LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w88 12/15 ts. 10-18
  • Melaetsa ya Baengele ya Motlha wa Rona

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Melaetsa ya Baengele ya Motlha wa Rona
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1988
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • “Baengele” le “Ditshupo”
  • Setilo sa Bogosi sa Modimo, Lokwalo, le Potso
  • Bao ba ‘Nonofileng go Ema’
  • Go Bolela Dikatlholo tsa Modimo
  • Lonaka lwa Bosupa le Tatlhego ya Boraro
  • Buka ya Bibela ya bo 66—Tshenolō
    “Lokwalo Longwe le Longwe Lo Tlhotlheleditswe ke Modimo Ebile Lo Mosola”
  • Go Sekaseka Tshenolō ka Kelotlhoko
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1983
  • Nako ya Modimo ya Katlholo a Gorogile
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1989
  • Dintlhakgolo go Tswa mo Bukeng ya Tshenolo—Karolo I
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2009
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1988
w88 12/15 ts. 10-18

Melaetsa ya Baengele ya Motlha wa Rona

“Modimo . . . a roma moengele wa gagwe mme a e bolela ka ditshupo.”—TSHENOLŌ 1:1, NW.

1. Go na le tlhokakutlwisiso efe ka leina Apokalipise, mme ke eng seo Tshenolō e se senolang kaga isagwe?

APOKALIPISE. Abo leina leo le ile la utlwiwa gantsi jang ne mo lekgolong leno la bo-20 la dingwaga—mme abo le sa tlhaloganngwe mo go maswe jang ne! Go ya ka kutlwisiso ya Bibela, ga le reye go nyelediwa ga set ho sotlhe ka masetlapelo a ntwa ya nuklea. Go na le moo, lefoko leno la Segerika le raya “go senola.” Ka ditshwantsho tsa polelelopele, buka ya Bibela ya Apokalipise, kana Tshenolō, e senola ditiragalo tseo di fitlhang kwa setlhoeng sa tsone fa go simologa motlha wa go itumela ga bat ho ka bosakhutleng. Ka gone, moaposetoloi wa ga Jesu ebong Johane o simolola Tshenolō ka mafoko ano: “Go segō eo o balañ, le ba ba utlwañ mahoko a polèlèlō pele e, ba ba ba boloka dilō tse di kwadilweñ mo go eōna: gonne lobaka lo atametse.”—Tshenolō 1:3.

2, 3. Ke ka ntlhayang fa lefatshe leno le sa itumela, mme ke eng se Jehofa a ikaeletseng go se dira?

2 Gompieno lefatshe ga le a itumela. Lebaka la go sa itumelang ga lone le tlhalosiwa mo pineng eo Moshe a neng a e tlhama dingwaga di le 3 460 tse di fetileng a ce: “Ba o ipodiseditse, ga se bana ba [Modimo], me ke sechubaba mo go bōnè; ke losika lo lo logwadi, lo lo kgōpō.” (Duteronome 32:5) Abo mafoko ao a tshwanela losika lwa segompieno jang ne, bao mekgele ya bone e sokameng le go raraana! Ka sekai, mafoko a kwa tshimologong a World Military and Social Expenditures 1987-88 a tlhalosa jaana ka tlhamalalo: “Matshelo a merafe yotlhe a rareeditswe ke kgaisano ya dibetsa. United States gammogo le Soviet Unioñ ba senya diranta di le dimilione di le 3 750 ka letsatsi mo boiphemelong jwa sesole. Lefa go le jalo United States ke ya bolesome le borobabobedi mo lenaneong la merafe eo bana ba yone ba kgonang go tshela morago ga botsalo, USSR ke ya bomasome a mane le borataro. Dinaga tse di tlhabologang di senya madi a a menaganeng sene mo dibetseng go na le mo tlhokomelong ya botsogo jwa batho ba bone. Lefa go le jalo makgolokgolo a dimilione tsa batho mo dinageng tseo ba bolawa ke tlala; 20 lekgolong ya bana ba bone ba swa pele ga ba nna dingwaga tse tlhano.”

3 Go na le mabaka a mangwe ao a bifisang tsela eno ya tshenyego—eleng go senyega ga maitsholo le mo lelapeng, bokebekwa le therisego tseo di gomagometsang lefatshe, go tlhoka lorato le boganana jwa kokomana ya gompieno. Abo ce ka itumela jang ne go bo Jehofa a ikaelela “go senya bao ba senyañ lehatshe”! (Tshenolō 11:18) Ka ditlhaloso tse di kgatlhang, buka ya Bibela ya Tshenolō, ka diponatshegelo tse di latelelanang tse 16, e tlhalosa kafa a tla fitlhelelang seno ka gone.

“Baengele” le “Ditshupo”

4. Baengele ba kopanyelediwa jang mo go Tshenolō, mme diponatshegelo di tshwantsha moengele yo mogolo go ba feta ootlhe le eng?

4 Tshenolō e latlhela lesedi mo polelelong pele ya ntlha ya Bibela, mo go Genesise 3:15, e bontsha kafa bobaba gareng ga Satane le phuthego ya Modimo ya seka-mosadi, le gareng ga ‘masika’ a bone a mabedi, bo rarabololwang ka teng. E bolela go atlhola ga ga Jehofa baba ba gagwe le bao ba mo ratang le go ema nokeng bolaodi jwa gagwe. Tshenolō e bolelelwa Johane “ka ditshupo” ke moengele. Baengele ba bangwe, kana bacongwa, ba acola mo go itsiseng le go tshwantsheng ditshupo tseo. Moengele yo mogolo go ba feta botlhe o itsisiwe mo go Tshenolō 1:5 jaaka “Yesu Keresete, eo e leñ èna moshupi eo o ikanyègafi, oa motsalwa pele oa bashwi, le molaodi oa dikgosi tsa lehatshe.” “Ditshupo,” kana diponatshegelo, gape di mo tshwantsha jaaka “Tau,” jaaka “Kwana,” jaaka “Mikaele,” le makgetlo a le mmalwa jaaka moengele yo o thata.—Tshenolō 5:5, 13; 9:1, 11; 10:1; 12:7; 18:1.

5. Ke eng seo se tshwantshiwang mo ponatshegelong ya ntlha ya Tshenolō, mme seno se re kopanyeletsa jang?

5 Ponatshegelo ya ntlha, e e mo go Tshenolō 1:10–3:22, e bontsha melaetsa e e tshikhinyang maikutlo eo Jesu yo o galaleditsweng a neng a e bolelela “baengele,” kana balebedi, ba diphuthego tse supa tsa Asia tseo di tshwantshetsang phuthego yotlhe ya lefatshe ya Basupi ba ga Jehofa mo ‘letsatsing la Morena.’ Jalo melaetsa eo ke ya rona gompieno! Re tshwanetse ka tlhoafalo re “utlwè se Mōea o se buafi le diphuthègō,” ka gonne ditlhagiso tseno le dikgakololo di kgothatsa rona, e le gore re tle re ikanyege—re amogelesege ka baka la ditico tsa cona le “loratō . . . , le tumèlō, le tihèlō, le bopelotelele.”—Tshenolō 1:10; 2:7, 10, 19.

6. Re ka solegelwa molemo jang ke molaetsa mongwe le mongwe o o romelwang kwa diphuthegong tse supa tsa Asia?

6 Fela jaaka phuthego ya Efeso, re ka tswa re kile ra dira ka bonatla ra ba ra ila ditico tsa makoko a batenegi, mme fa lorato lwa rona lo ngotlegile ka tsela epe fela, a ce tsosoloseng ka go ikotlhaya lorato lwa cona lwa ntlha, ka matlhagatlhaga otlhe a lone a a mogote! Jaaka Bakecesete ba ba humileng semoyeng ba Semerena, a ka go tlhoka poifo re gagamaleleng kwa tuelong, re itshupa fa ce le “boikañō le go ea hèla kwa loshuñ,” fa go ka tlhokega jalo. Fela jaaka Baperegamo bao ba lekilweng ke Satane, re tshwanetse go ikotlhaela kobamelo ya medimo ya disetwa epe ya bogologolo, boitsholo jo bo sa siamang, kana go itira makoko. Batho ba Thiatira ba ne ba tlhagisiwa go itisa kgatlhanong le dithaelo tse di tshwanang le tseo, segolo bogolo ditlhotlheletso tsa Se-Jesebele. Le cona re tshwanetse go nna re itisitse! Ope fela yo o ka tswang a sule semoyeng, fela jaaka Bakeresete ba Saredisa, o tshwanetse go tsoga go santse go na le nako. Re bulegetswe ke kgoco ya tirelo fela jaaka e ne e bulegetse Bafiladelefia; ekete ce ka nna le nonofo ya go fenya ka motlha wa teko, fela jaaka ba ne ba dira! Fa ope wa cona fela a le motlha jaaka Balaodikea, re tshwanetse go tsibogela bosaikategang jwa cona jwa semoya mme ra ikotlhaya. Jesu o eme fa kgocong a ntse a kokota. Ekete cotlhe re ka mo amogela mme ra ipelela moletlo o o sa feleng wa dijo tsa semoya le ene mo diphuthegong tsa cona tse di 55 000 go dikologa lefatshe!—Tshenolō 1:11; 2:7, 8, 11, 17, 29; 3:6, 13, 22.

Setilo sa Bogosi sa Modimo, Lokwalo, le Potso

7. Ke dipako dife tse di opelwang mo ponatshegelong ya bobedi, mme o itshwara jang kaga tsone?

7 Mo ponatshegelong ya bobedi Johane o bona setilo sa bogosi sa ga Jehofa se se galalelang sa selegodimo. Modimo wa cona yo mogolo o bonala gareng ga bontle jo bogolo, a direlwa ke ditheruba tse nne, masomosomo a baengele, le bafenyi ba Bakeresete ba ba tsositsweng. Abo pina ya bone ya pako e tlhotlheletsa maikutlo jang ne: “Go gu chwanetse, Morèna oa cona, le Modimo oa cona, oa bo u bōna kgalalèlō, le tlotlō, le thata: gonne u tlhodile dilō cotlhe, me di ne di leeō, me tsa bopiwa ka ntlha ea go rata ga gago”! Jehofa o naya lokwalo Yo o nang le tshwanelo ya go le bula—ebong Tau ya lotso lwa Juda, Kwana yo o bolailweng yo o nnang Mogolodi wa cona. Lobopo lotlhe lo baka Jehofa le Kwana.—Tshenolō 4:11; 5:2-5, 11-14.

8. Ke eng seo re se bonang mo go Tshenolō mo ponatshegelong ya boraro, mme seo se dira jang mo motlheng wa rona?

8 Jaanong ke ponatshegelo ya boraco! Kwana o tswelela ka go bula dikano tse supa tsa lokwalo. Re bona eng? Santlha, Jesu Keresete yo o sa tswang go rwesiwa serwalo o palame pitse e tshweu kwa magodimong, seo se tshwantshetsang ntwa ya tshiamo. Morago ga moo, mopalami wa pitse e khunohu o tlhasela lefatshe ka ntwa e kgolo. Go tswa foo go tla pitse e ntsho ya leuba, mme morago ga yone go tla pitse e tshetlha ya dikgogodi tsa malwetsi, eo mopalami wa yone o bidiwang Loso! O setswe morago ke Bobipo, go kometsa dimilione tsa baswi. Sotlhe seno se simologa ka “tshimologō ea botlhoko yoa pèlèga” eo e neng ya tlhasela setho ka 1914-18 le eo batsofe bao ba santseng ba tshela ba losika loo ba e gakologelwang sentle. (Mathaio 24:3-8) Bapalami bao ba dipitse ba santse ba karaganya! Mme fa go kanololwa sekano sa botlhano le sa borataro, ditiragalo di gogela go ‘letsatsi le legolo la bogale jwa ga Jehofa le Kwana.’ Go bodiwa potso e e reng: “Go nonohile mañ go èma?”—Tshenolō 6:1-17.

Bao ba ‘Nonofileng go Ema’

9. Ke selo sefe se se kgatlhisang se se senolwang mo ponatshegelong ya bone?

9 Go bonala ponatshegelo ya bone, e bontsha bao ba tla falolang letsatsi la bogale jwa Modimo, le gore ka ntlhayang. Baengele ba tshwara diphefo tse nne tsa tshenyo gore di seka tsa senya lefatshe e le gore go tshwaiwa ga Iseraele wa semoya—eleng ba ba 144 000—go tle go wediwe. “Moragō ga dilō tse,” ponatshegelo e atologa go nna tlhatlhamano ya ditiragalo tse di boitshegang: “Bōnañ, boidiidi yo bogolo yoa batho, yo go señ motho opè eo o ka bo balañ, e le ba morahe moñwe le moñwe, le ba dicō cotlhe, le batho, le dipuō, ba eme ha pele ga setulō sa bogosi [sa Modimo], le ha pele ga Kwana, ba apere dikobō tse dichweu, me ba chotse makolane ka diatla; Me ba thèla loshalaba lo logolo ba re, Poloka e nnè go Modimo oa rona o o dutseñ mo setuloñ sa bogosi, le go Kwana.” (Tshenolō 7:1-10) A o ipona mo setshwantshong seno?

10. (a) Go bapisiwa ga dipego tsa Segopotso tsa 1935 le 1987 go kaya eng seo e leng tiragatso ya ponatshegelo ya bone? (b) Ke potso efe eo jaanong e kopanyeletsang mongwe le mongwe wa rona, mme ka ntlhayang?

10 Ka 1935 batho bao ba neng ba nna teng lefatshe ka bophara kwa go ketekiweng ga Segopotso sa loso lwa ga Jesu ba ne ba le 32 795. Mo go bano, ba le 27 006 ba ne ba ja ditshwantshetso jaaka bao e leng masalela a a mo lefatsheng a ba ba 144 000, bao tsholofelo ya bone e leng ya selegodimo. Moragonyana mo ngwageng yone eo, baoe leng ba boidiidi jo bogolo ba ne ba lemotshega. Bapelonomi bano, bao ba solofetseng go tshela ka bosakhutleng mo lefatsheng la paradaise, le bone ba na le tumelo mo mading a a tsholotsweng a ga Jesu; ba tla kwa go Jehofa ka go ineela, ba ineela go kolobediwa, mme ba direla Modimo ka botlhaga ka tebelelo e e itumedisang ya go falola ‘pitlagano e kgolo’ ba tshela. Kwa Segopotsong sa 1987, batho bao ba neng ba nna teng ba ne ba le 8 965 221, ba ba jeleng ba le 8 808. Seno se kaya gore dimilione tsa batho gompieno e ka tswa e le ba boidiidi jo bogolo kana e le bao ba kgatlhegelang go nna ba palo eo. A o tla ‘nonofa go ema’ jaaka mongwe wa bano ka nako ya ‘letsatsi le legolo la bogale jwa ga Jehofa le jwa ga Kwana’? O tla bona poloko ka go tsaya dikgato tumalanong le seo.—Tshenolō 6:15-17; 7:14-17.

Go Bolela Dikatlholo tsa Modimo

11. Ke dikatlholo dife tseo di itsisiweng mo ponatshegelong ya botlhano, mme tseno di dira jang mo motlheng wa rona?

11 Sekano sa bosupa se a kanololwa! Go bonala ponatshegelo ya botlhano ya Tshenolō. Baengele ba supa ba eme fa pele ga Modimo. Ba newa dinaka di supa, mme ka tseno ba bolela mafoko a a nnileng a bolelwa lefatshe ka bophara ke batho ba ga Jehofa fa esale ka 1922. Ba ntlha ba bane ba itsise dikatlholo tsa “ntlha ea seraro” ya setho, ka phepafalo e le bao ba leng mo go La-Bodumedi. “Dinaka” tseno di kaya gore karolo ya “lehatshe” ya La-Bodumedi (eleng tsamaiso ya dilo ya ga Satane eo e lebegang e nnetse ruri) le ya “lewatlè” (eleng bontsi jwa batho bao ba kgaphaselang), gammogo le ‘dinoka tsa gagwe le metswedi ya metsi’ (eleng dithuto le matlhajana a La-Bodumedi) le masedi a gagwe a a fifetseng (eleng baruti, bao ba senang lesedi la semoya), tsotlhe ke tseo bogale jwa Modimo bo lebaganeng le tsone. Morago ga moo go bonala “ncwi eo motona” yo o tshwantshetsang moengele a fofa fa gare ga legodimo, a itsise gore go gelebetega ga dinaka tse tharo mo go tlang go tla bolela “Iya, Iya, Iya wè! ka ntlha ea ba ba agileñ mo lehatshiñ.”—Tshenolō 8:1-13.

12. Ke mang yo o kanololang molete o o senang bolekeletso, mme ke jang mo metlheng ya segompieno lesogodi la “tsiè” le lomileng baruti?

12 Jalo moengele wa botlhano o letsa lonaka lwa gagwe. Bonang! “Naledi”—ebang Morena Jesu—o kanolola khuti e e tletseng mosi ya molete o o senang bolekeletso, mme mo teng go tswa lesogodi la tsie. Ka mo go lemotshegang, seno se tshwantshetsa go gololwa ke Jesu ga basupi ba ba tloditsweng ba Modimo mo go sa direng ka 1919. Ka taolo ya Modimo, bano ba tlhasela mafudiso a baruti, ba senola dithuto tsa bane tsa maaka le baitimokanyo “ka dikgwedi di le tlhano”—seo ka tlwaelo e leng baleele jwa batshelo jwa tsie. Seno se tlhomamisa gore losika lwa tsie ya motlha wa segompieno “ga lo ketla lo heta” go fitlhela Jehofa le Keresete ba fetSa go atlhola merafe. Mephato ya tsie e setse e neetse batho dikgatiso di le dimilione tse di diketekete tseo di thailweng mo Bibeleng, tseo di nang le melaetsa ya katlholo e e bogale e e lomang jaaka megatla ya diphepheng. Johane o akgela ka go re: “Tatlhègō ea ntlha e hetile: bōnañ, go sa nntse go tla Ditatlhègō di le pedi kwa moragō.”—Tshenolō 9:1-12; Mathaio 24:34; 25:31-33.

13. (a) Ke bomang bao ba tshwantshediwang ke baengele ba bane bao ba gololwang mo Nokeng ya Euferatese, mme ba dira tiro efe? (b) Bapalami ba dipitse ba ba dimiriate ke bomang, mme ke jang thata ya bone e leng ‘mo ganong ja bone, le mo megatleng ya bone’?

13 Go lela lonaka lwa borataro, lo lo itsiseng ka “tatlhègō” ya bobedi. Baengele ba bane ba gololwa mo Nokeng ya Euferatese, seo ka tShwanelo se tshwantshetsang go gololwa ga basupi ba ba tloditsweng ba Modimo ka 1919 mo botshwarong jwa Babelona. Ba baakanyeditswe go “[balaya] ntlha ea seraro ea batho,” ba itsise gore baruti ba La-Bodumedi ba sule go ya ka pono ya ga Jehofa. Mme go tlhokega thuso go atolosa tiro eno ya go neela basupi, mme Jehofa o baakanyetsa seno ka go lere badirimmogo ba boidiidi jo bagolo. Basupi ba ba tloditSweng le bathusi bano ba balola mmogo jaaka bapalami ba dipitse ba palo e kgolo, “dimiriate tse pedi tsa dimiriate.” Thata ya bane “e mo ganoñ ya [bone]” ka gonne ba balela melaetsa ya dikatlholo tsa ga Jehofa mo magaeng a batho, ebile e “mo megatleñ ea [bone]” ka gonne ba tlogela dibuka tsa Bibela tseo di balelang letSatsi leo le atamelang ka potlako la pusoloso.—Tshenolō 9:13-21; Ditihō 20:20, 21.

14. (a) “Moengele moñwe eo o thata” ke mang mo ponatshegelong ya borataro, mme ke eng seo a se dirang le go se bua? (b) Ke eng seo se kaiwang ke go “nna monate yaka dinotshe” ga lokwalonyana mme lefa go le jalo lo le ‘bogalaka mo maleng’?

14 Jaanong go banala ponatshegelo ya borataro. Re bona “moengele eo moñwe eo o thata,” ka phepafalo e le Morena Jesu a le mo baemong jo bo kgethegileng. O tshotse lokwalonyana mo seatleng sa gagwe. Go utlwala mantswe le ditumo tsa maru, mme go tswa foo moengele yoo o ikana ka Mmopi wa rona yo Mogolo are: “Lobaka ga lo ketla lo tlhōla lo le gōna: Me e tla re mo metlheñ ea lencwe ya moengele oa boshupa, ha a tla tloga a letsa, hoñ go bo go wediwa bosaitsiweñ yoa Modimo.” Johane o bolelelwa gore a tSeye lokwalonyana loo a bo a lo je. Mo ganong la gagwe lo “monate yaka dinotshe,” fela jaaka molaetsa wa Bogosi, ka masego a one a a solofeditsweng a “legodimo ye lesha le lehatshe ye lesha,” o natefelela setlhopha saJohane sa batlodiwa le balekane ba bane fela thata gompieno. Mme, phapaanong le seo, thomo ya go bolela letSatSi la pusoloso ya Modimo “kaga batho ba le bantsi, le merahe, le dipuō, le dikgosi” e ketefalela bangwe. Lefa go le jalo, nnang pelokgale! Nonofang mo tumelong ya gore Jehofa o tla baakanyetsa nonofo e lo e tlhokang jaaka lo bolela letsatsi la gagwe la pusoloso.—Tshenolō 10:1-11; 21:1, 4; 1 Yohane 5:4; Isaia 40:29-31; 61:1, 2.

Lonaka lwa Bosupa le Tatlhego ya Boraro

15. (a) Go diragala eng fa tatlhego ya boraro e itsisiwe le moengele wa bosupa a letsa lonaka lwa gagwe? (b) Ke ka tsela efe go bolelwa ga Bogosi eleng tatlhego?

15 Morago ga go bolelela pele boiteko jwa mmaba ka 1918 jwa go “bolaea” basupi ba Modimo, le morago ga go tlhalosa kafa “mōea oa botshelō o o cwañ Modimoñ” o neng wa ba tsosolosa ka 1919 ka kgakgamatso e le gore ba neele bosupi mo lefatsheng ka baphara, Johane o kwala jaana: “Tatlhègō ea bobedi e hetile: bōnañ, Tatlhègō ea boraro e akoha e tla.” Ka tsela efe? Pego eo e a tswelela: “Me moengele oa boshupa a letsa.” Jalo tatlhego ya boraro e amanngwa le go lediwa ga lonaka loo lwa bofelo. Mme reetsa! “Mancwe a magolo mo legodimoñ, a re, Bogosi jwa lehatshe bo dihegile bogosi yoa Morèna [Jehofa] oa rona, le yoa ga Keresete oa gagwè: me o tla busa ka basakhutleñ le ka bosaeeñkae.” Jono ke Bogosi jwa Modimo ka Keresete Jesu, yoo le baruaboswa mmogo le ene ba ba 144 000 ba digelang masaitsiweng a Modimo, ba tlotlomatsa bolaodi jwa ka bosakhutleng jwa ga jehofa Modimo, Mothatayotlhe. A go bolelwa ga Bogosi jono ke tatlhego? Go baikepi, ke yone! Ka gonne go bontsha kafa Modimo o tla “[senyang] ba ba senyañ lehatshe” ka gone.—Tshenolō 11:1-19.

16. Ke ditshenolo dife tse dikgolo tseo di dirwang mo ponatshegelong ya bosupa?

16 Jaanong go bonala ponatshegelo ya bosupa! Bonang kwa, phuthego ya Modimo ya selegodimo e e kutlo, ebong “mosadi” wa gagwe. O moimana ebile o mo ditlhabing tsa go belega ngwana yo o sa bolong go letelwa. E le lantlha—mme e se labofelo—mo go Tshenolō, go tlhaga kgogela e khibidu, “nōga ea bogologolo . . . eōna e e bidiwañ Diabolo le Satane, motsietsi oa lehatshe yeotlhe,” e ipaakanyeditse go kometsa ngwana yoo fa a tsholwa. “Bobaba ha gare ga [noga] le mosadi” jo bo boleletsweng pele bo tloga bo rarabologa! Mosadi yoo o belega “nwana, ñwana oa mosimane,” yoo ka bokhutshwane fela a phamolelwang kwa setilong sa bogosi sa Modimo.—Tshenolō 12:1-6, 9; Genesise 3:15; Daniele 2:44; 7:13, 14.

17. (a) Mikaele ke mang, mme o dirile tumalanong le leina la gagwe jang fa esale ka 1914? (b) Supa pharologanyo e e fa gare ga ‘ditatlhego tse tharo’ le “a bo go latlhèga lehatshe” go Tshenolō 12:12.

17 Jono ke Bogosi jwa ngwana wa mosimane, joo bo neng jwa tlhomiwa kwa magodimong ka ngwaga o o sa lebalesegeng wa 1914. Kgosi ya jone, ebong Keresete jesu, gape o bidiwa Mikaele, mo go rayang “Ke Mang yo o Tshwanang le Modimo?” O araba potso eo kwantle ga go diega ka go tlhabana le Satane a bo a latlhela kgogela eo ya bogologolo le badimona ba gagwe mo lefatsheng. Fa esale ka 1914, e nnile ya nna “go latlhèga lehatshe le lewatlè! ka diabolo a hologetse kwa go lona, a tletse bogale, ka a itse ha lobaka loa gagwè lo setse lo le lokhutshane.” jalo tatlhego eno, eo e bontshiwang ke boemo jo bo hutsafatsang jwa batho gompieno, ga e a tshwanelwa go tlhakanngwa le ‘ditatlhego tse tharo’ tseo jehofa a di leretseng baikepi fa a ba atlhola.—Tshenolō 12:7-12.

18. (a) Ke tatlhego efe eo Satane Diabolo a neng a leka go e leretse batlhanka ba ba ikanyegang ba ga Jehofa pele le ka Ntwa ya Lefatshe II? (b) Ke eng seo Diabolo a santseng a ikaeletse go se dira, mme ke eng seo diponatshegelo tse di setseng di tla se senolang?

18 Gape Diabolo o lekile go leretse batlhanka ba ba ikanyegang ba ga jehofa mo lefatsheng tatlhego. Pele le ka Ntwa ya Lefatshe II, o ne a thabanya morwalela wa pogiso ka maiteko a go nyeletsa tiro ya “ba ba setsen” ba phuthego ya Modimo ya sekamosadiebong ba ba 144 000 bao ba santseng ba direla gareng ga bat ho. jehofa o ne a dira gare lefatshe, ebong tsamaiso ya dilo ya ga Satane, le komctse morwalela oo. Lefa go ntse jalo, Satane yo o gaketseng o santse a ikaeletse go tlhabana le Basupi ba ga jehofa. (Tshenolō 12:13-17) Phelelo ya bofelo e tla nna eng? Go santse go tla tla diponatshegelo di robabongwe, mme tseno di tla re bolelela!—Habakuke 2:3.

DIPOTSO TSA POELETSO

◻ Jehofa o ne a dirisa baengele jeang malebana le buka ya Tsenolō?

◻ Melaetsa ya ga Jesu e e yang kwa diphuthegong tse supa e tshwanetse go re ama jang?

◻ Go gele betegisiwa ga dinaka tsa supa go nnile le diphelelo dife?

◻ Ke eng se se tshwantshediwang ke lesogodi la tsie le bapalami ba dipitse ba palo e kgolo?

◻ Ke ka ntlhayang fa go tsalwa ga Bogosi jwa Modimo go amanngwa le “tathlègō ea boraro”?

[Lebokoso mo go tsebe 14]

DIKGAOLO LE DITEMANA TSA PONATSHEGELO NNGWE LE NNGWE:

PONATSHEGELO YA BO-1 1:10–3:22

PONATSHEGELO YA BO-2 4:1–5:14

PONATSHEGELO YA BO-3 6:1-17

PONATSHEGELO YA BO-4 7:1-17

PONATSHEGELO YA BO-5 8:1–9:21

PONATSHEGELO YA BO-6 10:1–11:19

PONATSHEGELO YA BO-7 12:1-17

PONATSHEGELO YA BO-8 13:1-8

PONATSHEGELO YA BO-9 14:1-20

PONATSHEGELO YA BO-10 15:1–16:21

PONATSHEGELO YA BO-11 17:1-18

PONATSHEGELO YA BO-12 18:1–19:10

PONATSHEGELO YA BO-13 19:11-21

PONATSHEGELO YA BO-14 20:1-10

PONATSHEGELO YA BO-15 20:11–21:8

PONATSHEGELO YA BO-16 21:9–22:5

[Lebokoso/Setshwantsho mo go tsebe 15-18]

DIPONATSHEGELO TSE 16 TSA APOKALIPISE—DINTLHA DINGWE TSE DIKGOLO

□ 1 Jesus, a le fa gare ga ditlhomo tsa dipone tse supa tsa diphuthego, o romela melaetsa ka dinaledi tse supa, ebong balebedi ba ba tloditsweng

□ 2 Kwana yo o fentseng o amogela lokwalo lwa melaetsa ya katlholo a le fa pele ga setilo sa bogosi sa ga Jehofa sa selegodimo

□ 3 Kereste Jesu o palamela go ya phenyong, jaaka bapalami ba bangwe ba dipitse ba tlhasela setho mme letsatsi la bogale jwa Modimo le a atamela

□ 4 Jaaka baengele ba diegisa pitlagano e kgolo, go phuthiwa ga ba ba 144 000 le boidiidi jo bogolo go a digelwa

□ 5 Baengele ba bolela melaetsa ya katlholo, mme Basupi ba ga Jehofa ba tsamaya jaaka lesogodi la tsie ba senola bodumedi jwa maaka

□ 6 Fa lonaka lwa bosupa lo gelebetega, “bashupi” ba Modimo ba tsosolosediwa go itsise kaga Bogosi jwa ga Jehofa le Keresete wa Gagwe jo bo tlogang bo goroga

□ 7 Morago ga go tsalwa ga Bogosi ka 1914, Keresete o latlhela Satane le badimona ba gagwe kwa tlase mo lefatsheng

□ 8 Go tlhaga dibatana tse pedi, mme sebatana sa bobedi sa sepolotiki se hemela botshelo mo setshwantshong sa santlha, eleng Lekgotla la Merafe e e Kopaneng

□ 9 Batho bao ba ‘boifang Modimo le go o naya kgalalelo’ ba phuthelwa kwa botshelong jo bo sa khutleng, ba bangwe kwa tshenyegong

□ 10 Go tshelwa ga megotsana e e supa ga bogale jwa Modimo go felela ka go bolawa ga botlhe bao ba tlhotlhelediwang ke “moea oa ga Satane o o kgotletsweng

□ 11 Seaka se segolo, eleng bodumedi jwa maaka, se folosiwa mo godimo ga “sebatana” sa sepolotiki, seo go tswa foo se se senyang

□ 12 Morago ga go senngwa ga Babelona o Mogolo, dipaakanyo tsa lenyalo la ga Kwana le la nonyadwi sa gagwe, eleng ba ba 144 000 di a wediwa

□ 13 Morago ga loso lwa seaka se segolo, Jesu o etelela pele masole a selegodimo mo go senyeng karolo e e setseng ya tsamiso ya selefatshe ya ga Satane’

□ 14 Go latlhelwa mo moleting o o senang bolekeletso ga ga Satane go simolola Puso ya Dingwaga tse di Sekete ya ga Keresete le monyadwi wa gagwe, eleng ba ba 144 000

□ 15 Tlase ga “legodimo ye lesha” la ga Keresete Jesu le monyadwi wa gagwe, batho ba “lehatshe ye lesha” ba tla ipelela masego a a senang selekanyo a a tswang kwa go Jehofa

□ 16 Dipaakanyetso tsa Modimo tsa go fodisiwa le go newa botshelo ga setho di tla di elela ka Jerusalema yo Mosha yo o galalelang

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela