LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w90 8/15 ts. 3-4
  • A go Dumela Tlholelo go Laola Botshelo jwa Gago?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • A go Dumela Tlholelo go Laola Botshelo jwa Gago?
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1990
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Seabe sa Bodumedi
  • Go Latlhela Madi kwa Godimo Kana go Lepa Dinaledi
  • A ke Tlholelo Kana go Itiragaletse Fela?
    Tsogang!—1999
  • A Baebele e Ruta Gore re Dumele Tlholelo?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1996
  • A Tlholelo E Tshwanetse go Laola Botshelo jwa Gago?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1990
  • Go Senka Tlholelo ya Motho
    Tsogang!—1999
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1990
w90 8/15 ts. 3-4

A go Dumela Tlholelo go Laola Botshelo jwa Gago?

GO NE ga diragala kotsi ya matlhotlhapelo ka September 1988. Metsi a a neng a elela ka maatla a sa eme a maanwane a magolo a noka ya Ganges le Brahmaputra a ne a tlhatlogela dimetara di le robonngwe kwa godimo mme a khurumetsa borarobonèng jwa Bangladesh. Batho ba le diketekete ba ne ba betwa ke metsi. Batho ba ba ka nnang 37-000 000 ba ne ba sala ba sena magae. Ditsela tsa dikilometara tse di fetang 60 000 di ne tsa nyelela.

Ereka merwalela e e ntseng jalo e ile ya nna ya khurumetsa Bangladesh nako le nako, pampiri nngwe ya dikgang e ne ya bitsa naga eo “Maanwane a Tatlhego.” Tlhaloso eo e supa seo batho ba akanyang gore ke sone se se bakang masetlapelo a magolo ano: tatlhego kana tlholelo.

Lemororo ba bangwe ba ka bolela gore tlholelo ga e laole matshelo a bone, dipono kaga tlholelo di tletse mo kgolokweng yotlhe. Ke ka ntlhayang fa batho ba bantsi jaana ba dumela tlholelo, mme thutotlholelo ke eng?

Seabe sa Bodumedi

Lefoko “tlholelo” le tswa mo go la Selatini fatum, leo le kayang “seo se setseng se builwe.”a Bao ba dumelang thutotlholelo ba dumela gore dilo tse di tla diragalang di tlhomiwa pele ga nako le gore batho ga ba na maatla a go fetola dilo. Pono eno e ile ya anamisiwa ke ditumelo tse dintsi mme e ile ya fetola kafa dimilione tse dintsi tsa badumedi di lebang dilo ka gone. Fa re leba ditumelo tse tharo tse dikgolo tsa lefatshe re bona tlholelo e tlhalosiwa ka ditsela tse di farologaneng—di farologana fela jaaka ditempele tsa Sehindu, dimmoseke tsa Seiselamo, le dikereke tsa Labodumedi.

Ka sekai, Bamoselema ba ba ka nnang dimilione di le 900 mo lefatsheng lotlhe, ba tsaya gore tlholelo (Kismet) e tlhomiwa go ya ka go rata ga Modimo.b Qur’ān e bua jaana: “Ga go na bosula bope jo bo welang lefatshe . . . , mme bo a bo bo setse bo le gone mo bukeng pele re bo dira.” “Ebile ga go na moya ope o o tla swang fa o sa letliwe ke Allah; lobaka lo lekantswe.”—Surah 57:22; 3:145.

Karma ke molao o o bakang gore sengwe se diragale kana o o dirang gore motho a utlwe matswela a se se diragetseng—mofuta mongwe gape wa tlholelo—oo o amang matshelo a Bahindu ba le dimilione tse di ka nnang 700 mo lefatsheng. Go dumelwa gore dilo tse di diragalang mo botshelong jwa jaanong jwa Mohindu di laolwa ke ditiro tsa botshelo jwa gagwe jo bo fetileng. Garuda Purana, buka nngwe ya bogologolo ya Bahindu, e bua jaana: “Ditiro tsa motho tsa botshelo jo bo fetileng ke tsone di laolang gore o tla nna setshedi sa mofuta ofe mo go jo bo latelang, mmogo le mofuta wa malwetsi, e le a mmele kana a tlhaloganyo, ao a tla mo tlhaselang . . . Se motho a se bonang mo botshelong ke seo a neng a tlholetswe gore o tla se bona.”

Go tweng ka maloko a a fopholediwang go dimilione di le 1 700 a Labodumedi? Go dumelwa lefa go sena bosupi gore bangwe mo go Labodumedi ba iphaka gore mo boemong jwa tlholelo ba dumela mo Modimong, le mo boemong jwa thutotlholelo ba dumela taolelogale. Mme Encyclopœdia of Religion and Ethics e dumela jaana: “Ga go kake ga bolelwa gore mo Bokereseteng . . . ga go na tumelo ya Tlholelo gotlhelele.” Ditlhopha dingwe di santse di bua seo se neng se dumelwa ke motlisadiphetogo wa lekgolo la bo 16 la dingwaga Martin Luther, yoo a kileng a bolela gore motho “ga aa gololesega jaaka logong, leje, kgwethe ya mmopa, kana pilara ya letswai.”

Go Latlhela Madi kwa Godimo Kana go Lepa Dinaledi

Lemororo dipono tse di ntseng jalo tse di gagametseng e sa tlhole e le karolo ya dilo tse di dumelwang ke ditumelo tse dikgolo tsa Labodumedi, moithutabodumedi mongwe o dumela gore bontsi jwa maloko a one bo santse bo amogela tumelo eo “ka tsela e e seng ya bodumedi.” Mo boemong joo, tlholelo e ka nna ya lere boitumelo mme ya rewa leina ga twe ke lesego. O tshwanetse wa bo o itse ka ba le bantsi bao ka dinako dingwe ba latlhelang ledi kwa godimo ba kopa lesego, kana tlholelo. Lemororo ba ka nna ba re seno ke tlwaelo fela, ba tswelela ba ntse ba go dira, mme, ka dinako tse dingwe mo go bone go lebega go dira. Ka sekai, bosheng jaana The New York Times e ne ya bega gore monna mongwe kwa United States o ne a fitlhela peni e setshwantsho sa yone sa tlhogo se neng se lebile kwa godimo morago ga gore a reke dithekethe tsa lothari. O ne a re: “Nako le nako fa ke ne ke ka fitlhela setshwantsho sa tlhogo ya peni se lebile kwa godimo, ke ne ke tlhola ke diragalelwa ke selo se se molemo.” Mo lekgetlong leno, o ne a gapa diranta di le dimilione di le 66,8. A o akanya gore go dumela ga gagwe mo lesegong, kana mo tlholelong, go fokotsegile?

Batho ba bangwe ba tshega fela fa go buiwa ka go latlhela madi kwa godimo. Lefa go le jalo, ba ka nna ba dumela gore isagwe ya bone e laolwa go sa le gale ke tsamao ya dinaledi—mofuta mongwe wa tlholelo. Kwa North America fela go na le dipampiri tsa dikgang di le 1 200 tseo di nang le dikarolwana tse go buiwang ka tepodinaledi mo go tsone. Patlisiso nngwe e ile ya bontsha gore 55 lekgolong ya basha kwa United States fela e dumela gore tepodinaledi e a dira.

Ee, ekane go dumela tlholelo go bidiwa Kismet, Karma, Modimo, lesego, kana dinaledi, go tletse mo kgolokweng yotlhe mme go ile ga nna jalo ka dingwaga tse dintsi. Ka sekai, a o ne o itse gore mo bathong botlhe ba ba kileng ba tshela ba ba leng mo lenaneng leno ke a le mongwe fela yo a neng a sa dumele thutotlholelo? Ke mang ene yo a neng a sa dire jalo? Mme pono ya gagwe ka tlholelo e ka tlhotlheletsa ya gago jang?

[Ntlha e e kwa tlase]

a The Encyclopedia of Religion, Bolumo 5, tsebe 290, e bua jaana: “TLHOLELO. E e tserweng mo Selatining se se reng fatum (sengwe se se builweng, polelo ya seperofeti, lefoko, sengwe se se tlhomilweng ke Modimo).”

b “Kismet e farologana le Tlholelo fela ka gonne e bolelwa fa e le Thato e e nang le maatla otlhe; boikuelo bope fela jo batho ba ka bo dirang kgatlhanong le epe fela ya tseno ga bo kake jwa thusa sepe.”—Encyclopœdia of Religion and Ethics ya ga Hastings, Bolumo V, tsebe 774.

[Lebokoso mo go tsebe 4]

KE BOMANG BA BA NENG BA DUMELA THUTOTLHOLELO?

Maskarīputra Gośāla Jesu, Keresete

Moitlami wa Moindia, Mosimolodi wa Bokeresete,

lekgolo la bo 6/5 l. lekgolo la ntlha

a dingwaga B.C.E la dingwaga

Zeno wa Citium Jahm, morwa wa ga Safwān

Motlhalefi wa Mogerika, Morutisi wa Momoselema,

lekgolo la 4/3 la lekgolo la bo 8

dingwaga B.C.E. la dingwaga C.E.

Publius Vergilius Maro John Calvin

Mmoki wa Moroma, Moithutabodumedi le

lekgolo la ntlha la molweladiphetogo wa Mofora,

dingwaga B.C.E. lekgolo la bo 16 la

dingwaga C.E.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela