‘Kgakololo e e mo Bukeng e ne ya Dira’
Seo ke se mosha mongwe go tswa kwa Maryland, U.S.A., a se kwadileng malebana le buka Dipotso Tse Basha Ba Di Botsang Dikarabo Tse Di Nang le Tharabololo. “Ke ne ka bala buka yotlhe ka malatsi a le mabedi,” o bua jalo, “mme ke ne ke sa kgone go emisa go bolelela ba bangwe ka yone.
“Ke ne ka fitlhela gore kgaolo 6, ‘Ke Ka Ntlhayang Fa Go Le Thata go Dirisana Sentle le Morwarre le Morwadiarre?,’ e ne ya nthusa ka gonne ka dinako tse dintsi ke ne ke utlwa ke fufegela kgaitsadiake yo mogolo. Mme ke ne ka lemoga ka bonako fela ka go bala seo gore ga ke a tshwanela go mo fufegela ka gonne a ne a na le ditshiamelo tseo ke neng ke sena tsone. Fa go ne go lebega re tlile go tatalalana, ke ne ka dirisa kgakololo ya buka eno. E ne ya dira! Jaanong go gola kamano e e nonofileng fa gare ga me le kgaitsadiake.”
Go gola mo metlheng eno e e nang le mathata ga go motlhofo. Basha ba lebana le maemo a le mantsi a masha mme ba tshwanetse ba dira ditshwetso tse dikgolo. A ke tshwanetse go nwa bojalwa? Ka dirisa diokobatsi? Nka itshola sentle, jang mo bathong ba bong jo bo farologaneng? Basha ba tlhoka dikarabo tse di nang le tharabololo. Re solofela gore wena le bana ba gago lo tla solegelwa molemo thata ke buka eno e e tshwantshitsweng sentle, ya ditsebe di le 320. Amogela sekaelo sa yone ka go tlatsa le go romela foromonyana eno. Ke R3,75.
Tswee tswee, nthomelelang, poso e duetswe, buka ya khabara e e thata ya ditsebe di le 320, Dipotso Tse Basha Ba Di Botsang Dikarabo Tse Di Nang le Tharabololo. Ke tsenya R3,75.