Dimilione Tse Jaanong Di Suleng Di Tla Tshela Gape
DIMILIONE tse jaanong di suleng di tla tshela gape—a tsholofelo e e tshikhinyang maikutlo eleruri! Mme a gone e boammaaruri? Ke eng se se ka go tlhatswang pelo ka yone? Go dumela tsholofetso epe fela, o tlhoka go tlhomamisa gore mongwe yo o solofetsang o a rata le gore o nonofile go e diragatsa. Ke mang he, yo o solofetsang gore dimilione tse jaanong di suleng di tla tshela gape?
Jesu Keresete mo dikgakologong tsa 31 C.E., o ne a bua a gatelela gore Jehofa Modimo ke ene a mo neileng maatla a go tsosa baswi. Jesu o ne a solofetsa jaana: “Gonne yaka Rara a cosa bashwi, a ba rudise, go nntse hèla yalo, Morwa le èna o rudisa ba o ratañ go ba rudisa. Se gakgamaleleñ mo: gonne lobaka loè tla, lo botlhe ba ba mo diphuphuñ ba tla utlwañ lencwe ya gagwè [Jesu] ka lōna, me ba tla cwa.” (Yohane 5:21, 28, 29) Ee, Jesu Keresete o solofeditse gore dimilione tse jaanong di suleng di tla tshela gape mo lefatsheng le gore di ka lebelela go nnela ruri mo go lone. (Yohane 3:16; 17:3; bapisa Pesalema 37:29 le Mathaio 5:5.)a Ereka Jesu a solofeditse, re ka tsaya fela gore o rata go diragatsa seno. Mme a o nonofile go dira jalo?
Go ya ka rekoto ya Bibela, Jesu o ne a ise a tsose ope mo baswing ka nako ya fa a ne a solofetsa jalo. Mme mo nakong e e kafa tlase ga dingwaga tse pedi moragonyana, o ne a bontsha ka tsela e e nonofileng gore o a rata ebile o kgona go tsosa baswi.
“Lasaro, cwa”
E ne e le tiragalo e e amang pelo tota. Lasaro o ne a lwala thata. Bokgaitsadie ba babedi, Marie le Maratha, ba ne ba romelela Jesu yo a neng a le ka kwa moseja wa Noka ya Joredane molaetsa ono: “Morèna, bōna, eo u mo ratañ oa bobola.” (Yohane 11:3) Ee, Jesu o ne a rata lelapa leno fela thata. O ne a kile a nna moeng mo lelapeng la bone kwa Bethania, gongwe kgapetsakgapetsa. (Luke 10:38-42; bapisa Luke 9:58.) Mme jaanong tsala e Jesu a neng a e rata e ne e lwala thata.
Lefa go le jalo, Marie le Maratha ba ne ba lebeletse gore Jesu a dire eng? Ga ba a ka ba mo kopa gore a tle Bethania. Mme ba ne ba itse gore Jesu o ne a rata Lasaro. A Jesu o ne a ka seka a rata go bona tsala ya gagwe e e lwalang? Ga go belaetse gore ba ne ba solofela gore Jesu o ne a tla mo fodisa ka kgakgamatso. Mo godimo ga moo, mo nakong eno ya bodihedi jwa gagwe, Jesu o ne a setse a dirile dikgakgamatso di le dintsi tsa go fodisa, mme le eleng sekgala se seleele se ne se ka seka sa mo kganela. (Bapisa Mathaio 8:5-13.) A o ne a ka seka a direla tsala ya gagwe e a e ratang thata se se tshwanang? Ka a ne a batla go itse go go oketsegileng, go na le go ya kwa Bethania ka bonako, Jesu o ne a nna koo a neng a le gone mo malatsing a le mabedi a a latelang.—Yohane 11:5, 6.
Lasaro o ne a tlhokafala nakonyana morago ga gore molaetsa oo o romelwe, gongwe ka nako ya fa Jesu a utlwa dikgang tseo. (Bapisa Yohane 11:3, 6, 17.) Mme go ne go sa tlhokege molaetsa o mongwe gape. Jesu o ne a itse fa Lasaro aa swa, mme o ne a batla go dira sengwe ka gone. Fa a bua ka loso lwa ga Lasaro, o ne a raya barutwa ba gagwe a re: “Lasaro, tsala ea rona, o robetse; me kea ea gore ke mo cosè mo borokoñ.” (Yohane 11:11) Pele ga foo Jesu o ne a tsositse batho ba le babedi mo baswing, mme mo makgetlong ao e ne e le fela fa motho a sena go tlhokafala.b Lefa go ntse jalo, jaanong go ne go sa tshwane. Nako ya fa Jesu jaanong a fitlha kwa Bethania, tsala ya gagwe e ne e setse e tlhokafetse ka malatsi a le manè. (Yohane 11:17, 39) A Jesu o ne a tla tsosa motho yono yo a neng a setse a tlhokafetse ka lobaka lo lo kalo le yo mmele wa gagwe o neng o setse o simolotse go senyega?
Fa a utlwa gore Jesu o e tla, Maratha, mosadi yo o matlhagatlhaga, o ne a siana go ya go mo kgatlhantsha. (Bapisa Luke 10:38-42.) Fa a sena go kopana le Jesu, pelo ya gagwe e ne ya mo tlhotlheletsa gore a re: “Morèna, ha u ka bo u nu u le ha, kgantsadiake o ko a se ka a shwa.” Lefa go le jalo, o ne a supa tumelo ya gagwe jaana: “Me le yana kea itse, go re, leha e le eñ se u se lōpañ Modimo, Modimo o tla se gu naea.” Fa a bona kutlobotlhoko ya gagwe Jesu o ne a mo tlhomamisetsa jaana: “Kgantsadio o tla ba a coga.” Fa a supa go dumela ga gagwe mo tsogong ya mo isagweng ya baswi, Jesu o ne a mmolelela ka phepafalo fela jaana: “Ke nna cogō le botshèlō; eo o dumèlañ mo go nna, leha a shwa, leha go nntse yalo o tla tshela.”—Yohane 11:20-25.
Fa a fitlha kwa phupung, Jesu o ne a laela gore go tlosiwe letlapa leo le neng le thibile mojako. Marie lantlha o ne a gana jaana: “Morèna, gompiyeno o setse a nkga: gonne o tlhotse malatsi a le manè a shule.” Mme Jesu o ne a mo tlhomamisetsa jaana: “A ga kea gu raea, ka re, ha u nu u dumèla, o tla bōna kgalalèlo ea Modimo?” Morago ga go rapela a buela kwa godimo, o ne a laola jaana: “Lasaro, cwa.” Fa Jesu a bua jalo Lasaro o ne a tswa, le eleng lefa a ne a sule malatsi a le manè!—Yohane 11:38-44.
A Ruri Seo Se Diragetse?
Pego ya go tsosiwa ga ga Lasaro e kwadilwe mo Efangeleng ya ga Johane jaaka sengwe se se diragetseng. Dilo tse di diragetseng koo di phepafetse tota mo eleng gore ga di kake tsa nna tlhamane fela. Go belaela gore a tota e diragetse ke go belaela dikgakgamatso tsotlhe tsa Bibela go akaretsa le go tsosiwa ga ga Jesu Keresete ka boene.c Mme go se dumele tsogo ya ga Jesu ke go gana sotlhe seo Bakeresete ba se dumelang.—1 Bakorintha 15:13-15.
Totatota, fa o dumela gore Modimo o gone, ga o a tshwanela go nna le bothata jwa go dumela tsogo ya baswi. Go tshwantsha: Motho a ka nna a dira theipi ya video ya wili kana tesetamente ya gagwe ya bofelo, mme fa a sena go tlhokafala balosika lwa gagwe le ditsala ba ka nna ba mmona, ka mmatota, jaaka a ntse a tlhalosa kafa dithoto tsa gagwe di tshwanetseng go kgaoganngwa ka gone. Mo dingwageng di le lekgolo tse di fetileng, selo se se ntseng jalo go ne go ka seka ga akanngwa gore se ka kgonega. Mme mo bathong bao jaanong ba tshelang mo dikarolong tse di kgakala tsa lefatshe, “kgakgamatso” ya theipi ya video ke sengwe seo ba sa kgoneng go se tlhaloganya. Fa batho ba kgona go dirisa melaometheo ya saense eo e tlhamilweng ke Mmopi go dira gore tiragalo e e ntseng jalo e bonwe e bo e nne le modumo, a Mmopi a ka seka a dira se se fetang seo? A ga go utlwale, he, gore Yo o bopileng botshelo a ka kgona go tsosa motho ka go mo dira gore a nne le botho jwa gagwe tota mme a le mo mmeleng o mosha?
Kgakgamatso ya go tsosiwa ga ga Lasaro e thusa go oketsa tumelo ya rona mo go Jesu le tsogo ya baswi. (Yohane 11:41, 42; 12:9-11, 17-19) E senola ka mo go amang maikutlo go rata le go eletsa ga ga Jehofa le Morwawe go tsosa baswi.
‘Modimo o Tla Eletsa Jalo’
Tsela eo Jesu a neng a itshwara ka yone ka nako ya loso lwa ga Lasaro e supa bopelotlhomogi jwa Morwa Modimo. Maikutlo a gagwe a a boteng ka nako eno a bontsha ka phepafalo keletso ya gagwe e e nonofileng ya go tsosa baswi. Re bala jaana: “Hoñ Marie a re a hitlha ha Yesu o gōna, me a mmōna, a wèla ha dinaoñ tsa gagwè, a mo raea, a re, Morèna, ha u ka bo u nu u le ha, kgantsadiake o ko a se ka a shwa. Me hoñ, ea re Yesu a mmōna a lela, le Bayuda ba ba tsileñ naè ba lela, a hohoma mo moeeñ, a huduèga, Me a re, Lo mmeile kae? Ba mo raea, ba re, Morèna, tla u bōnè. Yesu a lela. Hoñ Bayuda ba re, Bōnañ yaka a na a mo rata!”—Yohane 11:32-36.
Lorato lwa ga Jesu lo lo tswang mo pelong lo bontshiwa fano ke dipolelwana tse tharo tseno: “a hohoma mo moeeñ,” “a huduèga,” le “a lela.” Mafoko a puo ya bogologolo ao a dirisitsweng ke moaposetoloi Johane mo go kwaleng tiragalo eno e e amang pelo a bontsha selekanyo sa ka moo Jesu a neng a amegile ka gone mo boikutlong.
Lefoko la Segerika leo le dirisitsweng jaaka “a hohoma mo moeeñ” le tswa mo lediring (em·bri·maʹo·mai) leo le bontshang go utlwa botlhoko thata, kana, go fuduega. Mongwe yo o akgelang ka Bibela ebong William Barclay o akgela jaana: “Mo Segerikeng se se tlwaelegileng [em·bri·maʹo·mai] e dirisediwa fa pitse e khinkhinyega. Fano go ka raya fela gore Jesu o ne a amega tota mo boikutlong mo eleng gore pelo ya Gagwe e ne ya gogoma fela e itaola.”
Polelwana e e ranotsweng jaaka “huduega” e tswa mo lefokong la Segerika (ta·rasʹso) leo le supang go tshwenyega. Go ya ka The New Thayer’s Greek-English Lexicon of the New Testament, go raya “go fuduega mo teng, . . . go amiwa ke botlhoko kana kutlobotlhoko.” Polelwana “a lela” e tswa mo lediring la Segerika (da·kryʹo) leo le rayang “go tsholola dikeledi, go lela ka tidimalo.” Seno se farologana le go “lela” ga ga Marie le Bajuda ba a neng a na nabo, bao ba umakilweng mo go Yohane 11:33. Lefoko la Segerika (le le tswang go klaiʹo) leo le dirisitsweng foo le raya go lela o utlwiwa kana go lelela kwa godimo.d
Ka nako eo, Jesu o ne a tshwentswe thata ke loso lwa tsala ya gagwe e a e ratang Lasaro le go bona kgaitsadia Lasaro a lela. Pelo ya ga Jesu e ne e fuduegile mo eleng gore matlho a gagwe a ne a tsholola dikeledi. Seo se kgatlhang ka Jesu ke gore o ne pele ga foo a tsositse bangwe ba le babedi. Mme mo lekgetlong leno o ne a ikaeletse go dira se se tshwanang ka Lasaro. (Yohane 11:11, 23, 25) Lefa go le jalo, “a lela.” Ka gone, go tsosetsa batho mo botshelong ga se seomodiro fela mo go Jesu. Maikutlo a gagwe a a lorato le a a boteng jaaka a ne a bonala mo lekgetlong leno a bontsha ka phepafalo keletso ya gagwe e e nonofileng ya go dirolola matlhotlhapelo a a dirilweng ke loso.
Ereka Jesu e le “sechwanō sebele sa bomodimo yoa ona,” re lebeletse go le gontsi mo go Rraarona wa selegodimo. (Bahebera 1:3) Monna yo o ikanyegang Jobe o ne a bua jaana kaga go rata ga Modimo go tsosa baswi: “Ha monna a shwa a o tla ba a tshela? . . . U nu u ka bitsa, ke ne ke tla gu araba: u nu u tla eletsa tihō ea diatla tsa gago.” (Yobe 14:14, 15) Lefoko la puo ya kwa tshimologong leo le dirisitsweng jaaka “u nu u tla eletsa” le raya go tlhologelelwa le go eletsa ka tlhoafalo. (Genesise 31:30; Pesalema 84:2) Ka phepafalo, Jehofa o tshwanetse a bo a lebeletse pele tsogo ya baswi ka tlhoafalo.
A eleruri re ka dumela tsholofetso ya go tsosiwa ga baswi? Fa go le jalo, ga go belaetse gore Jehofa mmogo le Morwawe ba a rata ebile ba nonofile go e diragatsa. Seno se kaya eng mo go wena? O ka lebelela go kopanngwa gape le batho bao o ba ratang ba ba suleng gone mo lefatsheng kafa tlase ga maemo a kagiso!
Seo ke se Roberta a se solofelang jaanong (jaaka go umakilwe mo setlhogong se se fetileng). Dingwaga di le mmalwa morago ga loso lwa ga mmaagwe, Basupi ba ga Jehofa ba ne ba mo thusa go ithuta Bibela ka kelotlhoko. O gakologelwa jaana: “Morago ga go ithuta ka tebelelo ya tsogo, ke ne ka lela. Go ne go itumedisa go itse gore ke tla bona mmè gape.” Fa pelo ya gago ka mo go tshwanang e eletsa go bona yo o mo ratang yoo gape, ga go belaetse gore o tla rata go ithuta go le gontsi ka tsholofelo eno e e gakgamatsang. Go tlhomamisega ga tsholofetso eno go tlhalosiwa ka botlalo mo ditsebeng 18-28 tsa makasine ono.
[Ntlha e e kwa tlase]
a Bona setlhogo “Nna le Tumelo Gore O Bone Botshelo jo bo sa Khutleng,” mo ditsebeng 23-8.
b Jesu o ne a setse a tsositse morwa motlholagadi wa kwa Naina le morwadia Jairo, mo nakong e e fa gare ga fa a ne a dira tsholofetso e e kwadilweng mo go Yohane 5:28, 29 le fa a ne a tsosa Lasaro.—Luke 7:11-17; 8:40-56.
c Bona kgaolo 6, “Dikgakgamatso—A Tota Di Kile Tsa Diragala?” mo bukeng Bibela—A Ke Lefoko la Modimo Kana Ke la Batho? eo e gatisitsweng ke Watchtower Bible and Tract Society of New York, Inc.
d Se se kgatlhisang ke gore lefoko la Segerika le le dirisediwang go lelela kwa godimo (klaiʹo) le dirisediwa Jesu ka nako ya fa a ne a bolelela pele go senngwa goo go neng go tla ga Jerusalema. Pego ya ga Luke e balega jaana: “Me ea re a atamèla, a bōna motse [Jerusalema], a o lelèla.”—Luke 19:41.
[Setshwantsho mo go tsebe 5]
Go tsosa ga ga Jesu morwadia Jairo go re naya tsholofelo ya go dumela mo go tsosiweng ga baswi ga mo isagweng
[Setshwantsho mo go tsebe 6]
Jesu o ne a amiwa thata ke loso lwa ga Lasaro
[Setshwantsho mo go tsebe 7]
Boitumelo jwa bao ba tla bonang go tsosiwa ga baswi bo tla tshwana le boitumelo jwa motlholagadi wa Naina fa Jesu a ne a tsosa morwawe yo a neng a sule