LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w90 4/1 ts. 11-15
  • Lefoko la Modimo ke Boammaaruri

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Lefoko la Modimo ke Boammaaruri
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1990
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Go Neela Bosupi ka Boitsholo
  • Botlhale jo bo kwa Godimo jwa Bibela
  • Kgakololo ya Bibela—E Botlhale ka mo go Tlhomologileng
  • E re Solegela Molemo mo Lobakeng lo Loleele
  • Mathata a a Bokete a Botshelo
  • Motswedi wa Maemo A A Kwa Godimo wa Botlhale
    Bibela—A Ke Lefoko la Modimo Kana Ke la Batho?
  • Bibela le Wena
    Bibela—A Ke Lefoko la Modimo Kana Ke la Batho?
  • O se Ka wa Tsiediwa ke “Botlhale Jwa Lefatshe Leno”
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2019
  • Botlhale Jwa Boammaaruri bo Goela Kwa Godimo
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2022
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1990
w90 4/1 ts. 11-15

Lefoko la Modimo ke Boammaaruri

“Ba itshepisè mo boamarureñ: lehoko ya gago ke boamarure.”—YOHANE 17:17.

1. Mopesalema wa Mohebera o ne a leba Bibela jang, mme bontsi bo e leba jang gompieno?

“LEHOKO ya gago ke lobōnè loa dinaō tsa me, le lesedi ya tsela ea me.” (Pesalema 119:105) Mopesalema wa Mohebera o ne a bua jalo. Ke ba sekae fela gompieno bao ba tlotlang Lefoko la Modimo jalo. Mo lekgolong leno la bo-20 la dingwaga, Lefoko la Modimo le kwadilwe jaaka Bibela e e Boitshepo. Le ile la ranolelwa mo dipuong tse dintsi mme la phasaladiwa go gaisa buka epe fela mo hisitoring. Lefa go le jalo, bontsi bo gana go le amogela jaaka lobone lwa maoto a bone. Le eleng bao ba iphakang gore ke Bakeresete ka dinako tse dintsi ba rata go latela dikgopolo tsa bone go na le go letla Bibela go nna lesedi mo tseleng ya bone.—2 Timotheo 3:5.

2, 3. Basupi ba ga Jehofa ba leba Bibela jang, mme ba ile ba bona melemo efe?

2 Go farologana le bao, rona bao re leng Basupi ba ga Jehofa re dumalana le mopesalema. Mo go rona, Bibela ke kaelo e re e neilweng ke Modimo. Re itse gore “lokwalō loñwe le loñwe lo lo kwadilweñ ka tlhotlheleco ea Modimo, lo bile lo molemo go ruta, le go kgalemèla, le go shokolola, le go kaèla ka tshiamō.” (2 Timotheo 3:16) Go farologana le ba bantsi gompieno, ga re batle go lekeletsa fa go tla mo dikgannyeng tsa tlhakanelodikobo le tsa boitsholo. Re itse se se siameng ka gonne re se bolelelwa ke Bibela.

3 Seno se ile sa re solegela molemo tota. Re ile ra itse Jehofa, mme re ithutile ka boikaelelo jwa gagwe jo bogolo ka lefatshe le ka motho, mo e leng gore re tlhomamisegile gore rona le malapa a rona re tla bona isagwe e e itumedisang. Re dumalana le mopesalema ka pelo yotlhe ka a ile a re: “Ana ke rata molaō oa gago yañ! Ko ōna go tlhatlhanya ga me ka letsatsi yeotlhe. Ditaolō tsa gago di ntlhalehisa go gaisa baba ba me; gonne di nna le nna ka galè.”—Pesalema 119:97, 98.

Go Neela Bosupi ka Boitsholo

4. Go lemoga ga rona fa Bibela e le Lefoko la Modimo go re naya boikarabelo bofe?

4 Ka gone, re tshwanetse go dumalana le mafoko ano a ga Jesu a a neng a a lebisitse kwa go Rraagwe: “Lehoko ya gago ke boamarure.” (Yohane 17:17) Mme go lemoga ntlha eno go re rwesa boikarabelo bongwe. Re tshwanetse go thusa ba bangwe go lemoga gore Lefoko la Modimo ke boammaaruri. Ka tsela eno le bone ba tla kgona go ipelela masego ao re a bonang. Re ka ba thusa jang ka tsela eo? Santlha, re tshwanetse go dira boiteko go dirisa melaometheo ya Bibela mo matshelong a rona a letsatsi le letsatsi. Ka tsela eo, batho ba ba dipelo di siameng ba tla bona gore eleruri tsela ya Bibela ke yone e e gaisang.

5. Ke kgakololo efe eo Petere a neng a e naya ka go neela ga rona bosupi ka boitsholo jwa rona?

5 Seno e ne le one mooko wa kgakololo ya ga Petere go basadi ba Bakeresete ba banna ba bone ba neng ba sa dumele. O ne a ba raya a re: “Hèla yalo le lona basadi ba lo nyecweñ, lo nnè kutlō mo banneñ ba lona, e tle e re, leha bañwe ba sa utlwe lehoko, ba tlè ba kgōnwè kwa ntlè ga lehoko ke mokgwa o montlè oa basadi ba bōnè.” (1 Petere 3:1) O ne a gakolola gape Bakeresete botlhe—banna, basadi, le bana—mo molaomotheong one oo fa a ne a re: “Lo bo lo tshelè ka mokgwa o montlè mo go Badichaba; e tle e re mo ba lo bolèlañ yaka badiha boshula ka gōna, bo ba galaletsè Modimo mo motlheñ oa tekolō, ka ditihō tsa lona tse di molemō, tse ba di bōnañ.”—1 Petere 2:12; 3:16.

Botlhale jo bo kwa Godimo jwa Bibela

6. Petere o re thusa jang go bona gore re tshwanetse go thusa ba bangwe go anaanela Bibela?

6 Mo godimo ga moo, Bakeresete ba ka thusa ba bangwe go anaanela Bibela fa ba dira tumalanong le kafa Petere a gakololang jaana gape ka gone: “Me lo itshepisè Keresete mo dipeduñ tsa lona e le èna Morèna; lo nntse lo iketleeditse ka metlha eotlhe go hetola motho moñwe le moñwe eo o lo botsañ kaga cholohèlō e e mo go lona, go re, e cwa kae? leha go nntse yalo e nnè ka boikokobeco le poihō.” (1 Petere 3:15) Badihedi ba Bakeresete ba tshwanetse go kgona go femela Bibela le go tlhalosetsa ba bangwe gore ke Lefoko la Modimo. Ba ka dira seo jang?

7. Ke ntlha efe kaga Bibela e e supang gore e tshwanetse ya bo e le Lefoko la Modimo?

7 Tsela nngwe eo ba ka bayang mabaka ka yone e bonwa mo bukeng ya Diane. Koo re balang gone jaana: “Morwaaka, ha u ka chola mahoko a me, ua ba ua ipeèla ditaolō tsa me ha go wèna: Ua ba ua sekègèla botlhale tsèbè . . . , u tla bōna kicō ea Modimo. Gonne Yehofa o aba botlhale; kicō e cwa mo molomuñ oa gagwè, le tlhaloganyō.” (Diane 2:1-6) Re fitlhela botlhale jwa Modimo mo go se se kwadilweng mo teng ga Bibela. Fa motho yo o tlhoafetseng a bona botlhale jo bo boteng jono, ga a kake a palelwa ke go lemoga gore Bibela e feta lefoko la motho.

8, 9. Kgakololo ya Bibela kaga go nna le pono e e lekalekaneng kaga go ikgobokanyetsa dikhumo e ile ya supiwa jang gore e siame?

8 Tlhokomela dikai di le mmalwa. Gompieno, go atlega mo botshelong gantsi go lejwa ka madi a motho a nang nao. Fa motho a bona madi a mantsi, go akanngwa gore o atlegile. Lefa go ntse jalo, Bibela, e re tlhagisa kgatlhanong le go tlhokomela thata dilo tse di bonalang. Moaposetoloi Paulo o ne a kwala jaana: “Ba ba eletsañ go huma ba tla ba wèle mo thaeloñ, le mo seruñ, le mo dithatoñ di le dintsi tsa bosilo le tse di senyañ, tse di nwetsañ batho mo tshenyegoñ le mo tatlhegoñ. Gonne go rata madi ke mocwe oa mashula mañwe le mañwe aotlhe: ke mo e rileñ bañwe ba go gwalalèla ba timèlwa ke tumèlō, me ba iphololeditse ka mahutsana a le mantsi.”—1 Timotheo 6:9, 10; bapisa Mathaio 6:24.

9 Boitemogelo bo ile jwa bontsha gore tlhagiso eno eleruri e a tshwanela. Moithutatlhaloganyo mongwe o ne a akgela jaana: “Go batla go nna wa ntlha le go huma ga go go dire gore o ikutlwe o bone se o se batlang, o kgotsofetse, o tlotlwa kana o ratiwa tota.” Ee, bao ba senyang nonofo yotlhe ya bone ba batla dikhumo gantsi ba feletsa ba galefile ba bile ba tlaletswe. Lemororo Dikwalo di dumela gore madi a botlhokwa, di bua gape ka selo seno se se botlhokwa go gaisa: “Botlhale ke phemèlō, hèla yaka madi e le phemèlō: me molemō o o gaisañ oa kicō, ke go re, botlhale bo boloka botshelō yoa eo o nañ nayō.”—Moreri 7:12.

10. Ke ka ntlhayang fa re tshwanetse go reetsa kgakololo ya Bibela kaga go tlhokomela ba re tsalanang nabo?

10 Bibela e na le melaometheo e mentsi e e ntseng jalo. Mongwe wa yone ke ono: “Tsamaea le batho ba ba botlhale, me u tla nna botlhale: me monkana oa dieleele o tla utlwisiwa botlhoko ke gōna.” (Diane 13:20) Boitemogelo bo ile jwa supa seno se le boammaaruri. Kgatelelo e e tswang mo balekaneng ba motho e ile ya dira gore basha ba tsenelele mo botagweng, mo go sa diriseng diokobatsi sentle, le mo boitsholong jo bo sa siamang. Mongwe fela yo o ikopanyang le ba ba dirisang puo e e leswe kgabagare o ikutlwa le ene a dirisa puo e e tshwanang e e tlhabisang ditlhong. Ba bantsi ba utswetsa bahiri ba bone ka gonne ‘mongwe le mongwe o a go dira.’ Seno se boammaaruri jaaka Bibela e bua jaana: “Go ikōpanya le ba ba boshula, go tlo go bodise mekgwa e mentlè.”—1 Bakorintha 15:33.

11. Patlisiso ya baithutatlhaloganyo e ne ya supa botlhale jwa go latela Molao wa Sekagouta jang?

11 Nngwe ya dikarolo tse di itsegeng thata gareng ga dikgakololo tsa Bibela ke eno e e bidiwang Molao wa Sekagouta: “Cotlhe tse lo ratañ batho ba di lo dihèla, le lona lo ba diheleñ hèla yalo.” (Mathaio 7:12) Fa batho ba ne ba latela molao ono, go phepafetse gore lefatshe le ne le ka nna lefelo le le botoka. Le eleng lefa batho ka kakaretso ba sa latele molao ono, go botoka gore wena o dire jalo. Ka ntlhayang? Gonne re bopetswe go tlhokomela ba bangwe le go amega ka bone. (Ditihō 20:35) Patlisiso nngwe ya baithutatlhaloganyo e e neng ya dirwa kwa United States ya go bona kafa batho ba ikutlwang ka gone fa ba thusa ba bangwe e ne ya swetsa jaana: “Go lebega gore go tlhokomela ba bangwe ke karolo ya kafa re bopilweng ka gone fela jaaka re itlhokomela ka borona.”—Mathaio 22:39.

Kgakololo ya Bibela—E Botlhale ka mo go Tlhomologileng

12. Ke selo sefe se se dirang Bibela go nna e e tlhomologileng?

12 Legale, gompieno, go na le metswedi e mentsi ya kgakololo kwantle ga Bibela. Dipampiri tsa dikgang di na le dikarolo tsa kgakololo, mabenkele a dibuka a tletse ka dibuka tse batho ba ka ithusang ka tsone. Mo godimo ga moo, go na le baithutatlhaloganyo, bagakolodi, le ba bangwe bao ba nayang kgakololo mo dikarolong tse di farologaneng. Mme Bibela e tlhomologile mo dikarolong tse tharo. Santlha, kgakololo ya yone e solegela molemo ka metlha. Ga se kgopolo fela, mme ga e ke e utlwisa ope botlhoko. Mongwe le mongwe yo o latelang kgakololo ya Bibela o tshwanetse go dumalana le mopesalema fa a ne a bua le Modimo jaana mo thapelong: “Dichupō tsa gago di tlhōmame thata.”—Pesalema 93:5.

13. Ke eng se se bontshang gore Bibela e feta metswedi epe fela ya motho ya botlhale?

13 Sa bobedi, Bibela ga e a fetoga. (1 Petere 1:25; Isaia 40:8) Kgakololo e e tswang mo metsweding ya batho e itsege ka go fetofetoga, mme seo se kgatlhang mo ngwageng o mongwe gantsi se tshwaiwa diphoso mo go o o latelang. Lefa go ntse jalo, lemororo Bibela e ne ya fetsa go kwalwa dingwaga tse di ka nnang 2 000 tse di fetileng, e santse e na le kgakololo e e botlhale go gaisa e e ka bonwang mme mafoko a yone a dira mo lobopong lotlhe. A dira ka go tshwana lefa re nna kwa Afrika, Asia, Amerika Borwa kana Amerika Bokone, kwa Yuropa, kana kwa ditlhaketlhakeng tsa lewatle.

14. Ke ka tsela efe kgakololo ya Bibela e leng e e gaisang?

14 Sa bofelo, dikgakololo tsa Bibela ga di kake tsa bapisiwa le dipe. Seane sa Bibela sa re: “Yehofa o aba botlhale,” mme go sa kgathalesege gore re lebane le bothata kana le tshwetso nngwe, Bibela e na le botlhale jo bo re thusang go bo rarabolola. (Diane 2:6) Bana ba bannye, bana ba ba mo dingwageng tsa bosome, batsadi, batsofe, ba ba hirilweng, bahiri, batho ba ba nang le taolo, botlhe ba fitlhela botlhale jwa Bibela bo dira mo go bone. (Diane 4:11) Le eleng lefa re lebane le maemo a a neng a se gone ka nako ya ga Jesu le barutwa ba gagwe, Bibela e re fa kgakololo e e molemo. Ka sekai, bogologolo mo lekgolong la ntlha la dingwaga, go ne go sa itsiwe sepe ka go gogiwa ga motsoko kwa Botlhaba Gare. Gompieno go tletsetletse. Lefa go ntse jalo, mongwe le mongwe yo o tsayang tsia kgakololo ya Bibela ya gore a tile go “laolwa ke sepè” mme a itshole a le phepa “mo maitshekologoñ aotlhe a nama le a mōea” o tla tila mokgwa ono, o o tshwakgolang ebile o senya boitekanelo.—1 Bakorintha 6:12; 2 Bakorintha 7:1.

E re Solegela Molemo mo Lobakeng lo Loleele

15. Ke ka ntlhayang fa bontsi bo bolela gore Bibela e siilwe ke nako?

15 Ka boammaaruri, bontsi bo bolela gore Bibela e siilwe ke nako mme ga e kake ya dira mo lekgolong leno la bo-20 la dingwaga. Lefa go ntse jalo, go lebega e le ka ntlha ya gore Bibela ga e bue seo se batlwang ke bone. Go latela kgakololo ya Dikwalo go ka re solegela molemo mo lobakeng lo loleele, mme gantsi go tlhoka boitshoko, boitshwaro, le go itima dilo dingwe—dinonofo tseo di sa eletsegeng mo lefatsheng leo le re kgothaletsang go batla go kgotsofala ka bonako.—Diane 1:1-3.

16, 17. Bibela e baya ditekanyetso dife tse di kwa godimo ka boitsholo jwa tlhakanelodikobo, mme di ile tsa itlhokomolosiwa jang mo motlheng ono wa segompieno?

16 Tsaya kgang ya boitsholo jo bontle jwa tlhakanelodikobo. Ditekanyetso tsa Bibela di gagametse tota. Bokopano jwa tlhakanelodikobo bo letlelelwa fela mo lenyalong, mme bokopano jotlhe jo bo ntseng jalo ga bo letlelelwe mo go ba ba sa nyalanang. Re bala jaana: “Go le baakahadi, go le baōbamedi ba medimo ea disètwa, go le ba bonyatsi, go le baithati, go le basodoma, . . . ga ba ketla ba rua bogosi yoa Modimo.” (1 Bakorintha 6:9, 10) Mo godimo ga moo, Bibela e laela Bakeresete go nna le molekane a le mongwe, monna a nne le mosadi a le mongwe. (1 Timotheo 3:2) Lemororo tlhalo e letlelelwa mo mabakeng a mangwe a a sa tlwaelegang, Bibela e bolela gore ka kakaretso kgolagano ya lenyalo ke ya botshelo jotlhe. Jesu o ne a bua jaana: “Eo o ba dihileñ mo tshimologoñ [o] ba dihile nona le tshadi, A ba a re, Ke gōna ka mouō, motho o tla tlogèlañ rragwè le mmagwè, a ñaparèla mosadi oa gagwè; me bobedi yo bo tla nna nama e le ñwe hèla . . . Yalo ba bo ba sa tlhole ba le babedi, me ke nama ñwe hèla. Ke gōna se se kopancweñ ke Modimo, a se se kgaogañwe ke motho.”—Mathaio 19:4-6, 9; 1 Bakorintha 7:12-16.

17 Gompieno ditekanyetso tseno di tlhokomologiwa tota. Go dumelelwa ditiro tse di sa siamang tsa tlhakanelodikobo. Go tlhakanela dikobo ga bana ba ba leng mo dingwageng tsa bosome go lejwa e le selo se se tlwaelegileng. Go nna mmogo fela kwantle ga lenyalo go a amogelwa. Mo balekaneng ba ba nyalaneng, go tlwaelegile gore molekane mongwe a dire ditiro tse di sa siamang tsa tlhakanelodikobo. Mme lefatshe la segompieno le tletse ka tlhalo. Lefa go ntse jalo, go repisa ditekanyetso gono ga go a tlisa boitumelo. Diphelelo tse di bosula di ile tsa supa gore Bibela e ne e bua sentle tota fa e ne e ganelela mo ditekanyetsong tse di gagametseng tsa boitsholo.

18, 19. Go ne ga felela jang kaga go tlalatlala ga go itlhokomolosa ditekanyetso tsa ga Jehofa tsa boitsholo?

18 Ladies’ Home Journal e ne ya bua jaana: “Go gatelela tlhakanelodikobo goo go ileng ga tshwaya dingwaga tsa bo-1960 le bo-1970 go ile ga seka ga tlisa boitumelo, mme go ne ga tlisa kutlobotlhoko e e masisi mo bathong.” “Kutlobotlhoko e e masisi” e go buiwang ka yone fano e akareletsa bana ba ba utlwisiwang botlhoko ke go tlhalana ga batsadi ba bone, le batsadi bao maikutlo a bone a utlwang botlhoko thata. Go akareletsa gape le go oketsega ga malapa a a nang le motsadi a le mongwe le go tshola bana ga basetsanyana ba ba sa nyalwang bao ka bobone e santseng e le bana. Mo godimo ga moo, e akareletsa le kgogodi ya malwetsi a a tshelanwang ka tlhakanelodikobo, jaaka herpes, konorea, thosola, chlamydia, le AIDS.

19 Mo ponong ya sotlhe seno, moporofesa mongwe wa loago o ne a akgela jaana: “Gongwe re tshwanetse ra bo re setse re godile sentle moo jaanong re ka akanyetsang gore a go ka se re solegele molemo go tlhoma molawana o o thibelang go se dire sepe pele ga lenyalo oo o tla dirang gore baagi ba bone seo ba se tlhokang le go bona tshiamelo ya bone ya kgololesego: kgololesego mo malwetsing, le go gololesega mo go imeng go go sa batlegeng.” Bibela e bua sentle fa e re: “Go segō monna eo o kgantshañ Yehofa, me a sa tlhokomele ba ba ikgodisañ, leha e le ba ba hapogèlañ kwa maakeñ.” (Pesalema 40:4) Bao ba ikanyang botlhale jwa Bibela ga ba tsiediwe ke maaka a bao ba tlhokomologang Bibela mme ba bolela gore boitsholo jo bo sa siamang bo a itumedisa.Fa e le gore ditekanyetso tse di gagametseng tsa yone di molemo go gaisa go raya gore Bibela e na le botlhale.

Mathata a a Bokete a Botshelo

20. Ke melaometheo efe ya Bibela eo e ileng ya itshupa e le mosola mo go bao ba lebanang le khumanego mo botshelong?

20 Botlhale jwa Bibela gape bo re thusa go dirisana le mathata a a bokete a re thulanang le one mo botshelong. Ka sekai, go na le Bakeresete ba ba tshelelang mo khumanegong e e botlhoko mo dinageng tse dintsi. Lefa go le jalo ba kgona go dirisana le khumanego eo mme ba bone boitumelo. Jang? Ka go latela Lefoko le le tlhotlheleditsweng la Modimo. Ba tsaya mafoko ano a a gomotsang a a mo go Pesalema 55:22 ka tlhoafalo: “Latlhèla morwalō oa gago mo go Yehofa, me o tla gu kokotletsa.” Ba ikaega ka Jehofa gore ba kgone go bona nonofo ya go itshoka. Ba dirisa melaometheo ya Bibela le go tila mekgwa e e senyang le e e ka koafatsang, jaaka go goga motsoko le botagwa. Ba dira ka natla fela jaaka Bibela e akantsha mme ka gone ba kgona go fepa malapa a bone fa batho ba ba botshwakga kana ba ba ineelang ba palelwa. (Diane 6:6-11; 10:26) Mo godimo ga moo, ba reetsa tlhagiso eno ya Bibela: “U se ka ua ichwenya kaga badiha boshula.” (Pesalema 37:1) Ga ba retologele mo go betšheng kana mo ditirong dipe fela tsa bonokwane, jaaka go rekisa diokobatsi. Dilo tseno di ka “rarabolola” mathata a bone ka bonako, mme maungo a a bonwang fa nako e ntse e tsamaya a botlhoko thata.

21, 22. (a) Mosadi mongwe wa Mokeresete o ne a bona kgomotso le thuso jang go tswa mo Bibeleng? (b) Ke ntlha efe e nngwe gape ka Bibela e e re thusang go lemoga gore ke Lefoko la Modimo?

21 A eleruri go latela Bibela go thusa ba ba humanegileng thata? Ee, maitemogelo a mantsi a supa jalo. Motlholagadi mongwe kwa Asia o ne a kwala jaana: “Lefa ke humanegile, ga ke supe go tshwenyega kana kutlobotlhoko. Boammaaruri jwa Bibela bo ntira gore ke lebelele pele go bona dilo tse di molemo.” O neela bosupi jwa gore tsholofetso eno e e neng ya newa ke Jesu e ne ya diragadiwa mo go ene. Jesu o ne a re: “Batlañ pele bogosi yoa gagwè, le tshiamō ea gagwè; me dilō cotlhe tse lo tla di okelediwa.” (Mathaio 6:33) O neela bosupi jwa gore ka go baya tirelo ya gagwe go Modimo kwa pele mo botshelong jwa gagwe ka metlha o amogela dilo tse di bonalang tse a di tlhokang mo botshelong ka tsela nngwe fela. Mme tirelo ya gagwe ya Bokeresete e mo naya boitlotlo le go nna le mokgele mo botshelong seo se dirang gore a itshokele khumanego ya gagwe.

22 Eleruri botlhale jwa yone jo bogolo bo supa gore eleruri Bibela ke Lefoko la Modimo. Ga go buka epe e e kwadilweng ke motho eo e ka dirisanang le dikarolo tse di farologaneng thata jaana tsa botshelo ebile e na le temogo e kgolo jaana eo ka metlha e leng e e siameng. Mme go na le lebaka le lengwe gape le le bontshang gore Bibela e tswa kwa Modimong. E na le maatla a go fetola batho go nna ba ba botoka. Re tla tlotla ka seno mo setlhogong se se latelang.

A O ka Tlhalosa?

◻ Basupi ba ga Jehofa ba bona masego afe ka go amogela ga bone Bibela jaaka Lefoko la Modimo?

◻ Jaaka batho ba ba dumelang mo Lefokong la Modimo re na le boikarabelo bofe, mme boitsholo jwa rona bo ka re thusa jang mo go amogeleng boikarabelo joo?

◻ Ke eng seo se dirang gore kgakololo e e botlhale ya Bibela e bo e le kwa godimo ga ya motho?

◻ Ke dikai dife tse di bontshang bogolo jwa botlhale jwa Bibela?

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela