LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w89 12/1 ts. 4-7
  • Bogolo Jo Bo Gakgamatsang jwa Molemo wa Modimo

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Bogolo Jo Bo Gakgamatsang jwa Molemo wa Modimo
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1989
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Bogolo jwa go Nna Molemo ga Modimo
  • Molemo wa Modimo mo go Bao Ba Dumelang
  • O Ka Sologelwa Molemo Go Le Kana Kang ke Molemo wa Modimo?
  • Go Ipelela Molemo wa Modimo
  • Jehofa—Sekao se Segolo Thata sa Bomolemo
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2002
  • Bomolemo jo Bogolo Jwa ga Jehofa
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1991
  • “Ruri Molemo wa Gagwe o Mogolo!”
    Atamalana le Jehofa
  • ‘Nthuta Bomolemo’
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1985
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1989
w89 12/1 ts. 4-7

Bogolo Jo Bo Gakgamatsang jwa Molemo wa Modimo

MODIMO o molemo! Ke makgetlo a le makae o utlwa mafoko ao kana le eleng go a dirisa ka bowena? Mme a o kile wa tsamaya wa akanya ka selekanyo sotlhe se Modimo a leng molemo ka sone mo go wena? Go tlhatlhanya ka tsela e e ntseng jalo go oketsa tsela eo re anaanelang Modimo wa mofuta oo re o obamelang ka yone.

Lefa go ntse jalo, santlha, re tshwanetse go tlhaloganya gore molemo ke eng. Jaaka re itse, molemo ke nonofo ya go nna molemo e e farologaneng le go nna bosula. Mme go nna molemo go feta moo. Ke nonofo e e nang le ditiro. Motho yo o molemo o dira molemo. Mme Modimo ka ntlha ya go nna molemo ga gagwe, o re direla dilo tse dintsi thata tse di molemo tseo di dirang gore re mo rate.

Molemo o mogolo thata wa Modimo o bonwa mo mafokong a gagwe ao a neng a a bolelela Moshe mo nageng ya Sinai. Gone koo, o ne a solofetsa motlhanka yoo wa gagwe yo o ikanyegang jaana: “Molemō oa me ke tla o hetisa ha pele ga gago.” Fa Modimo o ne o diragatsa tsholofetso eo mme o dirisa leina la one, o ne a tswelela pele ka go bolela jaana: “Yehofa, Yehofa Modimo o o tletseñ bopelotlhomogi, o o tsalanō, o o bonya go galeha, le o o letlotlo ya boutlwèlō botlhoko le boamarure; O o bolokèlañ ba makgolokgolo boutlwèlō botlhoko, o o ichwarèlañ tshiamololō, le tlolō, le boleo: le o o se ketlañ o golola eo o molato gopè.”—Ekesodo 33:19; 34:6, 7.

Ka jalo, go nna molemo ga Modimo go akareletsa boutlwelobotlhoko jwa gagwe gammogo le bopelontle jwa gagwe, bopelonomi jwa gagwe jwa lorato, le boammaaruri jwa gagwe. Mo godimo ga moo, go nna molemo ga gagwe go ka bonwa mo ntlheng ya gore o “bonya go galeha,” o pelotelele. Lefa go le jalo, seo ga se reye gore o tshwana le motsadi yo o tlogelang go itiratirelwa fela, a letlelela boleo go tswelela pele goyagoile bo sa kganelwe. ‘Le yo o se kitlang a golola yo o molato gope’ mo baleofing ba ba sa ikwatlhaeng. Modimo o o molemo ga o kake wa letlelela boikepo gore bo nne teng bo sa kganelwe.

Bogolo jwa go Nna Molemo ga Modimo

Jaanong, tlhokomela dingwe tsa ditsela tseo Modimo a bontshitseng molemo wa gagwe ka tsone. Santlha, o ne a le molemo mo bathong fa a ne a simolola go bopa lefatshe. Ga a ka a baakanyetsa fela ka dilo tseo di tlhokafalang mo botshelong jwa motho. Go na le moo, o tladitse polanete ya rona ka dilo di le dintsi thata go dira gore go tshela mo go yone go ipedise tota. O dirile gore go nne le dijo le dino tse dintsi tse di farologaneng. O dirile diphologolo le dinonyane tse di farologaneng tse di kgatlhisang, mme o tlhodile dithunya tseo di dirang gore go nne mebala le bontle mo tikologong ya rona. Mo godimo ga moo, o dirile mefuta e mentsi e e farologaneng ya diponalo tseo di itumedisang fa o di lebelela. Aitsane, nako le nako fa re bona letsatsi le phirima ka kgalalelo ya lona kana re bona leru le lentle thata le tlhatloga, re bona bosupi jwa kafa Modimo o leng molemo ka teng!

Go nna molemo ga Modimo gape go ile ga bonala fa a ne a bopa monna le mosadi. O ne a naya Adame le Efa mebele e e itekanetseng, e e nang le pholo e e molemo mme a ba baya mo tshimong ya Edena. Morago ga moo o ne a ba naya tiro eno e e itumedisang thata le e e gwetlhang: “Lo tlalè ka lehatshe, lo le henyè.” Ka jalo, o ne a beile mo pele ga bone tebelelo ya go ipelela botshelo ka bosakhutleng mo lefatsheng la paradaise ba le mo gare ga ditlogolwana tsa bone tse dintsi. (Genesise 1:26-28; 2:7-9) Abo eo e ne e le mpho ya lenyalo e e gakgamatsang jang ne go banyalani bao ba ntlha ba batho!

Le eleng fa Adame le Efa ba ne ba tsuologa, Modimo ga wa ka wa ba latlha gotlhelele. Fa a ka bo a ba otlhaile ka loso lwa ka ponyo ya leitlho gone fela foo, o ne a ka bo a ne a dira seo se neng se tshwanetse. Lefa go le jalo, o ne a le molemo mo bathong ba babedi bao jaanong ba neng ba leofile. O ne a ba letlelela gore ba tshele ka lobakanyana le gore ba nne le bana.—Genesise 5:1-5.

Go feta moo, Modimo o ile wa tswelela pele go nna molemo mo sethong seo se oleng fa esale go tloga ka nako eo. Jaaka fa Kgosi Dafide a ile a bolela: “Yehofa o molemō mo go cotlhe, me mautlwèlō botlhoko a manana a gagwè a okame ditihō cotlhe tsa gagwè.” (Pesalema 145:9) O tlamela batho ka dilo tse dintsi gore botshelo jwa motho bo kgone go ka tswelela pele mo godimo ga lefatshe leno, leo e leng la gagwe. Jesu o ne a bolelela Bajuda ba motlha wa gagwe jaana: “Rra eno eo o kwa legodimoñ . . . o tlhabisetsa ba ba molemō le ba ba boshula letsatsi ya gagwè, a nesetse basiami, le basiamolodi pula.” (Mathaio 5:45) Tlala epe fela kana tatlhegelo e e leng teng ga se ka go bo Modimo o paletswe ke go tlamela setho. Ke ka ntlha ya boikepo, bosetlhogo, le go palelwa ga batho.

Modimo gape o letlelela setho gore se dirise letlotlo la diminerale tsa lefatshe, mme ga a ka a dira gore ba seka ba nna le kitso ya selekanyo se se rileng ka dinaledi tsa legodimo le ya kafa dilo di bopegileng ka teng. Ke boammaaruri, Jehofa o molemo mo sethong, lemororo ba le bantsi ka boikgogomoso ba bolela gore ga go na Modimo, mme ba bangwe ba dirisa molemo wa Modimo ka tsela e e sa tshwanelang gore ba solegelwe molemo ka tsela ya bopelotshetlha, le eleng go ya bokgakaleng jwa go gatelela batho ka bone ba bangwe.—Pesalema 14:1.

Molemo wa Modimo mo go Bao Ba Dumelang

Legale, lemororo Modimo o ile wa nna molemo mo sethong ka kakaretso, ditirisano tsa gagwe le bao ba dumelang di itumedisa pelo tota. Sa ntlha, fa Adame le Efa ba ne ba tsuologa, Modimo o ne wa bolelela pele gore go ne go tla tlhaga “losika” loo kgabagare lo neng lo tla fenya matswela a a bosula a boleo jwa bone. (Genesise 3:15) Jaaka fa nako e ne e ntse e tsamaya, ditlogolwana tse dintsi tsa ga Adame di ile tsa obamela Modimo ka boikanyegi go sa kgathalesege go sa itekanelang ga bone, mme polelelopele eno ya kwa tshimologong e ne ya ba naya tsholofelo ya isagwe e e botoka. Mongwe wa baobamedi ba ba ikanyegang bano, eleng Aberahame, o bile a bo a bidiwa “tsala ea Modimo.”—Yakobe 2:23.

Modimo o ne wa solofetsa Aberahame gore ditlogolwana tsa gagwe di ne di tla ntsifala go nna merafe e mentsi le gore losika lwa gagwe lo ne lo tla rua lefatshe la Kanana. Seno se ne sa diragadiwa ka gore Baiseraele, bao eleng ditlogolwana tsa ga Aberahame, moragonyana ba rulaganngwe go nna morafe. (Genesise 17:3-8; Ekesodo 19:6) Mme gape, Modimo o ne o le molemo mo morafeng ono o mosha, a ba golola mo bokgobeng kwa Egepeto, a ba sireletsa kwa gare ga naga, a ba neela molao le baperesiti, mme la bofelo a ba naya lefatshe le le nonneng la Kanana jaaka boswa.

Kgabagare, Iseraele o ne a fetoga bogosi, mme Jehofa o ne a laola kgosi ya gagwe ya motho ya boraro, eleng Solomone, gore a age tempele mo Jerusalema go nna lefelo la konokono la kobamelo ya Gagwe mo lefatsheng. Fa tempele eno e ne e wediwa, go ile ga nna le modiho o mogolo wa kgakolo le moletlo wa boipelo. Morago ga moo, pego e bolela gore Baiseraele ba “bōka kgosi, me ba ea megopiñ ea bōnè ba itumèla, ba le pelo e e ipelañ ka ntlha ea molemō otlhe o Yehofa o o o shupeditseñ.” (1 Dikgosi 8:66) Go ne go na le ditiragalo tse dingwe gape tseo dipelo tsa Baiseraele di neng tsa penologa mo go tsone ka ntlha ya molemo wa Modimo mo go bone.

Lefa go le jalo, ka maswabi, ga ba ka ba anaanela ka metlha tshiamelo eo ya bone ya go nna baobamedi ba Modimo o o osi wa boammaaruri. Kgabagare, Baiseraele ka kakaretso ba ile ba ikanyologa, mme ka 607 B.C.E., Jehofa o ile a letlelela gore ba isiwe Babelona jaaka batshwarwa. Jaaka fa Modimo o ne o ile wa bolelela Moshe, ka go bo a le molemo ‘ga a kitla a golola yo o molato gope.’—Ekesodo 34:7.

Lefa go le jalo, morago ga dingwaga tse 70 Modimo ka bopelonomi o ile a busetsa masalela a a ikanyegang a Baiseraele kwa lefatsheng la bone. Ke eng seo se ileng sa mo tlhotlheletsa go dira jalo? Ke go nna molemo ga gagwe. Jeremia o ne a kwala jaana ka tsela ya seperofeti kaga go boa ga Baiseraele go tswa kwa Babelona: “Me ba tla tla ba ōpèla mo thoteñ ea Siona, me ba tla sailèla mmōgō kwa molemoñ oa ga Yehofa.” Moperofeti yoo o ne a tswelela pele jaana: “Batho ba me ba tla kgora molemō oa me, go bua Yehofa.”—Yeremia 31:12, 14.

Kgabagare, Jesu o ne a tla mo lefatsheng mme a itshupa e le “losika” loo go neng go boleletswe pele ka lone mo polelelongpele eo e boletsweng morago kwa ko Edena. (Genesise 3:15) Bibela e bolela jaana: “Modimo o ratile lehatshe mo go kalo kalo, oa ntsha Morwa ōna eo o tsecweñ a le esi, gore leha e le mañ eo o dumèlañ mo go èna a se ka a nyelèla, me a bōnè botshelō yo bo sa khutleñ.” (Yohane 3:16) Loso lwa ga Jesu lo ile lwa baakanyetsa ka thekololo ya go rekolola batho mo boleong le go ba busetsa mo boitekanelong. Ka jalo, matswela a a bosula a boleo jwa ga Adame e ne e tla re la bofelo a fenngwe. Jaaka fa Paulo a ile a kwalela Baroma jaana: “Ba ba leñ bantsi ba dihilwe baleohi ka go tlhōka go utlwa ga motho eo moñwe hèla, go nntse yalo ba ba leñ bantsi ba tla dihwa tshiamo ka go utlwa ga motho eo moñwe hèla.” (Baroma 5:19) Ka thuso ya molemo wa Modimo, batho ba ba dipelo tse di siameng jaanong ba ne ba na le tsholofelo ya go bona botshelo jo bosakhutleng. Mme ba ka nna ba bo ba nna ditsala tsa Modimo, jaaka go ile ga diragala ka Aberahame.

Modimo o ntse a tswelela pele a bontsha molemo le eleng gompieno mo go bao ba mo obamelang. O neela kgakololo ka Bibela go ba thusa go rarabolola mathata a bone. (Pesalema 119:105) O neela mpho ya mahala ya moya wa gagwe go ba thusa gore ba fitlhelele ditekanyetso tsa gagwe tsa tshiamo. Mme o senola seo maikaelelo a gagwe e leng sone, gore Bakeresete ba boammaaruri ba ke ba lebelele pele go bona lefatshe le lesha la tshiamo leo le tla tlhagisiwang morago ga fa lefatshe leno la bogologolo le sena go feta. (Diane 4:18; 2 Petere 3:13) Bakeresete ba na le tsholofelo mo dilong tse di ntseng jalo ka gonne Modimo, ka ntlha ya molemo wa gagwe, o ile a di senola mo Lefokong la gagwe le le senang phoso.—2 Timotheo 3:16.

