LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w90 7/15 ts. 30
  • Go Lemoga Dikgang

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Go Lemoga Dikgang
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1990
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • “Selo Se Se Diphatsa Thata”
  • A E Nyelela go Sena Ope Yo O Lemogang Seo?
  • Bokhutlo Bo Atametse
  • Go Tshelwa Madi Ga go Diphatsa Ka Selekanyo Se Se Kana Kang?
    Madi A Ka Boloka Botshelo jwa Gago Jang?
  • A Ke Mpho ya Botshelo Kana Sengwe Se Se Bakang Loso?
    Tsogang!—1990
  • Botshelo bo ka Bolokwa Jang ka Madi?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1991
  • Dipotso tsa Thuto tsa Boroutšhara ya Madi A Ka Boloka Botshelo jwa Gago Jang?
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—1991
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1990
w90 7/15 ts. 30

Go Lemoga Dikgang

“Selo Se Se Diphatsa Thata”

Dikgetsi tseo di ileng tsa tlhatlhelwa ke balwetsi bao ba tsenweng ke bolwetsi bongwe jo bo diphatsa e le ka ntlha ya ditshelo tsa madi di dirile gore go nne le mofuta o mongwe wa go amega mo dibankeng di le dintsi tse di bolokang madi. Mo gare ga 1989, go begwa gore go ile ga tlhatlhelwa dikgetsi di feta 300 kgatlhanong le dibanka tse di bolokang madi kwa United States. Gilbert Clark, yoo eleng mokaedikhuduthamaga wa American Association of Blood Banks, o ne a dumalana gore “batho ba batla madi ao a senang kotsi gotlhelele,” mme lefa go ntse jalo o ne a dumalana gore seo ga ba kake ba se tlhomamisediwa.

Ka mo go tshwanang, Parade Magazine o bega gore mankge wa madi, ebong Dr. Charles Huggins, o dumalana gore madi “a tshwanetse a tsewa jaaka selo seo se leng kotsi mme go sa kake ga tilwa seo.” O tlhalosa madi jaaka “selo se se diphatsa thata seo re se dirisang mo go tsa kalafi.” Fa esale go tloga mo masimologong a 1989, palo ya malwetsi a a tshelanwang ao dibanka tsa madi di a tlhatlhobelang a tlhatlogetse go tlhano (HTLV-I, joo bo amanang le T-cell leukemia ya bagolo, matsabane, hepatitis B, AIDS le hepatitis C). Lefa go ntse jalo, go ya ka mongwe wa ba ba kwa godimo go American Red Cross, ebong S. Gerald Sandler, “go lebega go sa sala nako epe e e kalo re bo re bona bolwetsi jo bongwe jo bo bonwang sewelo joo bo anamisiwang ke tshelo ya madi.” Go sa kgathalesege kafa seno se leng diphatsa ka gone, batho ba kwa Amerika Bokone ba ka nna dimilione di le nnè go lebeletswe gore ba amogele ditshelo tsa madi ka 1990. Bothata, go ya ka mmegadikgang wa dikuranta ebong Dr. W. Gifford-Jones, ke gore “kwantle ga Basupi ba ga Jehofa fela, balwetsi ba le bantsi ga ba ke ba bo ba tlotla ka kgonagalo ya go ka tshelwa madi.”

Ka masomesome a dingwaga, Basupi ba ga Jehofa ba ile ba ‘ithiba mo mading’ lefa a le ka sebopego sepe fela ka boikanyegi jaaka fa go laelwa mo Lefokong la Modimo mo go Ditihō 15:28, 29; 21:25. Tsela e seno se ileng sa ba sireletsa ka yone mo malwetsing a a diphatsa thata a a tshelanwang ka ditshelo tsa madi ke sekai fela sa kafa eleng selo se se tshwanetseng ka gone go bo ba ikobela melao ya ga Jehofa Modimo.

A E Nyelela go Sena Ope Yo O Lemogang Seo?

