LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w90 9/15 ts. 8-9
  • Thapelo ya Bofelo mo Kamoreng E E kwa Godimo

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Thapelo ya Bofelo mo Kamoreng E E kwa Godimo
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1990
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Thapelo ya Bofelo Kwa Phaposing e e Kwa Godimo
    Jesu ke Tsela, Boammaaruri le Botshelo
  • Kgothatso E A E Fang Baaposetoloi Ba Gagwe Fa A Tsamaya
    Monna Yo Mogolo go Gaisa Botlhe Ba Ba Kileng Ba Tshela
  • Dira Dilo go Dumalana le Thapelo ya ga Jesu e e Lorato
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2013
  • “Ntshalañ Moragō, Me Ke Tla Lo Diha Bachwara Batho”
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1980
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1990
w90 9/15 ts. 8-9

Botshelo le Bodihedi tsa ga Jesu

Thapelo ya Bofelo mo Kamoreng E E kwa Godimo

JESU o ne a tlhotlhelediwa ke lorato lo lo boteng lwa gagwe go baakanyetsa barutwa ba gagwe go tsamaya gono ga gagwe go go atamelang. Jaanong, fa a sena go ba kgothatsa le go ba gomotsa ka boleele, o lelalela kwa legodimong mme o kopa Rraagwe jaana: “Galaletsa Morwao, gore Morwao a gu galaletse: Hèla yaka u mo neile taolō mo nameñ eotlhe, e tle e re bōnè ba u ba mo neileñ leha e ka ne e le mañ, a ba neè botshelō yo bo sa khutleñ.”

Abo Jesu a bua ka setlhogo se se tshikinyang maikutlo jang ne—botshelo jo bosakhutleng! Ereka a neilwe “taolō mo nameñ eotlhe,” Jesu a ka fetisetsa melemo ya setlhabelo sa gagwe sa thekololo mo bathong ba ba swang. Lefa go le jalo, o naya fela bao Rraagwe a ba amogelang “botshelō yo bo sa khutleñ.” Jesu o tswelela ka thapelo ya gagwe a tlhomile mogopolo mo setlhogong seno sa botshelo jo bosakhutleng jaana:

“Botshelō yo bo sa khutleñ ke yo, gore ba gu itse, wèna, Modimo o o osi, o o boamarure, le èna eo u mo romileñ, eboñ Yesu Keresete.” Ee, re ka bolokiwa fela fa re ka itse Modimo mmogo le Morwawe. Mme go tlhokega go le gontsi go na le go ba itse fela.

Motho o tshwanetse go ba itse tota, a tlhagolela botsalano le bone. Motho o tshwanetse go nna le boikutlo jo bo tshwanang le jwa bone ka dilo mme a lebe dilo go ya ka pono ya bone. Mme mo godimo ga moo, motho o tshwanetse go leka thata go etsa dinonofo tsa bone tse di sa tshwaneng le dipe fa a dirisana le ba bangwe.

Morago Jesu o rapela jaana: “Ke gu galaleditse mo lehatshiñ, ka ke weditse tihō e u e nneetseñ go e diha.” Ereka go fitlha jaanong a weditse tiro ya gagwe ebile a solofela tota gore o tla atlega mo isagweng, o rapela jaana: “Rara, A u ko u nkgalaletsè nau, ka kgalalèlō e ke ne ke nntse ke na naeō nau pele lehatshe le e se le nne.” Ee, jaanong o kopa gore a busediwe kwa kgalalelong ya gagwe ya pele ya selegodimo ka go tsosiwa mo baswing.

Fa a sobokanya tiro ya gagwe e kgolo ya mo lefatsheng, Jesu o bua jaana: “Leina ya gago ke le bontshitse batho ba u ba lomolotseñ mo lehatshiñ ua ba nnaea: e ne e le ba gago, me ua ba nnaea, me ba tshegeditse lehoko ya gago.” Jesu o ne a dirisa leina la Modimo, Jehofa, mo bodiheding jwa gagwe a bo a itsise kafa le tshwanetseng go bidiwa ka gone, mme o ne a dira go le gontsi go feta go itsise baaposetoloi ba gagwe leina la Modimo. O ne a oketsa kitso ya bone le go anaanela ga bone Jehofa, botho jwa gagwe, le boikaelelo jwa gagwe.

Ereka a tsaya Jehofa jaaka yo Mogolo mo go ene, Yoo a neng a dira kafa tlase ga gagwe, Jesu o dumela ka boikokobetso fela jaana: “Mahoko a u a nneileñ ke a neile bōnè; me ba a chotse, me ba itsile ha rure ke cwa kwa go wèna, ba bile ba dumetse ha u nthomile.”

Morago Jesu o ne a supa fa balatedi ba gagwe ba farologana le batho ba bangwe botlhe, ka go rapela jaana: “Kea ba rapèlèla: ga ke rapelele lehatshe, ha e se bōnè ba u ba nneileñ . . . Ke rile ke sa nntse ke nna nabō, ka ba boloka . . . me go se ka ga latlhèga opè oa bōnè, ha e se ñwana oa tatlhègō hèla,” ebong Judase Isekariota. Judase ka nako eno o mo tirong ya gagwe e e tlhabisang ditlhong ya go oka Jesu. Ka gone, Judase o diragatsa Dikwalo a sa itse.

“Lehatshe ya ba ila,” Jesu o tswelela a ntse a rapela. “Ga ke rapele gore u ba ntshè mo lehatshiñ, ha e se gore u ba dibèlè mo go eo o boshula. Bōnè ga se ba lehatshe, hèla yaka nna ke se oa lehatshe.” Balatedi ba ga Jesu ba mo lefatsheng leo e leng mokgatlho wa batho o o rulagantsweng o o busiwang ke Satane, mme ba lomologane ebile ba tshwanetse go nna ka metlha ba lomologane le lone le boikepo jwa lone.

“Ba itshepisè mo boamarureñ,” Jesu o a tswelela, “lehoko ya gago ke boamarure.” Jesu fano o bitsa Dikwalo tse di tlhotlheleditsweng tsa Sehebera tseo a neng a ntse a tsopola mo go tsone, “boamarure.” Mme seo a neng a se ruta barutwa ba gagwe le seo ba neng ba se kwala ka tlhotlheletso jaaka Dikwalo tsa Bokeresete tsa Segerika, ka mo go tshwanang ke “boamarure.” Boammaaruri jono bo ka dira motho gore a itsheke, bo ka fetola botshelo jwa gagwe gotlhelele, mme jwa mo dira motho yo o lomologaneng le lefatshe.

Jesu jaanong ga a rapelele ‘bone bosi, me o rapelela le ba ba dumelang mo go ene ka lefoko la bone.’ Ka jalo Jesu o rapelela bao ba tla nnang balatedi ba gagwe ba ba tloditsweng le barutwa ba bangwe ba gagwe ba mo isagweng bao ba neng ba santse ba tla phuthiwa go nna ‘letsomane le le lengwe fela.’ Mme botlhe bano o ba kopela eng? “Gore ba nnè bañwe hèla botlhe; hèla yaka wèna Rara u le mo go nna; . . . gore ba nnè bañwe hèla, yaka rona re le moñwe hèla.”

Jesu le Rraagwe totatota ga se motho a le mongwe, mme ba dumalana mo dilong tsotlhe. Jesu o rapelela gore balatedi ba gagwe ba nne bangwe gore “lehatshe le itse ha u nthomile, le gore, u rata bōnè, hèla yaka u ratile nna.”

Jesu jaanong o kopa Rraagwe wa selegodimo a kopela bao ba neng ba tla nna balatedi ba gagwe ba ba tloditsweng. O ba kopela eng? “Gore kwa ke gōna, le bōnè ka bo ke na nabō; gore ba bōnè kgalalèlō ea me, e u e nneileñ: gonne u nthatile pele ga tlhōlègō ea lehatshe,” ke gore, fa Adame le Efa ba ne ba nna le ngwana wa bone wa ntlha. Modimo o ne o ntse o rata Morwa yono yo o tsetsweng a le esi, yo a neng a nna Jesu Keresete, bogologolo pele go nna jalo.

Fa a konela thapelo ya gagwe, Jesu o gatelela gape jaana: “Ke ba itsisitse leina ya gago, me ke tla nna ke le ba itsise; gore loratō lo u nthatileñ ka lōna lo nnè mo go bōnè, le nna ke nnè mo go bōnè.” Fa baaposetoloi ba ithuta leina la Modimo, seo se ne se kopanyeletsa go itse lorato lwa Modimo ka namana. Yohane 17:1-26; 10:16; Diane 8:22, 30.

▪ Jesu o ile a newa “taolō mo nameñ eotlhe” ka tlhaloganyo efe?

▪ Go kaya eng go itse Modimo le Morwawe?

▪ Jesu o ne a itsise leina la Modimo ka ditsela dife?

▪ “Boamarure” ke eng, mme bo ka ‘itshekisa’ Mokeresete jang?

▪ Modimo, Morwawe le baobamedi botlhe ba boammaaruri ba bangwe fela jang?

▪ ‘Lefatshe le ne la nna gone’ leng?

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela