A O A Gakologelwa?
A o akanyeditse ditokololo tsa bosheng tsa Tora ya Tebelo ka kelotlhoko? Fa go le jalo, gongwe o tla kgona go gakologelwa tse di latelang:
◻ Motswedi wa boitumelo jwa boammaaruri ke eng?
Jesu o ne a re: “Go segō ba ba utlwañ lehoko ya Modimo, ba le boloka.” (Luke 11:28) Ka gone Jesu o ne a bontsha gore boitumelo jwa boammaaruri bo bonwa ka go nna motlhanka yo o ikanyegang wa Modimo le go dira thato ya gagwe.—8/15, tsebe 8.
◻ Tsela e nngwe eo re ka gananang le ditiro tsa botlhajana le tsa boferefere tsa ga Satane ke efe?
Gore re ganane le Satane, re tshwanetse go itlhatlhoba. A re na le bokoa joo Satane a ka bo dirisang kana a bo dirisang gone jaanong? Ka sekai: A re na le bothata jwa boikgopolo? A ka metlha re tshwanetse go nna ba ntlha? Fa re ikitse, ke gone re tla kgonang go baakanya mathata a go nna jalo, fa fela re le boikokobetso. Ka tsela eno, ga re kitla re naya Satane sebaka.—9/1, ditsebe 15, 16.
◻ Ke lotshwao lofe loo setshwani sa ‘monna yo o apereng leloba le lesweu’ a tshwayang bao ba nnang “dinku di sele” tsa ga Keresete ka lone? (Esekiele 9:2-4; Yohane 10:16)
‘Lotshwaō” ke bosupi jwa gore batho bao ba seka-dinku ke batho ba ba ineetseng, ba ba kolobeditsweng bao ba nang le bot ho jo bo tshwanang le jwa ga Keresete.—9/15, tsebe 14.
◻ Moaposetoloi Petere o ne a kaya eng fa a ne a re re tshwanetse go ‘ratana mo pelong ka tlhoafalo’? (1 Petere 1:22)
“Ka tlhōahalō” tota go raya “ka mo go atologileng.” Gore lorato lwa go nna jalo lo bontshiwe gare ga Bakeresete go tlhoka boiteko le go atolosa dipelo tsa rona mo di kgonang go rata batho bao ka tlwaelo re neng re sa kake ra gogegela go bone.—10/1, tsebe 12.
◻ Tempele ego lebisitsweng go yone mo go Tshenolō 11:1 ke eng, mme e simolotse go nna teng leng?
Ke tempele e kgolo ya semoya eo felo ga boitshepo jwa maitshepo eleng koo Jehofa a nnang teng kwa legodimong. E nnile teng ka 29 C.E. fa Jesu a ne a tlodiwa a bo a sirnolola go direla jaaka moperesiti yo mogolo. (Bahebera 3:1; 10:5)—10/15, tsebe 12.
◻ Codex Sinaiticus ke eng, mme e botlhokwa go le kana kang?
Codex Sinaiticus e na le Oikwalo tsotlhe tsa Bokeresete tsa Segeri ka le thanolo ya Segerika ya dikarolo tsa Olkwalo tsa Sehebera. Bobotlana e na le dingwaga di le 1 600, mme ke karolo ya botlhokwa mo tlhatlhamanong ya rona ya mekwalo ya bogologolo ya Bibela.—10/15, ditsebe 30, 31.
◻ Ke eng seo se lereng boitumelo jo bogolo mo lenyalong?
Molekane mongwe le mongwe o tshwanetse go tlhomamisa gore Modimo o mo lenyalong la bone. Ka tsela eno, ditlhokafalo tsa semoya di tla kgotsofadiwa, mme sebofo sa lenyalo se tla nonotshiwa. (Moreri 4:12; Mathaio 5:3)—11/1, tsebe 16.
◻ “Kagishō ea Modimo” eo moaposetoloi Paulo a buang kaga yone mo go Bafilipi 4:7 ke eng?
Kagiso eno ke thetebalo le tshisibalo tseo di newang ke Modimo, le eleng gareng ga maemo a a lekang eleruri. E bakiwa ke kamano e e atamalaneng le Jehofa le tlhatswegopelo ya gore seo motho a se dirang se a itumedisa mo matlhong a gagwe.—11/1, tsebe 30.
◻ Motho o amogelwa ke Jehofa fa a dirang?
Fa a ineela le go kolobediwa, go ka kgonega gore motho yo o sa itekanelang a nne ‘motho yo o lebosegang,’ kana motho yo o amogetsweng ke Modimo. (Luke 2:14)—11/15, tsebe 11.
◻ Batsadi ba ka dira eng go thusa ngwana wa bone yo mmotlana yo o dirileng phoso lemororo a ka tswa a sa tshwanelege jaaka mmoledi yo o sa kolobediwang kana a kgaotswe?
Fela jaaka batsadi ba tla tswelela ka go mo tlamela ka dijo, diaparo, le bonno, jalo ba tlhoka go mo laya le go mo otlhaya tumalanong le Lefoko la Modimo. Ba ka ithuta le ene a le nosi kana ba dira gore a nne le seabe mo thutong ya lelapa.—11/15, tsebe 20.
◻ Ngwao ya Sejuda e ne ya dirolola taolo ya Modimo jang e e mo go Ekesodo 20:12 ya gore bana ba tshwanetse go tlotla batsadi ba bone?
Motho o ka baya dilwana tsa gagwe e le gore morago di abelwe tempele a bolela fa e le “Korebana,” seo se neng se raya gore, “se abecwe Modimo.” (Mareko 7:11) Korebane eno e ne e santse e ka nna ya dirisiwa ke mot ho yoo go mo solegela molemo, mme o ne a ka e itsa batsadi ba gagwe.—12/1, ditsebe 4, 5.