Go Tsaya Kgato E E Botlhale Pele ga Masetlapelo
EREKA jaanong bana ba ga Mary ba ne ba godile, o ne a na le nako e ntsi mme o ne a swetsa go batla tiro ya boitshediso e e sa tseyeng letsatsi lotlhe. Lefa go ntse jalo, fa a ne a bolelela monna wa gagwe, Enos seo, o ne a mo phepafaletsa gore go ne go sa tlhokege gore a dire jalo. “Ereka ke ne ke kgona go go tlamela le bana, eleruri nka kgona go tlamela bobedi jwa rona le jaanong,” o ne a rialo. Go na le gore a letle mosadi wa gagwe go batla tiro ya boitshediso, o ne a mo raya a re a sekaseke ka thapelo go bona gore a ga a kake a nna mmulatsela, mmoledi wa nako e e tletseng wa Bogosi.
Lemororo Mary a ne a itumelela go abalana molaetsa wa Bogosi le baagelani ba gagwe, o ne a le ditlhong ebile a sa itshepe. Lefa go le jalo, o ne a batla go latela kgakololo ya monna wa gagwe. Ka jalo, o ne a ikwadisa jaaka mmulatsela yo o thusang ka April 1981, mme a dira fela ka maikutlo a a sa tsepamang.
Ka bonako fela Mary o ne a rata tiro ya go rera ka Bogosi go gaisa pele. Go ise go e kae, o ne a setse a tsamaisa dithuto tse nnè tsa legae tsa Bibela le batho ba bangwe. O ne a nna mmulatsela wa ka metlha mo lobakeng lwa ngwaga fela, a tsamaisa dithuto tsa Bibela di le lesome. Mosupi mongwe wa ga Jehofa yo o nang le bana ba babedi mo sekolong yo o bidiwang Christine o ne a pata Mary jaaka mmulatsela. Batho ba ba sa tswang go kgatlhega bosha ba ne ba tla dipokanong kwa Holong ya Bogosi mme go ne go gola moya o montle wa bobulatsela koo. Mme Mary o ne a itumela thata fa morwawe Christopher a ne a latela sekao sa gagwe le ene a nna mmulatsela.
Mme ka bonako fela ka 1985 go ne ga diragala masetlapelo. Mary o ne a wa. Tshika nngwe ya gagwe ya mo tlhogong e ne ya tlala ka madi ya ruruga mme ya dira gore boboko jwa gagwe bo tsene madi, mme Mary yo o dingwaga di 45 o ne a tlhokafala mo lobakeng lwa malatsi a le mararo.
Lefa go ntse jalo, mo dingwageng tse nnè tseo tsa bobulatsela, Mary o ne a ratiwa mo tikologong. Go ne ga tla batho ba ba fetang 300, go akaretsa le baagelani ba gagwe kwa tirelong ya phitlho ya gagwe. Mongwe wa ba ba neng ba le gone e ne e le mongwe yo a neng a tsena sekolo nae mme o ne a kgatlhilwe thata ke tumelo ya ga Mary, mme a batla go ithuta go le gontsi ka yone, mme a kopa go tshwarelwa thuto ya Bibela. Bodihedi jwa ga Mary bo ne bo santse bo ungwa.
“Ke mmulatsela yo o thusang le nna jaanong,” go bua jalo Enos, “mme ke eletsa ekete nka bo ke ile ka pata Mary fa a ne a bulatsela. O ne a tlhola a bua ka maitemogelo a gagwe mme o ne a itumetse. Ebile tota, re ne re itumetse go gaisa pele mo dingwageng tse di mmalwa tseo, mme ke gone ke lemogang jaanong gore e ne e le ka ntlhayang.”
Ga go ope yo o ka bonelang pele gore “motlha le bowèlō” di tla diragala leng, jaaka go ne ga diragala fela ka tshoganetso ka Mary. Lefa go ntse jalo, botlhe bao ba nnang ba ntse ba ikanyega jaaka baboledi ba Bogosi ba itlhomamisetsa gore Modimo mmogo le batho ba tla lemoga seo, le eleng le fa ba ka tlhagelwa ke masetlapelo.—Moreri 9:11; 11:1, 2.
[Ditshwantsho mo go tsebe 31]
Go nna le karolo mo bodiheding ke go dirisa nako sentle