Go Lwa Kgatlhanong le Makoa a Me
Jaaka go boletse Thomas Addison
FA KE ne ke santse ke le mosimanyana, ke ne ke a tle ke tshabe ke tshosiwa le ke nonyane e e sa reng sepe. Fa balosika kana ditsala ba ne ba etile, ba ne ba tle ba fitlhele ngwana yo o sa tlotleng yo o iphitlhang kafa morago ga ga mmaagwe. Tsela eo ke neng ke itshwara ka yone ka tlwaelo fa go na le baeng e ne e le go tshabela kwa kamoreng ya borobalo ka bonako jo bo kgonegang. Ke ne ke tle ke palelwe ke go bua fa go na le mongwe yo o nang le maemo mangwe, segolobogolo barutabana ba sekolo.
Ke eng seo se ileng sa dira gore ke fetoge? Ke jang mosha yo o ditlhong thata jaana a ileng a kgona go ka bua le bareetsi ba ba diketekete kwa dikopanong tse dikgolo mo dingwageng tsa bosheng jaana?
‘Go Oba Lore lo sa le Metsi’ Ga Batsadi
Batsadi ba me—segolobogolo Rre, yo e neng e le monna yo mosesane, yo o senatla wa Mo-Scot—ba ne ba fitlhela ke le ngwana yo o leng thata go tlhaloganngwa. Ereka a ne a ile a nna lesiela a sa le dingwaga tse 13, o ne a lebega a le makgwakgwa fa o mo leba mme o ne a le molemo. O ne a tshwanela go itlamela ka tsa botshelo a sa le mosha thata. Mmè ene e ne e le morwadia molemi mme e ne e le motho yo o bonolo. Thapiso ya me go tswa bonyaneng e ne e le e e bopelonomi mme e ne e tlhomame, lefa go le jalo e se e e gagametseng go feta selekanyo.
Ke ne ka nna le seabe e le lantlha mo Sekolong sa Bodihedi sa Bolegodimo fa ke ne ke le dingwaga tse thataro, ka 1945. Ke ne ka fa puo ya me ya ntlha ka thuso ya lesedi la lobone lwa parafine mo phuthegong e potlana ya malapa a le mararo fela kwa Australia. Rre o ne a nthusa go baakanyetsa, a dira jalo go sale gale, a tlhalosa melemo ya go bua ka tshoganetso. O ne a gatelela gape gore le ka motlha ke se ka ka boifa seo batho ba se buang kana se ba se akanyang. O ne a bua jaana: “Rona batho botlhe re mekoa ya lerole fela. Mekoa e mengwe e megolwanyane mo go e mengwe, ga go na sepe se se fetang seo.” Mangole a me a ne a itaana, diatla tsa me di ne di simolola go fufulelwa mme mo bogareng jwa puo, ke ne ka palelwa ke go bua mme ka seka ka fetsa.
Ke tshwanetse ka bo ke ne ke na le dingwaga tse di ka nnang lesome fa Rre a ne a isa nna le morwarre yo mmotlana Robert kwa seterateng se segolo sa toropo, fela fa pele ga ntlo ya dibaesekopo ya lefelo leo. Koo re ne ra tsholetsa dimakasine tsa Tora ya Tebelo le Tsogang! gore di bonwe sentle ke baithuti mmogo le rona ba sekolo. Dimakasine di ne di utlwala di le bokete jaaka tshipi, mme ka dinako tse dingwe di ne di felela ke di fitlhile kafa morago ga mokwatla wa me! Ke ne ke leka kafa ke ka kgonang ka teng gore ke seka ka bonwa ke ope.
Lefa go ntse jalo, jaaka fa ke ntse ke tlhokometse sekao sa bopelokgale sa ga Rre, ke ile ka kgothatsega thatathata. O ne ka metlha a bolela gore go ikgogona e ne e le go ineela mo go Satane le go boifa batho. Teko e nngwe e ne ya nna kwa sekolong. Ntwa ya Lefatshe II e ne e sa tswa go khutla, mme bomorafe bo ne bo santse bo le gone bo nonofile kwa Australia. Nna le kgaitsadiake Ellerie re ne re nna fa fatshe ka nako ya kgobokano ya sekolo fa pina ya setšhaba e ne e opelwa. Ke ne ka fitlhela go gwetlha tota go ema ke itlhaotse, mme gape tshegetso ya batsadi ba me e e sa fetogeng le kgothatso ya bone di ile tsa nthusa gore ke se ka ka ineela.
Sekao se Sentle sa Ga Rre
Ka go akanya ka tsela eo rre a godileng ka yone le botho jwa gagwe, eleruri o ne a le pelotelele thata le nna. O ne a simolola go dira kwa meepong ya magala kwa Ennyelane fa a ne a le mosimanyana wa dingwaga tse 13 fela. Mo dingwageng tsa gagwe tse di simololang tsa bo 20, o ne a fudugela kwa Australia go ya go batla botshelo jo bo botoka. Mme kwelotlase ya itsholelo ya bo 1930 e ile ya simolola, mme a bona tiro kafa tlase ga maemo a a sa itumediseng gore a tle a tlamele lelapa la gagwe.
Rre o ne a swabisitswe ke maemo ka kakaretso mme segolobogolo ke dipolotiki, ka jalo erile fa a bala dibuka tsa Mokgatlho wa Watch Tower le go senola ga bone boitimokanyo jwa dipolotiki, jwa kgwebo, le jwa bodumedi kwantle ga poifo, go ile ga mo dira gore a kgatlhege. Go ile ga seka ga tsaya lobaka pele a ineela go direla Jehofa, e le ka bonakonyana fela morago ga Mmè a sena go dira jalo. Go sa kgathalesege go swa ga lekgwafo la gagwe ka ntlha ya go wela ga moepo le go tlhoka ga gagwe go itse tiro e e rileng, Rre o ne a tsaya lelapa la rona go ya go direla kwa go neng go na le tlhokafalo ya semoya gone. Go ikaega ga gagwe ka Jehofa go ile ga nkgatlha thata.
Ka sekai, ke gakologelwa fa re ne re fudugela kwa toropong nngwe e potlana ya moepo wa malatlha koo Basupi ba gone e neng fela e le bokgaitsadi ba babedi ba ba tsofetseng, bao ka bobedi ba neng ba na le banna ba ba sa dumelang. Go ne go se motlhofo go bona ntlo, mme labofelo re ile ra kgona go hira ntlo ya bogologolo eo e neng e le kgakala le toropo. Go ne go sena dipalangwa dipe fa e se go tsamaya ka dinao kana ka baesekele. Moso mongwe moragonyana, fa rona bana ka boraro jwa rona re ne re seo re ile go etela ditsala, ntlo e ile ya sha yotlhe. Batsadi ba rona ba ne ba falola, mme go ne go se sepe se sengwe seo se neng se bolokilwe. Re ne re sena inshorense epe re bile re sena madi.
Rre o ne a re tlotlela kaga seno pele fela ga loso lwa gagwe ka 1982. O ne a re: “Morwa, a o gakologelwa gore maemo mo tshimologong a ne a lebega a hutsafatsa jang, mme Jehofa o ne a re ema nokeng? Aitsane, morago ga molelo oo, bakaulengwe ba kwa Perth ba ne ba romela fenitšhara, diaparo, le madi. Ka ntlha ya go aba ga bone, re ile ra nna mo boemong jo bo botoka go gaisa pele ga molelo!” Lantlha ke ne ka akanya gore Rre o ne a akanyetsa fela fa a ne a bua ka thuso ya ga Jehofa. Lefa go ntse jalo, boitemogelo jo re neng re nna najo kgapetsa kgapetsa jwa seo a neng a se bitsa thuso ya Modimo bo ne bo le bontsi gore a ka bo tlhalosa ka tsela epe e sele.
Sekao sa Go Nna le Boikutlo jo bo Siameng Ga Ga Mmè
Bothata bongwe jo bogolo joo ke neng ke na najo e ne e le go akanya ka tsela e e sa siamang. Mmè gantsi o ne a botsa jaana: “Ke ka ntlhayang fa ka metlha o akanya ka dilo tse di utlwisang botlhoko tsa botshelo?” Sekao sa gagwe sa go akanya fela ka dilo tse di molemo se ne sa nkgothatsa gore ke tswelele pele go dira boiteko jwa go akanya ka tsela e e siameng ka mo go oketsegileng.
Bosheng jaana, Mmè o ne a bua ka tiragalo nngwe eo e diragetseng ka bonakonyana fela fa re sena go fuduga kwa toropong nngwe e potlana ya mo dipolaseng. O ne a tshegisiwa ke kakgelo ya ngaka ya lefelo leo. O ne a akanya gore batsadi ba rona ba humile fa a ne a bona ba apara bothakga le tebego ya bone ba ipaakantse sentle. Phapaanong le kafa a neng a gopola ka gone legae la rona e ne e le setale sa dikgomo, se se kgaogantsweng ka dikgetsi. Go ne go sena motlakase, gase, le metsi a dipompo. Ka letsatsi le lengwe poo e ne ya leka go thuba mojako. O tla tshega fa o ka utlwa gore ke ne ke le kae ka nako eo: kafa tlase ga bolao!
Mmè o ne a ga metsi a rona go tswa kwa sedibeng se se bokgakala jwa dimetara di le 200, a dirisa diteromo di le nnè tsa dilitara di le 15 di patagane di bofilwe mo jokweng mo magetleng a gagwe. O ne a kgona go bona le go tshega maemo a a sa itumedisang ano mme, ka kgothatso ya ga Rre, o ne a leba maemo a a boima ano jaaka kgwetlho e e ka fenngwang go na le go a leba jaaka sekgoreletsi. O ne a a tle a bolele gore lemororo re ne re sena dilo tse dintsi tse di bonalang, re ne re ipelela masego a le mantsi a mmatota.
Ka sekai, re ne re senya malatsi a le mantsi a boitumelo re etela mafelo a a kgakala go ya go rera, re kampa mo leseding la dinaledi, re apaya nama ya kolobe le mae mo molelong wa leiso, mme re opela dipina tsa Bogosi fa re ntse re tsamaya. Rre o ne a tle a re leletse mmino ka akhodiane ya gagwe. Ee, ka ditsela tseno eleruri re ne re humile. Mo ditoropong dingwe tsa magae, re ne re hira diholo tse dipotlana mme re itsise ka dipuo tsa phatlalatsa, tseo re neng re di neela ka Sontaga ka thapama.
Ka dinako tse dingwe, ka ntlha ya mathata a ga Rre a a neng a mmoaboelela a boitekanelo, Mmè o ne a tshwanelwa ke go dira gore a oketse madi a a bonwang ke Rre. O ne a oka mmaagwe le rraagwemogolo ka dingwaga di le dintsi mme la bofelo a oka Rre pele a tlhokafala. O ne a dira seno kwantle ga go ngongorega. Lemororo ke ne ke santse ke tlhaselwa ke go tshwenyega thata mo boikutlong ka dinako tse dingwe gantsi ke nna le maikutlo a a sa siamang, sekao sa ga Mmè le go ntlhotlheletsa ga gagwe ka bonolo go ne ga dira gore ke nne le keletso ya go ka tswelela pele ke leka.
Go Lwa Kgatlhanong le Kgwetlho
Fa ke setse ke tla wetsa dingwaga tsa bosome, makoa otlhe a bongwana ao ke neng ke akanya gore a nyeletse a ne a boa gape a nonofile. Dipotso kaga botshelo di ne di nkgakgamatsa tota. Ke ne ka simolola go ipotsa jaana: ‘A batho botlhe ba bona ditshono tse di lekanang tsa go itse le go direla Jehofa?’ Ka sekai, go tweng ka ngwana yo o tsholelwang kwa India kana kwa China? Eleruri gaa na ditshono tse di kalo tsa go itse Jehofa go na le ngwana yo o godisiwang ke batsadi ba Basupi. Seno se ne se bonala se sa siama tota! Mo godimo ga moo, dibopapopego le tikologo, tseo ngwana a sa kgoneng go di laola, di na le seabe se segolo. Botshelo bo ne bo bonala bo sa siama, ka ditsela tse dintsi thata. Ke ne ke tatalalana le batsadi ba me ka dipotso tse di ntseng jalo ka dioura di le dintsi. Ke ne ke tshwenyega gape ka tebego ya me. Go ne go na le dilo di le dintsi tseo ke neng ke sa di rate tseo ke neng ke na le tsone.
Jaaka fa ke ne ke ntse ke akanya thata ka dikgang tseno, go ne go dira gore ke tshwenyege thata mo boikutlong, ka dinako dingwe go ne go tsaya lobaka lwa dibeke. Ke ne ke sa tlhokomele kafa ke lebegang ka gone. Ka makgetlo a le mantsi, ke ne ke akanya ka go ipolaya mo sephiring. Go ne go na le dinako tse dingwe tseo mo go tsone ke neng ke nna le boikutlo jwa go ikgotsofatsa ke iitumedisa ka go ikutlwela botlhoko. Ke ne ke ikutlwa gore batho ga ba tlhaloganye pogisego ya me. Ke ne ka ikgogona gape, ka tshoganyetso fela, ke nna le boikutlo jo bo tshosang ke sa lemoge. Sengwe le sengwe se se ntikologileng se ne se bonala e se sa boammaaruri, go ne go ntse ekete ke a lora.
Tiragalo eno e ile ya ntira gore ke lemoge gore go ikutlwela botlhoko ke selo seo se ka nnang kotsi. Ke ne ka rapela Jehofa, ke ile ka ikaelela go dira boiteko jo bo sa fetogeng jwa go sa ineele gape mo go ikutlweleng botlhoko. Ke ne ka simolola go tlhoma mogopolo mo dikakanyong tse di siameng, tsa Dikwalo. Go tloga ka nako eo go ya pele, ke ne ke bala ka kelotlhoko setlhogo sengwe le sengwe sa dimakasine tsa Tora ya Tebelo le Tsogang! tseo di neng di bua thata ka dinonofo tsa botho mme morago ga moo, ke ne ke di boloka mo faeleng. Ke ne ke tlhokomela gape le dintlha tseo go ileng ga buiwa ka tsone go Tirelo ya Rona ya Bogosi malebana le ka moo o ka tlotlang le ba bangwe ka teng.
Mokgele wa me wa ntlha e ne e le go leka go tlotla le motho a le mongwe ka lobaka lo loleele ka mo go kgonegang ka gone kwa pokanong nngwe le nngwe ya Bokeresete. Kwa tshimologong, motlotlo mongwe le mongwe o o ntseng jalo o ne o tsaya mo e ka nnang motsotso fela. Ka ntlha ya seo, gantsi ke ne ke boela gae ke ikutlwa ke swabile. Lefa go le jalo, ka go tswelela pele ke itshoka bokgoni jwa me jwa go tlotla bo ile jwa tokafala ka bonya.
Ke ne ka simolola go dira patlisiso e ntsi eo e leng ya me ka namana ka dipotso tsa me tseo di neng di nkgakgamatsa. Mo godimo ga moo, ke ne ka tlhokomela go ikotla ga me mo mmeleng mme ke ile ka fitlhela gore ka go tsaya dikotla dingwe, botho jwa me le maatla di ne tsa tokafala. Moragonyana ke ile ka lemoga gore go tshwenyega mo boikutlong go ka bakiwa ke dilo tse dingwe gape. Ka sekai, ka dinako tse dingwe ke ne ke tle ke ikutlwe ke rata selo se se rileng mo e leng gore ke ne ke tseega maikutlo. Ka mo go sa fetogeng seno se ne se gogela mo boikutlong jwa go swaba, go felele ka go latlhegelwa ke maatla mme morago ga moo e nne go tshwenyega thata mo boikutlong. Karabo e ne e le go nna le kgatlhego ka mo go sa fetogeng mo kgannyeng e e rileng mme eseng ka boitumelo jo bo feteletseng. Go fitlha le gompieno, ke tshwanetse go itisa.
Kgato e e latelang e ne e le go fitlhelela mokgele oo batsadi ba rona ka metlha ba neng ba o baya fa pele ga rona, eleng, bodihedi jwa nako e e tletseng. Boikemisetso jwa ga kgaitsadiake jwa go tshegetsa tshiamelo eno ya go bulatsela go feta dingwaga tse di fetang 35 bo ne jwa ntlhotlheletsa thata.
Go Lwa Kgatlhanong le Bothata jwa Morwaake
Morago ga dingwaga di le mmalwa ke ntse ke bulatsela ke sa nyala, ke ile ka nyala mmulatsela ka nna eleng Josefa. O nnile molekane yo o molemo mo go nna ka ditsela tsotlhe. Fa nako e ntse e tsamaya, re ne ra bona bana ba le bararo. Ngwana wa rona yo mogolo, eleng Craig, o ne a tsholwa ka 1972 a na le bolwetsi jwa cerebral palsy jo bo masisi. Botsogo jwa gagwe e nnile kgwetlho eleruri, ereka a sa kgone go ka itirela sepe fa e se fela go ijesa ka bothata. Mme tota, re mo rata thata, ka jalo ke ile ka leka ditsela tsotlhe go mo thusa gore a kgone go ka itirela dilo ka boene. Ke ile ka mo direla dilo tse di farologaneng go mo thusa go tsamaya. Re ile ra ya go bona bomankge ba le bantsi mme ra se ka ra atlega mo go kalo. Seno se ile sa dira gore ke akanye gore maemo mangwe mo botshelong jono a tshwanetse go amogelwa.
Mo dingwageng tsotlhe tsa gagwe tse 12 go tswa bonyaneng, Craig o ne a tle a tshogane a kgaotse go ja le go nwa. Seno se ne se kopana le go tlhatsa kwantle ga lebaka. Go ne go akanngwa gore seno se bakiwa ke go koafala ga disele dingwe tsa boboko tse go tweng di-neuron. O ne a tle a koafale fela re ntse re mo lebile. Thapelo e ile ya re thusa go itshoka, mme melemo eo e neng e laoletswe e ile ya thusa go tokafatsa seemo. Ka boitumelo, Craig o ne nonofa ka bonako, mme a boa gape a re itumedisa ka monyenyo wa gagwe o o kgatlhang le dipina tsa gagwe tse di sa feleng.
Kwa tshimologong Josefa o ne a bona go le bokete thata go tlwaela maemo ano a a utlwisang botlhoko. Mme lorato lwa gagwe le bopelotelele jwa gagwe jwa go tlhokomela ditlhokafalo tsa ga Craig tsotlhe go ne kgabagare ga fenya. Seno se ne se raya gore re ile ra kgona go tswelela pele re ya go direla koo go tlhokegang thuso e e oketsegileng ya Bokeresete gone. Ka tshegetso le thuso e e mosola ya ga Josefa, ke ne ka kgona go dira tiro e e sa jeng nako yotlhe ka dingwaga di le dintsi, seo se ntetla go nna mmulatsela yo o thusang mmogo le go tlamela lelapa la rona.
Go Akanya Ka Tsela E E Siameng Go A Tlhokega
Fa Craig a tshwenyega thata mo boikutlong ka ntlha ya go lwala ga gagwe gangwe le gape kana a kgobega marapo ka ntlha ya go palelwa ga gagwe go dira ditiro dingwe, re mo nonotsha ka lengwe la makwalo a ke a ratang thata e leng: ‘Ga re ba ba ikgogonang.’ (Bahebera 10:39) O le itse ka tlhogo, mme gantsi le a mo kgothatsa.
Craig o sale a rata tirelo ya tshimo fa a santse a le mmotlana thata. Ka go dirisa setulo se se kgethegileng sa maotwana, gantsi o kgona go tsamaya le rona. O itumelela go tsamaya le rona segolobogolo, gangwe le gape, fa ke dira le diphuthego tse dingwe ke tshwareletse jaaka molebedi yo o etang. Dikakgelo tsa gagwe tse di khutshwane kwa thutong ya buka le go bua ga gagwe kwantle ga go kgaotsa ka dipolelo tsa Bibela kwa sekolong se se kgethegileng seo a neng a se tsena ke tseo di kgatlhisang thata go gaisa tsa rona bao re senang bogole bope. Ka gone Craig o ile a nkgakolola gore go sa kgathalesege gore re palelwa go le kana kang, Jehofa a ka re dirisa go tsweletsa pele go rata ga gagwe le maikaelelo a gagwe.
Ka nako nngwe e e fetileng ke ne ka nna le tshiamelo ya go nna motshwarathuto mo Sekolong sa Bodihedi sa Bogosi. Lemororo ke ne ke na le dingwaga di le dintsi mo tirelong, ke ne ke sa kgone go wela dibete mo tshimologong ya dithuto. Mme ka bonakonyana fela, ka go ikaega mo go Jehofa, letshogo la me le ne le kokobela, mme ke bo ke utlwa gape maatla a a tshegetsang a ga Jehofa.
Fa ke leba kwa morago mo dingwageng tse di ka nnang 50 jaanong, ke tlhatswegile pelo gore ke Jehofa fela yo ka lorato a ka kgonang go thapisa motho yo o tshwanang le nna, gore e nne motho wa semoya.