Joachim Cardinal Meisner, eleng motho yoo go neng go tsogile kgang fa a ne a tlhongwa ngogola ka February gore e nne mobishopomogolo yo mosha wa Cologne, kwa Jeremane, maloba jaana o boletse gore selo segolo seo a boifang thata ka ntlha ya sone ke gore kereke e ka nna ya re ka letsatsi lengwe ya “nyelela fela—mme gongwe ya tsamaya batho ba sa lemoge seo.” Go ya ka lekwalodikgang la Jeremane eleng Rheinische Post, Meisner o ne a bolela jaana: “Moya wa me o fuduiwa ke gore batho ba simolotse go leba kereke jaaka selo seo eseng sa botlhokwa.” O ne a bolela gore selo se se ka tswang se baka seno ke gore “re bua thata ka lefatshe mme ga re bue mo go lekaneng ka legodimo, re bua thata kaga jaanong mme ga re bue go le kalo kaga bosakhutleng.”

Ka go itsalanya le ba dipolotiki le ba tsa papadi ba lefatshe leno mo boemong jwa gore di ikanye maatla a kwa legodimong go ka rarabolola mathata a lefatshe, eleruri dikereke tsa Labodumedi di latola maiphako a tsone a gore di emela dikgatlhego tsa Modimo. Seno se tlile go nna le diphelelo tse di sa jeseng di welang. Go ya ka Bibela, bodumedi jotlhe jwa maaka bo tla tloga bo nyelela—eleng tiragalo eo e se kitlang e diragala e sa bonwe ke “dikgosi tsa lehatshe” le “babapatsi ba ba mo lehatshiñ,” bao ba tla lelang ka ntlha ya tiragalo eno. Ka gone, go botlhokwa gore bao ba ratang tshiamo ba tseye mafoko ano tsia: “Cwañ mo go èna [eleng bodumedi jwa maaka] . . . gore lo se tlhakanele naè dibe tsa gagwè, le gore lo se bone dipecō tsa gagwè.”—Tshenolō 18:4, 9, 11.

Bokhutlo Bo Atametse

“Go ganyaola go go dirwang ke Puso” ke tsela eo makwalodikgang mangwe a neng a tlhalosa dipolao tseo di neng di bakiwa ke dipuso kana ke mekgatlho eo e sirelediwang ke tsone. Tota, ka 1988, go bolela jalo mmueledi wa Amnesty International ebong Gerry O’Connel, “go ile ga nna le koketsego mo go robeng ditshwanelo tsa batho, goo go ileng ga tswelela pele ka 1989.” Morago ga moo o oketsa ka gore: “Dipolao tseo di neng di dirwa go rojwa melao eo e amogelwang mo lefatsheng lotlhe di fitlhile kwa godimo go feta lefa e le leng pele.”

Go ya ka pego ya ngwaga le ngwaga ya Amnesty, dipalo tsa gone di tsitsibanya mmele: Ka 1988 batho ba ba magareng ga 50 000 le 100 000 mo merafeng e le 29 ba ile ba ganyaolwa Puso e ntse e lebile mme e sa kgathale ka seo. Bangwe ba bano ke bana, batsofe, le basadi, bao molato wa bone fela e neng e le gore e ne e le maloko a setlhopha seo se leng sebotlana sa sepolotiki kana sa baagi kana ba ne ba nna mo ditulong tseo di lwelwang ke ditlhopha tseo di lwang kgatlhanong. Bao ba neng ba baka dipolao tse di ntseng jalo ba ne ba akaretsa matsholopolao, batsogelapusokgatlhanong, barekisi ba diokobatsi, le ditlhopha tse dingwe tseo di dirisang mashetla gore di fitlhelele maikaelelo a tsone a sepolotiki. “Gantsi Puso le yone e iphitlha kafa morago ga ditlhopha tseo di tlhometseng ka dibetsa gore e ke e nyeletse bao ba leng kgatlhanong le yone mmogo le ba ba sa rategeng,” La Repubblica e dumalana jalo.

Ka gone, ke ka lebaka go bo Lefoko la ga Jehofa le le tlhotlheleditsweng le tshwantsha dipuso tsa batho le “sebatana.” (Tshenolō 13:2) Lefa go ntse jalo, bosetlhogo jo bo ntseng jalo joo bo tlhotlhelediwang ke dipolotiki ga bo kitla bo nnela ruri bo le teng. Jaaka fa Pesalema 92:7 e bolela jaana: “E re baikepi ba cwecwena yaka boyañ, le badiha tshiamololō botlhe ba kgaba; e be e le gore ba nyèlèlèdiwè rure.” Bogosi jwa Modimo jwa selegodimo bo le mo diatleng tsa ga Keresete Jesu, ebong “Kgōsana ea Kagishō,” bo tla dira seno.—Isaia 9:6; Daniele 2:44.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela