Molao wa Seka-gauta—Ke Eng?
“BONA! ga ke tshwenye baagelani ba me. Go ya ka nna, ba ka dira seo ba se batlang. Mme, legale, fa ba ne ba ka tsena mo mathateng, ke ne ke tla dira se nka se kgonang go ba thusa.” A seo ke pono ya gago? Fa go tlhagile kotsi, ditiro tse di bontshang boutlwelobotlhoko le go sa nneng bogagapa di ka nna dintsi, gantsi di gakgamatsa ba bantsi. Mme a seno se lekane?
Fa e le gore o motsadi, ga go na pelaelo ya gore o kgothaletsa bana ba gago gore ba tile go gakatsa ditsala tse ba tshamekang le tsone. Bontsi jwa rona re na le mabadi a bosha jwa rona a a bontshang gore go itlhokomolosa taolo eno go ka lere boipusolosetso bongwe. Ee, re ithutile botlhale jwa boammaaruri jwa motheo ono oo o neng wa buiwa ke motlhalefi wa Botlhaba Confucius: “Se o sa batleng go se direlwa, se se direle ba bangwe.” Lefa go le jalo, a o lemoga gore polelo eno ke tlhaloso e e motlhofo e e beilweng ka tsela e sele ya seo se itsiweng jaaka Molao wa Sekagouta?
Molao wa Mmatota
Go ya ka Webster’s New Collegiate Dictionary, “molao wa sekagouta” o tlhalosiwa jaaka “taolo ya melao-metheo e e amogetsweng ya boitsholo eo e umakiwang mo go [Mathaio] 7:12 le [Luke] 6:31 le eo e bontshang gore motho o tshwanetse go direla ba bangwe fela jaaka a batla ba bangwe ba mo direla.” Lebelela mo lebokosong le le kwa tlase ga tsebe mme o bone ka moo diphetolelo tse di farologaneng tsa Bibela tsa Mathaio kgaolo 7, temana 12 di dirang gore go tlhomologa ga molao-motheo ono o o kaelang go bonale ka gone.
Tswee-tswee tlhokomela gore lefa mafoko a diphetolelo tseno a farologana, molao one ke wa mmatota. Mo godimo ga moo, ke fela jaaka Jesu a ne a bolela jaana mo Therong ya gagwe ya Thabeng pelenyana: “Lōpañ, me lo tla nèwa; batlañ, me lo tla bōna: kgwanyakgwanyañ, me lo tla bulèlwa: Gonne moñwe le moñwe eo o lōpañ oa amogèla: le eo o batlañ oa bōna: me go bulèlwe eo o kgwanyakgwanyañ.” (Mathaio 7:7, 8) Go kopa, go batla, go kokota, ke dikgato tse di tshwanetseng go tsewa. “Ke gōna, cotlhe,” Jesu o ne a tswelela jalo, “tse lo ratañ batho ba di lo dihèla, le lona lo ba diheleñ hèla yalo.”—Mathaio 7:12.
Bibela e bontsha gore barutwa ba ga Jesu le bone ba ne ba buelela gore go tshelwe ka molao ono o o tshwanang. (Baroma 15:2; 1 Petere 3:11; 3 Yohane 11) Lefa go le jalo, ka mo go sa itumediseng, boemo jwa gone jaanong jwa dikamano tsa batho bo tlhomamisa gore, gantsi, batho, ba ba bidiwang Bakeresete le bao eseng bone, ga ba o latele. A seno se raya gore molao ono o o amogetsweng wa boitsholo ga o tlhole o ka dirisiwa? A gongwe o feletswe ke nako?
[Lebokoso mo go tsebe 3]
“Direla batho ba bangwe sotlhe se o ka ratang ba se go direla.”—The Holy Bible, e e ranotsweng ke R. A. Knox.
“Tshwara batho ba bangwe ka tsela e e tshwanang fela le ka moo o ka ratang ba go tshwara ka yone.”—The New Testament in Modern English, ya ga J. B. Phillips.
“Sengwe le sengwe se o eletsang ba bangwe ba se dira mo go wena le go se go direla, le wena o tshwanetse go se dira mo go bone le go se ba direla.”—The Amplified New Testament.
“Direla ba bangwe sengwe le sengwe se o batlang ba se go direla.”—The New Testament in the Language of Today, ya ga W. F. Beck.
“Mo mabakeng otlhe, tshwara batho-ka-wena fela kafa o neng o ka rata gore ba go tshware ka gone.”—The Four Gospels, e e ranotsweng ke E. V. Rieu.
“O tshwanetse go ithuta go dirisana le ba bangwe fela kafa o batlang ba dirisana le wena ka gone.”—The New Testament, ya ga C. B. Williams.