‘Bo-Magi ba Bararo—A ke ba Mmatota Kana ke Tlhamane Fela?
“C + M + B”
A ditlhaka tseno di raya sengwe go wena? Fa o nna mo kgaolong ya Roma Katoliki mo Federal Republic of Germany, di ka nna tsa tswa di raya sengwe mo go wena. Gantsi koo o tla fitlhela di kwadilwe mo ditswalong fa thoko ga ngwaga. Ke ka ntlhayang fa go ntse jalo?
Dipolelo tse di itsegeng di bolela gore ditlhaka tseno ke ditlhaka tsa ntlha ka Se je remane tsa bao go tweng ke Bo-Magi ba bararo, kana “banna ba ba botlhale,” ebong Gaspar (Sejeremane, Caspar), Melchior, le Balthasar.a Go bolelwa fa marapo a BoMagi bao a ne a fudusediwa kwa Cologne ka ngwaga wa 1164 mme moragonyana a bewa mo kerekeng e kgolo ya motse oo, ka gone go dirwa Cologne boremelelo jwa kobamelo ya bone. Ngwaga le ngwaga, ka January 6—eo e itsiweng jaaka Moletlo wa Dikgosi tse Tharo tse di Boitshepo—ditlhopha tsa basha ba ba apererig jaaka dikgosi tsa bogologolo ba tsena ntlo le ntlwana ba kwala ditlhaka tseno mo ditswalong. Go ya ka ngwao, sena se sireletsa beng ba matlo mo bomadimabeng.
Ditshwantsho tsa sedumedi le ngwao di kaya gore Bo-Magi ba bararo bano, kana “dikgosi,” ba ne ba etelelwa pele ke “naledi” go ya koo Jesu a neng a tsholelwa teng. Ponong ya tlotlo, le eleng kobamelo, eo e neelwang “dikgosi” tseno, go tsoga potso ya gore a tumelo eno e thailwe mo Dikwalong.
Efangele ya ga Mathaio ke yone fela e e lebisang go baeti bano. (2:1-12) A mme Mathaio o umaka gore ba ne ba le bararo le gore e ne e le dikgosi, gape a o kwadile maina a bone? Koranta ya Katoliki ya Kirchenzeitung für das Bistum Aachen e dumalana ka go re: “Ga go buiwe ka dikgosi tse tharo tse di Boitshepo jalo mo Bibeleng. Go simolola ka lekgolo la borataro la dingwaga, go ne go tlhaloganngwa fa banna ba ba botlhale e ne e le dikgosi tse tharo . . . Fa e le ka palo ya balepa-dinaledi, . . . Mathaio ga a tlhalose sepe . . . Mo lekgolong la dingwaga la borobabongwe ba ne ba simolola go itsiwe ka maina Gaspar, Melchior, le Balthasar.” Mo godimo ga moo, buka ya tshupiso ya Katoliki eleng Lexikon für Theologie und Kirche e lemotsha gore lefoko la Segerika ma’goi ga le reye dikgosi mme, go na le moo, le raya “motho yo o nang le kitso ya sephiri kaga tepo-dinaledi.” Mongwe le mongwe wa bo Justiñ Martyr, Origeñ, le Tertullian o ne a tlhaloganya fa lefoko leo le raya “molepa-dinaledi.” Dithanolo tsa segompieno tsa Bibela le tsone di dirisa “balepa-dinaledi” mo go Mathaio 2:1, 7.—The Living Bible; An American Translation.
Lemororo dipono tsa Botsalo jwa ga Jesu jaaka ngwana ka go tshwana di akareletsa “dikgosi tse tharo,” a ba ne ba le teng fa a ne a tsholwa? Buka eo ya tlhaloso-mantswe e oketsa ka go re: “Mathaio 2:16 e supa gore loeto loo lo diragetse gongwe ngwaga kana go feta morago ga go tsalwa ga ga Jesu.” Tota ebile, temana ya 11 e bua ka ‘ntlo,’ eseng bojelo jwa dipitse, koo ba neng ba “bōna ñwanyana” teng.b
Go tweng ka lereo “Dikgosi tse di Boitshepo”? A ka tshwanelo baeti bao ba ka bidiwa ba ba boitshepo? Le ka motlha Dikwalo ga di ise di ko di ba tlhalose jalo. Ebile tota, e ne e le molao-motheo wa bomodimo. Mo go Isaia 47:13, 14, Modimo o nyatsa ‘baobamedi [“balepa-dinaledi,” go ya ka Septuagint] ba magodimo, le balepi ba dinaledi.’ (Bapisa Duteronome 18:10.) Balepa-dinaledi bano ba ne ba tswa “botlhabatsatsi,” seo e ka nnang ya bo e ne e le boremelelo jwa kobamelo ya masaitsiweng, eleng Babelona o o seng boitshepo, koo ba neng ba obamela medimo ya maaka gone. Ka gone, ba ne ba eteletswe pele ke seo ba neng ba akanya gore e ne e le “naledi” e e tsamayang, eo go sa begiweng fa ope a ne a e bona. Gape, Mathaio o bontsha gore “naledi” eo santlha e ne ya ba etelelapele go ya kwa go Kgosi Herode, yo go tswa foo a neng a le ka go bolaya Jesu.—Mathaio 2:1, 2.
Nnyaa, Modimo ga o a ka wa romela “naledi” eo go ba isa kwa go Jesu. A ga go lebege gore “naledi” eno e ne e rometswe ke motho yoo o neng a batla go bolaya Jesu pele ga a ka kgona go diragatsa thomo eo a neng a e neilwe ke Modimo?—Bapisa Genesise 3:15.
Jesu o ne a tlhagisa ka gore Lefoko la Modimo le ka nna la ‘dirololwa’ ka go le tswakanya le “mekgwa.” (Mathaio 15:6) Ka phepafalo ditlwaelo tse di neng tsa dirwa ke batho bano ga se tsa dikwalo. Ka jalo he, aga o dumele gore go tla bo go le phoso go obamela balepadinaledi kana go ba tsaya ba le boitshepo?
[Dintlha tse di kwa tlase]
a Gape baruti ba supa fa mafoko a Selatine Christus mansionem benedicat, “Ekete Keresete o ka segofatsa ntlo eno,” e le tlhaloso ya seo.
b Go bona tshedimosetso e e oketsegileng malebana le go goroga ga balepa-dinaledi, bona tokololo ya The Watchtower, ya December 15, 1979, tsebe 30.