Tshimologo ya Dihele
“DIHELE,” go tlhalosa jalo New Catholic Encyclopedia, ke lefoko “leo le dirisediwang go supa lefelo la ba ba atlhotsweng.” Saetlopedia ya Baporotesetanta e tlhalosa dihele jaaka “lefelo leo baikepi ba tla otlhaelwang kwa go lone mo nakong e e tlang.”a Mme go dumela mo lefelong le le ntseng jalo le go otlhaelwang kwa go lone morago ga loso ga go dumelwe fela ke ba dikereke tse dikgolo tsa La-Bodumedi. Go simologile makgolokgolo a mantsi a dingwaga pele La-Bodumedi e nna gone.
Dihele tsa Mesopotamia
Mo e ka nnang dingwaga tse 2 000 pele ga go tsalwa ga ga Jesu, Basumera le Bababelona ba ne ba dumela mo lefatsheng le le kafa tlase leo ba neng ba le bitsa Lefatshe le go sa Boiweng kwa go Lone. Tumelo eno ya bogologolo e supiwa ke maboko a Basumera le Baakadia ao a itsegeng jaaka “Leboko la ga Gilgamesh” le “Go Fologela ga ga Ishtar kwa Lefatsheng le le kwa Tlase.” Ba tlhalosa lefelo leno la baswi jaaka ntlo e e lefifi, “ntlo eo go seng ope yo o tswang mo go yone fa a tsene.”
Fa e le ka maemo a koo, temana ya bogologolo ya Seasiria e bolela gore “lefatshe le le kwa tlase le ne le tshosa fela thata.” Kgosana nngwe ya Moasiria eo go bolelwang gore e ne ya bontshiwa lefelo leno le le kwa tlase la baswi o ne a bolela gore “maoto a gagwe a ne a roroma” ka baka la seo a neng a se bona. O ne a kwala jaana fa a ne a tlhalosa Nergal, kgosi ya lefatshe le le kwa tlase: “O ne a lela fela thata a nkgoa ka bogale ekete ke sefefo se se maswe.”
Ditumelo tsa Seegepeto le tsa Botlhaba
Baegepeto ba bogologolo ba ne ba dumela gore moya ga o swe, mme ba ne ba na le dikgopolo tsa bone ka lefatshe la morago ga loso. The New Encyclopœdia Britannica e bua jaana: “Dikwalo tsa Baegepeto tsa diphitlho di supa fa tsela e e yang kwa lefatsheng le lengwe e dikologilwe ke dilo tse di tshosang le tse di kotsi: dilalome tse di boitshegang, madiba a molelo, dikgoro tse di sa tsenweng kwantle ga fa fela go dirisiwa maselamose, le motsamaisa-sekepe yo o bosula yoo maikaelelo a gagwe a a bosula a ka senngwang fela ka maselamose.”
Ditumelo tsa Se-India le tsa Se-Iran di ne tsa nna le ditumelo tse di farologaneng tsa go otlhaiwa morago ga loso. Mabapi le Bohindu, Encyclopœdia Universalis (Universal Encyclopedia) ya Sefora e bua jaana: “Go na le ditlhaloso tse di senang palo tsa Bahindu tsa dihele di le 21. Baleofi ba jewa ke dibatana tsa naga le dinoga, ba a gadikiwa ka go sa lape, ba kgaolwa ditokitoki ka shaga, ba bogisiwa ka tlala le lenyora, ba apeiwa ka lookwane, kana ba silwa go nna boupe mo dipitseng tsa tshipi kana tsa letlapa.”
Ba-Jain le Babuda le bone ba na le ditlhaloso tsa bone tsa dihele, koo baleofi ba ba sa ikotlhaeng ba tlhokofadiwang gone. Se-Zoroaster, seo se simolotseng kwa Iran, kana kwa Persia, le sone se na le dihele—lefelo le le tsididi, le le nkgang bosula koo meya ya baleofi e tlhokofadiwang gone.
Ka mo go kgatlhisang, go lebega ekete ditlhokofatso tsa dihele tsa Baegepeto, Bahindu, Ba-Jain, Babuda le Ba-Zoroaster ga se tsa goyagoile. Go ya ka ditumelo tseno, morago ga go bogisiwa ka nako e e rileng, meya ya baleofi e fetisediwa kwa lefelong le lengwe kana mo boemong jo bongwe, go ya ka tumelo ya bodumedi joo kaga bofelelo jwa motho. Dikgopolo tsa bone tsa dihele di tshwana le pakatori ya Sekatoliki.
Dihele tsa Bagerika, Ba-Etruria, le Baroma
Bagerika ba bogologolo ba ne ba dumela gore moya (psy·kheʹ, lefoko leo ba neng gape ba le dirisetsa serurubele) ga o swe. Ba ne ba bitsa Hades lefelo la baswi mme ba dumela gore le ne le busiwa ke modimo o o bidiwang ka lone leina leo. Mo bukeng ya gagwe Orpheus—A General History of Religions, mokanoki wa Mofora Salomon Reinach o ne a kwala jaana ka Bagerika: “Tumelo e e tlwaelegileng ya bone ke gore [moya] o ne o tsena mo mafelong a baswi morago ga go kgabaganya noka ya Styx ka mokorwana wa motsamaisa-mokorwana wa bogologolo Charon, yoo a neng a batla go duelelwa loeto loo ka obolus [ledi] eo e neng e tsenngwa mo molomong wa motho yo o suleng. Kwa mafelong ano a baswi moya o ne o sekisiwa ke baatlhodi ba bararo ba lefelo leo . . . ; fa o ne o ka atlholwa ka ntlha ya melato ya one, o ne o tla bogisiwa mo Tartarus. . . . Bagerika ba bile ba bo ba tlhama Limbo, lefelo la bana ba ba suleng esale masea, le Pakatori, koo meya e neng e ntlafadiwa gone ka kotlhaonyana e e seng botlhoko thata.” Go ya ka The World Book Encyclopedia, meya e e neng e felela kwa Tartarus “e ne e bogisiwa ka bosakhutleng.”
Kwa Italy Ba-Etruria, bao tlhabologo ya bone e tlileng pele ga ya Baroma le bone, ba ne ba dumela mo go otlhaiweng ga morago ga loso. Dictionnaire des Religions (Dictionary of Religions) e bua jaana: “Tlhokomelo e e feteletseng eo Ba-Etruria ba neng ba e naya baswi ba bone e tlhalosiwa ke kgopolo ya bone kaga mafelo a baswi. Jaaka Bababelona, ba ne ba leba mafelo ano e le a go tlhokofalediwang meya ya ba ba suleng gone le a a ngomolang pelo. Ba ne ba ka gololesega fela fa bana ba bone ba ne ba dira ditlhabelo mo boemong jwa bone.” Buka e nngwe e bua jaana: “Matlapa a mabitla a Ba-Etruria a bontsha mafelo a a tshosang ao a ileng a tlhotlheletsa Bakeresete go tshwantsha dihele.”
Baroma ba ne ba tsaya dihele tsa Ba-Etruria, ba di bitsa Orcus kana Infernus. Gape ba ne ba tsaya ditlhamane tsa Segerika kaga Hades, kgosi ya lefatshe la baswi, ba e bitsa Orcus, kana Pluto.
Dikwalo tsa Bajuda le tsa Bahebera
Go tweng ka Bajuda ba pele ga motlha wa ga Jesu? Re bala jaana kaga bone mo go Encyclopœdia Britannica (1970): “Go tloga ka lekgolo la bo-5 la dingwaga B.C. go ya pele, Bajuda ba ne ba atamalane thata le Baperesia le Bagerika, bao ka bobedi ba neng ba na le dikgopolo tseo ba di itlhametseng tsa ditiragalo tsa morago ga loso. . . . Ka nako ya ga Keresete, Bajuda ba ne ba setse ba na le tumelo ya gore meya e e bosula e ne e tla otlhaiwa mo Gehena.” Lefa go ntse jalo, Encyclopœdia Judaica e bua jaana: “Ga go kakantsho epe e e fitlhelwang mo Dikwalong kaga kgopolo eno ya moragonyana ya Gehena.”
Mafoko ano a bofelo a boammaaruri. Ga go sepe mo Dikwalong tsa Sehebera seo se akantshang go otlhaiwa ga morago ga loso ga moya mo diheleng tse di molelo. Thuto eno e e tshosang e simologile kwa ditumelong tsa morago ga Morwalela tsa Babelona, eseng mo Bibeleng. Thuto ya La-Bodumedi ya go bogisiwa mo diheleng e simologile kwa Babelona wa bogologolo. Kgopolo ya Bakatoliki ya go ntlafadiwa ka go bogisiwa mo pakatoring e simologile kwa ditumelong tsa bogologolo tsa Seegepeto le tsa Botlhaba. Limbo e tserwe mo ditumelong tsa Segerika. Ba-Etruria ba ne ba rapelela le go isetsa baswi ditlhabelo.
Mme dithuto tseno tsa go bogisiwa ga morago ga loso motho a ntse a ikutlwa di thailwe mo dikakanyong dife?
[Ntlha e e kwa tlase]
a Cyclopœdia of Biblical, Theological, and Ecclesiastical Literature, ya ga M’Clintock le Strong, Bolumo 4, tsebe 165.
[Setshwantsho mo go tsebe 5]
Go kgabaganya Styx jaaka go tlhalosiwa ke Dante’s “Inferno”
[Motswedi wa Setshwantsho]
Dover Publications, Inc.