LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w89 10/1 ts. 31
  • Aids—‘A ke Tshimologo ya Boitsholo jo Bosha’?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Aids—‘A ke Tshimologo ya Boitsholo jo Bosha’?
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1989
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1989
w89 10/1 ts. 31

Aids—‘A ke Tshimologo ya Boitsholo jo Bosha’?

MORAGO ga go bontsha gore ngaka nngwe ya sekgoa e ne ya bolela gore “go nna le mosadi a le mongwe fela yo o mo nyetseng” ke yone tsela fela ya go tila go tsenwa ke AIDS ka tlhakanelo-dikobo, mokwala-dikgang mongwe wa kwa Canada o botsa jaana: “A bolwetsi jo bo tshosang jwa AIDS e ka tswa e le yone tshimologo ya mokgwa o mosha wa boitsholo mo lefatsheng leno la rona?” Mokwadi o ne a ipotsa gape, gore a go ka tswa “go sa gakgamatse” gore seo Bibela e sa bolong go se ruta ka dingwaga di le dintsi, eleng, go nyala mosadi a le mongwe, “e ka tswa jaanong e le yone tsela fela eo batho ba ka falolang ka yone.” Fa e bua gape ka lefatshe la gompieno la “diokobatsi, motsoko, bojalwa, mme e sa tlogele, tlhakanelo-dikobo e e feteletseng,” pampiri eo ya dikgang e bua jaana: “Jaanong re roba matswela a lefatshe la ditshwantsho tse di tlhotlheletsang tlhakanelo-dikobo, la bopepe, le leo le kgotlelang leo le dirilweng ke rona.”

Lefa go le molemo go solofela gore boitsholo bo tla tokafala le gore batho ba tla kgona go tshela, a ke go boifa fela gore motho o ka swa ka pela kana gore batho ba tla fela go tla lereng “boitsholo jo bosha gotlhelele”? Nnyaa, ka go bo go sa kgathalesege ditlhagiso tsa dingaka le babatlisisi, batho ba bantsi ba ba gogang motsoko le ba ba nwang bojalwa fela thata ka boeleele ba tswelela go senya boitekanelo jwa bone, ba fedisa matshelo a bone e ise e nne nako. Mme basodoma bangwe ba ile ba bolela gore ba tla tswelela fela ba ntse ba na le balekane ba bantsi le eleng lefa ba le mo kotsing ya go tsenwa ke AIDS.—Diane 10:21, 23.

Ke eng he, seo se ka thibelang batho sentle gore ba seka ba dira bosula? Eleruri, ke go boifa le go tlotla Jehofa ka tshwanelo, ka go ikobela melao ya gagwe ya boitsholo. “Go boiha Yehofa ke tshimologō ea kicō.” Mme kitso e e ntseng jalo e naya botlhale joo ka boammaaruri bo kgonang go “boloka botshelō yoa eo o nañ nayō.”—Diane 1:7; Moreri 7:12.

Ka mo go utlwalang, mokaedi yoo wa pampiri ya dikgang, fa a lemoga gore AIDS e ka kgona go tsena motho ka go tshelwa madi, o ne a botsa gape jaana: “A ga go kgatlhise gore rona ba re ileng ra kgala Basupi ba ga Jehofa ka go gana ga bone go tshelwa madi . . . ke rona bao jaanong re dirang se se tshwanang mme e le ka mabaka a sele?”

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela