A Wena ka Bowena O Modimo wa Gago wa Disetwa?
Batho ba le bantsi ba itira medimo ya bone ya disetwa ba sa lemoge. Bibela e tlhalosa jaana mo go Baefesia 5:5: “Gonne mo loa go itse ka tlhōmamō, ha go se seaka, leha e le motho eo o mashwè, leha e le moiphetlhi, eo e leñ moōbamedi oa medimo ea disètwa, eo o ka dihañ le boshwa bopè mo bogosiñ yoa ga Keresete le Modimo.” (Bakolosa 3:5; bapisa Bagalatia 5:19-21.) Dikeletso tsa nama di ka kgaoganya motho le Modimo. Paulo o bua ka bao jaaka “ba Modimo oa bōnè e leñ mpa hèla.” (Bafilipi 3:18, 19) Ka mafoko a mangwe, ba na le “modimo” o mongwe kwantle ga ga Jehofa, eleng go baya ga bone dikeletso tsa bone tsa nama kwa pele. Boitsholo jo bo ntseng jalo bo ka dira gore motho a se nne gone mo Bogosing jwa Modimo. (1 Bakorintha 6:9, 10) Go na le lebaka le le molemo he, go tlhokomela mafoko ano a ga moaposetoloi Paulo: “Me ke gōna baratwa ba me, tshabañ kōbamèlō ea medimo ea disètwa.”—1 Bakorintha 10:14.