Tshenolō—Konelo ya Yone e e Molemolemo e Atametse!
“Kgatiso eno [ya leina le le fa godimo] e bontsha ka tsela e e gakgamatsang lorato lo logolo le kamego eo Mmopi wa rona a nang le yone mo bathong ba gagwe,” go kwala jalo mmadi mongwe yo o anaanelang go tswa kwa Washington State. “Eleruri e nonotsha tumelo ebile e go tlhotlheletsa go bala lefoko lengwe le lengwe.”
Mmadi yo a anaanelang yono o oketsa jaana: “Tsela eo kgaolo nngwe le nngwe e kwadilweng ka yone ke e e matsetseleko. Ke anaanela go kwalwa ga ditemana tse di tlhalosiwang ka mokwalo o mokima, le eleng ditshwantsho tsa yone tse dintle le ditšhate. Ga ke kgone go tlhalosa ka moo ke ikutlwang ka gone fa ke e bala. Ka dinako tse dintsi ke ne ka gelela dikeledi.”
Re akanya gore le wena o tla kgatlhiwa ke ditlhaloso tse di phepafetseng, tse di utlwalang tsa dibatana, kgogela, seaka se segolo, le dilo tse dingwe tsa tshwantshetso tsa Tshenolō. O tla bona gore di kaya eng mo motlheng wa rona. Buka eno e e kgatlhisang ya khabara e e thata, eo bogolo jwa yone bo lekanang le tsebe ya makasine ono, e re naya tlhatlhobo ya temana ka temana ya buka yotlhe ya Bibela ya Tshenolō. E otore gompieno. Ke R7,50 poso e dueletswe.
Tswee-tswee nthomelelang buka ya ditsebe tse 320 Tshenolō—Konelo ya Yone e e Molemolemo e Atametse! ke romela R7,50.