Tshiamo go Botlhe ka Moatlhodi yo o Tlhomilweng wa Modino
“Gonne Rara o rata Morwa, . . . me katlholo eotlhe o e neetse Morwa.”—YOHANE 5:20, 22.
1. O arabela jang dipotso tse di tshwanang le tseo batho bangwe mo lekgolong la ntlha la dingwaga ba neng ba lebane le tsone?
TSHIAMO a botlhokwa go le kana kang mo go wena? Ke boiteko jo bo kana kang joo o neng o ka bo dira go tlhomamisa gore o tla amogela tshiamo ya boammaaruri le eleng go tshela fa a tla bo a le gone mo lefatsheng ka bophara? O tshwanetse go akanya thata ka dipotso tseo, jaaka banna le basadi ba maemo a a kwa godimo ba ne ba dira mo Athena, kwa Gerika.
2, 3. (a) Ke eng seo se neng sa dira gore Paulo a bolelele bareetsi ba gagwe ba Baathena gore ba ikwatlhae? (b) Ke ka ntlhayang fa boikwatlhao bo tla utlwala bo gakgamatsa mo bareetsing bao?
2 Ba ne ba utlwa polelo e e sa kakeng ya lebalwa ka moaposetoloi wa Mokeresete Paulo kwa kgotleng e e itsegeng thata ya Areopago. Lantlha o ne a ntsha mabaka a go nna gone ga Modimo o le mongwe, Mmopi, yoo rotlhe re mo kolotang botshelo wa rona. Seno se ne sa lebisa kwa konelong e e utlwalang ya gore re ikarabelela mo Modimong ono. Ka nako yone eo Paulo o ne a bua jaana: “Metlha ea botlhoka loco [jaaka ya go obamela medimo ya disetwa ga batho], Modimo o no oa e tlhokomologa; me gompiyeno o laola gore batho botlhe ba ikwatlhaee ka ntlha cotlhe.”—Ditihō 17:30.
3 Ka boammaaruri, go ikwatlhaya go ne go tla gakgamatsa bareetsi bao. Ka ntlhayang? Bagerika ba bogologolo ba ne ba itse go ikwatlhaya a le go hutsafalela go bo motho a dirile tiro nngwe kana a buile sengwe. Lefa go ntse jalo, jaaka buka nngwe e e tlhalosang mantswe a bontsha, lefoko leo “ga le ise le ko le akantshe go fetola boitsholo gotlhelele, go fetola tsela ya botshelo ka mo go feletseng, go sokologa goo go amang boitsholo jotlhe.”
4. Kakgelo ya ga Paulo ka boikwatlhao a ne e tshegediwa ke lebaka lefe?
4 Lefa go le jalo, ga go belaetse gore o kgona go bona gore ke ka ntlhayang fa go ikwatlhaya ka mo go feletseng go go ntseng jalo go ne go tshwanela. Latela tlhaloso eno ya ga Paulo. Batho botlhe ba kolota Modimo botshelo, jalo botlhe ba ikarabelela mo go one. Jalo go a tshwanela go bile go siame gore Modimo o lebelele gore ba mmatle, ba batle go mo itse. Fa Baathena bao ba ne ba sa itse melao-metheo ya gagwe le go rata ga gagwe, ba ne ba tshwanetse go di ithuta mme ba ikwatlhaye e le gore ba dumalanye matshelo a bone le tsone. Seno se ne se se kitla se ikaega fela ka gore a ba ne ba ka kgona go dira jalo. Re kgona go bona lebaka la seo mo konelong e e nonofileng eno ya ga Paulo: “Ka o tlhomile letsatsi ye o tla atlholafi lehatshe ka yeona ka tshiamo, ka monna eo o mo laotsefi; me mo, o go tlhomamiseditse batho botlhe ka o mo cositse mo bashwifi.”—Ditihō 17:31.
5. Bareetsi ba ga Paulo ba ne ba itshwara jang ka puo ya gagwe, mme ka ntlhayang?
5 Temana eo, eo a nang le bokao jo bogolo, e e maatla mo go kalo, a tshwanelwa ke gore re a sekaseke ka kelotlhoko, ka go bo a naya tsholofelo ya tshiamo e e itekanetseng mo motlheng wa rona. Elatlhoko dipolelwana tseno: “o tlhomile letsatsi,” “atlholafi lehatshe ka yeona,” “ka tshiamo,” “ka monna eo o mo laotsefi,” “o go tlhomamiseditse batho,” “o mo cositse mo bashwifi.” Mafoko ao “o mo cositse mo bashwin,” a ne a gwetlha bareetsi ba ga Paulo fela thata. Jaaka ditemana 32-34 di bontsha, bangwe ba ne ba sotla. Ba bangwe ba ne ba tsamaya fela go ntse go buiwa. Lefa go le jalo, ba le mmalwa ba ne ba dumela mme ba sokologa. Lefa go ntse jalo, a re tlhalefeng go gaisa bontsi jwa bareetsi bakwa Athena, ka go bo seno se le botlhokwa thata fa a le gore re eletsa tshiamo ya boammaaruri. Go bona bokao jo bogolo go tswa mo temaneng ya 31, santlha leba polelwana ‘O ikaeletse go atlhola lefatshe.’ “O” yo ke mang, mme ditekanyetso tsa gagwe ke dife, segolo bogolo tsa tshiamo?
6. Re ka ithuta jang ka Yoo a tlhomileng letsatsi la go atlhola lefatshe?
6 Ebu, Ditihō 17:30 a bontsha yoo Paulo a neng a bua ka eneone Modimo oo o bolelelang batho botlhe gore ba sokologe, Morenayabotshelo, Mmopi. Ka tlholego fela, re ka ithuta go le gontsi ka Modimo go tswa mo ditirong tsa gagwe tseo a di bopileng. Mme ditekanyetso tsa gagwe tsa tshiamo di bonala sentle go tswa motsweding o mongwe, eleng Bibela, eo go kwadilweng mo go yone ditirisano tsa gagwe le banna ba ba jaaka Moshe le melao ya Modimo go Baiseraela.
Katlholo le Tshiamo tsa Mofuta Ofe?
7. Moshe o naya bosupi bofe ka ga Jehofa le ka tshiamo?
7 O ka nna wa bo o itse gore Moshe o ne a dirisana le Jehofa Modimo ba atamalane thata ka masome a dingwaga, ba atamalane mo Modimo o neng o ka bua gore o buile le Moshe “molomo le molomo.” (Dipalo 12:8) Moshe o ne a itse ka moo Jehofa a neng a mo tshwara ka gone, gammogo le ka moo Modimo o neng wa dirisana le batho ba bangwe le merafe e mengwe ka gone. Fa a le gaufi le go swa, Moshe o ne a neelana ka tlhaloso eno e e nametsang: “Lehikwe, tiho ea gagwe a itekanetse: gonne ditsela tsa gagwe cotlhe ke tshiamisho; Modimo o o boikano, o o senafi tshiamololb, ona o tekatekanyo, o tshiamo.”—Duteronome 32:4.
8. Ke ka ntlhayang fa re tshwanetse go tlhokomela seo Ehhu a neng a se bolela ka kgang ya tshiamo?
8 Elatlhoko, gape, bosupi jwa ga Elihu, monna yo o neng a itsege ka botlhale le tlhaloganyo. O ka tlhomamisega gore a ne a se monna yo o neng a dira ditshwetso ka bonako. Phapaanong le seo, ka lekgetlo lengwe o ne a nna beke yotlhe a reeditse kganetsano e e neng ya tsaya lobaka to loleele. Jaanong, go tswa mo boitemogelong jwa ga Elihu ka namana le mo go ithuteng ga gagwe ka ditsela tsa Modimo, o ne a konela jang kaga Modimo? O ne a bua jaana: “Me ke gona, ntheetsafi, lona banna ba tlhaloganyo: a go nne kgakala le Modimo, ha o ka diha boshula, le Mothataeotlhe, ha a ka diha boikepo. Gonne o tla lehela motho kaha tihofi ea gagwe, o tla diha gore motho moñwe le moñwe a bone kaha ditselefi tsa gagwe. E, rure, Modimo ga o ketla o diha ka mokgwa o o boshula, le gona Mothataeotlhe ga a ketla a shokamisa katlholo.”—Yobe 34:10-12.
9, 10. Ke ka ntlhayang fa ditekanyetso tsa Modimo tsa baatlhodi ba batho di tshwanetse go re kgothatsa? (Lefitiko 19:15)
9 A o ko o ipotse: A seno ga se tlhalose ka phepafalo ka moo re ka ratang gore moatlhaodi a nne ka gone, gore a dirisane le motho mongwe le mongwe go ya kafa a itshwarang ka gone, kana ka ditiro tsa gagwe, a sa tlhaole kana a sa sokamise katlholo? Fa o ne o tshwanetse go ya kwa moatlhoding wa motho, a o ne o ka seka wa ikutlwa o gololesegile fa a ne a ntse jalo?
10 Bibela a bua ka Jehofa jaaka: “Moatlhodi oa lehatshe yeotlhe.” (Genesise 18:25) Lefa go ntse jalo, ka dinako dingwe, o ne a dirisa baatlhodi ba batho. O ne a lebeletse eng mo baatlhoding ba Baiseraele bao ba neng ba mo emela. Mo go Duteronome 16:19, 20 re bala jaana ka ditaolo tse di bontshang ka moo baatlhodi ba neng ba tshwanetse go dira ka gone: “U seka ua shoka katlho1o; a se ka ua tlhokomela bomafimaxi yoa batho; le gona a se ka ua amogela neo; gonne neo a tle a houhatse matlhd a eo o botlhale, a shokamise mahoko a mosiami. Se se siamefi shotlhe shotlhe hela ke shōna se a tla se salafi moragd, gore a tshele.” Ditshwantsho tsa segompieno tse di tlhomilweng tseo di tshwantshetsang Tshiamo di ka nna tsa mmontsha a thibilwe matlho go bontsha gore ga a tlhaole, mme o ka bona gore Modimo o ne o dira se se fetang seo. Tota-tota o ne a gatelela gore baatlhodi bao ba batho ba ba neng ba tshwanetse go mo emela le go gatelela melao ya gagwe ba se tlhaole.
11. Re ka konela jang morago ga go boeletsa boikitsiso jono jwa Bibela kaga tshiamo?
11 Dintlha tseno kaga pono ya Modimo ka tshiamo di dumalana sentle le konelo ya polelo ya ga Paulo. Mo go Ditihō 17:31 Paulo o ne a bolela gore Modimo “o tlhomile letsatsi ye o tla atlholan lehatshe ka yeona ka tshiamo.” Seo ke sone seo re ka se lebelelang mo Modimongtshiamiso, tshiamo, go sa tlhaole. Lefa go le jalo, batho bangwe ba ka nna ba tshwenngwa ke go bo go ya ka temana ya 31, Modimo o tlile go dirisa “monna” go atlhola batho botlhe. “Monna” yoo ke mang, mme ke tlhomamisetso efe eo re nang le yone ya gore o tla tshegetsa ditekanyetso tse di kwa godimo tsa Modimo tsa tshiamo?
12, 13. Re itse jang “monna’ yo Modimo o tla mo dirisang go atlhola?
12 Ditihō 17:18 a re bolelela gore Paulo o ne a ntse a “bolela Yesu le go coga ga bashwi.” Jalo, kwa bokhutlong jwa polelo ya gagwe, bareetsi ba ne ba itse gore Paulo o ne a raya Jesu Keresete fa a ne a re Modimo ‘o tla atlhola lefatshe lotlhe ka tshiamo ka monna yo o laotseng, le gore Modimo o mo tsositse mo baswing.’
13 Jesu o ne a bolela gore Modimo o ne o mo tlhomile jaaka moatlhodi yo o neng a fitlhelela ditekanyetso tsa gagwe tsa bomodimo. O ne a bua jaana mo go Yohane 5:22: “tonne le gona Rara ga a atlhole motho ope, me katlho1o eotlhe o e neetse Morwa.” Morago ga go bua ka go tla ga tsogo ya ba ba leng mo mabitleng, Jesu o ne a oketsa jaana: “Ga ke na go diha sepe ke le nosi: ke atlhola yaka ke utlwa: me katlho1o ea me a siame; ka go bo ke sa batle go rata ga me, ha a se go rata ga eo o nthomilefi.”—Yohane 5:30; Pesalema 72:2-7.
14. Re ka lebelela tshwaro ya mofuta ofe go tswa go Jesu?
14 Abo tlhomamisetso eno a dumalana sentle jang ne le seo re se balang mo go Ditihō 17:31! Koo Paulo o ne a re naya gape tlhomamisetso ya gore Morwa o tla ‘atlhola lefatshe ka tshiamo.’ Seo eleruri ga se akantshe katlholo e e gagametseng, le e e sa fetogeng, le e e senang kutlwelo botlhoko, a ga go jalo? Go na le moo, katlholo e e siameng a kopanyeletsa go reba tshiamo ka boutlwelobotlhoko le go akanyetsa. A re se tlodiseng seno matlho go re: Lemororo Jesu jaanong a le kwa legodimong, o kile a nna motho. Ka jalo o ka kgona go utlwela botlhoko. Paulo o ne a ama seno mo go Bahebera 4:15, 16 fa a ne a tlhalosa Jesu jaaka moperesiti yo mogolo.
15. Jesu o farologane jang le baatlhodi ba batho?
15 Fa o bala Bahebera 4:15, 16, akanya ka moo re tshwanetseng go ikutlwa re gololesegile ka gone gore Jesu a nne Moatlhodi wa rona: “Gonne moperesiti eo mogolo le [moatlhodi] eo re nan nae, ga se eo o sa kaken a anwa ke go utlwana le rona makoa a rona; me ke eo o kilen a raelwa mo dilon cotlhe yaka rona, leha go nntse yalo a sena boleo. Ke gona rona, a re atamelen setulon sa bogosi sa tshegohaco ka botlhokapoiho, gore re tle re amogele butlwe1o botlhoko, re bone tshegohaco e e tla re thusan mo motlhen o go tlhokwan ka ona.” Mo dikgotla-tshekelong gompieno, gantsi go a tshosa fa o bilediwa fa pele ga Moatlhodi. Lefa go le jalo, fa Keresete a tla bo e le Moatlhodi, re ka ‘mo atamela ka go tlhoka poifo, gore re amogele boutlwelo botlhoko, re bone bopelonomi jo bo sa re tshwanelang, jo bo tla re thusang mo motlheng oo a leng one.’ Lefa go ntse jalo, mabapi le nako, o na le lebaka le le molemo la go botsa go re, ‘Jesu o thle go atlhola batho ka tshiamo leng?’
“Letsatsi” la go Atlhola—Leng?
16, 17. Re itse jang gore katlholo e e tswang kwa legodimong e a dirwa gompieno?
16 Gakologelwa gore Paulo o rile Modimo “o tlhomile letsatsi” la go atlhola ka Moatlhodi wa Gagwe yo o tlhomilweng. Paakanyetsong ya “letsatsi” leo la katlholo, Jesu o dira tiro e e botlhokwa ya go atlhola gompieno, ee, gone jaanong. Ke ka ntlhayang fa re ka rialo? Pelenyana ga a tshwarwa a bo a atlholelwa loso ka mo go sa tshwanelang, Jesu o ne a bolela polelelopele e e sa lebalesegeng e e amang motlha wa rona. Re a fitlhela mo go Mathaio kgaolo 24. Jesu o ne a tlhalosa ditiragalo tsa lefatshe tseo di neng di tla tshwaya nako eo a neng a bidiwa “bokhutlo yoa lehatshe.” Dintwa, ditlala, dithoromo tsa lefatshe, le matshwenyego a mangwe ao a ileng a nna a diragala mo lefatsheng ka bophara fa e sale ka Ntwa ya Lefatshe I di supela gore polelelopele eno ya ga Jesu jaanong e a diragadiwa le gore go ise go a kae ‘bokhutlo bo tla tla.’ (Mathaio 24:3-14) Basupi ba ga Jehofa ba ile ba nna ba tlhalosa seno go tswa mo Bibeleng ka masome a dingwaga. Fa a le gore o batla bosupi jo bo oketsegileng jwa gore ke ka ntlhayang fa re itse gore re mo metlheng ya bokhutlo jwa tsamaiso eno e e sa siamang, Basupi ba ga Jehofa ba ka bo go neela.
17 Lefa go le jalo, a o ko o tlhatlhobe, karolo e e kwa bofelong ya Mathaio kgaolo 25, eo e leng karolo ya polelelopele ya ga Jesu kaga metlha ya bofelo. Mathaio 25:31, 32 e a dira mo motlheng wa rona: “Me a tla re Morwa Motho a tla ka kgalaleld ea gagwe, a na le baengele botlhe, hon o tla dula mo setulon sa gagwe sa bogosi sa kgalale1o [kwa legodimong]; Me merahe eotlhe a tla phuthelwa ha pele ga gagwe. Me o tla ba kgaoganya banwe mo go ba banwe, yaka modisa a tla a kgaoganye dinku le dipodi.” Jaanong a o ko o lebe kwa tlase koo Jesu a bolelang ka phelelo ya tiro ya gagwe ya go kgaoganya, kana ya go atlhola. Temana 46: “Me bauo [batho ba a ba atlholang gore ba tshwana le dipodi] ba tla ea mo pecon e e sa khutlen: me basiami [dinku] ba tla ea mo botshelon yo bo sa khutlen.”
18. Go atlholwa ga mo nakong ya rona go tla lebisa go eng?
18 Ka jalo re tshela mo nakong e e kotsi thata ya katlholo. Bao gompieno ba ‘batlang Modimo mme ebile ba mmona’ ba tla atlholwa jaaka “dinku” tseo di tshwanelwang ke go falola bokhutlo jwa tsamaiso ya jaanong ya dilo le go tsena mo lefatsheng le lesha le le tla latelang. Go tswa foo 2 Petere 3:13 a tla diragadiwa: “Rona, kaha polelon ea ona ea choloheco, re lebeletse magodimo a masha, le lehatshe ye lesha, a go tla agar tshiamo mo go aona.” Leo a tla bo a le lone “letsatsi” leo mo go lone mafoko a ga Paulo mo go Ditihō 17:31 a tla dirang ka botlalo, nako ya gore lefatshe le atlholwe ka tshiamo.
19, 20. Ke bomang ba ba tla amiwang ke Letsatsi la Katlholo le le tlang?
19 Letsatsi leo la Katlholo le tla akareletsa se se fetang fela “dinku” tse di falolang, eleng bao ba tla bong ba setse ba atlhotswe mme ba tshwanelwa ke go tsena mo lefatsheng je lesha. Gakologelwa gore morago ga go bolela gore Rraagwe o mo neile katlholo, Jesu o ne a bua ka tsogo e e tlang ya baswi. Gape, mo go Ditihō 10:42 moaposetoloi Petere o ne a bolela gore Jesu Keresete ke “ena eo o laocwen ke Modimo gore a nne moatlhodi oa batshedi le bashwi.”
20 Ka baka leo, ‘letsatsi leo le le tlhomilweng’ leo le umakilweng mo go Ditihō 17:31 fa Modimo a tla go ‘atlhola lefatshe ka tshiamo’ ka Jesu Keresete le tla nna nakc ya go tsosiwa ga baswi. Abo go tla bo go ipedisa jang ne go bona maatla a bomodimo a dirisiwa go fedisa loso, leo gantsi go diragala ga lona a ileng ya nna tshiamololo a kgolo go gaisa. Batho ba bangwe, fela jaaka Jesu ka boene, ba ile ba bolawa ke dipuso tsa lefatshe kana masole a a neng a ba tlhasela ba sena molato. Ba bangwe ba latlhegetswe ke matshelo a bone mo dikotsing tse ba neng ba sa di lebelela jaaka difefo, dithoromo tsa lefatshe, melelo e e diragalang ka kotsi, le matlhotlhapelo a a ntseng jalo.—Moreri 9:11.
Go Rarabololwa ga go Tlhoka Tshiamo ga Nako e e Fetileng
21. Go tlhoka tshiamo ga nako e e fetileng go tla fenngwa jang mo lefatsheng le lesha?
21 A o ko o akanye fa re tla bo re kgona go bona ba re ba ratang ba tsosediwa botshelong gape! Ba bantsi ba tla bona tshono ya go ‘batla Modimo lantlha le go mmona ka mmatota,’ mme ka gone ba tla lebelela ‘botshelo jo bo sa khutleng,’ joo a tla bong a le tuelo ya “dinku.” Bangwe ba ba ba tsositsweng, go kopanyeletsa le bao ba tla bong ba falotse tsamaiso eno e e sa siamang, ka phepafalo ba ile ba itemogela go tlhoka tshiamo jaaka go nna le bogole jo ba tshotsweng ka jone, bofofu, bosusu, kana mathata mangwe fela a puo. A dilo tse di ntseng jalo di tla bo di tshwanela Jefatshe je lesha koo go tla bong go na le tshiamo gone’? Jehofa o ne a dirisa Isaia go bua ka dipolelelopele tse di farologaneng tseo di neng di tla diragadiwa ka mo gogolo ka mmatota mo Letsatsing la Katlholo. Elatlhoko seo re ka se lebelelang: “Ediha gona matlho a dihohu a tla houhololwafi, le ditsebe tsa baboshushu di tla thibololwafi. Ediha gona setlhotsa se tla tlolafi yaka kwalata, le loleme loa semumu to tla opela.”—Isaia 35:5, 6.
22. Ke ka ntlhayang fa Isaia kgaolo 65 a kgothatsa jaana mabapi le tshiamo?
22 Go tweng ka go tlhoka tshiamo goo jaanong go tsosang mahutsana a a kana? Isaia kgaolo 65 a na le dikarabo dingwe tse di kgothatsang ka mo go itumedisang. Fa re bapisa Isaia 65:17 le 2 Petere 3:13 di bontsha gore kgaolo eno a supela gape nakong ya “magodimo a masha, le lehatshe ye lesha,” eleng tsamaiso e e siameng a ntsha ya dilo. Lefa go le jalo, ke eng se se tla thibelang batho ba sekae ba ba sa siamang go senya kagiso le tshiamo? Fa re tswelela pele, Isaia 65 a arabela seo se ka nnang sa lebega jaaka bothata.
23. Letsatsi la Katlholo le tla nna le phelelo efe mo bathong bangwe ka bongwe?
23 Mo Letsatsing leno le le tswelelang la Katlholo, Jesu o tla tswelela pele ka tiro ya gagwe ya go atlhola batho, gore a ba tshwanelegela botshelo jo bo sa khutleng kana nnyaa. Bangwe ga ba na go tshwanelega. Morago ga go fiwa nako e e lekaneng, ka gongwe le eleng “dinyaga di le lekgolo” go batla Modimo, bangwe ba tla bontsha gore ga ba batle go dira tshiamo. Ka tshwanelo ba tla latlhegelwa ke botshelo jwa bone mo lefatsheng leo le lesha, jaaka re ka bona seo mo go Isaia 65:20: “Me moleohi eo o tla bon a le dinyaga di le lekgolo o tla bo a hutsegile.” Ba ba ntseng jalo ba ba tla atlholwang jaaka ba ba sa tshwanelweng ke botshelo ba tla bo ba se bantsi. Re na le lebaka le le utlwalang la go lebelela gore rona—le ba bangwe ba bantsi—re tla ipelela go ithuta le go dira tshiamo.—Isaia 26:9.
24. Seemo a t1a nna sefe mabapi le go tlhoka tshiamo mo go tsa itsholelo?
24 A seo se raya gore go tlhoka tshiamo ga go kitla go tlhola go tswelela, le eleng go tlhoka tshiamo mo go tsa itsholelo? Eleruri! Isaia 65:21-23 a supela ntlha eo jaana: “Ba tla aga matlo, ba nna mo go aona: ba tla tlhoma masimo a mafine, ba ya mauno a aona. Ga ba ketla ba aga, me go nne o sele; ga ba ketla ba tlhoma me go ye o sele: gonne yaka malatsi a setlhare a nntse, malatsi a batho ba me a tla nna yalo, me baitshenkedwi ba me ba tla ya tiho ea diatla tsa bone ka monate, ka lobaka to lolele. Ga ba ketla ba kgokgolela lehela, leha e le go tsalela thekisego bana; gonne bone ke losika loa basegohadiwi ba ga Yehofa, le matlhogela a bone nabo.” Abo go tla bo go fetogile jang ne go sa tshwane le gompieno! A lesego ruri!
25. Tsholofelo ya gago le boikemisetso ke dife malebana le tshiamo ka Moatlhodi yo o tlhomilweng wa Modimo?
25 Ka jalo, botlhe bao ba eletsang tshiamo ya goyagoile ba ka nametsega. Eleruri a thle go tla—ka bonako. Jaanong, mo nakong e khutshwanyane e e setseng ya nako eno ya katlholo, ke nako ya gore o kopanele le Basupi ba ga Jehofa mo go batleng Modimo mme o mmone ka mmatota, mo go tla go solegelang molemo ka bosakhutleng.
Dipotso tsa Poeletso
◻ Ke bosupi bofe jo re nang le jone ka ditekanyetso tsa Modimo tsa tshiamo?
◻ Jesu o tla nna le karolo efe mo Letsatsing la Katlholo le le tlang?
◻ Ke ka ntihayang fa nako ya rona a le nako ya botlhokwa malebana le katiholo ya bomodimo?
◻ Go tlhoka tshiamo ga nako e e fetileng go tla baakanngwa jang mo lefatsheng je lesha?
[Motswedi wa Setshwantsho mo go tsebe 15]
Pictorial Archive (Near Eastern History) Est.