LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w89 10/1 ts. 3
  • A Dihele Di A Fisa?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • A Dihele Di A Fisa?
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1989
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Go Diragetseng ka Molelo wa Dihele?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2002
  • Boammaaruri Kaga Dihele
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1989
  • Ke Bomang ba ba Yang Kwa Diheleng?
    Dikarabo Tsa Dipotso Tsa Baebele
  • Dihele ke Eng? Baebele E a Re Dihele ke Eng?
    Dikarabo Tsa Dipotso Tsa Baebele
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1989
w89 10/1 ts. 3

A Dihele Di A Fisa?

“KA NAKO nngwe mo dingwageng tsa bo-1960, Dihele di ne tsa nyelela.” Go ne ga bua jalo mokwadi wa Moboritane David Lodge mo bukeng ya gagwe Souls and Bodies, mme mafoko a gagwe a supa ka moo Bakatoliki le Baporotesetanta ba le bantsi ba ntseng ba akanya ka gone mo masomeng a dingwaga tsa morago ga ntwa ya bobedi ya lefatshe. Ka lobakanyana, dikereke tse dintsi tse dikgolo di ne tsa kgaotsa go bua ka thuto ya tsone ya kafa molaong ya dihele tse di molelo ka maiteko a tsone a go fetogela mo mokgweng wa segompieno wa go akanya.

Batho ba bantsi ba ne ba sa amogele kgopolo ya gore ba ka otlhaiwa morago ga loso ka gonne le gone go akanya fela ka boleo go ne go le letobo mo megopolong ya bone. Fa Mokadinale wa Roma Ratzinger a ne a botsolotsiwa ka 1984 o ne a bua jaana: “Tlhabologo ya rona . . . e remeletse mo go tlhofofatseng seemo le mo dilong tse re kokobetsang batho dipelo ka tsone ka maiteko a go dira batho gore ba se ikutlwe ba le molato, wa boleo . . . , eleng sone seo eleruri se nyalanang le tumelo ya dihele le Pakatori.”

A gompieno go a kgonega go dumela gore boleo bo gone kwantle ga go amogela thuto ya go otlhaiwa morago ga loso mo pakatoring le kwa diheleng? Buka ya bosheng, Abrégé de la foi catholique (Summary of the Catholic Faith), e ne ya botsa ka papamalo fela mo ketapeleng ya yone e e kwadilweng ke Mokadinale wa Mofora Decourtray jaana: “A go botlhokwa go dumela mo diheleng?” Karabo: “Ga go kgonege gore go ka itlhokomolosiwa kgang e e tshosang ya dihele.” Buka Vatican Council II—More Postconciliar Documents (1982) e tsopotse “Tumelo ya Batho ba Modimo” e bua jaana: “Re a dumela . . . [gore] bao ba ileng ba arabela loratong le bopelotlhomogi jwa Modimo ba tla bona botshelo jo bo sa khutleng. Bao ba di ganneng gotlhelele ba tla ya kwa molelong o o sa timeng.”

Jalo, go sa kgathalesege maiteko a baruti a go leka go supa ka mo go farologaneng, molelo wa dihele e santse e le karolo ya dithuto tsa kafa molaong tsa Katoliki. Lefa go le jalo, A New Dictionary of Christian Theology (1983) e bua ka “tseanyo” le “go sa jeseng di welang” goo thuto eno ya go atlholwa ka bosakhutleng e felelang ka gone mo malokong a mantsi a dikereke tsa La-Bodumedi gompieno. Ba na le bothata jwa go nyalanya thuto eno le kgopolo ya gore Modimo o lorato. Ba ipotsa go re: ‘A thuto ya gore dihele di molelo ke thuto ya Bokeresete ya Bibela? Fa go sa nna jalo, e simologile kae?’

[Motswedi wa Setshwantsho mo go tsebe 3]

Bourges Cathedral, France

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela