LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w89 12/1 ts. 31
  • Dipotso Tse Di Tswang go Babadi

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Dipotso Tse Di Tswang go Babadi
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1989
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Letlole la Dipotso
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—1992
  • Go Thusa ba Bangwe go Obamela Modimo
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1988
  • Bareri ba Dikgang Tse di Molemo
    Re Rulaganyeditswe go Dira Thato ya ga Jehofa
  • Ruta Bana ba Gago go Baka Jehofa
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—2007
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1989
w89 12/1 ts. 31

Dipotso Tse Di Tswang go Babadi

◼ Ka ntlha ya tshedimosetso ya bosheng mabapi le go simolola mo bodiheding jwa phatlalatsa ga ba ba sa kolobediwang, a seithuti sa Bibela se ka lalelediwa go dira ka nakwana go bona fela ka moo tiro e dirwang ka gone?

Totatota, bao ba sa kolobediwang bao ba kopanelang le Basupi ba ga Jehofa mo tirelong ya tshimo ke batho bao ba tshwanelegang jaaka baboledi ba mafoko a a molemo.

Batho ba le bantsi ka kakaretso ba tlotla Basupi ba ga Jehofa ka ntlha ya tiro ya bone e e sa tshwaneng le epe le e e molemo ya go ‘dira barutwa, le go ruta’ ka ntlo le ntlo le ka dithuto tsa legae tsa Bibela. (Mathaio 28:19, 20) Jalo he, ba swetsa eng kaga motho yo o kopanelang le Basupi mo bodiheding? Ka mo go utlwalang ba ka nna ba swetsa ka gore motho yoo ke modihedi kana o gaufi le go nna ene.

Ga re itlhokomolose gore ba ka nna ba akanya dilo dingwe gape.

Mo mabakeng a mangwe a a sa tlwaelegang bagolwane ba ba tshwanelegang ba ne ba letla mmegi wa dikgang, moporofesa wa kholetšhe, kana mongwe yo o tshwanang le bao go tsamaya le Mosupi mo bodiheding jwa ntlo le ntlo go bona gore seno se dirwa jang. Legale, tebego ya motho le ditiro tsa gagwe mo maemong a a ntseng jalo ga e a tshwanela go thulana le ditekanyetso tsa rona. Mme Mosupi a ka nna a batla go umaka mo go mong wa ntlo gore yo a tsamayang le ene ke mmegi wa dikgang kana ke porofesa yoo a kgatlhegelang go bona gore re dira jang tiro eno e e botlhokwa ya rona ya Bibela.

Gape, batsadi ba Bakeresete ba tla le bana ba bone mo bodiheding le eleng fa ba santse ba le babotlana thata kana ba ise ba tshwanelegele go nna baboledi ba ba sa kolobediwang. Batsadi bano ka gone ga ba tlogele bana ba bone fela ba sa ba tlhokomele. Fa ba na le bone mo tirelong ya tshimo batsadi bano ba kgona go bua le bana ba bone ka Lefoko la Modimo le ditsela tsa gagwe fa ba ntse ba “tsamaea mo tseleñ.” (Duteronome 6:4-7) Mme seno ke karolo ya botshelo jwa lelapa la Bokeresete, ga se kgang fela ya fa Mosupi mongwe a tla le motho yo mongwe fela gore a tle go bona. Legale, katiso e e ntseng jalo ya batsadi e baakanyetsa bana nako eo le bone ba tla bong ba baka Jehofa jaaka baboledi.—Mathaio 21:15, 16; bapisa le Re Rulaganyeditswe go Swetsa Bodihedi jwa Rona, ditsebe 99, 100.

Lefa go le jalo, go tweng ka motho yo Mosupi a mo tshwarelang thuto ya Bibela, motho yoo a setseng a tla nna morutwa? O na le lebaka le le molemo la go bolelela ba losika lwa gagwe, badiri-mmogo nae, baagelani, le ba bangwe kaga “ditihō tse dikgolo tsa Modimo” tseo a di ithutileng go tswa mo Dikwalong. (Ditihō 2:11) Go solofelwa gore go tla nna le nako fa a tla bo a bona botlhokwa jwa go arola le Basupi ba ga Jehofa mo dithulaganyong tseno tse di baakantsweng tsa go “bolèla lehoko ya Modimo.”—Ditihō 13:5.

Tora ya Tebelo ya bosheng e ne ya bontsha dikgato tse di tshwanetseng go tsewa pele moithuti yo o ntseng jalo a kopanela le Basupi ba mo lefelong leo mo bodiheding, a fetoga mmoledi yo o sa kolobediwang. Ke seo se itsegeng sentle gore o tshwanetse a bo a na le kitso ya motheo ya Bibela, a tlhaloganya mme a dumalana le melaometheo ya Modimo ya boitsholo, mme o tshwanetse ka boene a bo a na le keletso ya go kopanela mo bodiheding jwa phatlalatsa le Basupi ba ga Jehofa. Ka gone bagolwane ba babedi ba phuthego ba ka nna le puisano e e thusang le e e kgothatsang ka dintlha tseo le ene gammogo le Mosupi yo a ithutang Bibela le ene.a Seno se tshwanetse go dirwa pele moithuti wa Bibela a lalediwa go tsamaya le mmoledi mo bodiheding jwa tshimo go bona katiso e e tswelelang.

Re tlhaloganya gore fa moithuti a tshwanelegela go tsenela bodihedi jwa tshimo mme e le lantlha a dira jalo, a ka nna ka makgetlo a sekae a batla go tsamaya le mmoledi go ithuta ka moo tiro ya go rera e dirwang ka gone. Modihedi yo o nang nae o tla mo naya katiso e e tswelelang, jaaka go mo kopa go thusa go bala dikwalo, mme fa nako e ntse e ya go dira gore a tseye karolo mo go bueng le mong wa ntlo. Ka gone, a ka nna a tlisa pego ya gagwe ya ntlha ya tirelo fa a setse a tsaya karolo mo go neeleng bosupi mo tshimong. Go nna ga gagwe le karolo e e oketsegileng mo tirong go dumalana le mafoko ano a ga Jesu: “Morutwa ga a mogolo go heta moruti oa gagwè: me moñwe le moñwe mogañ o itekanèlañ o tla nna yaka moruti oa gagwè.”—Luke 6:40.

[Ntlha e e kwa tlase]

a Go bona tshedimosetso, bona Tora ya Tebelo ya November 15, 1988, tsebe 17.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela