‘Morago ga Foo A Lo Naya Monna wa Gagwe’
AADAME o ne a le gone fa noga e ne e bua le Efa mme e mo raela gore a tsuologele Modimo? Bibela ga e supe seno. Genesise 3:6 e bega gore Efa o ne “a tsaea louñō loa shōna, me a ya: [morago ga foo, NW] a ba a lo naea monna oa gagwè a na naè, le èna a ya.” Lefa go ntse jalo, dithanolelo tse dingwe tsa Bibela di akantsha sengwe se sele. King James Version e beile temana eno ka tsela e e latelang: “O ne a tsaya loungo, mme a ja, a naya monna wa gagwe yo a neng a na nae; mme le ene a ja.”
Lediri la Sehebera le le ranotsweng jaaka “a lo naea” le mo pakaphething mme le na le mofuta o o kgethegileng wa lekopanyi “le” [ka Sehebera waw], ka gone le naya tlhaloso nngwe ya thutapuo kana le tlhalosa tatelano nngwe. Ka gone New World Translation e ranola makgetlo a le mmala ao waw eo e tshwaraganyang motseletsele wa ditiragalo tsa Genesise 3:6 e tlhagelelang mo go one eseng ka “le” fela mme gape ka mafoko mangwe a a kopanyang jaaka “kwa bokhutlong,” “ka jalo” le “morago ga foo.” Ka gone New World Translation e na le motheo o o nonofileng wa go ranola ka tsela e e fa godimo.
A Adame a ka tswa a ne a utlwa puisano ya mosadi wa gagwe le noga mme a sa e tseye tsia, a reeditse maaka le puo e e tsietsang ya motsuolodi yo o sa bonaleng yo a neng a dirisa noga? Mokanoki wa Bibela wa Mojeremane, J. P. Lange o gana kgopolo eno ka mo go kgatlhisang jaana: “Ga go kake ga akanngwa gore monna o ne a le teng fa tsietso eo e ne e diragala, le eleng gone gore o ne a didimala fela.” Mme moakgedi mongwe wa Mojuda B. Jacob fa a tlhalosa polelwana “a na naè” o umaka gore ga e “[kae] gore o ne a eme le ene (mo tirong e e neng e setse e dirilwe kana fa a ntse a ja).”
Puisano ya ga Efa le noga e senola gore monna wa gagwe o ne a mmoleletse kaga molao wa Modimo wa gore a se ka a ja setlhare. (Genesise 3:3) Ka jalo jaaka tlhogo ya ga Efa, Adame o ne a diragaditse boikarabelo jwa gagwe. Diabolo o ne a itlhokomolosa paakanyetso ya Modimo ya botlhogo mme ka botlhale a dirisa lebaka la go bo Efa a ne a le esi. Moragonyana o ne a araba jaana: “Nōga e mphorile, me ka ya.” (Genesise 3:13) Efa o ne a tsiediwa ka gonne o ne a dumela maaka, mme seo se ne se sa reye gore o ne a sa tlola molao. Sekai seno sa tlhagiso se bontsha gore ga re kake ra nna le seipato sa go direla Jehofa phoso.—1 Timotheo 2:14.