“Mmino o o Fodisang”
Mosadi mongwe go tswa kwa Spain o ne a kwalela lekala la Mokgatlho wa Watch Tower la kwa Jeremane jaana: “Ke a leboga mme ga go sepe se nka se dirang fa e se go lo kwalela ke lo bolelela ka one.” O ne a lebogela eng?
“Ke ntse mo Spain ka dingwaga tse di ka nnang robong,” o ne a tlhalosa jaana, “basha ba babedi ba lona ba ne ba simolola go ithuta Bibela le nna dingwaga di le pedi tse di fetileng. Ke ne ka ba kopa gore ba ntlele dikhasete, ka ke ne ke badile setlhogo se se neng se bua ka mmino o o fodisang mo go Tora ya Tebelo.
“Nako nngwe moragonyana, ke ne ka tshameka mmino ono fa ke ne ke ikutlwa ke tshwenyegile thata mo boikutlong ebile ke lwala. Abo go ne ga nna le pharologano jang ne! Go ise go e kae, botlhoko jo ke neng ke bo utlwa mo maikutlong bo ne jwa nyelela, mme ke ne ka ikutlwa botoka tota. Abo ke ne ka itumelela go bo ke ne ke na le dikhasete tseo jang ne! Fa esale ka nako eo, gantsi fa ke sa kgone go robala bosigo ke a di reetsa. Eleruri ke mmino o o fodisang.”
Ba le bantsi ba ile ba anaanela alebamo e e nang le dikhasete di le robedi ya Sing Praises to Jehovah tse di tshamekang ka piano. Fa o kgatlhegela go nna le alebamo eno, tlatsa o bo o romele foromonyana eno.
Seno ke bontlhabonngwe jwa tiro ya go ruta Bibela lefatshe ka bophara eo e tshegediwang ka meneelo ya boithatelo.
Ke tla rata go amogela alebamo ya dikhasete tse robedi tsa mmino tsa Sing Praises to Jehovah.