Ee, go akanya ka molemo wa Modimo ruri go dira gore re mo rate. Mme gape go tsosa potso eno:

O Ka Sologelwa Molemo Go Le Kana Kang ke Molemo wa Modimo?

Tota-tota, lefa o ka ne o le mang, o setse o solegelwa molemo ke molemo wa Modimo. O a hema, o a ja, o a nwa, o ipelela botshelo—tseo tsotlhe e leng dimpho tse di tswang go Modimo. A mme o solegelwa molemo ka botlalo ka mo go ka kgonagalang ka gone? Gakologelwa, molemo wa Modimo mo go Adame le Efa o ne wa ngotliwa morago ga fa ba sena go leofa. Ka mo go tshwanang, o tla ngotla bopelotshweu jwa gagwe mo go rona fa fela re sa arabele ka tsela e e tshwanetseng mo bopelonoming jwa gagwe. Re ka dira seno jang?

Mopesalema o ne a rapela jaana: “Nthuta . . . molemō le kicō: gonne ke dumetse ditaolō tsa gago.” (Pesalema 119:66) Le rona re tshwanetse go rapela jalo. Jaaka fa Modimo a le molemo, re tshwanetse go ithuta go nna molemo jaaka ene. Paulo o ne a kgothatsa jaana: “Nnañ baetsi ba Modimo, yaka bana ba ba ratègañ.”—Baefesia 5:1.

Re dira seno, santlha ka go ithuta Bibela go ithuta gore go nna molemo go bolelang. Morago ga moo, re kopa thuso ya Modimo gore re tlhagolele nonofo eno. Molemo ke loungo lwa moya, gammogo le “loratō, le boitumèlō, le kagishō, le bopelotelele, bopelonomi, . . . le boikañō, le boiñōtlō, le boikgapō.” (Bagalatia 5:22, 23) Re ka tlhagolela dinonofo tseno tsotlhe ka go ikaega ka moya wa Modimo, ka go ithuta Bibela eo e ileng ya tlhotlhelediwa ke Modimo, ka go mo rapela gore a re thuse, le ka go kopanela le Bakeresete ba ba nang le mogopolo o o tshwanang.—Pesalema 1:1-3; 1 Bathesalonia 5:17; Bahebera 10:24, 25.

Bibela gape e bolela jaana: “Ba tla bolèla kgakologèlō ea molemō o mogolo oa gago, ba tla ōpèla kaga tshiamō ea gago.” (Pesalema 145:7) Ee, Modimo o lebeletse gore re bolelele ba bangwe ka molemo wa gagwe. Re tshwanetse go bua ka tshosologo ka Rra rona wa selegodimo.

Sa bofelo, ga re a tshwanela go tlhaetsa bomolemo jwa Modimo matlho. Ke boammaaruri, Jehofa o itshwarela baleofi. Kgosi Dafide o ne a solofetse go bona karabo e e molemo fa a ne a rapela jaana: “U se ka ua gakologèlwa maleo a yale ke sa le lekau, le ha e le ditlolō tsa me: u nkgakologèlwe kaha bopelonomiñ yoa gago yoa loratō, ka ntlha ea molemō oa gago, Yehofa.” (Pesalema 25:7) A seno se raya gore re tshwanetse gore re iteseletse go dira boleo re lebeletse ka tsholofelo gore Modimo o tla re itshwarela? Le ka motlha. Gakologelwa, molemo wa Modimo o raya gore ke ‘yo o se ketlang a golola yoo molato gope’ mo baleofing ba ba sa ikotlhaeng.

Go Ipelela Molemo wa Modimo

Fa fela re setse re na le molemo wa Modimo ka botlalo, abo re mo rata jang ne! Re kgothalediwa gore re latele tlhagiso eno e e molemo ya moaposetoloi Paulo e e reng: “Sepelañ yaka bana ba lesedi, Gonne louño loa lesedi lo eme mo molemoñ otlhe, le mo tshiamoñ, le mo boamarureñ.”—Baefesia 5:8, 9.

Letsatsi lengwe le lengwe re lemoga kafa Modimo a nang le kamego e e lorato mo go rona ka gone. Re itse gore le eleng kafa tlase ga maemo a a boima thata, ga a ke a latlha bao ba mo ratang. Ee, re nna le kagiso e kgolo ya mogopolo eo mopesalema a neng a na le yone: “Rure molemō o tla ntshala moragō le boutlwèlō botlhoko, ka malatsi aotlhe a go tshela ga me; me ke tla aga mo tluñ ea ga Yehofa ka bosakhutleñ.”—Pesalema 23:6.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela