LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w89 10/1 ts. 30-31
  • Dipotso Tse Di Tswang go Babadi

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Dipotso Tse Di Tswang go Babadi
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1989
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Etleetsegang!
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1984
  • Ka “Bokhutlo”
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2009
  • Baaposetoloi ba Kopa Sesupo
    Jesu ke Tsela, Boammaaruri le Botshelo
  • Nnang Lo Thantse mo “Motlheñ oa Bokhutlō”
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1992
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1989
w89 10/1 ts. 30-31

Dipotso Tse Di Tswang go Babadi

◼ A Bakeresete ba lekgolo la ntlha la dingwaga ba ne ba dumela gore bokhutlo jwa tsamaiso eno ya dilo bo ne bo tla tla ba santse ba tshela?

Balatedi ba ga Jesu ba lekgolo la ntlha la dingwaga ba ne ba tlhoafaletse go tla ga bokhutlo fela thata. Jaaka re tla bona, bangwe ba bone ba ne ba swetsa ka gore bokhutlo bo ne bo setse bo le gaufi thata, bo ne bo tla tla ka yone nako eo. Pono ya bone e ne e tlhoka go baakanngwa. Mme eleruri ga go phoso gore Bakeresete, ba nako eo kana ba jaanong, ba dumele ka tlhoafalo gore bokhutlo jo bo boleletsweng pele bo tshwanetse go tsewa jaaka selo seo se leng gaufi mme ba tshele letsatsi le letsatsi ba itse seo.

Fa a ne a araba potso ya barutwa ba gagwe kaga “seshupō” sa go nna gone ga gagwe, Jesu o ne a ba tlhagisa jaana: “Ke gōna, disañ: gonne ga lo itse letsatsi ye Morèna oa lona o tla tlañ ka yeōna.” (Mathaio 24:3, 42) Go nna ba disitse jalo go tshwanetse ga ama kafa ba itshwarang ka gone, ka go bo Keresete o ne a oketsa jaana: “Me lo itlhōkōmèlè, gore e se re kgotsa dipelo tsa lona tsa imahadiwa ke go kgora bobe, le ke go tagwa, le ke ditlhodiègèlō tsa botshelō yono, me letsatsi yeuō ya lo wèla ka choganeco . . . Me lona lebèlèlañ ka metlha eotlhe, me lo rapèlè gore lo kaiwè ha lo chwanetse go halola mo diloñ tse cotlhe tse di tla dihalañ, le go èma ha pele ga Morwa Motho.”—Luke 21:34-36.

Tlhokomela gore Jesu o ne a ba naya kgakololo eno morago ga go bolela ditiragalo tseo di neng di tla bopa “seshupō.” Jalo baaposetoloi ba ne ba tlhagisitswe gore dilo dingwe di ne di tshwanetse go diragala mo hisitoring pele ga bokhutlo. Lefa go ntse jalo, dibeke di le mmalwa moragonyana, ba ne ba botsa Jesu yo o tsositsweng jaana: “Morèna, a u bosetsa Iseraela bogosi ka baka lono?” O ne a araba ka go re: “Ga se ga lona go itse metlha kgotsa dipaka, tse Rara o di ipeetseñ mo thateñ ea gagwè.”—Ditihō 1:6, 7.

Re kgona go bona go tswa mo go seno gore balatedi ba ba neng ba le gaufi thata le Jesu ba ne ba tlhoafaletse gore bokhutlo bo tle ka bonako mo eleng gore ba ne ba itlhokomolosa seo a neng a sa tswa go se ba bolelela ka bosupi jo bo tla bonalang joo bo neng bo tshwanetse go diragala ka nako ya go nna gone ga gagwe pele ga bokhutlo.

Re bona sesupo se sengwe gape sa go tlhoafala ga bone mo makwalong a ga moaposetoloi Paulo a a yang kwa Bakereseteng ba Thesalonia. O ne a kwala jaana mo e ka nnang ka 50 C.E.: “Me kaga metlha le dipaka, ba ga echo, ga go batlwe gore lo ka kwalèlwa señwe. Gonne le lona ka losi lo itse sentlè ha letsatsi ya Morèna le tla hèla yaka legodu bosigo. Yalo a re se robaleñ, yaka ba bañwe ba tla ba dihè, me a re lebeleleñ, re nneñ boitekanèlō.” (1 Bathesalonia 5:1, 2, 6) Bangwe ba Bakeresete bao ba ba tloditsweng ka moya ba ne ba akanya gore seno se raya gore go nna gone ga ga Jesu (mo letsatsing leo Jehofa a tla bolayang baikepi ka lone) go ne go setse go tla tla, ka bonako.

Mme go ne go sa nna jalo. Ebile tota, Paulo o ne a ba kwalela jaana mo lokwalong lwa gagwe lwa bobedi: “Rea lo rapèla, . . . kaga go tla ga Morèna oa rona Yesu Keresete, le go phuthègèla ga rona kwa go èna; Rea re, lo se ka loa ba loa tshikiñwa mogopolō, leha e le go huduiwa ke mōea moñwe, leha e le ke puō, leha e le ke lokwalō lo go ka tweñ lo cwa kwano go rona, go etsa yaka ekete letsatsi ya Morèna le setse le le ha; Opè motho a se ka a lo hora ka mokgwa opè; gonne ga go ketla go dihala, ha tenègō e sa tle pele, le ha monna oa boleo a sa senolwe, eo e leñ morwa tatlhègō.”—2 Bathesalonia 2:1-3.

Seno se ne se sa reye gore ba ne ba ka latlhelela fela kaga go nna gone ga ga Jesu le bokhutlo jwa tsamaiso eno. Tlhagiso eno ya ga Jesu e ne ya nna e nntse e tlhotlheletsa le go feta fa dingwaga di ntse di feta: “Ke gōna, disañ: gonne ga lo itse letsatsi ye Morèna oa lona o tla tlañ ka yeōna.”

Ka gone, morago ga mo e ka nnang dingwaga di le tlhano morago ga go kwala lokwalo lwa Bathesalonia wa bobedi, Paulo o ne a kwala jaana: “E setse e le lobaka loa lona loa go coga mo borokoñ: gonne gompiyeno polokō e re atametse bogolo go yale ka re simolola go dumèla. Bosigo bo setse bo hetile, me bosa bo atametse; me ke gōna, a re latlheñ ditihō tsa lehihi, me re apareñ moichomèlō oa phemèlō oa lesedi.” (Baroma 13:11, 12) Morago ga dingwaga tse dingwe gape tse tlhano, Paulo o ne a gakolola Bakeresete ba Bahebera jaana: “Lo chwanetse go diha na le bopelotelele, gore e tle e re lo sena go diha go rata ga Modimo, lo bo lo amogèlè polèlō ea choloheco. Gonne go sa nntse go le lobakanyana, me eo o tlañ o tla tla, me ga a ketla a dièga.” (Bahebera 10:36, 37) Mme, mo temaneng ya bobedi go tswa kwa bofelong ya Tshenolō, moaposetoloi Johane o ne a kwala jaana: “Eo o tlhōmamisañ dilō tse, a re, E: Ke tloga ke tla ka bonakō. A go nnè yalo: Tla, Morèna Yesu.”—Tshenolō 22:20.

Kwantle ga pelaelo, Mokeresete wa bogologolo koo o ne a sa akanye ka go senang tlhaloganyo fa a ne a ikutlwa gore bokhutlo bo ne bo ka nna jwa tla a santse a tshela. Mme fa ka kotsi, kana ka tlholego fela, a ne a ka swa pele ga bokhutlo, o ne a tla bo a tshedile ka tlhaloganyo ya gore nako e potlakile eleng seo Jesu le Dikwalo tse di tlhotlheleditsweng di neng di se tlhalosa.

Sotlhe seno se dira le eleng go feta mo go rona, mo oureng eno ya bofelo ya bosigo eo re tshelang mo go yone. Fa re kwala mafoko a ga Paulo ka tsela nngwe gape, ga re kake ra ganela gore ‘jaanong poloko ya rona e setse e le gaufi le go gaisa ka nako ya fa Bakeresete ba pele ba ne ba fetoga badumedi mme le eleng fa rona ka borona re ne re fetoga badumedi. Bosigo bo setse bo ile; mme letsatsi eleruri le setse le atametse.’

Re ile ra kgona go bona mo hisitoring bosupi jo bo bonalang jo bo ntseng bo koamela pele go tloga ka Ntwa ya Lefatshe I, bosupi jo bo supang gore re mo bokhutlong jwa tsamaiso eno ya dilo. Go na le go fopholetsa fela gore bokhutlo bo tla tla leng, re tshwanetse go tshwarega mo go rereng mafoko a a molemo, ao a ka bolokang matshelo a rona le matshelo a ba bangwe ba le bantsi.—1 Timotheo 4:16.

Re na le mabaka a le mantsi a go lebelela gore go rerwa gono go tla wediwa mo nakong ya rona. A seno se raya pele ga kgwedi e e tlang, ngwaga o o tlang, dingwaga-some tse di tlang, le dingwaga-kgolo tse di tlang di simologa? Ga go motho ope yo o itseng, ka gonne Jesu o ne a re ‘le eleng baengele ba legodimo’ ba ne ba sa itse. (Mathaio 24:36) Mo godimo ga moo, ga go tlhokege gore re itse seo fa re ntse re tswelela re dira se Morena a re laetseng go se dira. Se se botlhokwa thata ke gore go rata ga Modimo le tiro ya gagwe e dirwe le gore re tseye karolo ka botlalo mo go yone. Ka jalo re ka “[kaiwa re] chwanetse go halola mo diloñ tse cotlhe tse di tla dihalañ, le go èma ha pele ga Morwa Motho.”—Luke 21:36.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela