“Botlhe ba ba mo Mabitleng a Kgakologelo”
A O KA tlhomamisega gore bontsi jwa batho ba ba suleng ba tla tshela gape? Ee, ereka Jesu a rile: “Se gakgamaleleng mo, gonne nako e tla tla eo botlhe ba ba mo mabitleng a kgakologelo ba tla utlwang lentswe la gagwe mme ba tla tswa.” (Yohane 5:28, 29, NW) Tlhokomela polelwana eno “ba ba mo mabitleng a kgakologelo,” eo e leng fela mo go New World Translation. E re gakolola ka botlhokwa jwa go gakologelwa ke Modimo mo tsogong ya baswi.
Ke ka ntlhayang fa go sa dirisiwa “diphuphu,” jaaka ka tlwaelo? Ka gonne Jesu ga a ka a dirisa lefoko la Segerika taʹphos le le mo bontsing, leo le rayang “phuphu” kana “lefelo la phitlho.” Eleruri ga se botlhe ba ba suleng ba ba neng ba fitlhiwa mo diphuphung tsa mmatota, kana taʹphoi. Lefa go ntse jalo, Modimo o tla tsosa ba a ba gakologelwang mo baswing. Seno se ne sa supiwa ke fa Jesu a ne a dirisa lefoko mne·meiʹon le le mo bontsing, ka le amana thata le mafoko a Segerika ao a kayang “go gakologelwa.” (Mathaio 16:9; Mareko 8:18) Greek-English Lexicon ya ga H. G. Liddell le R. Scott e ranola mne·meiʹon jaaka “segopotso, go gakologelwa, rekoto ya motho kana ya sengwe, . . . phuphu, . . . mme ka kakaretso, segopodiso.”
Ka gone New World Translation e farologanya mafoko taʹphos le mne·meiʹon. Gape go botlhokwa go tlhokomela gore dithanolelo tse dintsi tsa Bibela ka mo go tshwanang di dirisa mareo a mabedi a a farologaneng mo go Mathaio 23:29 koo mareo a mabedi ao a Segerika a tlhagelelang otlhe gone. Revised Standard Version e a kwadile ka tsela eno: “Lo aga mabitla [sengwe se se tshwanang le taʹphos] a baperofeti mme le kgabisa digopodiso [sengwe se se tshwanang le mne·meiʹon] tsa baitshepi.”
Mmopi wa motho ga a lebale kafa dikete tsa dimilione tsa batho ba ba kileng ba tshela di neng di tshela ka gone. (Pesalema 139:16; 147:4; Mathaio 10:30) O tla tsosa botlhe ba ba mo “mabitleng a kgakologelo” ka nako e e leng yone, go tla go tshela mo lefatsheng le le phepafaditsweng. Abo re kgothetse re bile re gomotsegile jang ne ka go bo re itse gore mogopolo o o itekanetseng wa Modimo ga o kake wa palelwa ke sepe!—Tshenolō 20:11-13.