“Dikaelo tsa go Godisa Ngwana Yo O Itumetseng le Yo O Atlegang”
MAKASINE wa Medical Aspects of Human Sexuality o ne wa gatisa setlhogo seo mo go sone Dr. Irene Jakab, porofesa wa unibesithi wa thutotlhaloganyo, a neng a bua ka tsela eo a neng a akanya gore ngwana o tshwanetse go godisiwa ka yone go nna mogolo yo o atlegileng. Nngwe ya “dikaelo” tsa gagwe e ne e le gore batsadi ba tlhoka go rata ngwana wa bone, ba mo kaele gore se se molemo le se se bosula ke sefe, le go mo katisa mo go direng ditshwetso. O ne a ikutlwa gore “dikaelo” tseno gotlhelele ga di a tshwanela go akaretsa go galefa ka bonako ga batsadi, go batla boitekanelo, go tlhobaela thata, kana go lesa dilo fela.
“Dikaelo” tsa ga Dr. Jakab di a utlwala go fitlha fano. Bibela eleruri e sale e naya batsadi kgakololo e e tshwanang dingwaga tse di diketekete tse di fetileng. (Ka sekai bona, Diane 4:1; 13:24; 22:6; Bakolosa 3:21.) Lefa go ntse jalo, Bibela e akaretsa sengwe seo Porofesa Jakab a se tlogetseng: botlhokwa jwa go ruta bana go rata Mmopi wa bone le go tlwaelana le Lefoko la gagwe. Moaposetoloi Paulo o ne a kwala jaana: “Lona borra bana, lo se ka loa rumola bana ba lona go ba gakatsa: me lo ba godisetsè mo koatlhaoñ le mo taoñ ea Morèna.”—Baefesia 6:4; Duteronome 6:4-7.
Kwantle ga katiso e e ntseng jalo, bana ba ka gola ba sena se ba itsetsepelang ka sone mo boitsholong. Mme seo se ka felela ka matlhotlhapelo mo lefatsheng le le senang boitsholo le le le senyegileng leno.