Ditshwantsho go Tswa Lefatsheng le le Solofeditsweng
Jopa—Boemela-kepe jo bo kwa Godimo jwa Bogologolo
ISERAELE wa bogologolo o ne a na le lotshitshi lo loleele lo lo motlhaba lwa lewatle. Lefa go le jalo Baiseraele ba ne ba sa itsege thata jaaka batho ba ba tsamayang mo lewatleng. Go lebega seemo sa lotshitshi lwa bone lwa lewatle e ne e le sone lebaka la seo.
E ne e le mogolagang wa matshitshi a a tlhomaganeng le meboto ya mmu, ao a neng a diriwa ke motlhaba o o neng o gogolelwa mo lewatleng ke Noka ya Nile.a Fa o ne o kile wa tsamaya ka lone go tswa kwa molelwaneng wa Egepeto, o ka bo o se kile wa bona boemela-kepe bope jwa tlholego jo bo tlhomologileng go gaisa jono kafa borwa jwa Thaba ya Karemela.
Mme fa o le fa e ka nnang mo bogareng jwa lotshitshi lwa lewatle lwa Iseraele o ka bo o ile wa bona motse wa Jopa o o mo godimo ga thaba. Jaaka setshwantsho seno se bontsha, go na le matlapa a a tlhomaganeng fa thoko ga lewatle ao a dirang boemela-kepenyana jo bonnye. Lefa boemela-kepe jo a neng a bo dira bo ne bo le bonnye mo go joo bo neng bo le kgakajana kwa bokone kwa Acre (Ptolemaïs) bo ne bo santse bo dira Joppa go nna ya maemo a a kwa godimo. (Ditihō 21:7) Jopa e ne e ntse e le lefelo le le gaisang la boemelo jwa dikepe go bapa le lotshitshi, pele Herode yo Mogolo a aga boemela-kepe jwa maitirelo jwa Kaesarea. Seno se sedimosa dilo dingwe tseo Bibela e buang ka tsone ka Jopa.
Hurame kgosi ya Ture o ne a bua jaana fa a ne a batla go thusa Solomone mo kagong ya tempele: “Re tla rèma ditlhare mo Lebanona kaha u di tlhōkañ ka gōna: re tla di isa kwa go wèna ka lewatlè kwa Yopa di bohilwe makawè; me u tla itse go di rwala u di isa kwa Yerusalema.” (2 Ditihalō 2:1, 11, 16) Dikota tseno di ka nna tsa bo di ile tsa romelwa go tswa kwa maemelong a dikepe a Fonekia a Ture kana Sidona. (Isaia 23:1, 2; Esekiele 27:8, 9) Dikota tseno tsa ditlhare tsa mosedara di ne tsa feta ka Karemela, mme tsa fitlha kwa Jopa. Go tloga koo masedara ao a ne a ka isiwa kwa Jerusalema, dikilometara tse 55 kafa botlhaba/borwa-botlhaba. Gape Jopa e ne e le boemela-kepe jwa dikota tsa mosedara fa Bajuda ba ne ba tsosolosa tempele morago ga go boa kwa botshwarwa.—Esere 3:7.
Gongwe banna ba ba neng ba tsamaisa dikota tseno ba ne ba palama dikepe tsa Fonekia, tse di tshwanang le tse di mo setshwantshong seno. Fa o ntse o se ithuta, gakologelwa gore morago ga gore Jehofa a rome Jona kwa Ninife, moperofeti yoo o ne a tshabela kwa lefelong le sele. “[Jona] a hologèla kwa Yopa, a hitlhèla shepa gōna se se eañ kwa Tareshisha: me a se ntshetsa madi a tsamaō, a hologèla mo go shōna, a re, o ea nabō kwa Tareshisha a cwa mo ponoñ ea ga Yehofa.”—Yona 1:1-3.
Go lebega gore Jona o ne a palama mofuta ono wa sekepe sa dithoto se se neng se kgona go tsamaya maeto a maleele mo lewatleng go tswa kwa Jopa go ya kwa Tareshisha (e go lebegang e le Spain wa bogologolo). Go lebega se ne se na le nko e telele e e gabilweng, eo gaufi le yone go neng go na le letlapa le le emisang sekepe. Bapalami, batsamaisi, le dithoto dingwe di ne di kgona go tsena mo sekepeng se se sa bontshiwang mo setshwantshong. Kafa tlase go ne go na le mabeelo koo dithoto tse dintsi di neng di ka bewa gone mme ke gone koo Jona a neng a ya go robala gone. Sekepe se ne se dirilwe ka dikota tse di thata tsa junipera mme se ne se na le pinagare e le nngwe e e neng e tshegetsa seile e tona ya letsela. Tlhokomela gore go na le ditsamaisa-mokoro mo letlhakoreng lengwe le lengwe (go lebega e ka nna tsa moakere o o tswang kwa Bashana). Jaanong akanya ka sekepe se se mo lewatleng le le nang le sefefo se se maatla. Utlwa jaaka batsamaisa-sekepe ba goela kwa medimong ya bone gore e ba thuse go fitlha fa kwa bofelong ba tshwanelwa ke go latlhela Jona kwantle ga mokoro go iphalotsa.—Esekiele 27:5-9; Yona 1:4-15.
Jopa wa lekgolo la ntlha la dingwaga e ne e le legae la phuthego ya Bokeresete, eo bangwe ba yone ba ka tswang ba bo ba kile ya bo e le badiri ba boemela-kepe kana batsamaisa-dikepe. Leloko lengwe la phuthego eno e e fa lewatleng e ne e le mosadi wa Mojuda Dorekase (Tabitha). “O na a tletse ditihō tse di molemō, le dikacō tse o di dihañ.” Dorekase o ne a lwala a bo a swa ka ngwaga wa 36 C.E., mme seo sa dira gore ba bantsi ba mo lelele, ba gakologelwa ditiro tsa gagwe tse dintsi tse di molemo. Bakeresete-ka-ene ba ne ba lere moaposetoloi Petere go tswa kwa Lida (Lod wa segompieno, gaufi le boemela-fofane jwa Tel Aviv) go ya kwa Jopa. Petere o ne a tsosa kgaitsadi yono yo o rategang, eleng kgakgamatso eo e neng ya “itsiwe mo motsiñ otlhe oa Yopa: me batho bantsi ba dumèla.”—Ditihō 9:36-42.
Petere o ne a nna mo Jopa ka lobakanyana kwa ntlong ya ga Simone, mosugi wa matlalo. Ke gone fano koo moaposetoloi a neng a bona ponatshegelo e e neng ya mo dira gore a tseye bakaulengwe bangwe ba phuthego ya Jopa go ya kwa bokone ka tsela e e fa thoko ya lewatle e e yang kwa boemela-kepeng jo bosha jwa Kaesarea. Koo Petere o ne a rerela le go kolobetsa moofisiri wa masole a Roma Korenelio, Moditšhaba wa ntlha go fetoga Mokeresete yo o tloditsweng ka moya. (Ditihō 9:43–10:48) Abo go tshwanetse ga bo go ile ga nna le boipelo le boitumelo jang ne kwa Jopa fa bakaulengwe ba ne ba boa ka dikgang tsa tiragalo eno e e gakgamatsang mo hisitoring ya Bokeresete!
Gompieno baeti ba bantsi ba etela Jopa, eo e leng karolo ya Tel Aviv-Jaffa ya segompieno, mme ba kgona go gakologelwa ka bofefo fela ditiragalo tsa Bibela tse di diragetseng kwa boemela-kepeng jo bo kwa godimo jono.
[Ntlha e e kwa tlase]
a O ka bona lotshitshi lo lo motlhaba lono motlhofo mo setshwantshong se se tserweng go tswa kwa godimo mo khabareng ya 1989 Calendar of Jehovah’s Witnesses. Khalendara eno gape e re bontsha setshwantsho se segolwane se se tserweng go tswa kwa godimo sa Jopa.
[Motswedi wa Setshwantsho mo go tsebe 16]
Pictorial Archive (Near Eastern History) Est.
[Motswedi wa Setshwantsho mo go tsebe 17]
Pictorial Archive (Near Eastern History) Est.