhaloganngwa
3. Jaaka Dafide re kolota ‘Modimo wa rona wa Kgosi’ eng mme ka ntlhayang?
3 Dafide e ne e le kgosi, mme o ne a dumela gore Jehofa ke molaodi wa gagwe, a bua jaana: “Modimo oa me ke tla gu godisa, Kgosi; ke tla baka leina ya gago ka bosakhutleñ le ka bosaeeñkae.” (Pesalema 145:1) Basupi ba ga Jehofa ba godisa leina la Modimo mme ba mmaka lefatshe ka bophara ka go mo tlotla ka tsela e e tshwanang. Matshelo a rona a a nonotshiwa fa re ntse re nna le seabe mo tirong e e ntseng jalo. Re tlhoka go ikobela Jehofa le go ineela mo go ene jaaka ‘Modimo wa rona wa Kgosi,’ jaaka Dafide. Ke ka ntlhayang re sa dire jalo? Ke “Kgosi ea metlha.” (Tshenolō 15:3) Mo godimo ga moo, Dafide yo Mogolwane, Jesu Keresete, yoo a ntseng a busa go tswa kwa Thabeng ya Sione wa selegodimo go tloga ka 1914, o re naya sekao se se molemo tota sa go ikobela Jehofa, Kgosi ya Metlha.
4. Re ka baka ‘leina la Modimo’ jang?
4 Dafide o ne a bolela gore o tla ‘baka leina la Modimo.’ Motho a ka kgona go dira seno jang? Gone tota, mo dilong tsotlhe tse di ka dirwang, go baka motho ke go bua sentle ka ene. Go baka leina la Modimo go supa gore re mo rata tota ebile re rata leina la gagwe le le boitshepo, Jehofa. Ga re ke re ngongorega ka Modimo, re mo tshwaya diphoso, re belaela bomolemo jwa gagwe. Re ka bua jaaka Dafide ra re ‘re tla baka leina la gagwe ka bosakhutleng’ fa fela re supa boikutlo jo bo ntseng jalo, re ineetse mo go Jehofa, mme re boloka bothokgami jaaka Basupi ba gagwe ba ba kolobeditsweng. Fa re ipoloka re ratwa ke Modimo, re tla bona neo ya botshelo jo bosakhutleng mme ka gone re kgone go baka Jehofa ka bosakhutleng.—Yude 20, 21.
5. Keletso ya go baka Jehofa “ka malatsi aotlhe” e tshwanetse go re ama jang?
5 Fa re rata Moneibotshelo tota, re tla bua le Dafide re re: “Ke tla gu baka ka malatsi aotlhe; me ke tla baka leina ya gago ka bosakhutleñ le ka bosaeeñkae.” (Pesalema 145:2) Abo re tla bo re sa dira sepe se se molemo jang ne mo letsatsing fa re ile ra se ka ra baka Modimo! A le ka motlha re se ka ra tshwarega thata kana ra tshwenyega thata ka dilo tse di bonalang mo re ka palelwang go bua dilo tse di molemo ka Rraarona wa selegodimo kana ra mo rapela letsatsi le letsatsi. Jesu o ne a kaya gore re tshwanetse ra rapela letsatsi le letsatsi, fa a ne a bua jaana mo thapelong ya gagwe ya sekao: “Re neè ka letsatsi leñwe le leñwe seyō sa letsatsi.” (Luke 11:3) Bontsi jwa bao ba leng mo tirelong ya nako e e tletseng ba baka Modimo letsatsi le letsatsi fa ba le mo bodiheding jwa Bokeresete. Mme go sa kgathalesege maemo a rona, dipelo tsa rona di tshwanetse go re tlhotlheletsa go baka Modimo ka tsela nngwe letsatsi le letsatsi. Mme akanya fela! Jaaka Basupi ba ba ineetseng ba ga Jehofa re na le tsholofelo ya botshelo jo bosakhutleng, re na le tebelelo e e molemolemo ya go baka leina la gagwe ka bosaenkae.—Yohane 17:3.
