LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w89 2/1 ts. 15-20
  • A o tla Solegelwa Molemo ke Dikgolagano tsa Modimo?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • A o tla Solegelwa Molemo ke Dikgolagano tsa Modimo?
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1989
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Kgolagano ya Moperesiti wa Selegodimo
  • Kgolagano a Ntsha le Karolo ya Bobedi ya Losika
  • Kgolagano ya ga Jesu ya Bogosi
  • Dikgolagano tse di Kopanyelefsang Boikaelelo jwa Goyagaile jwa Modimo
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1989
  • Masego a Magolwane a a Tlang Ka Kgolagano e Ntšha
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1998
  • Lo Tla Nna “Bogosi Jwa Baperesiti”
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2014
  • Kgolagano e Ntšha ya Modimo e Atamela Tiragatso ya Yone
    Polokesego Mo Lefatsheng Lotlhe Tlase ga “Kgōsana ea Kagishō”
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1989
w89 2/1 ts. 15-20

A o tla Solegelwa Molemo ke Dikgolagano tsa Modimo?

“Merahe eotlhe e tla segohadiwa mo go wena. Me yalo ba e len ba tumelo ba segohadiwa le Aberahame modumedi.”—BAGALATIA 3:8, 9.

1. Hisitori a bontsha eng ka diphelelo tsa dipuso tse dintsi?

“BADIPA ba ba molemo [kana, ba ba rutegileng]” ke ka moo babusi bangwe ba Yuropa ba lekgolo la bo-18 la dingwaga ba neng ba bidiwa ka gone. ‘Ba ne ba eletsa go busa batho ba bangwe ka tsela e e bonolo jaaka borre, mme dithulaganyo tsa bone di ne tsa seka tsa tsamaya sentle mme diphetogo tse ba neng ba di dira tsa seka tsa thusa sepe.’a (The Encyclopedia Americana) Leo a ne a le lone 1ebaka la konokono leo le neng la tsala mekubukubu e e neng ya akaretsa Yuropa yotlhe.

2, 3. Jehofa o farologane jang le dikgosi tsa batho?

2 Abo Jehofa a farologane jang ne le babusi ba batho ba ba sa kgoneng go bolelelapele. Re bona motlhofo fela kafa motho a tlhokang ka gone thatathata phetogo eo kgabagare a tla fedisang tshiamololo le pogo. Mme ga re a tshwanela go tshwenyega gore go tlisa ga Modimo seno go ikaegile ka go fetola ga gagwe mogopolo. Mo bukeng e e anamisitsweng thata mo lefatsheng, o ne a bontsha ka tsholofetso ya gagwe ya go tlisa masego a a tla nnelang ruri mo bathong ba ba dumelang. Go tla nna jalo go sa kgathalesege gore motho ke wa morafe ofe, lotso, thutego, kana maemo a gagwe mo morafeng. (Bagalatia 3:28) Mme a o ka ikaega ka seno?

3 Moaposetoloi Paulo o ne a tsopola karolo ya tlhomamisetso eno eo Modimo a neng a e naya Aberahame: “Rure ke tla gu segohatsa, ke ba ke gu segohatsa.” Paulo o ne a oketsa ka gore ereka ‘go retetse mo Modimong go ka aka,’ re ka “ichwarelela ka cholohelo a re a beecwen pele.” (Bahebera 6:13-18) Tsholofelo ya rona mo masegong a a ntseng jalo a ka nonotshiwa gape ke tsela eo Modimo a ileng a thaya motheo wa go diragatsa seno ka gone.

4. Modimo o ne a dirisa jang dikgolagano tse di farologaneng go diragatsa boikaelelo jwa gagwe?

4 Re setse re bone gore Modimo o He a dira kgolagano le Aberahame eo a neng a kopanyeletsa losika loo to neng to tla dirisiwa mo go segofatseng “merahe eotlhe ea lehatshe.” (Genesise 22:17, 18) Baiseraele a ne ya nna bone losika lwa nama, mme ka tsela e e botlhokwa segolo ya semoya, Jesu Keresete o ile a itshupa e le ene wa konokono mo losikeng lwa ga Aberahame. Jesu gape a ne a le Morwa, kana Losika lwa ga Aberahame yo Mogolwane, Jehofa. Bakeresete ba “ga Keresete” ba dira karolo ya bobedi ya losika lwa ga Aberahame. (Bagalatia 3:16, 29) Morago ga go dira kgolagano le Aberahame, Modimo o ne wa a oketsa ka nakonyana ka kgolagano ya Molao eo a neng a e dira le morafe wa Iseraele. E ne a supa gore Baiseraele a ne a le baleofi ba ba neng ba tlhoka moperesiti wa goyagoile le setlhabelo se se itekanetseng. E ne a sireletsa moralo wa Losika mme a thusa go mo supa gore ke mang. Kgolagano ya Molao a ne a bontsha gape gore Modimo o ne o tla tlhagisa morafe wa dikgosi tsa baperisiti ka tsela nngwe. Fa Molao o ne o santse o dira, Modimo o ne wa dira kgolagano le Dafide gore o tla nna le setlhopha sa dikgosi mo Iseraele. Kgolagano ya Bogosi ya ga Dafide e ne ya supela gape go mongwe yo a neng a tla busa goyagoile mo lefatsheng.

5. Ke dipotso dife kana bothata bofe joo bo neng bo santse bo tshwanetse go rarabololwa?

5 Lefa go le jalo, go ne go na le dikarolo dingwe kana maikaelelo mangwe a dikgolagano tseno ao go neng go bonala ekete ga as felela kana a a neng a batla go phepafadiwa. Ka sekai, fa a le gore Losika to to tlang to ne to tla nna kgosi mo moralong wa ga Dafide, to ne to tla nna moperesiti wa goyagoile yo a neng a tla dira go gaisa baperisiti ba ba fetileng jang? (Bahebera 5:1; 7:13, 14) A Kgosi eno a ne a ka busa mo lefelong le lengwe gape kwantle ga go felela fela mo lefatsheng? Karolo ya bobedi ya losika a ne a tla tshwanelegela jang go nna mo lelapeng la ga Aberahame yo Mogolwane? Mme le eleng fa go ne go ka nna jalo, ba ne ba tla busa kae, ereka bontsi jwa maloko a bone ba sa tswe mo losikeng lwa ga Dafide? A re boneng ka moo Modimo o neng wa tsaya dikgato go ya kafa molaong ka go dira dikgolagano tse di oketsegileng tseo di neng di tla araba dipotso tseno, di re bulela tsela ya masego a goyagoile.

Kgolagano ya Moperesiti wa Selegodimo

6, 7. (a) Go ya ka Pesalema 110:4, Modimo o He a oketsa ka kgolagano efe a nngwe? (b) Ke kitso efe e e re thusang go tlhaloganya kgolagano a go okeditsweng ka yone eno?

6 Jaaka re setse re bone, mo kgolaganong ya Molao, Modimo o ne wa ikanela Dafide gore o ne a tla nna le setlogolwana (losika) se se neng se tla busa goyagoile mo lefatsheng lotlhe. Mme Jehofa o ile a senolela Dafide gape gore moperesiti wa goyagoile o ne a tla tla. Dafide o ne a kwala jaana: “Yehofa o ikanne, me ga a ketla a ikwatlhaea, a re, U moperisiti ka bosakhutlen kaha mokgwen oa ga Melekisideke.” (Pesalema 110:4) Mme ke eng se se neng se dira gore Modimo a ikane ka tsela eo ka go tshwana fela le jaaka kgolagano a ene Jehofa a e dirang fa gare ga gagwe le Moperesiti yoo yo o tlang?

7 Melekisedeke o ne a He a nna kgosi ya Salema wa bogologolo, eo go bonalang a ne a le mo lefelong leo motse wa Jerusalema (leina leo le tserweng go “Salema”) o neng wa agiwa gone moragonyana. Polelo e e tlhalosang kafa a neng a dirisana ka gone le Aberahame e senola gore ke Kgosi e e neng a obamela “Modimo Mogodimodimo.” (Genesise 14:17-20) Lefa go le jalo, polelo ya Modimo mo go Pesalema 110:4 a bontsha gore Melekisedeke o ne gape a le moperesiti, seo se neng se mo dira motho yo o tlhaolegileng. E ne a le kgosi ebile e le moperesiti, mme o ne a direla koo moragonyana dikgosi tsa losika lwa ga Dafide le baperesiti ba Balefi ba neng ba direla ditiro tsa bone tse di rulagantsweng ke Modimo teng.

8. Kgolagano ya moperesiti yo o jaaka Melekisedeke a ne ya dirwa le mang, mme a ne ya felela jang?

8 Paulo o re naya dikarolo tse dingwe tse di oketsegileng mabapi le kgolagano eno ya boperesiti jo bo tshwanang le jwa ga Melekisedeke. Ka sekai, o bua gore Jesu Keresete o ne a “rewa ke Modimo leina, go twe, U moperisiti eo mogolo, kaha mokgwefi oa ga Melekisedeke.” (Bahebera 5:4-10; 6:20; 7:17, 21, 22) Lefa go bonala sentle gore Melekisedeke o ne a na le batsadi ba batho, ga go na sepe se se kwadilweng ka lotso lwa gagwe fano. Jalo go na le gore Jesu Keresete a rue boperesiti go ya kafa moralong wa ga Melekisedeke, o ne a tlhophiwa ke Modimo ka tlhamalalo. Boperesiti jwa ga Jesu ga bo kitla bo fetisediwa go yo mongwe o sele, ka go bo “o nntse moperisiti ka metlha eotlhe.” Seno se ntse jalo, ka go bo masego a tirelo ya gagwe ya boperesiti a tla nna a goyagoile. Ka boammaaruri re tla bo re segofaditswe ka go nna le moperesiti yo “o nonohilefi go bolokela rure ba ba atamelafi Modimo ka ena” le go laola le go kaela ba ba ikanyegang ka bosakhutleng.—Bahebera 7:1-3, 15-17, 23-25.

9, 10. Go itse ka kgolagano ya botlhano go ka godisa go tlhaloganya ga rona ka moo maikaelelo a Modimo a diragadiwang ka gone jang?

9 Ntlha a nngwe gape e e utlwalang ya karolo ya ga Jesu jaaka Kgosi ya Moperesiti a fetela ka kwa ga karolo eno ya lefatshe. Mo tlhaloganyong e e tshwanang fa a ne a umaka moperesiti yo o tshwanang le Melekisedeke, Dafide o ne a kwala jaana: “Yehofa o raea morena oa me, a re, Dula kaha lecogofi ya me ye legolo, go tsamaee ke dihe baba ba gago sebeo sa gago sa dinao.” Jalo re kgona go lemoga gore Jesu—Morena wa ga Dafide—o ne a tla nna le Jehofa kwa legodimong, moo go neng ga diragala fa a sena go tlhatlogela teng. Jaaka fa a le kwa legodimong, Keresete o kgona go dirisa bolaodi jwa gagwe le Rraagwe go baya baba ba gagwe kafa tlase ga gagwe le go diragatsa dikatlholo.—Pesalema 110:1, 2; Ditihō 2:33-36; Bahebera 1:3; 8:1; 12:2.

10 Ka jalo, ka go bo re itse ka kgolagano eno ya botlhano, re setse re na le pono e e atologileng ya tsela e e rulaganeng le e e tlhamaletseng eo Jehofa a tla diragatsang boikaelelo jono jwa gagwe ka yone. E bontsha gore karolo e kgolo ya losika a tla nna moperesiti kwa legodimong le gore bolaodi jwa gagwe jaaka Kgosi ya Moperesiti bo tla akareletsa lobopo lotlhe.—1 Petere 3:22.

Kgolagano a Ntsha le Karolo ya Bobedi ya Losika

11. Ke ditharaano dife tse di neng di le gone malebana le karolo ya bobedi ya losika?

11 Fa re ne re tlhatlhoba kgolagano ya ga Aberahame kwa pelenyana, re ne ra lemoga gore Jesu o ne a tla nna karolo a kgolo ya losika ka tlholego. E ne a le setlogolwana se se tlhamaletseng sa tlhogo ya lotso Aberahame mme, jaaka motho yo o itekanetseng, a ne a le Morwa yo o amogetsweng wa ga Aberahame yo Mogolwane. Lefa go le jalo, go tweng ka batho ba ba nang le tshiamelo ya go nna karolo ya bobedi ya losika lwa ga Aberahame, “baruaboshwa kaha polelon ea choloheco”? (Bagalatia 3:29) Ka go bo ba sa itekanela, a le karolo ya lelapa la moleofi Adame, ba ne ba tla bo ba sa tshwanelegele go ka nna lelapa la ga Jehofa, Aberahame yo Mogolwane. Mme bothata jwa go sa itekanelang bo ne bo ka rarabololwa jang? Seno se ne se tla retelela batho, eseng Modimo.—Mathaio 19:25, 26.

12, 13. (a) Modimo o ne wa bolelela pele kgolagano a nngwe jang? (b) Ke karolo efe e e kgethegileng ya kgolagano eno a re tshwanetseng go e tlhokomela?

12 Fa Molao o santse o dira, Modimo o ne a bolelela pele ka moperofeti wa gagwe jaana: “Ke tla [dira] kgolagano a ncha . . . le ba ntlo ea Iseraela, le ba ntlo ea Yuda: E sefi kaha kgolaganofi a nkilefi ka a diha le borrabo . . . me kgdlagano euo ea me ba ne ba a senya, . . . ke tla tsenya molao oa me mo ten ga bone, ke o kwala mo peduñ tsa bone; ke tla nna Modimo oa bone, le bone ba tla nna batho ba me: Me ga ba ketla ba tlhola ba ruta . . . Itse Yehofa: gonne ba tla nkitse botlhe hela . . . gonne ke tla ba ichwarela boikepo yoa bone, le boleo yoa bone ga nketla ke tlhola ke bo gakologelwa gope.”—Yeremia 31:31-34.

13 Tlhokomela gore karolo a kgolo ya kgolagano eno a ntsha a ne a le boitshwarelo jwa dibe, joo ka phepafalo bo neng ‘bo sa tshwane’ le thulaganyo ya kafa Molaong ya ditlhabelo tsa diphologolo. Jesu o ne a sedifatsa seno mo letsatsing leo a suleng ka lone. Morago ga go kopanela le barutwa ba gagwe mo modirong wa Tlolaganyo jaaka Molao o ne o ba laola, Keresete o ne a tlhoma Sejo sa Morena sa Maitsiboa. Modiro ono wa ngwaga le ngwaga o ne o tla kopanyeletsa go nwa bojalwa jwa mofine mmogo, joo Jesu a neng a bua jaana ka jone: “Senwelo se, ke kgolagano a ncha mo madifi a me, ebofi a a chololelwan Iona.”—Luke 22:14-20.

14. Ke ka ntlhayang fa kgolagano a ntsha a le botlhokwa mo go tlhagiseng karolo ya bobedi ya losika?

14 Ka jalo, kgolagano a ntsha a ne a tla tsena mo tirisong ka madi a ga Jesu. Mo motheong wa setlhabelo seo se se itekanetseng, Modimo o ne o ka ‘itshwarela ditlolo le maleo’ ka bosakhutleng. A o ko o akanye gore seo se ne se tla raya eng! Ka go kgona go itshwarela gotlhelele maleo a batho ba ba ineetseng ba lelapa la ga Adame, Modimo o ne o tla ba leba jaaka ba ba senang boleo, a ba tsala jaaka barwa ba semoya ba ga Aberahame yo Mogolwane, mme a ba tlotsa ka moya o o boitshepo. (Baroma 8:14-17) Ka jalo, kgolagano a ntsha eo a neng ya tlhomamisiwa ka setlhabelo sa ga Jesu a kgonisa barutwa ba gagwe go nna karolo ya bobedi ya losika lwa ga Aberahame. Paulo o kwadile jaana: “Ka losho [Jesu o ne a tla nyeletsa] ena eo o na a na le nonoho ea losho, ebofi diabolo; Le gore a golole bone botlhe ba a rilefi ka poiho ea losho ba bo ba nntse ba le mo kgolegofi mo botshelon yotlhe yoa bone. Gonne rure ga se baengele ba o ba kakatlololafi, me o kakatlolola losika loa ga Aberahame.”—Bahebera 2:14-16; 9:14.

15. Ke bomang bao ba akarediwang mo kgolaganong a ntsha?

15 Ereka Jesu a ne a tla nna Motsereganyi le setlhabelo se se tlhomamisang kgolagano e ntsha, ke bomang ba a neng a le ditlhopha tse di dirang kgolagano? Jeremia o ne a bolelela pele gore Modimo o ne a tla dira kgolagano eno le “ntlo ea Iseraela.” Iseraele ofe? Eseng Iseraele wa nama yo o rupisitsweng kafa Molaong, ka go bo kgolagano a ntsha a ne a senya kgolagano eo ya pele. (Bahebera 8:7, 13; bona tsebe 31.) Jaanong Modimo o ne o tla dirisana le Bajuda le Baditshaba bao ka tumelo ba neng ba ‘rupisitswe mo dipelong ka moya.’ Seno se dumalana le polelo eno ya gore bao ba leng mo kgolaganong a ntsha ba ne ba tla bo ba ‘kwadilwe melao ya gagwe mo megopolong ya bone le mo dipelong.’ (Baroma 2:28, 29; Bahebera 8:10) Paulo o ne a bitsa Bajuda bao ba semoya “Iseraela oa Modimo.”—Bagalatia 6:16; Yakobe 1:1.

16. Kgolagano a nt9sha a thusa jang mo go fitlheleleng seo Ekesodo 19:6 a neng ya se bolela?

16 Ereka Modimo jaanong o ne o dirisana le Iseraela wa semoya, lebati la tshiamelo le ne le butswe. Fa Modimo o ne o tlhoma Molao, o ne o kile wa bua ka bana ba Iseraela jaaka ba ba fetogang ‘bogosi jwa boperesiti le morafe o o boitshepo.’ (Ekesodo 19:6) Tota-tota, Iseraela wa nama o ne o se kitla o fetoga ebile ga wa ka wa nna morafe oo mo go one botlhe a neng a le baperesiti le dikgosi. Mme Bajuda le Baditshaba ba ba neng ba amogelwa jaaka karolo ya bobedi ya losika lwa ga Aberahame ba ne ba ka fetoga dlkgosi re baperesiti.b Moaposetoloi Petere o ne a tlhomamisa seno, a bolelela bao jaana: “Lo losika to to itshenkecwefi, to boperisito yoa segosi, morahe o o boitshepo, to chaba e e ruilwefi ke Modimo sebele, gore to tle to bonatse go tlotlomala ga eo o to biditsefi, a to bitsa to le mo lehihifi.” O ne a kwala gape gore ‘ba boloketswe boswa jo bo sa boleng kwa magodimong.’—1 Petere 1:4; 2:9, 10.

17. Ke ka ntlhōayang fa kgolagano a nt§sha a le “botoka” go na le kgolagano ya Molao?

17 Jalo he, kgolagano a ntsha a dira le kgolagano e e neng a ntse a le gone ya ga Aberahame go tlhagisa karolo ya bobedi ya losika. Kgolagano eno a ntsha e e fa gare ga ga Jehofa le Bakeresete ba ba tsetsweng ka moya a dira gore go kgonege gore go bopiwe morafe wa selegodimo wa baperesiti ba dikgosi mo lelapeng la segosi la ga Aberahame yo Mogolwane. Re ka bona, he gore ke ka ntlhayang fa Paulo a ne a bua gore ke “kgolagand e e molemo bogolo, e e theilwefi mo dipolelofi tsa choloheco tse di molemo bogolo.” (Bahebera 8:6) Ditsholofetso tseno di akareletsa masego a go kwalwa ga znolao wa Modimo mo dipelong tsa ba ba ineetseng bao ditlolo tsa bone di sa tlholeng di gakologelwa, le bao ba ‘itseng Jehofa, go tswa go yo monnye go ya go yo mogolo wa bone.’—Bahebera 8:11.

Kgolagano ya ga Jesu ya Bogosi

18. Ke ka tlhaloganyo efe dikgolagano tse re setseng re di sekasekile di sa fitlheleleng boikaelelo jwa Modimo ka botlalo?

18 Fa re akanya ka dikgolagano tse thataro tse re tlotlileng ka tsone, go ka nna ga lebega ekete Jehofa o rulaganyeditse sotlhe se se neng se tlhokega go diragatsa boikaelelo jwa gagwe kafa molaong. Lefa go le jalo, Bibela e re naya kgolagano a nngwe gape eo a amanang le tseo re setseng re tlotlile ka tsone, kgolagano eo a konelang dikarolo tse dingwe gape tse di oketsegileng tsa kgang e e botlhokwa eno. Bakeresete ba ba tsetsweng ka moya ba lebeletse ka tshwanelo gore ‘Morena a ba golole mo tirong nngwe le nngwe e e bosula mme a ba bolokele go ba isa kwa bogosing jwa gagwe jwa selegodimo.’ (2 Timotheo 4:18) Kwa legodimong, a tla nna morafe wa baperesiti ba dikgosi, mme ba tla busa bomang? Fa ba tsosediwa kwa legodimong, Keresete o setse a le teng koo jaaka moperesiti yo mogolo yo o itekanetseng. O tla bo a setse a tsere maatla a bogosi mme a busa lobopo lotlhe. (Pesalema 2:6-9; Tshenolō 11:15) Baperesiti ba bangwe ba bogosi ba tla dira eng?

19. Kgolagano ya bosupa e e leng yone ya botlhokwa a He ya dirwa jang mme leng?

19 Ka Nisane 14, 33 C.E., eleng bosigo joo Jesu a neng a tlhoma Sejo sa Morena sa Maitsiboa a bo a umaka ‘kgolagano a ntsha e e tlang ka madi a gagwe,’ o ne a bua ka kgolagano a nngwe gape, eleng ya bosupa a re tla tlotlang ka yone. O ne a raya baaposetoloi ba gagwe ba ba ikanyegang a re: “Lona, ke lona ba ke nntsefi ke na le lona mo ditekofi tsa me; Me ke to baea bogosi, yaka Rre a bo mpeile, Gore to ye to nwe ha lomatifi loa me loa boyelo, mo bogosifi yoa me; me to tla dula mo ditulofi tsa bogosi, to atlhola dico tse shomè le bobedi tsa Iseraela.” (Luke 22:20, 28-30) Fela jaaka Rre a ne a dirile kgolagano le Jesu go nna moperesiti jaaka Melekisedeke, ka jalo Keresete o ne a dira kgolagano ya sebele le barutwa ba gagwe ba ba ikanyegang.

20. Kgolagano ya Bogosi a ne ya dirwa le mang, mme ka ntlhayang? (Daniele 7:18; 2 Timotheo 2:11-13)

20 Eleruri baaposetoloi ba ba 11 ba ile ba tshwaragana le Jesu mo ditekong tsa gagwe, mme kgolagano a ne ya bontsha gore ba ne ba tla nna mo ditulong tsa bogosi. Mo godimo ga moo, Tshenolō 3:21 a bontsha gore Bakeresete botlhe ba ba tsetsweng ka moya ba ba tla itshupang ba ikanyega ba tla nna mo ditulong tsa bogosi tsa selegodimo. Ka jalo, kgolagano eno a dirilwe le botlhe ba ba 144 000 ba ba rekilweng ka madi a ga Jesu ba ba tla tseelwang kwa legodimong jaaka baperesiti le ‘go busa jaaka dikgosi mo lefatsheng.’ (Tshenolō 1:4-6; 5:9, 10; 20:6) Kgolagano eo Jesu a e dirang le bone a ba golaganya le ene go busa mmogo nae. Ka tlhaloganyo a nngwe, go ntse fela jaaka monyadiwa a tswa kwa lelapeng la maemo a a kwa godimo a nyalana le kgosi e e busang. Jaanong o nna mo seemong sa go ka tlhakanela le ene mo pusong ya bogosi.—Yohane 3:29; 2 Bakorintha 11:2; Tshenolō 19:7, 8.

21, 22. Ke masego afe a a ka lebelelwang ka ntlha ya seo dikgolagano tseno di se fitlhelelang?

21 Seno se tla tlisetsa batho ba ba kutlo melemo efe? Jesu gammogo le ba ba 144 000 ga ba kitla ba nna jaaka badipa ba ba molemo bao “ba neng ba sa kgone go lere tharabololo e e tletseng.” Go na le moo, re tlhomamisediwa gore Jesu ke moperesiti yo mogolo “eo o kilefi a raelwa mo dilofi cotlhe yaka rona, leha go nntse yalo a sena boleo.” Ka jalo re kgona go tlhaloganya gore ke ka ntlhayang a tla kgonang go ‘akanyetsa’ makoa a batho le gore ke ka ntlhayang “dinku di sele” jaaka go ile ga nna jalo ka Bakeresete ba ba tloditsweng, le tsone di ka, atamelang setulo sa Modimo sa bogosi ka “botlh6kapoiho” ka Jesu Keresete. Ka jalo, le bone ba ‘amogela boutlwelobotlhoko, mme ba bona tshegofatso e e tla ba thusang mo motlheng oo a tlhokwang ka one.’—Bahebera 4:14-16; Yohane 10:16.

22 Bao ba leng mo kgolaganong le Jesu Keresete jaaka baperesiti ba bogosi le bone ba iponela masego a a tlisediwang batho. Fela jaaka baperesiti ba bogologolo ba Balefi ba ne ba solegela morafe otlhe wa Iseraela molemo, jalo le bao ba direlang mo ditulong tsa bogosi tsa selegodimo le Jesu ba tla atlhola botlhe ba ba tshelang mo lefatsheng ka tshiamo. (Luke 22:30) Baperesiti bao ba dikgosi a ne a le batho, jalo ba tla kgona go utlwela batho botlhoko. Karolo eno ya bobedi ya losika a tla dira gammogo le Jesu mo go boneng gore ‘merafe yotlhe e a segofala.’—Bagalatia 3:8.

23. Batho ba tshwanetse go itshwara jang tumalanong le dikgolagano tseno?

23 Botlhe ba ba eletsang go iponela masego ao a a tlelang setho, mme jalo ba solegelwa molemo ke dikgolagano tsa Modimo, ba lalediwa go dira jalo jaanong. (Tshenolō 22:17) Kgato a nngwe e e molemo ke go nna gone mo moletlong wa Sejo sa Morena sa Maitseboa, se se tla tshwarwang morago ga go phirima ga letsatsi ka Laboraro, March 22, 1989. Tsweetswee dira dithulaganyo gone jaanong gore o tle o kopanele le Basupi ba ga Jehofa. Koo o tla ithuta go le gontsi ka dikgolagano tsa bolegodimo mme o tla bona ka moo di ka go solegelang molemo ka mo go oketsegileng ka gone.

[Dintlha tse di kwa tlase]

a “Le eleng diphetogo tse di neng di dirwa ka bopelokgale di ne tsa seka tsa fedisa go nna gone ga balemi ba ba humanegileng, batlotlegi ba ba tshelang mo letlepung, ba ba sa kgethisiweng kafa tshwanelong, batho ba ba tlwaelesegileng ba ba neng ba sena thata e e lekaneng mo pusong le mo morafeng . . . Go ka bolelwa gore lemororo badipa ba ba rutegileng bao ba ne ba akofa ba lebagana le mathata ao a neng a sa tlhole a ka itlhokomolosiwa, ba ne ba sa kgone go lere tharabololo e e tletseng mo ditsamaisong tsa bopolotiki le tsa itsholelo tsa motlha oo.”—Western Civilization Its Genesis and Destiny: The Modern Heritage.

b Jesu ga se mongwe wa setlhopha se se tsenelang kgolagano a nt’sha. Ke Motsereganyi wa yone mme ga a na boleo ebile ga a tlhoke go itshwarelwa. Mo godimo ga moo, ga a tlhoke go nna kgosi ya moperesiti ka yone, ka go bo ke kgosi go ya ka kgolagano ya ga Dafide gammogo le moperesiti yo o jaaka Melekisedeke.

A O A Gakologelwa?

◻ Ke ka ntlhanyang fa kgolagano e e umakilweng mo go Pesalema 110:4 e ile ya dirwa, mme e ile ya fithelela eng?

◻ Ke bomang ba ba leng mo kgolaganong e ntsha, mme e ne ya thusa jang go tlhangisa morafe wa baperesiti ba dikgosi?

◻ Ke ka ntlhayang fa Jesu a ne a dira kgolagano ya sebele le barutlwa ba gagwe?

◻ Ke dikgolagano dife tse supa tse re tlotlileng ka tsone?

[Setshwantsho mo go tsebe 17]

(For fully formatted text, see publication)

Kgolagano ya kwa Edene Genesise 3:15

Kgolagano ya ga Aberahame

Kgolagano ya molao

Kgolagano ya Bogosi ya ga Dafide

Kgolagano ya go nna moperesiti yo o tshwanang le Melekisedeke

Losika lwa ntlha

Losika lwa bobedi

Masego a goyagoile

[Setshwantsho mo go tsebe 19]

(For fully formatted text, see publication)

Kgolagano ya kwa Eden Genesise 3:15

Kgolagano ya ga Aberahame

Kgolagano ya molao

Kgolagano e ntsha

Kgolagano ya Bogosi ya ga Dafide

Kgolagano ya go nna moperesiti yo o tshwanang le Melekisedeke

Losika lwa ntlha

Kgolagano ya Bogosi jwa selegodimo

Losika lwa bobedi

Masego a goyagoile

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela