LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w90 8/1 ts. 32
  • A O Tshwanetse Wa Dumela Tharonngwe?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • A O Tshwanetse Wa Dumela Tharonngwe?
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1990
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1990
w90 8/1 ts. 32

A O Tshwanetse Wa Dumela Tharonngwe?

Ian Boyne, mokwadi wa bodumedi wa The Sunday Gleaner, ya Jamaica, kwa West Indies, o ne a tlotla ka boroutšhara ya bosheng e e gatisitsweng ke Basupi ba ga Jehofa, mme bontlhanngwe jwa se a neng a se bua ke seno:

“Basupi ba tshwanetse go newa letshwao la ‘A’ ka buka eno ya bone, eo lemororo e kwadilweng motlhofo mo ngwana wa dingwaga tse di lesome a ka e balang, e kgabisitsweng—e sa fetelediwa—le ka ditsopolo tsa yone go tswa mo bakanoking le metsweding e e itsiweng thata . . . Kgatiso eno A O Tshwanetse Wa Dumela Tharo-Nngwe? ke mmangmmang tota wa Basupi mme jaanong ga go modumela Tharonngwe—kana pedinngwe—yo o bolokesegileng. Bukana eno e tsopola e bo e tsopola go tswa mo metsweding ya hisitori le ya bodumedi go supa gore thuto ya Tharonngwe ga e tswe mo Bibeleng. E tsopola Encyclopedia of Religion e re, ‘Baithutabodumedi ba dumela gore Tesetamente e Ntšha ga e na thuto ya Tharonngwe.’”

Boyne o tlhalosa gape jaana: “Go bokete thata mo mokwading yono wa bodumedi go bona gore a leloko le le fa bogareng—kana le le kwa godingwana la kereke—le ka kgona go araba dikganetso tse di patelelang le tse di nonofileng tseo di ntshiwang ke Basupi kgatlhanong le pono ya gore Jesu ke Modimo.”

Fa o batla go amogela sekaelo sa boroutšhara eno, tsweetswee tlatsa o bo o romele foromonyana e e tsamayang le seno.

Ke rata go amogela boroutšhara ya ditsebe tse 32 A O Tshwanetse Wa Dumela Tharo-Nngwe? (Kwantle ga R.S.A., kwalela lekala la Watch Tower la mo lefelong la lona go bona tshedimosetso. Bona tsebe 2.)

[Metswedi ya Ditshwantsho mo go tsebe 32]

Musée du Louvre, Paris

Museo Egizio, Turin

Musée des Beaux-Arts de Troyes

Museo Bardini, Florence

Musée du Louvre, Paris

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela