Poifomodimo—E Molemo mo Dilong Tsotlhe
BASUPI BA GA JEHOFA ba itse gore “poihōmodimo e molemō kaga dilō cotlhe” ebile e botlhokwa mo kobamelong ya boammaaruri. (1 Timotheo 4:8) Kwantle ga yone, bodumedi ke selo sa tlwaelo fela. “Poifo-Modimo” e ne e le setlhogo se se tshwanelang metseletsele ya dikopano tsa bone tsa kgaolo tse di simolotseng ka June ngogola.
Ka August go ne ga tshwarwa dikopano tse di ntseng jalo di le tharo morago ga fa sengwe se se ipedisang se sena go diragala kwa Poland. Di ne tsa tshwarwa morago ga gore Basupi ba ga Jehofa ba dumelelwe kafa molaong ka May. (Go bona dintlha tse dingwe kaga dikopano tsa Poland, bona Awake! ya December 22, 1989.) A jaanong fano re boeletse thulaganyo ya kopano jaaka e ne e tshwerwe kwa Poland.
Piątek w Poznaniu (Labotlhano mo Poznan)
Badiradipopelelo ba ba 50 000 bao ba neng ba batla dijo le kgololesego, ba ne ba dira dipheretlhego mo Poznan ka June 1956. Seno se ne sa felela ka go swa ga batho ba ba ka nnang 50 ga bo ga tlhongwa puso e ntšha kwa Poland. Mme seo se farologaneng gotlhelele, dingwaga tse 33 morago ga foo, go ne ga phuthega Bakeresete bao ba ratang kagiso mo tikologong eo go neng go na le dijo tse dintsi tsa semoya le kgololesego ya Bokeresete go tla go reetsa dipuo mo setlhogong sa Labotlhano se se neng se re “Go Obamela Modimo O O Batlang go Obamelwa One Fela.” Go ne go kopane batho ba ba 40 442 koo ka Sontaga.
Morago ga puo ya kamogelo ya modulasetulo le puisano le batho ba ba “Tshelang Botshelo jwa Poifomodimo ka Botlalo,” go ne ga neelanwa ka kgakololo e e mosola mo puong e e neng e re “Tila Dipounama Tse Di Utlwisang Botlhoko.” Abo go le motlhofo jang ne gore puo e e sa reng sepe e fetoge go nna tshebo e e senyang! Mme tshebo eo e utlwisang botlhoko e ka lebisa kwa go senyeng motho leina. Mme pele ba ka bua ka batho ba bangwe, Bakeresete ba ba godileng, bao ba tlhagafalelang go boloka kagiso le kutlwano, ba ipotsa jaana ka botlhale: ‘A Jesu o ne a ka bua seno? A seno se tlhoka go buiwa? A se tla aga? Ke se bua ka mabaka afe?’
Seo se neng se tlhomologile ka dikopano tsa Poland e ne e le nako e e neng e beetswe kwa thoko letsatsi le letsatsi go utlwa dipego tseo di neng di tla ka Basupi ba ba tswang kwa dinageng tse dingwe. Maitemogelo ao a neng a bolelwa ke baemedi go tswa kwa merafeng e e farologaneng e 24 a ne a gatelela boammaaruri jwa gore eleruri re lelapa la meraferafe leo le utlwanang le leo le lemogang gore “Jehofa o Gatelela Gore go Obamelwe Ene Fela.” Ereka Modimo o tshwanelwa ke boineelo jo bo ntseng jalo, batlhanka ba gagwe ba tshwanetse go mo rata go tswa pelong le go mo obamela ka botlalo. Sekao sa ga Jesu se tshwantsha gore ga re kake ra ineela mo go ene ka mo go feletseng mme e se ka pelo yotlhe.
Poifomodimo e akareletsa sengwe le sengwe seo re se dirang. Ka gone, puisano ya dikarolo tse tharo e ne ya tlhagisa Bakeresete go “Tila go Fapoga” mo dikgannyeng tsa dijo le dino, go apara le go ikgabisa, le boitlosobodutu. Go ja bobe le go nwa thata, di supa bogagapa joo bo bolayang semoya, go dira gore go nne le mathata a boitekanelo, go tlhotlheletsa boitsholo jo bo sa siamang, go bile go lebisa kwa dikotsing. Mekgwa e e feteletseng ya go apara—e e sa bontsheng boitsheko, e e sa tlwaelegang, kana e e sa eletsegeng, kana e e gakgamatsang—e tshwanetse go tilwa. Go apara diaparo tse di botlhaswa, le tsa boiketlo, kana tse di tshwarang motho thata ga go tlhokege. Kgang ga se gore a mokgwa o o rileng o a ratega, mme ke gore a o tshwanetse modihedi wa Modimo. Mme boitlosobodutu joo bo tletsetletseng ka botsuolodi, bothubaki, diokobatsi, tirisabadimo, kana boitsholo jo bo maswe jwa tlhakanelodikobo ga bo a tshwanela Bakeresete.—Bafilipi 1:27.
Thulaganyo ya Labotlhano thapama e ne ya simolola ka puo e e reng “‘Motlhanka yo o Boikanngo’ le Setlhopha sa Gagwe Se Se Laolang.” Jehofa o naya dibopiwa tsa gagwe boikarabelo ka gonne a tlhomamisegile ka boikanyego jwa bone. Le Morwawe o dira fela jalo. O tlhophile ba sekae go tswa mo balateding ba gagwe ba “motlhanka eo o boikañō le eo o botlhale,” go nna setlhopha se se bonalang seo se laolang. (Mathaio 24:45) Mo lekgolong la ntlha la dingwaga, setlhopha seno se ne se dirwa ke baaposetoloi le banna bangwe ba bagolo kwa Jerusalema.
Mo metlheng ya segompieno Setlhopha se se Laolang ke se se bopilweng ka lekunutu la bakwadi ba dikgatiso ba Mokgatlho wa Watch Tower le batsamaisatiro ba one. Mme Setlhopha se se Laolang se farologana gotlhelele le koporasi ya semolao fela jaaka sebui se ile sa bontsha: “Ereka koporasi e tlhomilwe ka molao fela, ebile e na le diofisi tsa ntlokgolo tseo di beilweng felo gongwe mo lefatsheng, e ka nna ya senngwa ke Kaisara, ebong puso ya Naga.” Mme ga go a nna jalo ka Setlhopha se se Laolang, seo se seng sedirisiwa sa semolao mme go na le moo maloko a sone a “tlhophiwa ka moya o o boitshepo le ka kaelo ya ga Jehofa le Keresete.” Ka gone, Setlhopha se se Laolang se tswelela pele go dira le go amogela tshegetso e e tletseng ya Basupi ba ga Jehofa mo lefatsheng ka bophara.
Maloko a matlhano a Setlhopha se se Laolang sa gone jaanong sa banna ba le 12 a ne a ya kwa dikopanong tsa Poland. Mongwe wa bone o ne a naya puo ya setlhogo e e reng, “Lebaka La Go Bo O Tshwanetse go Ithuta Bosaitsiweng jwa Poifo-Modimo.” Mo go yone go ne ga tlhokomelwa gore bosaitsiweng jwa poifomodimo ga e tlhole e le sephiri, ereka “bo ne jwa bonadiwa ka Jesu.” Sebui se ne sa tlhalosa dikarolo tse thataro tsa bosaitsiweng jono jo bo boitshepo tseo di umakiwang mo go 1 Timotheo 3:16, sa bo sa bua jaana: “Go anaanela ga rona bosaitsiweng jo bo boitshepo jwa poifomodimo go tshwanetse ga re dira gore re latele dikgato tsa ga Jesu.”
Metseletsele e mebedi e ne ya phepafatsa gore poifomodimo e tlhokega mo go ba babotlana le ba bagolo ka go tshwana. Batsadi ba na le boikarabelo jwa go naya bana ba bone boswa jono jwa semoya ka go ba ruta go tlhopha se se molemo le se se bosula. Go nna le thuto e e molemo ya lelapa, go akareletsa le go buisana ka mathata a bana, go a tlhokega. Batsadi ka metlha ba tshwanetse go nna podimatseba ka dilo tse di ka nnang kotsi mo baneng ba bone, ka gone ba tshwanetse go ba sireletsa mo bokopanong jo bo sa tshwanelang, le eleng mo gare ga phuthego.
Kafa letlhakoreng le lengwe, fa batho ba babotlana ba batla go tshela matshelo a a tla felelang ka kgotsofalo, ba tshwanetse go etsa Keresete, yoo ‘a neng a ba tlogelela sekao gore ba tsamaye mo dikgatong tsa gagwe.’ (1 Petere 2:21) Go ne go tshwanela gore ba bodiwe jaana: “Fa o godiseditswe mo boammaaruring, o a itse gore o tshwanetse go dumela eng, mme a o a itse gore ke ka ntlhayang?” Ba ne ba kgothalediwa go dira boammaaruri jwa bone ka go itlhomamisetsa ka bobone gore Bibela ke Lefoko la Modimo le gore Basupi ba ga Jehofa ba itse boammaaruri.
Mo dinageng di le dintsi puo eno e ne ya konelwa ka go gololwa ga buka ya ditsebe tse 320 Dipotso Tseo Basha ba di Botsang—Dikarabo tse di Nang le Tharabololo. (Tswee tswee leba lebokoso le le reng, “‘Neo e e Tswang kwa go Jehofa’ go Batho ba Babotlana”) Go solofelwa gore batho ba babotlana kwa Poland le kwa dinageng tse di kwa botlhaba jwa Yuropa ka letsatsi lengwe le bone ba tla kgona go solegelwa molemo ke kgakololo e e mo bukeng eno ka go e bala mo puong ya bone.
Sobota w Chorzowie (Matlhatso mo Chorzów)
Chorzów ke lefelo la kgwebo le le mo meepong ya malatlha mo borwa jwa Poland. Meepo ya malatlha ya Silesia e ile ya tsholetsa itsholelo ya lefelo leo. Mme kgang kgolo gareng ga batho ba ba 65 710 kwa Slaski Stadium ka August ngogola e ne e le go rua selo seo se leng molemo bogolo.
“Poifo-Modimo Ke Papadi E Kgolo,” e ne e le setlhogo sa Matlhatso, seo se neng sa tlhalosiwa ke sebui sa ntlha sa thulaganyo ya thapama. (1 Timotheo 6:6) Seo se neng sa otlelela boammaaruri jwa mafoko a sebui seo e ne e le puisano le batho bao ba neng ba solegelwa molemo bogolo mo matshelong a bone ka go latelela poifomodimo.
Mo thulaganyong ya mo mosong, melemo ya go latelela poifo-modimo e ile ya otlelelwa ka dipuo tsa motseletsele. “Ka go Bala [Lefoko la Modimo] ka Tlhaloganyo ka Metlha,” go bona bokao jwa seo re se balang, mme re batlisisa ka thapelo ka moo re ka dirisang seo re se ithutang ka gone, mme rona jaaka Bakeresete re kgona go latelela poifomodimo “Ka go Dira Gore Lesedi la Rona le Phatsime ka Metlha Yotlhe.” (Yoshue 1:8) Go ne ga umakiwa gore fa mongwe le mongwe wa Basupi ba ga Jehofa mo lefatsheng lotlhe a ne a ka dirisa metsotso e le 15 letsatsi le letsatsi a bua le ba bangwe, go ne go ka dirisiwa dioura tse di oketsegileng tse di dimilione di le 327 ka ngwaga mo tirong ya go rera ka Bogosi.
Poifomodimo e latelelwa gape “Ka go Lwa Kgatlhanong le Thaelo.” Dilo tse di tshwanang le dijo, dino, tlhakanelodikobo, kana madi, lemororo di se phoso, di ka nna tse di maswe kafa tlase ga maemo a a sa tshwanelang. Tsela fela ya go itshireletsa ke go tila go ipaya mo kotsing ya go latelela dilo tse di bonalang tsa lefatshe, ditshwantsho tsa tlhakanelodikobo, diokobatsi, le botagwa, le eleng go tshwarega fela mo menateng, jaaka mmino, metshameko, le dilo tse dingwe fela tsa mo tikologong. Thapelo e botlhokwa. Bakeresete ba tshwanetse go ithuta go ila se se boikepo. Seno se a tshwanela, ka go bo sebui se se latelang se ne sa bontsha gore re tshwanetse go “Se Tlhole Re Tshelela go Dira Thato ya Motho mme Re Tshelele go Dira Thato ya Modimo.”
Batho ba ba oketsegileng ba ntse ba swetsa go dira fela jalo. Seno se ne sa bonala fa Basupi ba basha ba ba 2 663 ba ne ba bontsha phatlalatsa boikaelelo jwa bone jwa go “Senka Poifo-Modimo Jaaka Bakeresete Ba Ba Ineetseng, Ba Ba Kolobeditsweng.” (Palo yotlhe ya batho ba ba neng ba kolobediwa kwa dikopanong tsotlhe tse tharo kwa Poland e ne e le 6 093.) Gore ba nne ka metlha ba ntse ba ipela mo tirong ya ga Jehofa, bao ba neng ba tlile go kolobediwa ba ne ba kgothalediwa go tlhatlhanya ka mabaka a mantsi a go ipela: Botsalano jwa ga Jehofa, bokaulengwe jwa rona jwa lefatshe lotlhe, le tsholofelo ya go tshela mo Paradaiseng.
Go ne ga buiwa ka boineelo jwa Bokeresete mo puong e e neng e re “Go Bontsha Ditiro tsa Poifo-Modimo—Jaaka Banna Ba Ba Kafa Tlase ga Botlhogo jwa ga Keresete.” Banna ba poifomodimo ba tla tlhokomela ditiro tsa lelapa ka tsela e e lorato, e e jaaka ya ga Keresete. “Jaaka Basadi ba ba Bontshang Boikobo ka Tshwanelo,” bokgaitsadi ba rona ba Bakeresete ba tla tshegetsa tlhogo ya lelapa eseng go e tlhotlheletsa ka mo go sa siamang kana go letla maikutlo a bone go ba dira gore ba dire ditshwetso tse di seng botlhale. Batho ba babotlana ba tla ithuta go ikoba, “Jaaka Bana Ba Ba Utlwang Batsadi,” ba akgela kwa dipokanong, le go nna le seabe mo bodiheding jwa Bokeresete.
A kgakololo e e molemo ruri! Lefa go le jalo, abo ditumelo tsa La-Bodumedi di ile tsa palelwa ke go neela batho kaelo e e ntseng jalo e e tshwanetseng jang ne! Mabapi le seno, bo tshwanetse go kgalwa, eleng seo se neng sa latela mo puong e e neng e re “Go Senola ‘Monna oa Boleo [“Yo O Ganang Taolo”].’” Yo o sa itsiweng yono o ne a supiwa gore ke “‘monna’ yo o kopaneng, e leng baruti botlhe ba ditumelo tsa La-Bodumedi wa motenegi.” Ka go bo ba itsege ka go bogisa batlhanka ba Modimo, baruti jaanong ba ile ba latelwa ke “batenegi ba motlha wa segompieno, bao pele ba neng ba iphaka e le Basupi, [bao ba] ileng ba boela kwa morago kwa dithutong tsa La-Bodumedi mme ba itsalantse le bao ba tagilweng mo semoyeng ba Babelona o Mogolo bao ba itayang le go tlhasela setlhopha sa motlhanka yo o boikanngo le yo o botlhale.” Go ne ga opiwa diatla go supa go dumalana le seno seo sebui se neng sa se bua: “Re tla tswelela pele go senola Babelona o Mogolo le ‘monna wa boleo.’”
Seno se batla bopelokgale, segolo bogolo mo nakong ya fa, go ya ka M. G. Henschel, leloko la Setlhopha se se Laolang, batho ba le bantsi “ba sa reetseng Modimo le Lefoko la gagwe, Bibela.” Lemororo, “Bibela gompieno e sa tlotliwe,” Bibela e sale e ntse e le gone. Sebui se ne sa bolela go re “ga go buka epe eo e kileng ya kwalwa ke motho eo e nayang temogo e e boteng le eo ka metlha e sa foseng.” O ne a bolela gore “Basupi ba ga Jehofa ba letla Lefoko la Modimo go nna le maatla mo matshelong a bone [mme] bokaulengwe jwa meraferafe jo bo nnang gone jwa Bakeresete ba mmatota ke bosupi jo bo nonofileng jwa gore Bibela ke Lefoko le le tlhotlheleditsweng la Modimo.” Letsatsi leo le ne la konelwa ka go itsisiwe ka buka e ntšha Bibela—A Ke Lefoko la Modimo Kana Ke la Batho?, eo e neng ya gololwa ka dipuo di le mmalwa.
Niedziela w Warszawie (Sontaga mo Warsaw)
Baeti ba Warsaw ka kakaretso ba tsamaya go ya go bona segopotso se se tshwayang Warsaw Ghetto e e tlhabisang ditlhong, koo Ba-Nazi ba neng ba kgaola ditlhogo tsa diketekete tse di makgolokgolo tsa Bajuda bao ba neng ba batla go ba nyeletsa gotlhelele ka Ntwa ya Lefatshe II. Lefa go ntse jalo, lefa le le bokgakala jwa metsotso e sekae fela ka koloi, X-Lecia Stadium ka August 13 se ne se penologa ka batho ba le 60 366 bao ba neng ba tlile go utlwa dikgopolo kaga go “Kgaogana le Boikepo mme Lo Tshele ka Poifo-Modimo,” eleng setlhogo sa Sontaga.—Tito 2:12.
Go tshela ka poifomodimo ka phepafalo fela go kgatlhanong le go bontsha moya wa lefatshe wa boitaolo. Terama ya dilo tse di diragalang mo botshelong “Ikokobetseng Kafa Tlase ga ga Jehofa,” e e neng ya newa ka matlhagatlhaga a Se-Poland, e ne e gatelela diphetogo tseo Mokeresete a tshwanetseng go di dira gore a amogelwe ke Modimo.
Leloko lengwe la Setlhopha se se Laolang le ne la tsopola 1 Bakorintha 8:6, e e reng: “Mo go rona, Go Modimo O Le Moñwe Hèla, Eboñ Rara.” O ne a bontsha gore thuto ya motheo ya Bokeresete ga se Tharonngwe, jaaka ba bangwe ba tlhalosa, mme ke go golediwa ga ga Jehofa ka Bogosi jwa gagwe ka Keresete. O ne a tlhalosa go re “thuto ya Tharonngwe e fapogile boammaaruri, ke ya botenegi.” Ka gone, batho ba ba bitsang Maria mmaagwe Modimo le Motsereganyi wa sesadi fa gare ga Modimo le batho ga ba ‘na kitso e e tlhomameng ka Modimo.’ (Baroma 1:28) Ka mo go tshwanelang, “go obamela Modimo ka tshwanelo go raya gore re tshwanetse go gana thuto ya Tharo-nngwe.” Go gololwa ga boroutšhara ya ditsebe tse 32 go ne ga amogelwa ka go opa diatla mo gogolo, Czy wierzyć w Trójcę? (A O Tshwanetse Wa Dumela Tharo-nngwe?) Abo e le sedirisiwa se se molemo jang ne go senola gore thuto eno ga e boammaaruri ebile e tlontlolola Modimo!
Babolaiwa ba Warsaw Ghetto ga ba a ka ba gololwa. Mme tsholofetso ya Modimo, jaaka e ne e tlhalosiwa mo puong ya phatlalatsa, ke gore “Kgololo ya Batho ba Poifomodimo e Gaufi!” (2 Petere 2:9) Seno se ntse jalo lemororo Bakeresete ba itemogela thubakanyo mo matlhakoreng oo mabedi—thubakanyo ya letsatsi le letsatsi le eo e lebisiwang kwa go bone ka pogiso. Sebui se ne sa dira gore go itlhatlhobiwe, fa se ne se gatelela gore “go tla gololwa fela batho ba poifomodimo, bao poifo ya bone e leng ya mmatota, bao go ikoba ga bone e leng tshupo ya boikanyegi.”
Morago ga kgakololo ya bofelo ya go “Tuka mo Moyeng,” kopano e ne ya wediwa ka puo e e kgatlhisang ya setlhogo se se reng “Go Molemo Gore Re Tswele Pele Re Ithapisa ka Poifo-Modimo.” Batlakopanong jaanong ba ne ba bula dibuka tsa bone tsa dipako tse disha tsa Se-Poland, tseo di neng di sa tswa go gatisiwa dibeke di le mmalwa fela pele ga foo, mme ka kutlwano ba ne ba neela “Thapelo ya Malebogo” ka pina 45.
Go ne ga latela thapelo e e tswang mo maikutlong a a tlhoafetseng, mme morago go ne ga opiwa diatla, kwa Warsaw, kwa Poznan, le kwa Chorzów. Kwa Warsaw diketekete tse di masome di ne tsa opa diatla kgapetsa kgapetsa ka metsotso e e ka fetang 11. Ga go ope yo a neng a batla go tsamaya, mme go ema ga bone jalo go ne go supa boitumelo, joo bo neng jwa bontshiwa ke go itumela ga boidiidi jono jwa Basupi, bao mo go bone ba ba fetang dikete di le lekgolo e neng e le kopano ya bone ya ntlha ya malatsi a le mararo, mme ba ne ba supa go leboga ga bone Jehofa le phuthego ya gagwe. E ne ekete ba ne ba arabela Pesalema 47:1, 2: “A lo ko lo ōpeñ diatla, lona dichaba cotlhe; lo tshèlèlè Modimo loshalaba loa go ya kōma. Gonne Yehofa Mogodimodimo oa boitshèga; ke Kgosi e kgolo ea lehatshe yeotlhe.” Jaaka nngwe ya ditiragalo tse di tlhomologileng mo hisitoring ya motlha wa segompieno ya Basupi ba ga Jehofa e ne e ya kwa bokhutlong, bakaulengwe ba ba tlhoafetseng bao ba ne ba baakanyetsa go boela gae, dipelo tsa bone di penologa ka boitumelo le boikaelelo jwa go oketsa go neela bosupi ka Bogosi go dumalana le sekao se se botlhokwa sa ga Jesu sa poifomodimo.
[Lebokoso mo go tsebe 27]
Dikgatiso tse Disha tse di Golotsweng di Tlhotlheletsa ‘Ditiro tsa Poifomodimo’
Buka e ntšha Bibela—A Ke Lefoko la Modimo Kana Ke la Batho? le boroutšhara A O Tshwanetse Wa Dumela Tharo-Nngwe? tsoopedi di ne tsa dira gore bontsi bo supe kanaanelo. Kgaitsadi mongwe o kwala jaana ka boroutšhara ya Tharo-Nngwe: “Ke gakgametse, e a nkgatlha, ebile ke a e itumelela. Ke lo lebogela nako, nonofo, le tiro e kgolo e e dirilweng go gatisa kgatiso e e molemo eno.”
Kgaitsadi mongwe o ne a kwala jaana mabapi le buka Bibela—A Ke Lefoko la Modimo Kana ke la Batho?: “Ke batla go lo lebogela buka eno go tswa mo botennye jwa pelo ya me. Ke ipotsa gore, a le lona lo lemoga gore e dirilwe ka botswerere jang? Gantsi ke thalela mafoko a a botlhokwa. Mme lo ntshwarisa kgakge ka gonne lefoko lengwe le lengwe le botlhokwa. Ke sa tswa go fetsa kgaolo 5, mme ke ne ka tshwanela go lo leboga.”
[Lebokoso mo go tsebe 30]
Mpho e e Tswang kwa go Jehofa’ go Batho ba Babotlana
Karolo e e tlhomologileng kwa dikopanong tsa kwa United States le kwa dinageng tse dingwe tse dintsi e ne e le karolo ya Labotlhano thapama, fa basha ba ba fa gare ga dingwaga tse 10 le 19 ba ne ba kopiwa go nna mo karolong e e kgethegileng. Morago ga metseletsele ya dipuo tse di kgethegileng, mongwe le mongwe wa bone o ne a newa sekaelo sa mahala sa buka e ntšha Dipotso Tseo Basha ba di Botsang—Dikarabo tse di Nang le Tharabololo. Go ne ga gololwa dikaelo tse di ka nnang 8 840 000 ka dipuo di le 21 lefatshe ka bophara, mme go ile ga amogelwa makgolokgolo a makwalo a a ntshang ditebogo!
“Go ile ga nna ga buiwa le basha kwa dikopanong tse di fetileng,” go ne ga bua jalo mosetsana mongwe wa dingwaga tsa bosome, “mme go nna ga rona rotlhe mmogo go ne go kgatlha fela thata.” Mongwe yo mmotlana o ne a kwala jaana: “Ke ne ke ntse mo karolong ya basha. Mme seno se ne sa nkgothatsa tota, mo e leng gore fa esale ka nako eo, ke ntse ke tsaya dintlha kwa dipokanong, ke ithuta ka mo go oketsegileng, ke bo ke akgela kwa dipokanong. Ke akanya ka go kolobediwa selemo se se tlang.”
Mo basheng ba le bantsi, boitemogelo jono e ne e le tiragalo eo ba se kitlang ba e lebala. “Fa sebui se ne se itsise gore re ne re tlile go nna mo karolong e e kgethegileng,” go gakologelwa jalo mosetsana mongwe yo mmotlana, “ke ne ke itse gore sengwe se segolo se tlile go diragala. Fa ba ne ba itsise ka go gololwa ga buka, ke ne ke itumetse mo ke neng ke batla go lela. Ke ne ke ntse ke itse gore le amega thata ka rona basha, mme seno se ne sa nwela thata mo pelong ya me. Buka eno ke sengwe seo re neng re ntse re se tlhoka!”
“E kwadilwe sentle,” go bua jalo mosha mongwe yo o bidiwang Leah, “mme ditshwantsho tsa yone ke tsa mmatota mme di dira gore o akanye eleruri.” Dibuka tseno tsa kwa kopanong di ne di na le molaetsa o mokhutshwane go tswa go Setlhopha se se Laolang “O o Yang go Basupi Botlhe ba Babotlana ba ga Jehofa.” “Ke ne ka amiwa fela thata ke lokwalonyana loo lo lo kgethegileng,” go bua jalo Andreá yo mmotlana. “Mo go nna e ne e le jaaka ekete mongwe yo Jehofa a mo tlhophileng go tshela le ene kwa legodimong o bua le nna ka mmatota!”
Ba le bantsi ba ne ba lemoga gore buka eo ba ne ba e filwe jaaka mpho. Motsadi mongwe o gakologelwa jaana: “Ke ne ka gelela dikeledi. Bakaulengwe, ba batlhano ba bana bao e ne e le ba me, ba dingwaga tse di tlogang go 11 go ya go 16. Ke ka bo ke ne ka kgona fela go reka dibuka di le pedi.” Mosha mongwe yo o bidiwang Mark o ne a kwala jaana: “Ke ne ka simolola go bala gore lo senyegetswe ke madi a a kana kang go naya mongwe le mongwe wa basha sekaelo, mme ke ne ka tla go lemoga gore kaelo e e leng mo go tsone e tlhwatlhwakgolo tota. Fa buka eno e thusa mosha a le mongwe fela go boela mo tseleng e e lebisang kwa botshelong, kana lefa go le jalo, e thusa ba le bantsi ba rona go nna mo tseleng eo, tlhwatlhwa eo e a e tshwanela.”
Buka eno e ne ya simolola go solegela basha ba le bantsi molemo ka bonako fela. “Ke ne ka ya kopanong ya rona ka July 7-9,” go bua jalo mosha mongwe, “mme ka Mosupologo, July 10, ke ne ke setse ke e feditse!” Yo mongwe o ne a bua jaana: “Dikgaolo tsa yone tse pedi tsa bofelo di ne tsa nkgothaletsa go simolola go tsaya botshelo jwa me ka bomasisi. Ka nako nngwe ke ne ke batla go ya go kolobediwa mme ke ne ka fetola mogopolo. Ka jaanong ke amogetse kgatiso eno e e molemo, ke lemoga gore ‘lefatshe le a feta’ mme se ke se tlhokang ke go tsaya kgato jaanong.”
“Ka gonne dinako di fetogile,” go ne ga kwala jalo mosetsana mongwe yo mmotlana, “ke ne ke ntse ke akanya gore batho ba bagolo ga ba itse ka moo re ikutlwang ka gone. Ruri ga o kake wa itse kafa ke itumelang ka teng go itse gore ke ne ke le phoso ka go akanya jalo. Go re tlhokomela ga lona jaaka batho ba babotlana go dira gore ke ikutlwe jaaka yo o botlhokwa.” Setlhopha sengwe sa basha go tswa kwa Sweden se ne sa kwala jaana: “Re kgona go lemoga gore lo a re tlhaloganya jaaka basha, mme re ikutlwa re atamalane thata le lona.”
Mosha mongwe o ne a sobokanya seo sotlhe sentle fa a ne a re: “Nna le morwarre le kgaitsadiarona re rata buka eno. Eleruri re ikutlwa gore ke mpho e e tswang kwa go Jehofa ka tlhamalalo.” Re rapelela gore mpho eno e tswelele e tlisetsa basha bao ba boifang Modimo masego.
[Tšhate mo go tsebe 29]
Poifomodimo E A Oketsega kwa Yuropa!
Dipalo tse di kwa Godimo tsa Ba ba Kolobeditsweng
Batlakopanong kwa Kopanong
1979 1984 1989 1979 1984 1989
AUSTRIA 17 847 20 908 25 153 236 257 307
BELGIUM 23 185 28 456 30 622 234 248 429
BRITAIN 113 910 137 008 160 704 605 937 1 344
DENMARK 21 057 23 267 24 645 122 147 249
FINLAND 20 293 23 501 25 679 215 302 329
FRANCE 89 073 110 745 156 751 1 361 1 856 3 201
GERMANY 129 342 140 681 159 819 1 154 1 009 1 694
ITALY 117 163 169 328 240 041 2 515 3 769 6 295
LUXEMBOURG 1 141 1 327 3 131 8 12 61
NETHERLANDS 36 768 42 060 44 185 126 143 271
NORWAY 10 327 11 352 13 829 107 159 294
POLAND — 94 134a 166 518 — 3 140b 6 093
PORTUGAL 35 108 47 843 59 797 862 1 068 1 546
SPAIN 62 201 84 706 115 981 1 278 1 521 2 935
SWEDEN 21 286 25 204 30 943 279 323 410
SWITZERLAND 14 455 17 457 23 867 130 225 349
DIPALOGOTLHE 713 156 977 977 1 281 665 9 232 15 116 25 807
[Dintlha tse di kwa tlase]
a Dipalo tsa 1985
b Dipalo tsa 1985
[Setshwantsho mo go tsebe 26]
Basupi ba ba ineetseng bosha kwa Chorzów ba latelela poifomodimo ka go kolobediwa
[Setshwantsho mo go tsebe 31]
Go gololwa ga boroutšhara ya “Tharo-nngwe” e ne ya nna motswedi wa boipelo kwa Warsaw