LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w89 3/15 ts. 10-11
  • “Insight on the Scriptures”—Saetlopedia a Ntsha ya Bibela

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • “Insight on the Scriptures”—Saetlopedia a Ntsha ya Bibela
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1989
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Dibuka tsa Bibela
  • Dipaakanyo
  • Atlelase ya Bibela
  • Dikarolo tse di Kgethegileng tsa Mebala
  • Tsela ya go Dira Patlisiso
    Solegelwa Molemo ke Thuto ya Sekolo sa Bodiredi sa Puso ya Modimo
  • Lebelela kwa go Jehofa go Bona Temogo
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1989
  • Natefelwa ke Lefoko la Modimo
    Solegelwa Molemo ke Thuto ya Sekolo sa Bodiredi sa Puso ya Modimo
  • Temogo eo Jehofa a Ilena a e Naya
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1989
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1989
w89 3/15 ts. 10-11

“Insight on the Scriptures”—Saetlopedia a Ntsha ya Bibela

KWA Dikopanong tsa Kgaolo tsa Basupi ba ga Jehofa tsa “Tshiamo ya Bomodimo” go ne ga itsisiwe gore go golotswe saetlopedia a ntsha ya Bibela ya setlhogo se se reng Insight on the Scriptures. Kgatiso eno a na le dibolumo tse pedi, tse di nang le palogotlhe ya ditsebe tse 2 560, tseo di gatisitsweng ka mokwalo O o bonalang sentle, le o o balegang sentle. Mo nakong ya jaanong a bonwa fela ka Seesemane, mme a setse a simolotswe go ranolelwa mo dipuong tse dingwe di le mmalwa.

Insight on the Scriptures e kopanyeletsa go le gontsi goo pele go neng go le mo bukeng Aid to Bible Understanding le tse dingwe tse dintsi. Di farologana fang? Dikarolo tse dintsi di ile tsa tokafadiwa le go tlhaboloIwa. Gape go na le ditlhogo tse dintsi tse disha gammogo le dikarolo tse di oketsegileng mo Insight on the Scriptures.

Dibuka tsa Bibela

Buka nngwe le nngwe ya Bibela a ne ya sekasekiwa ka mo go kgethegileng. Go ile ga neelanwa ka boikitsiso jo bontsi jwa botlhokwa. Go na le dintlhakgolo tse disha tsa dibuka tsotlhe tsa Bibela, nngwe le nngwe e bontsha dikarolo tse di tlhomologileng tsa dibuka tseno. Tseno di re naya pono e e tlhamaletseng ka diteng tsa buka le tsela e e bonolo ya go tlhaloganya se a se buang. Ka sekai, go na le diefangele tse nne tsa botshelo le bodihedi jwa ga Jesu jwa mo lefatsheng, nngwe le nngwe a na le boikaelelo jo bo farologaneng. Mo diketapeleng tsa Diefangele tseno, dintlhakgolo ka go farologana ga tsone di simolola ka go tlhagisa boikaelelo jwa tsone: ‘Moaposetoloi Mathaio o ne a kwala pego ya gagwe ya botshelo jwa ga Jesu a gopotse thata ka Bajuda. Efangele eno a bontsha gore Jesu ke Kgosi ya Bomesia e e solofeditsweng.’ ‘Mareko ene o dirile pego a khutshwane, a tlopola dintlha fate le fale mo botshelong jwa ga Jesu, a mmolela jaaka Morwa yo o dirang dikgakgamatso wa Modimo.’ ‘Pego ya ga Luke ya botshelo jwa ga Jesu e ne ya kwalwa go tlhomamisa boammaaruri jwa ditiragalo tsa botshelo jwa ga Keresete ka mokgwa oo di ka ikuelang mo bathong ba merafe yotlhe ka gone. “Pego ya ga moaposetoloi Johane ya botshelo jwa ga Jesu e tlotlomatsa setlhogo sa gore Jesu ke Keresete Morwa Modimo, yoo botshelo jo bo sa khutleng bo ka kgonwang go bonwa ka ene.’ Morago ga dikakgelo tseno tsa diketapele, dintlhakgolo di bolela diteng tsa dibuka tseno kafa tlase ga ditlhogo di sekae tse dikgolo. Seno se ka go thusa go gakologelwa dikgopolo tsa konokono tseo mokwadi wa Bibela a neng a di tlhagisa.

Dipaakanyo

Go ne ga batlisisiwa dipolelo ka kelotlhoko mo kgatisong eno go lejwa bokao jwa mafoko a a dirisitsweng mo dipuong tsa ntlha tsa Bibela. Go tsentswe gape le dintlha dingwe go thusa mmadi go lemoga bontsi jwa ditlhaloso tsa Bibela tsa mafoko mo dipuong tsa ntlha. Mo godimo ga moo, bokao jwa maina a Bibela bo ile jwa baakanngwa go lebilwe tsela eo ditlhaka tsa motheo tsa maina ano di dirisitsweng ka yone mo go New World Translation.

Gape go dirilwe boiteko jo bo tlhagafetseng go dumalanya boikitsiso jo bo mo kgatisong eno le seo se ileng sa gatisiwa mo go Tora ya Tebelo mo dingwageng tsa bosheng. Ka sekai, re ithutile go le gontsi ka pelo, lokwalo Iwa botshelo, go bidiwa ba ba siameng, le dilo tse dingwe tse dintsi. Boikitsiso jono bo kopanyeleditswe mo go Insight on the Scriptures.

Boikitsiso jo bo bonweng morago jaana jwa hisitori bo ile jwa sekasekiwa bo bapisiwa le metswedi ya bogologolo, fa a le gone, go na le go ikaega fela ka seo bakwadi ba bangwe ba neng ba se bua kaga seo se tswang mo metsweding eo; gape go kopanyeleditswe ditshupiso tse di makgolokgolo go bontsha gore boikitsiso joo bo ka bonwa kae. Dikarolo dingwe tsa Saense tsa ditlhogo tseno di ile tsa tlhabololwa. Go ile ga tshwantshiwa mafelo a mafatshe mangwe sesha go ikaegiIwe ka dipatlisiso tsa dingwaga tsa bosheng tsa baithutamarope.

Atlelase ya Bibela

Insight on the Scriptures a na le dimmapa di le 70, tse di bontshang makgolokgolo a mafelo a a umakiwang mo Bibeleng. Ka jalo go ile ga kopanyelediwa atlelase ya Bibela e e akareletsang dilo tse dintsi mo kgatisong eno. Mo mabakeng a mantsi, mmapa o le mongwe o bontsha fela dilo tse di rileng tsa Bibela kana tsa hisitori. Ka gone, a re tlhokomedisa mafelo a a leng botlhokwa thata mo go seo go kwadilweng kaga sone. O tla fitlhela mmapa wa maeto a ga Aberahame, o mongwe o bontsha go kgarakgatshega ga Baiseraele mo sekakeng, o mongwe o bontsha go thopiwa ga Lefatshe le le Solofeditsweng, o mongwe o bontsha ka go kgarakgatshega ga ga Dafide mo botshelong jwa gagwe le wa ditiragalo tse di amanang le bogosi jwa gagwe, le dimmapa di le mmalwa tse di bontshang mafelo ao Jesu a neng a a etela mo bodiheding jwa gagwe jwa mo lefatsheng, le dimmapa dingwe di sekae tse di bontshang ka moo Jerusalema a neng a le ka gone mo dinakong tse di farologaneng mo hisitoring. Go bontshitswe tlhatlhamano ya dimmapa go go thusa go bona dimmapa tse di kgethegileng tse di ka go nayang boikitsiso jo bo nang le mosola ka mafelo a a filweng kana dikarolo.

Dimmapa tse dintsi di na le lenaane la maina a mafelo, gammogo le dikwalo tse di bontshang gore ke ka ntlhayang mafelo ao a le botlhokwa mo hisitoring e e rileng e e sekasekiwang. Mo ditsebeng tse di tshwaraganeng tsa buka eno go na le ditshwantsho tsa mmala tsa mafelo a a leng mo mmapeng. Dikarolo tseno di ka go thusa go solegelwa molemo ka botlalo ke ditiragalo tsa Bibela, jaaka fa o bona ka moo mafelo ano a amanang ka gone o bala boikitsiso jwa gore go diragetse eng koo, o ba o bona ka moo mafelo ao a lebegang ka gone gompieno.

Dikarolo tse di Kgethegileng tsa Mebala

Fa go ne go rulaganngwa kgatiso eno, go ne ga fatoloIwa mo dimosiamong tsa Amerika Bokone, Yuropa, Botlhaba Gare gore go bonwe dilo tsa botlhokwa tse di amanang le ditiragalo tsa Bibela. Go ne ga bonwa ditshwantsho tsa dilo tsa botlhokwa. Mo godimo ga moo, ditshwantsho di le mmalwa tse di neng tsa kgobokanngwa tsa mafelo a a umakiwang mo Bibeleng di ne tsa tlhatlhobiwa gape gore go tlhophiwe tse di tla nnang mosola thata. Go ne ga felelwa ka gore go diriwe ditsenyeletso di le robedi tsa ditsebe tse 16 tsa mmala tse di mosola fela thata. Tseno ke dintlhakgolo tse di kgatlhisang tse o tla di ipelelang le tse o tla kgonang go di dirisa ka ditsela tse dintsi fa o ruta ba bangwe.

Ka sekai, go na le karolo ya setlhogo se se reng “Ka Moo re Boneng Bibela ka Gone.” E bontsha ka moo Bibela a neng ya tla mo go rona kgato ka kgato ka ditshwantshogo tloga kwa mekwalong ya ntlhantlha go fitlha mo dithanolelong tsa segompieno. E na le ditshwantsho tsa dikarolo tse dingwe tsa mekwalo ya bogologolo le bosupi jo bo bonalang jo bo supang kelotlhoko e e neng ya tsewa ke bakwadi ba ntlha, mo ba neng ba bile ba bala ditlhaka tsa mekwalo a ba neng ba kwalolola go tswa mo go yone.

Karolo a nngwe a bua kaga “Morwalela wa Motlha wa ga Noa.” E tlhatlhoba ditlhogo tse di tshwanang le “A araka a ne e ka tswa a ne ya kgona go tsenya diphologolo tsotlhe? le, “Metsi a morwalela a ne a ya kae?” E bontsha gape le dipolelo tsa bogologolo tse di tlhatlhobilweng kaga Morwalela go tswa mo dikontinenteng tse nne le ditlhaketlhake tsa lewatle tse di bontshang gore batho ba dingwao tse di sa tshwaneng mo lefatsheng lotlhe ba santse ba gakologelwa Morwalela wa ga Noa.

Dikarolo tse dingwe di bontsha ka dikarolo tsa Lefatshe le le Solofeditsweng, babusi ba bogologolo ba ditiro tsa bone di neng tsa ama Baiseraele, le setshwantsho sa mafelo ao baeng ba ka kgonang go a bona mo teng le ka kwantle ga Jerusalema gompieno. Go na le palogotlhe ya ditlhogo di le 50 tsa ditshwantsho tsa mebala.

Go dirilwe gore o bone boikitsiso jono jotlhe motlhofo ka tlhatlhamano ya ditlhogo tse di kafa mojeng wa dibolumo tseno. Tlhatlhamano eno ya ditlhogo e re isa kwa dikgannyeng tse di kgethegileng tsa dikwalo tse di tsopotsweng le dikgang tse di leng mo lenaaneng.

Fa re lebelela tiro eno yotlhe, go na le dikakgelo tseno tsa diketapele mo bolumong ya ntlha: “Boikaelelo jwa kgatiso eno ke go go thusa go bona temogo ya Dikwalo. Seno se dirwa fang? Ka go kopanya dintlha go tswa mo dikarolong tsotlhe tsa Bibela tse di amanang le ditlhogo tse go tlotliwang ka tsone. Ka go lebisa tlhokomelo mo mafokong a dipuo tsa ntlhantlha le tlhaloso ya tsone e e tlhamaletseng. Ka go tlhokomela boikitsiso jo bo tsamaisanang jwa hisitori ya selefatshe, dipatlisiso tsa baithutamarope, le dikarolo tse dingwe tsa saense le go tlhatlhoba tseno mo leseding la Bibela. Ka go go thusa ka ditshwantsho. Ka go go thusa go bona botlhokwa jwa go dira tumalanong le seo Bibela a se bolelang.” Jalo Insight on the Scriptures a na le letlotlo la boikitsiso jo bo tlhwatlhwakgolo eleruri jo o ka bo dirisang wena le ba bangwe.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela