Lebaka la go bo re Tlhoka Kitso e e Tlhomameng
“Ke gōna ka mouō le rona, e sa le ka letsatsi ye re utlwileñ ka yeōna, re sa khutleñ go lo rapèlèla, le go lo lopèla, gore lo kè lo tladiwè ka kicō [e e tlhomameng, “NW”] ea mo e leñ go rata ga gagwè, mo botlhaleñ yotlhe yoa semōea, le mo tlhalogañyoñ.”—BAKOLOSA 1:9.
1. Tshwantsha pharologano e e fa gare ga kitso ya kakaretso le kitso e e tlhomameng.
MO E ka nnang mongwe le mongwe o itse gore tshupanako ke eng, mme ke ba bakae bao ba itseng gore e dira jang? O ka nna wa tswa o na le kitso ya kakaretso fela, mme a o ka tlhatlhamolola e nngwe, wa e baakanya, mme wa boa wa e tlhamakanya gape? Eleruri mmaakanyi wa ditshupanako ene a ka dira jalo. Ka ntlhayang? Ka gonne o na le kitso e e tlhomameng, le e e tletseng ya gore tshupanako e dira jang. Mme seo se bontsha pharologano fa gare ga kitso ya kakaretso le kitso e e tlhomameng ka kgang epe fela.
2. O lemogile pharologano efe fa gare ga mefuta e mebedi eno ya kitso mo bodumeding?
2 Dimilione tsa batho di na le kitso ya kakaretso fela ka Modimo. Ba bolela gore ba dumela mo Modimong, lefa ditiro tsa bone di latola boiphako joo. Morongwa mongwe ka dinako dingwe o ne a botsa mong wa ntlo jaana: “Jaaka Mokatoliki, o tshwanetse wa bo o dumela mo Modimong, a ga go jalo?” Mme o ne a leba kwa legodimong mme a araba jaana: “Ebu, ke dumela gore go na le sengwe kwa.” A o ne o ka bitsa seo go itse Modimo ka tlhomamo le ka botlalo? Nnyaa. Mme gantsi go fopholetsa go go ntseng jalo go felela ka gore boitsholo jwa bao ba iphakang gore ke Bakeresete bo se nne jwa Bokeresete. (Bapisa Tito 1:16.) Go felela ka boemo joo Paulo a neng a bo tlhalosa jaana: “Hèla yaka ba ganne, ba re, A Modimo o se nne mo kicoñ ea bōnè, Modimo o ba lesitse ba inèla pelo e e manyèlō hèla.”—Baroma 1:28.
3. Go felela ka eng fa batho ba gana kitso e e tlhomameng ya go rata ga Modimo?
3 Go tlhoka kitso e e tlhomameng goo go ne ga felela ka eng mo lekgolong la ntlha la dingwaga? Batho ba ne ba dira “dilō tse di sa chwanèlañ: Ba tlala tshiamololō eotlhe, le boikèpō, le boiphètlhō, le bopeloatlhoi; ba tletse bopelotshètlha, le polaō, le kgañ, le tsieco, le pateleco; ke balomatsèbè, le basebi, le baila Modimo, le baikgantshi, le batlhōka mahoko, le babelahadi, le basimolodi ba dilō tse di boshula, le ba ba sa utlweñ batsadi ba bōnè, e le ba ba senañ tlhaloganyō, le batlodi ba dikgōlaganō, e le ba ba senañ loratō lo e leñ loa batho, e le ba ba senañ boutlwèlō botlhoko.” Go tlhoka ga bone kitso e e tlhomameng go ne go raya gore dipelo tsa bone di ne di sa tlhotlhelediwe ke ditiro tse di siameng.—Baroma 1:28-31; Diane 2:2, 10.
Pharologano ke Eng?
4, 5. Go ya ka bakanoki ba Segerika, go na le dipharologano dife gape fa gare ga gnoʹsis, le e·piʹgno·sis?
4 Pharologano eno e e fa gare ga kitso ya kakaretso le kitso e e tlhomameng e kaiwa ke Dikwalo tsa Segerika. Segerika sa ntlhantlha se bua ka gnoʹsis, kitso, le e·piʹgno·sis, kitso e e tlhomameng. La ntlha, go ya ka mokanoki wa Mogerika W. E. Vine, le raya “go batla thata go itse, go botsa, go batlisisa,” segolo bogolo boammaaruri jwa semoya mo Dikwalong.
5 Go ya ka mokanoki wa Segerika Thayer, e·piʹgno·sis e raya, “kitso e e tlhomameng le kitso e e siameng.” Mme fa e le mo popegong ya lediri, le raya “go tlwaelana tota le, go itse ka botlalo; go itse ka tlhomamo, go itse sentle.” W. E. Vine o bolela gore e·piʹgno·sis “e raya kitso e e tlhomameng kana e e tletseng, tlhaloganyo, temogo.” O oketsa ka gore e bontsha “kitso e e tletseng mo gogolwane kana e e tletseng tota, go itse ga motho selo se se itsegeng mo gogolwane, ka gone se mo tlhotlheletsa ka mo go oketsegileng ka maatla.” (Mokwalo o o sekameng ke wa rona.) Jaaka re tla bona, polelwana eno ya bofelo ke ya botlhokwa thata mo Mokereseteng.
6. Ke bakwadi bafe ba Bibela bao ba dirisang lefoko “kitso” le “kitso e e tlhomameng,” mme ke ka ntlhayang fa kitso e e tlhomameng e le botlhokwa?
6 Ke bakwadi ba le babedi fela ba Bibela bao ba dirisang lefoko la Segerika e·piʹgno·sis. Ke Paulo le Petere, bao ba dirisang lefoko leno ka makgetlo a le 20.a Kwantle ga ga Luke, ke bone fela gape bao ba dirisang lefoko gnoʹsis, Paulo o le dirisa ka makgetlo a le 23 mme Petere o le dirisitse ka makgetlo a le 4. Mekwalo ya bone ka gone ke kaelo e e botlhokwa ya kitso ya boammaaruri e e lebisang kwa go bolokiweng. Ke fela jaaka Paulo a ne a raya Timotheo a re: “Go mo go molemō, go bile goa lebosèga mo matlhoñ a Modimo Moreboloki; O o ratañ gore batho botlhe ba kè ba bolokwè, me ba hitlhè mo kicoñ ea boamarure.”—1 Timotheo 2:3, 4.
Lebaka la go bo Kitso e e Tlhomameng e le Botlhokwa
7. (a) Go nna ya botlhokwa, kitso e tshwanetse go re ama jang? (b) Ke kotsi efe e e leng gone fa re tlhokomologa kitso?
7 Ka gone, go nna le kitso e e tlhomameng ya boammaaruri jaaka bo rutiwa ke Bibela ke sekopololo sa go bolokiwa. Lefa go ntse jalo, kitso eo e tshwanetse go fitlhelela pelo, motswedi wa tlhotlheletso. Ga e kake ya nna fela thutego kana sengwe seo se dirwang ke baithuti. Mo godimo ga moo, fela fa e bonwe, kitso ya boammaaruri e tshwanetse go dirisiwa le go tladiwa gape. Ke ka ntlhayang fa go le jalo? Ka gonne kgopolo, jaaka mosifa o o sa dirisiweng, e ka nna bokoa kana ya seka ya dira sentle, mo e leng gore ka motlhofo fela re ka tlogelela bomoya jwa rona mme ra simolola go katogela koo le go nna bokoa mo tumelong. Re ka latlhegelwa ke go tshwara ga rona “kicō ea Modimo.” Go ise go e kae, go koafala gono go ka nna ga bonwa ka go koafala ga nonofo ya rona ya go akanya le eleng ka boitshwaro jo e seng jwa Bokeresete.—Diane 2:5; Bahebera 2:1.
8. Solomone o ne a bona botlhokwa bofe mo botlhaleng le mo kitsong?
8 He re kgona go lemoga gore ke ka ntlhayang, fa Solomone fa a ne a santse a ikanyega, a ne a tseela kwa godimo botlhale, tlhaloganyo, le nonofo ya go akanya. O ne a kwala jaana: “Gonne botlhale bo tla gu tsèna mo peduñ, le kicō e tla nna monate mo moeeñ oa gago; Tlhalemaleye e tla go tlhodumèla, tlhaloganyō e tla gu boloka: Go gu golola mo tseleñ ea boshula, mo banneñ ba ba buañ dilō tsa leshōkō.”b (Diane 2:10-12) Mafoko ano a kaya gore re tshwanetse go tlhagolela go eletsa ka tlhagafalo kitso e e tlhomameng, e e ka amang pelo le moya wa rona tota. Mo godimo ga moo, ke motheo wa go nna le nonofo e e molemo ya go akanya. Mme ke ka ntlhayang fa seno se le botlhokwa jaana gompieno?
9. Ke bomang gape bao e leng baba ba bomoya jwa Bokeresete?
9 Re tshela mo “metlheñ ea bohèlō” e mo go yone, jaaka Paulo a ne a bolelela pele, go “tlileng dinako tse di utlwisang botlhoko” kana “dinako tsa mathata.” (2 Timotheo 3:1, Revised Standard Version; The New English Bible) Go ntse go nnela bokete kwa pele mo Bakereseteng go tshegetsa bothokgami jwa bone mo lefatsheng leno le le bodileng. Ditaolo tsa Bokeresete, dilo tse di leng botlhokwa mo go bone, le ditekanyetso tsa bone di a sotliwa di bile di a nyadiwa. Tumelo ya Basupi ba ga Jehofa e tlhaselwa go tswa mo matlhakoreng otlhe—ke baruti ba La-Bodumedi bao ba sa rateng molaetsa wa Bogosi o re o tsamaisang ka ntlo le ntlo, batenegi bao ba dumalanang le baruti ba La-Bodumedi, dingaka tseo di batlang go re tshela madi rona le bana ba rona, borasaense ba ba latolang Modimo ba bile ba gana go dumela mo Modimong le mo popong, le bao ba lekang go re pateletsa go latlha boitlhaodi jwa rona. Pogiso yotlhe eno e tlisiwa ke Satane, mmusi wa lefifi le botlhokakitso, mmaba wa kitso e e tlhomameng.—2 Bakorintha 4:3-6; Baefesia 4:17, 18; 6:11, 12.
10. Ke dikgatelelo dife tseo di ka nnang tsa gola kgatlhanong le rona, mme re tlhoka eng go lwa le tsone?
10 Dikgatelelo tsa botshelo tsa letsatsi le letsatsi di ka nna tse di nonofileng go tlhotlheletsa Mokeresete go dira seo ba bangwe ba se dirang, e ka nna go dirisa diokobatsi, go nwa go fetisa selekanyo, boitsholo jo bo sa siamang jwa tlhakanelodikobo le thubakanyo, go utswa, go aka, go tsietsa, go ngwegela sekolo, kana go ipatlela fela botshelo jwa menate ka bogagapa. Ke ka ntlha ya moo kitso e e tlhomameng e leng botlhokwa. Kitso e e tletseng ya Lefoko la Modimo e ka tlhotlheletsa go akanya le ditiro tsa rona ka mo go nonofileng le ka tsela e e siameng.—Baroma 12:1, 2.
Morwa wa Gompieno wa Sesenyi
11, 12. Ke boitemogelo bofe jo bo diragetseng jwa botshelo joo bo bontshang go seng botlhale ga go gana kitso e e tlhomameng ya boammaaruri?
11 Re ka tshwantsha seno ka kgang e nngwe e e diragetseng ya monna mongwe yo mmotlana yoo, fa a le dingwaga di le 14 ebile a setse a kolobeditswe, lorato lwa gagwe lwa boammaaruri lo neng lwa lekiwa. Jaaka batho ba le bantsi ba babotlana, o ne a rata metshameko, segolo bogolo kgwele ya dinao. Mme go ne go na le bothata. Sekolo sa gagwe se ne se tshameka kgwele ya dinao mo bosigong joo phuthego ya bone e neng e tshwara dipokano ka jone. Bomoya jwa gagwe bo ne bo sa nonofa gore a ka kgona go lekanya sentle botlhokwa jwa kgwele ya dinao le botlhokwa jo bo nnelang ruri jwa go ya dipokanong tsa Bokeresete le mmaagwe wa motlholagadi le morwarraagwe gammogo le kgaitsadie. Jalo o ne a tlogela go dira tumalanong le kitso e e tlhomameng a swetsa go tlogela boammaaruri. Kgabagare, o ne a kgaolwa. Moragonyana, o ne a tsenelela tirelo ya bosole, koo a neng a dirisa diokobatsi.
12 Ka 1986, fa monna yo mmotlana yo a ne a gololwa kwa bosoleng, o ne a simolola go akanya sentle, mme o ne a kwalela tsala ya lelapa laabo eo e neng e le mo komiting ya katlholelo e e neng ya mo kgaola lokwalo. Mo go lone o ne a bua jaana: “Ke itumelela go bo ke kgona go go bolelela dikgang tse dingwe tse di botlhokwa: Ke boetse mo boammaaruring. . . . Ke lemogile seo moaposetoloi Paulo a neng a se bolela mo go 2 Bakorintha 4:4, gore go na le modimo mongwe wa tsamaiso eno ya dilo o o foufatsang megopolo. Ke ne ke foufetse mo semoyeng ka nako e telele, ke sa bone dilo tseo di neng di diragala mo tikologong ya me. Fa ke ne ke tlogela boammaaruri, ke ne ke sa itse gore ke ne ke ipaya mo kotsing e e ntseng jang. Mme fa nako e ntse e tsamaya, ke leboga Jehofa Modimo, go bo ke ile ka kgona go lemoga ka phepafalo gore ke ne ke le phoso mo tseleng ya me e e bosula.”—Bapisa Luke 15:11-24.
13. Fa e le gore ka boammaaruri baa sokologa, bao ba neng ba tswile mo tseleng ba ka diragalelwa ke eng se se siameng? (2 Timotheo 2:24-26)
13 Monna yo mmotlana yono o boetse mo tseleng ya kitso e e tlhomameng. Jaanong o kgona go ‘tsamaya mo go tshwanetseng Jehofa e le gore a tle a mo itumedise.’ Gape a ka ‘ungwa mo ditirong tsotlhe tse di molemo le go totafala mo kitsong ya Modimo’ jaaka a tswelela pele go kopanela le phuthego ya Bokeresete. Abo lelapa laabo le ne la segofala le go lapologa jang ne fa a nna molatedi wa ga Keresete gape! A o itse dikai dingwe tse di tshwanang?—Bakolosa 1:9, 10; Mathaio 11:28-30.
Diphelelo tse di Botlhoko tsa go Tlhokomologa Bomoya
14. (a) Re tshwanetse go dira eng go tila go wa? (b) Ke eng seo se diragaletseng Bakeresete ba bangwe?
14 Re ka ithuta eng mo kgannyeng eno le tse dingwe tse di tshwanang le yone? Go re fela fa re setse re amogetse kitso e e tlhomameng ya boammaaruri, re tshwanetse re nne re ntse re shafatsa ditlhaloganyo tsa rona mo semoyeng ka metlha gore re seka ra wa. Dinonofo tsa rona tsa semoya di ka koafala fa re tlhokomologa thuto ya botho le ya lelapa, dipokano tsa Bokeresete, le bodihedi. Mme go ka diragala eng? Mokeresete yoo pele a neng a nonofile a ka tlogela tumelo, le eleng go wela mo boitsholong jo bo sa siamang, jaaka tlhakanelodikobo, kana go simolola go belaela le go reetsa tshedimosetso e eseng yone ya batenegi. (Behebera 2:1; 3:12; 6:11, 12) Ka go tlhoka tlhaloganyo, ba bangwe ba ile ba boela le eleng kwa dithutong tsa Sebabelona tsa Tharonngwe le go sa sweng ga moya!
15. Ke tlhagiso efe eo Petere a neng a e naya ka go wa?
15 Eleruri mantswe ano a ga Petere a a tshwanela: “Gonne ha e tla re ba sena go halola mo mashweñ a lehatshe ka kicō ea Morèna Mmoloki Yesu Keresete, me ba ba ba tloga ba itlhakatlhakanya naō me ba heñwa, popègō ea moragō mo go bauō, e tle e behe bogolo go ea pele. Gonne go ka bo go le molemō bogolo mo go bōnè ha ba ka bo ba se ka ba itse tsela ea tshiamō, bogolo go go re, ba sena go e itse, ba tloga ba hularèla taolō e e itshepileñ e ba e neecweñ. Go ba dihahaletse kaha lehokuñ ya amarure ye le reñ, Nca e boetse matlhatseñ a eōna, le kolobè e e tlhapisicweñ e boetse mo go bidikameñ mo seretseñ.”—2 Petere 2:20-22.
16. (a) Bangwe ba ile ba tsiediwa jang mo metlheng ya moragonyana? (b) Ba ba ileng ba tsiediwa ba ne ba wela mo ditirong dife tsa boitsholo?
16 Bao ba ganang kitso e e tlhomameng ya boammaaruri gantsi ba tlhopha tsela ya go ikgatlhegela bobone. Ga ba tlhole ba amogela boikarabelo jwa go tla kwa dipokanong tsa Bokeresete ka metlha kana go tsaya karolo mo bodiheding jwa ntlo le ntlo. Ba bangwe ba boela le eleng mo go gogeng motsoko! Ba bangwe ba itumelela gore ga ba tlhole ba tla tsaya boemo jo bo farologaneng mo dikgannyeng tse di jaaka boitlhaodi jwa Bokeresete le go sa dirisiweng ga madi a mmele sentle. Ee, a kgololesego ruri! Jaanong ba ka tsenelela mo go tlhopheng diphathi tsa bopolotiki tsa “sebatana.” (Tshenolō 13:1, 7) Ka gone, jaaka mewa e e sa iketlang, ba bangwe ba ile ba raelwa mme ba ntshiwa mo tseleng e e tlhamaletseng ya kitso e e tlhomameng ke bao, ‘ba ba solofetsang kgololesego, fa bone ka bobone e le batlhanka ba sebodu.’—2 Petere 2:15-19.
17. Bao ba tlogelang kitso e e tlhomameng ya boammaaruri ba lebane le kotsi efe?
17 Fa batho bao ka bobone ba sa sokologe mme ba boela mo boammaaruring, ba tla atlholwa ka katlholo eno e Paulo a neng a e bolela: “Gonne ha re leoha ka boomo re sena go amogèla kicō ea boamarure, ga go tlhole go na le setlhabèlèlō sepè sa dibe, Ha e se tebèlèlō e e boitshègañ ea tshekishō, le ea bogale yoa molelō o o tla lailañ baganetsi.” Abo go se botlhale jang ebile e se pono e e bonelang kwa pele jang ne go tlogela kitso e e tlhomameng ka Jehofa le Keresete Jesu o bo o latela dithuto tsa botenegi tsa La-Bodumedi!—Bahebera 6:4-6; 10:26, 27.
Tlhagafalo ka Kitso e e Tlhomameng
18. Go ya ka Paulo, ke ka ntlhayang fa baruti ba Bajuda ba ne ba palelwa ke go amogela Keresete?
18 Baruti ba Bajuda ba motlha wa ga Paulo eleruri ba ne ba na le kitso ya Dikwalo tsa Sehebera. Mme a e ne e le kitso e e tlhomameng? A e ne ya ba gogela kwa go Keresete jaaka Mesia yo o solofeditsweng? Paulo o gana ka gore ba ne ba ganeletse mo go itireng ba ba siameng ka Molao mo e leng gore ba ne ba sa batle go ipaya kafa tlase ga ga “Keresete [yoo e leng] bowèlō yoa molaō.” Ka gone Paulo o ne a ka bua jaana ka bone: “Gonne ke shupa kaga bōnè ha ba na le tlhōahalō kaga Modimo, me e be e se kaha kicoñ.”—Baroma 10:1-4.
19, 20. (a) Re ka bona kitso ya boammaaruri jang? (b) Ke dipotso dife tseo di salang tseo di tla arabiwang?
19 Jalo re ka bona kitso e e tlhomameng eno jang? Ka thuto ya botho le ka go tlhatlhanya, gammogo le ka thapelo le go ya dipokanong. Seno se raya go nna re gotetsa dibeteri tsa rona tsa semoya ka metlha, jaaka go ne go ka buiwa jalo. Ga re kake ra kgona go ikaega fela ka kitso eo re neng ra e bona fa re ne re amogela boammaaruri. Re tshwanetse go nna ka metlha re ntse re ja dijo tse di nonofileng tsa semoya, kitso e e tlhomameng, ka thuto ya botho e e kelotlhoko. Ka gone, kgakololo eno ya ga Paulo e a tshwanela: “Me diyō tse di loileñ ke tsa banna ba ba godileñ, eboñ bōnè ba ea reñ ka ba nntse ba diha, maikutlō a bōnè a tlwaediwe go lemoga molemō le boshula. Me ke gōna, a re khutleñ go tlhōla re bua kaga ditshimologō tsa ntlha ntlha tsa ga Keresete, me a re gagamaleleñ kwa boitekaneloñ; re se ka ra ba ra thaea mothèō oa go ikwatlhaèla ditihō tse di shuleñ, le oa tumèlō Modimoñ. . . . Me mo, re tla go diha, ha Modimo o ka re leseletsa.”—Bahebera 5:14–6:3.
20 Jaanong go na le dipotso tse, Ke didirisiwa dife tseo re nang le tsone tseo di ka re thusang go bona kitso e e tlhomameng? Ka re le batho ba ba nang le ditiro tse dintsi mo botshelong, re ka ithuta Lefoko la Modimo leng? Setlhogo se se latelang se tla araba tseno le dikgang dingwe tseo di amanang le tsone.
[Dintlha tse di kwa tlase]
a Jaaka mo lenaneng la Comprehensive Concordance of the New World Translation of the Holy Scriptures, tsebe 17; gape le Filemone 6 (Bona The Kingdom Interlinear Translation of the Greek Scriptures.).
b Go tlhaloganya bokao jwa mafoko “kicō,” “nonofo ya go akanya,” “botlhale,” le a mangwe a a bonwang mo go Diane botoka, bona Insight on the Scriptures, Bolumo 2, ditsebe 180, 1094, 1189, e e gatisitsweng ka Seesemane ke Watchtower Bible and Tract Society of New York, Inc.
Dipotso tse di Tshwanetseng go Arabiwa
◻ Go na le pharologano efe fa gare ga “kitso” le “kitso e e tlhomameng”?
◻ Ke ka ntlhayang fa kitso e e tlhomameng e le botlhokwa thata jaana mo metlheng eno ya bokhutlo?
◻ Ba bangwe ba ka nna ba raelwa go tlogela boammaaruri jang?
◻ Ke tlhagiso efe eo Petere a e re nayang kaga go tlogela kitso e e tlhomameng?
◻ Re tshwanetse go dira eng go bona le go nna re ntse re na le kitso e e tlhomameng?