6. Ke ka ntlhayang fa Jehofa a “na le go bakwa thata”?
6 Eleruri re na le lebaka la go baka Modimo letsatsi lotlhe, ka go bo Dafide o ne a oketsa jaana: “Yehofa o mogolo, me o na le go bakwa thata; me bogolo yoa gagwè ga bo na phukucō.” (Pesalema 145:3) Jehofa o mogolo mo a ka se kang a tshwana le ope, le bolaodi jwa gagwe bo itekanetse. Kgosi Nebukadenesare wa Babelona o ne a tshwanela go dumela jaana: “Ga go na opè eo o ka thibañ seatla sa [Modimo], kgotsa a mo raea, a re, U dihañ?” (Daniele 4:34, 35) Jehofa “o na le go boihwa bogolo go medimo eotlhe.” (Pesalema 96:4) Ga go gakgamatse go bo a “na le go bakwa thata.” Ka go bo, ga go na mafoko ape a go tweng a magolo thata fa go bakiwa Jehofa! O tshwanetse go bakiwa ka bosakhutleng, ka bosaeenkae.
7. Ke eng se se supang gore “bogolo yoa [Modimo] ga bo na phukucō”?
7 “Bogolo jwa [ga Jehofa] ga bo na phukucō.” Go sa kgathalesege gore mmele wa gagwe o mogolo jang, bogolo jwa gagwe tota bo ikaegile ka gore ke Modimo wa mofuta mang. Ee, dilo tse a di bopileng di gakgamatsa tota gore re ka di tlhaloganya, mme rona ka borona re “dihilwe ka mo go boitshègañ.” (Pesalema 139:14; Yobe 9:10; 37:5) Mo godimo ga moo, abo Jehofa Modimo a dira ka bomolemo jang ne! O boloka ditsholofetso tsa gagwe ka boikanyegi ebile o senola boikaelelo jwa gagwe ka lorato. Lefa go le jalo, ga re kitla re itse sengwe le sengwe ka Modimo. Go ya fela kwa bosaeenkae, re tla nna re itse go le gontsi ka ene, popo ya gagwe, le boikaelelo jwa gagwe.—Baroma 11:33-36.
Baka Ditiro tsa ga Jehofa
8. (a) ‘Losika longwe le longwe’ lo ne lwa bua molemo ka dilo tse Jehofa a di bopileng jang? (b) Fa re ruta bana ba rona ka dilo tse Jehofa a di bopileng le ditiro tsa gagwe, ba ka nna ba leba kobamelo ya gagwe jang? (c) Masalela a a tloditsweng a ile a dira eng jaaka “losika” lo lo itumetseng?
8 Modimo wa rona o bogolo jwa gagwe bo ka se kang jwa tlhaloganngwa a ka bakiwa ka dilo tse dintsi mo Dafide a neng a tlhotlheletsega go bua jaana: “Losika loñwe lo tla baka ditihō tsa gago go ea losikeñ lo loñwe, me lo tla kakanya ditihō tsa gago tsa bonatla.” (Pesalema 145:4) Dikokomana tsa batho ka go tlhomagana di ile tsa bua bontle ka ditiro tsa ga Jehofa tsa bo tsa bua ka ditiro tsa gagwe tsa bonatla. Abo re na le tshiamelo jang ne go bolelela bao re ithutang Bibela le bone mo magaeng a bone dilo tseno! Ka sekai, re ka ba bolelela gore Modimo o bopile dilo tsotlhe. (Genesise 1:1–2:25; Tshenolō 4:11) Re ka bua ka ditiro tsa gagwe tsa bonatla tsa nako ya fa a ne a golola Baiseraele mo botshwarong kwa Egepeto, a ba thusa go fenya baba ba bone ba Bakanana, a ba boloka gore ba seka ba bolawa kwa Peresia wa bogologolo, le tse dingwe tse dintsi. (Ekesodo 13:8-10; Baatlhodi 4:15; Esethere 9:15-17) Mme a ga re tlhotlheletsege go bolelela bana ba rona ka dilo tse Jehofa a di bopileng le ditiro tsa gagwe? Fa re naya bana ba rona kaelo e e ntseng jalo ebile ba re bona re direla Modimo ka boitumelo, le bone ba tla leba kobamelo ya gagwe jaaka sengwe se se itumedisang mme ba tla gola ‘boitumelo jwa ga Jehofa e le thata ya bone.’ (Nehemia 8:10; Pesalema 78:1-4) Masalela a a tloditsweng ke one “losika” lo lo itumetseng lwa Basupi ba ga Jehofa loo lo bolelang dilo tse Modimo o di bopileng mo go “boidiidi yo bogolo,” joo eleng karolo ya losika loo lo tla nnang mo lefatsheng la Paradaise.—Tshenolō 7:9.
9. Fa re akanya ka dilo tse Jehofa a di bopileng le ditiro tsa gagwe tsa bonatla, re ka tlhomamisega ka eng?
9 Fa re ntse re akanya ka dilo tse Modimo o di bopileng le ditiro tsa gagwe tsa bonatla, re tlhatswega pelo le go feta gore “Yehofa ga a ketla a latlha batho ba gagwè ka ntlha ea leina ya gagwè ye legolo.” (1 Samuele 12:22; Pesalema 94:14) Fa re lebane le diteko, mathata, le pogiso, re ka ritibala mme ra tlhomamisega gore “kagishō ea Modimo” e tla dibela dipelo tsa rona le megopolo. (Bafilipi 4:6, 7) Ka jalo, abo go le botlhokwa jang ne gore re bolelele ba bangwe ka Rraarona wa selegodimo yo o lorato, le yo o sireletsang!
10. ‘Ditiro tse di gakgamatsang’ tsa ga Jehofa di akaretsa eng, mme re solegelwa molemo jang fa re tlhatlhanya ka tsone?
10 Re tshwanetse go ipha nako mme re tlhatlhanye ka bogolo jwa Modimo le dibopiwa tsa gagwe, ka go bo Dafide o ne a oketsa jaana: “Ke tla akanya borèna yo bo galalèlañ yoa tlotlègō ea gago, le ditihō tsa gago tse di gakgamatsañ.” (Pesalema 145:5) Go tlotlega ga Modimo go a boitshega ebile ga go kake ga lekana le sepe. (Yobe 37:22; Pesalema 148:13) Ke gone ka moo Dafide a neng a amega thata ka kgalalelo e kgolo ya kafa Jehofa a tlotlegang ka gone. Mopesalema gape o ne a amega ka dikgang tsa ‘ditiro tse di gakgamatsang’ tsa Modimo. Tseno di akaretsa go diragatsa tshiamo ya bomodimo mo go senyeng baleofi le go boloka ba ba ratang Modimo, jaaka ka nako ya Morwalela. (Genesise 7:20-24; 2 Petere 2:9) Go tlhatlhanya ka dilo tse di ntseng jalo go nonotsha kamano ya rona le Jehofa ebile go re kgonisa go bolelela ba bangwe ka ditiro tse di tlotlegang le tse di molemolemo tsa gagwe. Mo malatsing a a 40 mo nageng, Jesu o ne a nonotshiwa ke go tlhatlhanya ka dilo tseo magodimo a a butsweng a neng a di mmontshitse fa a ne a lekwa. (Mathaio 3:13–4:11) Morago ga foo o ne a bolelela ba bangwe ka ditiro tse di tlotlegang le tse di molemolemo tsa ga Jehofa.
11. (a) Ke ka ntlhayang fa baagi ba Jeriko ba ne ba tsenwa ke poifo? (b) Basupi ba ga Jehofa ba bua ka ‘ditiro tse di boitshegang’ tsa Modimo le ‘bogolo jwa gagwe’ ka boikutlo jo bo ntseng jang?
11 Fa re bua ka go tlotlega ga Modimo le dilo tseo a di bopileng, re dira gore ba bangwe le bone ba bue ka tsone. Dafide o ne a bua jaana: “Me batho ba tla bua kaga bonatla yoa ditihō tsa gago tse di boitshègañ; me ke tla bolèla bogolo yoa gago.” (Pesalema 145:6) Rahabe o ne a bua kafa baagi ba Jeriko ba neng ba boifa ka gone fa ba utlwa kafa Jehofa a golotseng Baiseraele kwa Lewatleng le Lehibidu ka gone mme wa ba dira gore ba fenye dikgosi tse pedi tsa Baamora. Go tshwanetse ga bo go ne ga buiwa thata ka ‘ditiro tsa gagwe tse di boitshegang’ mo Jeriko. (Yoshue 2:9-11) Mme eleruri “sepitla se segolo” se se tlang se tla bo se boifisa. (Mathaio 24:21) Mme dilo tseo di boifisang batho ba ba ikgogonneng mo Modimong di dira gore dipelo tsa ba ba siameng di ‘boife Jehofa,’ di mmoife tota ka tshwanelo. (Diane 1:7) Basupi ba ga Jehofa ba bua kafa Modimo a neng a supa maatla a gagwe ka gone ka moya wa tlotlo. Ka go bo, batlodiwa le ditsala tsa bone tsa selefatshe ba bua thata ka Modiradikgakgamatso yo mogolo yono! Pogiso ga e ba thibele go bolelela ba bangwe ka dilo tseno le “bogolo” jwa ga Jehofa.—Ditihō 4:18-31; 5:29.
Baka Jehofa Ka Ntlha ya Bomolemo jwa Gagwe
12. Bomolemo jwa ga Jehofa bo re dira jang gore re bo “bolele”?
12 Modimo o tshwanetse go bakiwa eseng fela ka ntlha ya bogolo jwa gagwe mme gape ka bomolemo le tshiamo ya gagwe. Ka jalo Dafide o ne a bua jaana: “Ba tla bolèla kgakologèlō ea molemō o mogolo oa gago ba tla ōpèla kaga tshiamō ea gago.” (Pesalema 145:7) Jehofa o molemo tota mo e leng gore re “bolèla” ka ene ka boipelo. Mo Sehebereng go fa kgopolo ya metsi a a sumang a tswa mo mogobeng. Ka jalo a re penologeng re leboge Jehofa ka go mmaka, jaaka nokana e e elelang. (Diane 18:4) Baiseraele ba ne ba gobatsa bomoya jwa bone tota ka go lebala bomolemo jwa Modimo. (Pesalema 106:13-43) Mme, a dipelo tsa rona di penologe ka tebogo e e ntseng jalo gore ba bangwe ba tle ba ikwatlhae fa ba utlwa kafa Jehofa a leng molemo ka gone mo Basuping ba gagwe ba ba ineetseng.—Baroma 2:4.
13. Go supiwa ga tshiamiso ya bomodimo le tshiamo go tshwanetse ga re ama jang?
13 A tshiamiso ya bomodimo le tshiamo ya gagwe e re tlhotlheletsa gore re kgane ka boitumelo. Fa re ikutlwa ka tsela eno, re tla batla pele eseng Bogosi jwa Modimo fela mme le tshiamo ya gagwe. Re batla go baka Jehofa ka boitsholo jwa rona ka metlha. Ee, re tla nna baboledi ba ka metlha ba Bogosi re dira go le gontsi mo tirong ya Modimo. Ga re kitla re didimala fela re sa bake Jehofa.—Mathaio 6:33; 1 Bakorintha 15:58; Bahebera 10:23.
Jehofa O Boutlwelobotlhoko
14. Ke bosupi bofe jo bo leng gone jwa gore “Yehofa o pelochweu, o tletse pelotlhomogi”?
14 Dafide o ne a bua jaana fa a ne a bua ka dinonofo tse dingwe tse di oketsegileng tsa Modimo: “Yehofa o pelochweu, o tletse pelotlhomogi; o bonya go galeha, me o na le boutlwèlō botlhoko yo bogolo.” (Pesalema 145:8) Modimo o pelotshweu ka gonne o molemo tota ebile o aba ka bogolo. (Mathaio 19:17; Yakobe 1:5) O direla le bao ba sa mo direleng sepe molemo. (Ditihō 14:14-17) Jehofa gape o boutlwelobotlhoko, o lorato, ‘o gakologelwa fa re le lorole fela.’ Ga a nyatse ba dipelo tsa bone di phatlogileng kana a dirisana le rona go ya kafa re leofang ka gone mme o boutlwelobotlhoko tota go gaisa rre yo o lorato thata wa motho. (Pesalema 51:17; 103:10-14) Ka go bo, o ne a supa boutlwelobotlhoko jwa gagwe jo bogolo ka go romela Morwawe go re swela gore re kgone go letlana le Modimo mme tota re latswe bopelotshweu jwa gagwe!—Baroma 5:6-11.
15. Ke ka ntlhayang fa go ka twe Jehofa Modimo o “bonya go galeha” ebile “o na le boutlwèlō botlhoko”?
15 Rraarona wa selegodimo o bonya go galefa. Ga a galefe fela go sa re sepe. Jehofa gape “o na le boutlwèlō botlhoko yo bogolo.” Fano Sehebera se kaya bopelonomi jo bo tlhotlhelediwang ke lorato mme bo ingaparetse mo selong. Bo dira jalo go fitlha boikaelelo jwa jone bo diragadiwa ka selo seo. Gape go ka twe ke “lorato lo lo ikanyegang.” Gareng ga tse dingwe, bopelonomi jo bo lorato jwa Modimo, kana lorato lwa gagwe lo lo ikanyegang, bo bontshiwa mo ditirong tsa gagwe tsa go golola, go boloka, go sireletsa, go golola mo mathateng, le go golola mo boleong ka thekololo. (Pesalema 6:4; 25:7; 31:16, 21; 40:11; 61:7; 119:88, 159; 143:12; Yohane 3:16) Lebaka la go bo Jehofa a ile a seka a lere Hara-Magedona ka bonako fela morago ga ‘ntwa ya kwa legodimong’ le ile la kgonisa boidiidi jwa batho gore bo bone poloko, eleng tshupo ya gagwe e kgolo ya bopelonomi jwa gagwe jwa bomodimo jo bo lorato.—Tshenolō 12:7-12; 2 Petere 3:15.
16. Jehofa o ile a itshupa a le “molemō mo go cotlhe” jang?
16 Go ka nna ga bolelwa gore Modimo o aba segolo ka gonne a le boutlwelobotlhoko. Dafide o ne a bua jaana: “Yehofa o molemō mo go cotlhe; me mautlwèlō botlhoko a manana a gagwè a okame ditihō cotlhe tsa gagwè.” (Pesalema 145:9) Ee, Modimo o ne o le molemo mo Baiseraeleng. Ke gone ka moo, “o tlhabisetsa[ng] ba ba molemō le ba ba boshula letsatsi ya gagwè, a nesetse basiami le basiamolodi pula.” (Mathaio 5:43-45) Jehofa o ne a solofetsa kwa Edena gore o tla lere “losika” loo lo neng lo tla lere masego. Moragonyana o ne a raya Aberahame a re: “Merahe eotlhe ea lehatshe e tla segōhala mo losikeñ loa gago; ka u utlwile lencwe ya me.” (Genesise 3:15; 22:18) Mme bomolemo jwa Modimo bo bogolo tota mo ‘motlheng ono wa bokhutlo’ mo eleng gore mongwe le mongwe a ka ‘tla go itseela metsi a botshelo fela a sena theko.’ (Daniele 12:4; Tshenolō 22:17) Jehofa o batla go direla dibopiwa tsotlhe tse di botlhale molemo, mme bomolemo jwa gagwe bo tshwanetse go re gogela gore re atamalane thata le ene.
17. ‘Mautlwelo botlhoko a ga [Jehofa] a okame dilo tsotlhe’ ka tlhaloganyo efe?
17 “Mautlwèlō botlhoko . . . a [ga Jehofa] a okame ditihō cotlhe tsa gagwè” ka gonne a naya batho le diphologolo dilo di le dintsi. Ke ene yo o fang “dilō cotlhe diyō.” (Pesalema 136:25; 147:9) Modimo ga o tlotlomatse ba ba humileng o bo o sotla ba ba humanegileng, ga o tlotlomatse ba ba ikgogomosang o bo o nyatsa ba ba boikobo, ga o tlotlomatse dieleele o bo o kgala ba ba botlhale. Batho ba baleofi ba dira jalo mme e seng Rraarona yo o boutlwelobotlhoko wa selegodimo. (Pesalema 102:17; Sefania 3:11, 12; Moreri 10:5-7) Mme abo Modimo o supile o na le boutlwelobotlhoko, bomolemo, le bopelonomi jo bo lorato, jo bogolo jang ne ka go dira gore re kgone go bona poloko ka setlhabelo sa thekololo sa Morwawe yo o rategang!—1 Yohane 4:9, 10)
Ba Ba Ikanyegang Ba Baka Jehofa
18. (a) Dilo tse Modimo o di bopileng di mo “ntshetsa malebogō” jang? (b) Re tshwanetse go tlhotlheletsega go baka Jehofa leng?
18 Modimo o tshwanela go bakwa gotlhe. Jaaka Dafide a ne a bua ka seno jaana: “Ditihō cotlhe tsa gago di tla gu ntshetsa malebogō, Yehofa; le baitshepi ba gago ba tla gu baka.” (Pesalema 145:10) Dilo tse Modimo o di bopileng di mo “ntshetsa malebogō,” fela jaaka ntlo e e agegileng sentle e tlotlomatsa moagi wa yone le nkgo e ntle e tlotlomatsa mmopadinkgwana yo o setswerere. (Bapisa Bahebera 3:4; Isaia 29:16; 64:8.) Ka jalo dilo tse Jehofa a di bopileng di dintle tota mo di neng tsa tlhotlheletsa baengele le batho go mmaka. Barwa ba Modimo ba baengele ba ne ba tlhaeletsa ka boitumelo fa a ne a tlhola lefatshe. (Yobe 38:4-7) Dafide o ne a re ‘magodimo a bolela kgalalelo ya Modimo mme phuthologo le yona e supa tiro ya diatla tsa one.’ (Pesalema 19:1-6) Re ka baka Jehofa fa re bona segodi se fofa kwa godimo mo magodimong kana tshephe e tlolaka mo thabaneng e talana. (Yobe 39:26; Sehela sa Dihela 2:17) Re ka baka Modimo fa re roba kwa masimong kana fa re ja re na le ditsala tsa rona. (Pesalema 72:16; Diane 15:17) Mebele ya rona e e dirilweng ka mo go boitshegang e ka re dira gore re leboge Modimo ka go o baka.—Pesalema 139:14-16.
19. “Baitshepi” ke bomang, mme ba dira eng?
19 Gompieno, “baitshepi” ba ga Jehofa ba ba tloditsweng ka moya ba ba mo lefatsheng ba a mmaka. Ba bua sentle ka ene mme ba tlhoafaletse go bona go rata ga gagwe go dirwa mo lefatsheng jaaka kwa legodimong. (Mathaio 6:9, 10) Jaaka batlodiwa ba ntse ba bolelela ba bangwe ka ditiro tse di gakgamatsang tsa Modimo, boidiidi jo bogolo bo arabela ka bontsi. Ba dira mmogo le batlodiwa ba ba ikanyegang, jaaka baboledi ba ba tlhaga ba Bogosi. A go supa tebogo go go tlhotlheletsa go nna le seabe mo tirong eno e e bakang Modimo ka metlha?
20. (a) Leina la ga Jehofa le tlile go itshekisiwa jang? (b) Ke dipotso dife tse di setseng tse re tla di sekasekang mo go Pesalema 145?
20 Jaaka Basupi ba ga Jehofa, re tshwana le Dafide mo go bakeng Modimo. Go itshepisiwa ga leina le le boitshepo la ga Jehofa le go le baka go botlhokwa thata mo go rona. Ereka Bogosi jwa Modimo bo tlile go itshepisa leina la bomodimo, thuto eno ya Bibela e e kaga Bogosi ke karolo e kgolo ya mafoko a a molemo a re a rerang. A Pesalema 145 e re naya lesedi lengwe la semoya mo go seno? Ke eng se se tla senogang fa re tlotla ka karolo e e setseng ya pesalema eno? E supa ka ditsela dife gore Jehofa o tshwanetse go bakiwa ka bosakhutleng?
O Ka Akgela Jang?
◻ Re ka baka leina la ga Jehofa jang?
◻ Ditiro dingwe tse Modimo o ka bolelwang molemo ka tsone ke dife?
◻ Re tla dira eng fa e le gore re anaanela bomolemo jwa ga Jehofa?
◻ Boutlwelobotlhoko jwa Modimo bo ile jwa bontshiwa ka ditsela dife?
[Setshwantsho mo go tsebe 12]
A lo bolelela bana ba lona ka ditiro tsa ga Jehofa tsa bonatla, jaaka batsadi ba ba boifang Modimo ba kwa Iseraele wa bogologolo ba ne ba dira?
[Setshwantsho mo go tsebe 15]
Fela jaaka ntlo e e agilweng sentle e tlotlomatsa moagi wa yone, dilo tse Jehofa a di tlhodileng di a mmaka