LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w90 5/1 ts. 3
  • Fa Yo O Mo Ratang A Tlhokafala

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Fa Yo O Mo Ratang A Tlhokafala
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1990
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Tsholofelo ya Mmatota ka Ba Ba Tlhokafetseng
    Fa Mongwe Yo O Mo Ratang A Tlhokafala
  • Nka Kgona Jang go Lebana le Dikgwetlho Tsa go Godisiwa ke Batsadi ba e Seng ba Me?
    Tsogang!—2003
  • Baratiwa ba Gago Ba Ba Suleng—A O Tla Ba Bona Gape?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1994
  • Go Diragalang Ka Batho Ba Ba Suleng Ba Re Neng Re Ba Rata?
    Kitso e e Isang botshelong Jo bo Sa Khutleng
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1990
w90 5/1 ts. 3

Fa Yo O Mo Ratang A Tlhokafala

“MMÉ O NE a tlhokafala ka 1981 a tshwerwe ke kankere. E ne e le mmè yo ke neng ke mo abetswe. Loso lwa gagwe lo ne lo le botlhoko thata mo go nna le mo go kgaitsadiake yo le ene a neng a mo filwe. Ke ne ke na le dingwaga di le 17, mme kgaitsadiake a na le tse 11. Ke ne ke tlhoafalela mmè thata. Ke ne ke godisitswe jaaka Mokatoliki, mme ka ke ne ke rutilwe gore o ne a le kwa legodimong, ke ne ke batla go ipolaya gore ke ye go nna nae. E ne e le tsala ya me e kgolo.”—Roberta, yo o dingwaga di 25.

A o kile wa diragalelwa ke selo se se tshwanang? Fa go le jalo, o itse gore go botlhoko jang go latlhegelwa ke mongwe yo o mo ratang. Go lebega go sa utlwale gore loso lo ka nna le maatla go tsaya motho mongwe yo o mo ratang. Mme fa go diragala, go akanya fela gore ga o kitla o tlhola o kgona go bua nae, go tshega nae, kana go tshwara motho yoo yo o mo ratang e ka nna selo se se botlhoko thata. Mme jaaka mafoko a ga Roberta a bontsha, botlhoko joo, ga bo nyelediwe ke go bolelelwa gore motho yono yo o mo ratang o kwa legodimong.

Lefa go le jalo, o ne o ka ikutlwa jang fa o utlwa gore mo isagweng e e fa gaufi o tla kgona go kopana gape le motho yono yo o tlhokafetseng yo o mo ratang, nnyaa, eseng kwa legodimong mme mono lefatsheng kafa tlase ga maemo a kagiso, a a siameng? Mme go tweng fa o ne o ka itse gore batho ka nako eo ba tla bo ba ipelela boitekanelo jo bo siameng le gore ga ba kitla ba tlhola ba swa? O ka nna wa re ‘Tseo ke ditoro fela’!

Lefa go le jalo, bogologolo mo lekgolong la ntlha la dingwaga C.E., Jesu o ne a bua jaana a gatelela: “Ke nna cogō le botshelō; eo o dumèlañ mo go nna, leha a shwa, leha go nntse yalo o tla tshela.” (Yohane 11:25) Eo e ne e le tsholofetso ya gore baswi ba tla tsoga gape—tsholofelo e e itumedisang eleruri!

Lefa go le jalo, gongwe o ipotsa jaana: ‘A go na le mabaka a a utlwalang a go dumela tsholofetso e e ntseng jalo? Ke ka tlhomamisega jang gore seno ga se toro fela? Mme fa go na le motheo wa go dumela seo, go diragadiwa ga tsholofetso eno go ka kaya eng mo go nna le bao ke ba ratang?’ Setlhogo se se latelang se tla araba dipotso tseno le tse dingwe gape.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela