Pego e e Tlhomameng ka Mongwe yo o Boning ka Matlho!
Temana e e gatisitsweng bosheng jaana ya SeUgarit (KTU 1.161) a tlhomamisa gore 2 Dikgosi 10:19, 20 e boammaaruri. Go senya baobamedi ba ga Baale, Kgosi Jehu o ne a laela jaana: “Itshepisetsen Baale [Modingwana wa maaka, yoo gongwe o neng o emelwa ke setshwantsho se se tlhomilweng se se kafa molemeng] phuthego e e masisi.” Go ya ka Vetus Testamentum, eleng makasine o o gatisiwang kwa Netherlands, polelwana eno ke “Sekanana sa mmatota” mme a raya “‘lesakana le le tswetsweng’: mongwe le mongwe yo o ka kwantle a ka nna a otlhaiwa ka go hutsiwa.” “Jaanong re tlhaloganya gore mokwadi wa karolo ya 2 Dikgosi go lebega a ne a na le kitso e e molemo ka mafoko a bodumedi a Sekanana,” go akgela jalo Vetus Testamentum.
[Motswedi wa Setshwantsho mo go tsebe 25]
Louvre Museum, Paris