LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w89 3/15 ts. 26-29
  • Go Bolela ka Bogosi mo Malaysia e e Methalethale

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Go Bolela ka Bogosi mo Malaysia e e Methalethale
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1989
  • Ditlhogwana
  • Go Fenya Dikgwetlho tsa Bodumedi
  • Go Dirisana le Dipuo le Dingwao
  • Mo “Lefatsheng la Baboloka-ditlhogo tsa Baba”
  • ‘Yo Monnye o nna Makgolo a a Some’
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1989
w89 3/15 ts. 26-29

Go Bolela ka Bogosi mo Malaysia e e Methalethale

DITEMPELE tsa Bamoselema tsa dirotobolo tse di tshasitsweng gauta, ditempele tse di nang le diobo, dikereke tse di nang le ditora, le ditempele tse di matlhatlhaganyane tse di kgabisitsweng ka ditshwantsho tse di tlhomilweng. Seno ke Malaysia, lefatshe leo ditumelo tse dikgolo tse nne tsa lefatshe di kopanelang gone. Baagi ba yone ba ba 16 000 000 ke Ba-Malay, Ba-China, Ma-India, Ba-Eurasia, Ba-Iban, Ba-Kadazan, le merafe a mengwe a le mmalwa e e tsholetsweng koo. Go lebega gore ga o kake wa fitlhela ditumelo, ditso, ditlwaelo, ngwao le dipuo ka mefuta e e farologaneng jaana gope fela fa a se fano.

Malaysia a kwa bokone jwa bogare jwa lefatshe mo South China Sea, mme a na le makgamu a le mabedi a lefatshe: seka-setlhake seo pele se neng se bidiwa Malaya kafa bophirima le dinaga tsa Sabah le Sarawak mo setlhaketlhakeng sa Borneo kafa botlhaba. Go tswa mo nageng e e lekalekaneng e e loraga e e fa lotshitshing lwa lewatle, go ralala dikgwa tse di kitlaneng, tseo gantsi o ka sekang wa tsamaya mo go tsone, go fitlha kwa ditlhoeng tse di kwa godimo tsa dithaba—go kopanyeletsa le Thaba ya Kinabalu mo Sabah e e bogodimo jwa dimetara di le 4 101—lefatshe leno le methalethale fela jaaka batho ba lone le ditso tsa lone.

Ke mo go lone lefelo leno koo Basupi ba ga Jehofa ba ntseng ba leka go bolela “Mahoko a a Molemo a, a bogosi” gone. (Mathaio 24:14) Ba kgona fang go fitlhelela batho, ba dipuo, ditlwaelo, le dikgopolo tsa bodumedi tse di farologaneng? Go rera molaetsa wa Bogosi mo nageng eno go ntse jang? Mo godimo ga tseno tsotlhe, Basupi ba ga Jehofa ba He ba kgona go fitlhelela eng?

Go Fenya Dikgwetlho tsa Bodumedi

Go fitlhelela batho ba ba nang le mekgwa e e farologaneng ya bodumedi, baboledi ba mafoko a a molemo ba tshwanelwa ke go ithuta go farologanya ntlo ya Mornoselema le ntlo ya Mohindu, lelapa la Mo-Budda kana la BaTao mo go la Baporotesetanta kana la Bakatoliki. Seno se ka dirwa fang?

Go na le ditshupo tse di phepafetseng. Ka sekai, aletare e e bohibidu jo bo galalelang ke sesupo sa legae la BaTao kana la Ba-Budda fela jaaka setshwantsho se se tlhomilweng sa ga Maria kana Jesu se supa bonno jwa Bakatoliki. Ke se se tshwanang fela ka dipopego tsa matlhare a mango mo ntlong ya Ba-Hindu kana dikwalo tsa Searabia tsa Koran di kwadilwe fa godimo ga kgoro ya legae la Bamoselema.

Go itse tumelo ya mong wa ntlo ke selo se sengwe; mme go mo dira gore a kgatlhegele mafoko a a molemo ke sengwe gape. Karabo e e tlwaelegileng, eo gantsi a leng Se-China, se tlhakane le Se-Malay le Seesemane, ke: “Semua agama sama lah.” Seno se latelwa ke, “Intshwarele, ga ke kgatlhege.” A nyenya fela thata, mong wa ntlo o sa tswa go go bolelela gore o akanya gore ditumelo tsotlhe di a tshwana le gore ga a kgatlhege.

BaMalaysia ba bantsi ba ba tsholetsweng mo Bo-Budeng, Bo-Taong, Bo-Hindung, ba ile ba kgatlhwa ke go sokolola ka bofefo ga La-Bodumedi mme ba ne ba latela makoko a a farologaneng a Baporotesetanta. Ba bantsi ba bone ga ba batle go reetsa sepe kaga mafoko a a molemo ka ntlha ya go gatelelwa ke baruti ba bone. Lefa go le jalo, leina le legolo la ga Jehofa le boikaelelo jwa gagwe di ntse di bolelwa mo nageng eno e e methalethale.

Ka ntlha ya bopelotelele le go tlhaloganya ga Basupi ba ga Jehofa, batho ba bantsi ba ba pelo di ikanyegang ba ntse ba arabela sentle mo molaetseng wa Bogosi. Ka motlhala, akanya ka Patrick, yoo pele a neng a goga motsoko a na le moriri o moleele o o sa kamiweng. O ne a katisitswe mo go lweng ga Se-China mme o ne a ka nna kotsi fela thata fa o ne o ka mo rumola. Lefa a ne a sena boikaelelo bope mo botshelong, o ne a kgatlhwa ke mafoko a a reng “ga go ketla go tlhola go le losho,” ao mmoledi mongwe wa Bogosi a neng a a mmalela mo go Tshenolō 21:4. Jalo Patrick o ne a amogela thuto ya Bibela. A kgatlhilwe thata ke boammaaruri jo a neng a bo ithuta jwa Bibela, o ne a simolola go bolelela mmaagwe, ka go mo kwalela le fa a ne a boetse kwa gae. Mme o ne a ganetsa thata.

Letsatsi lengwe, Patrick le mmaagwe ba ne ba kgalemela morwarraagwe yo mmotlana, yoo le ene a neng a itse karate fela thata. Fa morwarraagwe a simolola go betsa le go raga, mmaagwe o ne a gakgamadiwa ke go bona Patrick a sa ipusolosetse mme a nna fela a sisibetse. O ne a kgatlhegela thata seo morwawe a neng a se ithuta seo se mo fetotseng mo go kalo. Mmaagwe o ne a dira botswelelopele ka bofefo mme o ne a kolobediwa mo dikgweding tse thataro. Ene, o ne a rerela mmaagwe yo o dingwaga di 73, yoo a neng a le Mo-Budda yo o tlhoafetseng. Mosadi yono le ene o ne a kgatlhegela tebelelo ya go tshelela ruri. Lefa a ne a sa itse go bala, o ne a simolola go ithuta buka O Ka Tshelela Ruri mo Lefatsheng la Paradaise, a tshwara ditlhaka tsa SeChina di le dintsi ka tlhogo ka moo a neng a ka kgona ka gone. Jaanong le ene ke mmoledi wa mafoko a a molemo.

Go Dirisana le Dipuo le Dingwao

Go dirisana le seemo sa dipuo tse di farologaneng, go tlhokega kgetsana e e tletseng sentle ya dibuka fa o rera ka ntlo le ntlo. Mme gantsi seno ga se rarabolole bothata.

Ka motlhala, fa o le Mosupi wa MoC-hina mme o tshotse dibuka tsa Se-China ga go reye gore o ka kgona go neela mong wa ntlo wa Mo-China bosupi. A ba bua loleme to to tshwanang? Fa Mosupi a le Mo-Hokki mme mong wa ntlo a le Mo-Canton, seno se dira bothata. Ereka maleme a Se-China a farologana ka modumo, go bitsa lefoko ka tsela e e farologaneng go le gonnye fela go ka raya sengwe se se farologaneng gotlhelele. Go tshwantsha seno: Go ne go tshegisa fela thata fa kgaitsadi mongwe wa mmulatsela yo o buang Se-Hokki a ne a tsamaya mo lefelong la Ba-Canton a bolelela batho gore a ne a le “moithuti wa setsenwa” fa tota a ne a batla gore a ne a le “moithuti wa Bibela.”

Le eleng fa go dirisiwa lefoko le le siameng, le ka nna la seka la raya selo se se tshwanang mo bathong botlhe. Ka go bo a le lefelo le le nang le merafe a mentsi, batho ba Malaysia ka kakaretso ba rata go direla batho dilo gape ba elatlhoko thata gore ba se kgopise ope. Ga go motlhofo mo go bone go raya motho yo ba sa mo itseng ba re nnyaa. Ka jalo, motho o tshwanetse gore a seka a itumela thata fa mong wa ntlo a re o amogela thuto ya Bibela kana o dumela go ya kwa dipokanong tsa Bokeresete. Ka ntlhayang? Ka go bo ga go reye gore o a bo a raya gore o dumela sengwe le sengwe. Go tsaya nako le boitemogelo go bona gore ke bomang tota ba ba kgatlhegang.

Malaysia ke nngwe ya dinaga tse di nang le malatsi a mantsi a boikhutso le meletlo ya bodumedi. Tseno ke dinako tseo batho ba a bong ba etela ditsala le bamasika. Basupi ba kwa Malaysia le bone ba oketsa tiro eno mme ba dirisa malatsi ano a boikhutso go bolela mafoko a a molemo. Mme ba tshwanetse go dira seno ka kelotlhoko le ka tlhaloganyo fa ba batla go bona matswela a a itumedisang.

Lengwe la malatsi ao ke Ngwaga o Mosha wa Ba-China. Go tlhomamisa gore ngwaga otlhe a tla nna ngwaga wa katlego, Ba-Tao ba dumela mo go simololeng ngwaga o mosha ka mafoko le ditiro tse di molemo. Mo letsatsing leo, Mosupi o tla tila go dirisa mafoko a a tshwanang le “loso,” “bolwetse,” le “botlhoko.” Go na le moo, o tla dirisa ditlhogo tsa boitumelo, jaaka “go tshelela ruri ka botsogo jo bo siameng le kagiso ya goyagoile le katlego mo lefatsheng je lesha.” Letsatsi leno la boikhutso ga se nako ya go gakolola batho ka matshwenyego a bone.

Mo “Lefatsheng la Baboloka-ditlhogo tsa Baba”

Ereka “boidiidi yo bogolo” bo dirwa ke batho ba “morahe moñwe le mofiwe, le ba dico cotlhe, le batho le dipuo,” re tshwanetse go akanya kaga ditso tse dintsi tse di tlholegang kwa Malaysia Botlhaba. (Tshenolō 7:9) Go omosa pelo go bona gore palo e e oketsegang ya baagi ba Sarawak—eo a neng a itsiwe a le naga ya “Babolokaditlhogo tsa Baba—ba arabela mo molaetseng wa Bogosi.

Ka sekai, dingwaga tse nne tse di fetileng mo nageng e e ntshang oli e e fa thoko ga lewatle ya Miri, kwa Sarawak, go ne go na le baboledi ba Bogosi ba le bararo fela. Gompieno, ba bantsi ba bontsha kgatlhego mo go ithuteng Bibela. Kgaitsadi mongwe wa mmulatsela o bega dithuto di le 17 tsa Bibela mme bangwe ba baithuti ba gagwe le bone ba tsamaisa dithuto le batho ba bangwe gape ba ba kgatlhegang. Jaanong go na le phuthego e e golang mo toropong a nnye eno ya Miri.

Nngwe ya dilo tse di tlhomologileng mo bathong bano ba Sarawak ba Ba-Iban ke ntlo e telele. Kago a telele eno e e agilweng mo godimo ga ditlhomo, a agiwa ka logong to to thata le matlhare a makolane. Ereka gantsi e agiwa fa lotshitshing lwa noka fa thoko ga sekgwa a na le matlo a bonno a go tloga ka 30 go ya go 40 kana go feta a a tsenwang fa gare ke mokgwatha o le mongwefela. Tiro ya rona e ntsi ya go rera a dirwa mo tshimong e e ntseng jalo.

Nako nngwe, puo ya Bibela ya setlhogo se se reng “Go na le Tsholofelo efe ka Baswi?” a ne e thle go neelwa mo go nngwe ya matlo a maleele ano. Tuai rumah kana kgosana a ne ya kgobokanya batho ba botlhe mo teng ga ruai kana holo. Mongwe le mongwe o ne a reetsa a didimetse ka tshisibalo go fitlha puo a fela. Go tswa foo, monna mongwe o ne a botsa jaana: “Go tla fang gore baswi ba seka ba itse sepe?” Mongwe o ne a gatelela gore basiami ba setse ba le kwa legodimong mme ba ba bosula ba kwa diheleng tsa molelo. Mme ba bangwe ba ne ba kgatlhwa ke tebelelo ya go tshela ka bosakhutleng mo lefatsheng la paradaise ba bo ba batla go itse mo go oketsegileng. Go ne go tshwana fela le fa moaposetoloi Paulo a ne a bua kwa Areopago kwa Athena.—Ditihō 17:32-34.

Mo ntlong a nngwe gape a telele go ne go nna Juing Insoll, ebong monna yo o dingwaga di 72 wa Mo-Iban yo a neng a tsena Kereke ya Anglican. Fa a sale mosha, o ne a gakgamadiwa ke dipotso tse di tshwanang le tseno: Modimo o o lorato a ka bogisa batho ba ba suleng mo diheleng ka bosakhutleng jang? Fa Modimo o le gone, ke ka ntlhayang fa go na le tshiamololo e e kana kana? Ga go ope yo o neng a kgona go mo naya dikarabo tse di kgotsofatsang. Letsatsi lengwe tsala ya gagwe a ne ya bona buka Boamarure jo bo Isang Botshelong jo bo sa Khutleng kwa motsemogolong. O ne a adima Juing buka eno ka go lemoga gore a ka araba dipotso tsa gagwe. Abo Juing a ile a itumela jang ne! Kgabagare, o ne a bone boammaaruri kaga Modimo morago ga dingwaga tse 60 a ntse a batla.

Juing o ne a ikemisetsa go iponela sekaelo sa buka eo. O ne a tsamaya dikilometara di ka nna 240 go ya kwa Kuching, eleng mo‘sate wa Sarawak, mme a fudua mo mabenkeleng otlhe a dibuka. A seka a bona buka eo. Mo bosigong joo, fa a le kwa legaeng la mongwe wa balosika lwa gagwe, o ne a utlwa gore mongwe wa balosika lwa gagwe yo mongwe o ne a na le sekaelo sa yone. O ne a kaelwa kwa Holong ya Bogosi ya mo lefelong leo mme o ne a ikamogelela dikgatiso tse di farologaneng tse 15 go boela ka tsone kwa ntlong ya gagwe a telele.

Morago ga go bala dibuka tseno tsotlhe, Juing o ne a boela kwa motsemogolong gape, a kopa go kolobediwa. Bagolwane ba ne ba nyenya mme ba tshikhinya ditlhogo. Lefa go ntse jalo, ba ne ba tloga ba gakgamadiwa ke go mo fitlhela a tshwanelega. Jalo, o ne a kolobediwa! Fa a boela gape kwa ntlong ya gagwe a telele, mme a tshotse dibuka tse dintsi tsa Bibela, Juing o ne a simolola go rerela baagelani ba gagwe. Lantlha o ne a gakgamadiwa ke gore ke ka ntlhayang fa ditsala tsa gagwe di ne di sa amogele boammaaruri morago ga ba sena go bala dibuka. Mme o ne a tloga a lemoga gore o ne a tshwanetse go ithuta Bibela le bone. Pego ya ga Juing ya tirelo ya tshimo ka metlha a ne e le ka mokgwa wa bukatsatsi!

Go tswa kwa toropong e e kwa thoko ya Lahad Datu mo nageng ya Sabah go tla pego eno: Mosadi mongwe yo mmotlana yo o nyetsweng yo o nang le bana ba bararo o ne a ithuta boammaaruri ka go tshwarelwa thuto ya Bibela a kwalelelana le kgaitsadi mongwe wa kwa Kota Kinabalu, eleng mosate wa naga eo. Kgabagare mosadi yoo o ne a swetsa ka gore o tla kolobediwa kwa kopanong ya potologo. Lefa go ntse jalo, fa puo ya kolobetso a ntse e tsweletse, monna wa gagwe o ne a tsena ka bofefo mme a mo lopa gore a boele le ene kwa gae.

Fa ba fitlha kwa gae, monna wa gagwe o ne a leka go mo dira gore a fetole mogopolo mme a seka a kgona. Kwa bofelong o ne a goa a re: “Jaanong, o batla eng?” “Ke batla go kolobediwa,” mosadi a araba jalo. “A go botlhokwa go le kalo mo go wena,” a botsa. “Ee, ke tiragalo ya botlhokwa thata mo botshelong jwa me.” “Go siame!” a araba jalo labofelo. “Bitsa mogolwane wa gago. Ke tla go agela letangwana gore o kolobeletswe fano.”

Tumalanong le mafoko a gagwe, a dira fela jalo. Mosadi wa gagwe o ne a kolobediwa mo loetong to to latelang lwa molebedi wa potologo—mo letangwaneng le monna wa gagwe a neng a le mo agetse! Mme ke eng se se neng se dira gore kgaitsadi yono a ikemisetse jaana? Ebu, le eleng lefa a ne a le nosi, o ne a baakanyetsa dipokano tse di farologaneng ka metlha. Fa a ne a ka tlolwa ke “pokano,” o ne a ikutlwa fela jaaka ekete o ne a sa ja. Jaanong kgaitsadi yono o ruta bana ba gagwe mme o tsamaisa dithuto di le tharo tsa magae tsa Bibela.

‘Yo Monnye o nna Makgolo a a Some’

Tiro ya Bogosi mo Malaysia a ne ya simololwa ke Alfred le Thelma Wicke, bao ba neng ba ya koo ba tswa kwa Australia ka 1939. Ba diretse ka boikanyegi jaaka barongwa ka dingwaga tse di ka nnang 50, mme abo Jehofa a He a segofatsa maiteko a bone ka mo go gakgamatsang jang ne! Fa esale go tlhomiwa ofisi ya lekala mo Penang ka 1972, Mokaulengwe Wicke a le molebedi wa lekala, tiro ya go rera e ne ya oketsega mo Malaysia. Go ne go na le baboledi ba Bogosi ba le 207, ka nako eo. Dingwaga di le lesome moragonyana, palo eo e oketsegile gararo. Jalo, lekala le ne la fudusediwa kwa Klang, ka July 1983, eleng motsemogolo o o fa thoko ga lewatle o o gaufi le mo’sate wa puso Kuala Lumpur. Lefelo le lesha la lekala le na le dikago tse tharo tsa matlhatlaganyane a mabedi tseo di fitlhelelang tlhokafalo ya gone jaanong sentle. (Bona tsebe 26.)

Dingwaga di le mmalwa tse di fetileng, go ne ga dirwa maiteko a magolo a go isa molaetsa wa Bogosi kwa baaging ba ba buang Se-China le Se-Tamil. Jaanong, kwantle ga diphuthego tse pedi tsa Ba-China go na le ditlhopha tsa Ba-China le Ba-Tamil mo diphuthegong di sekae gammogo le setlhopha se se golang sa batho ba ba ka nnang 20 ba Bajapane.

Go ralala tshimo eo yotlhe, jaanong go na le diphuthego tse 20, tse di nang le baboledi ba ba ka nnang 900 ba Bogosi. Seno se re naya karolelano ya mogoeletsi a le mongwe go baagi e e ka nang 1 go 18 500. Ka jalo go santse go na le tiro a ntsi e e tshwanelwang go dirwa. Seo se bontshang gore go santse go na le koketsego e e ka nnang gone, go ne ga tla batho ba ba ka nnang 2 633 kwa Segopotsong ka 1988. Basupi ba Malaysia ba itumelela seno, mme ba bantsi ba ntse ba tsenela tiro ya bodihedi jwa nako e e tletseng. Ee, Basupi ba ga Jehofa mo Malaysia ba lebeletse pele ka tlhagafalo go fitlhelela tlhora ya baboledi ba ba 1 000. Ba gakologelwa sentle tsholofetso eno ya ga Jehofa: “Eo monnye o tla nna makgolo a le shome, le eo mmotlana a nna morahe o o thata: Nna Yehofa ke tla go akohisa mo motlhen oa gona.”—Isaia 60:22.

[Mmapa mo go tsebe 26]

(For fully formatted text, see publication)

THAILAND

MALAYSIA

Penang

Kuala Lumpur

Klang

Singapore

MALAY PENINSULA

SUMATRA

EQUATOR

South China Sea

PHILIPPINES

SABAH

Kota Kinabalu

Mt. Kinabalu

Lahad Datu

BRUNEI

Miri

MALAYSIA

SARAWAK

Kuching

BORNEO

600 Km

400 MI

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela