LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w88 12/15 ts. 3-5
  • A Bibela e ka Iphuthololelwa ka Tsela Nngwe le Nngwe Fela?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • A Bibela e ka Iphuthololelwa ka Tsela Nngwe le Nngwe Fela?
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1988
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • A re Utlwe gore Mokwadi wa Yone a Reng
  • Kotlhao ya Boleo ke Eng?
  • Bokhutlo jwa Lefatshe ke Eng?
  • Ke ka Ntlhayang e ka Seka ya Iphuthololelwa ka Tsela Nngwe le Nngwe Fela?
  • A Tota Dikgang Tse di Molemo di Tswa Kwa Modimong?
    Dikgang Tse di Molemo Tse di Tswang Kwa Modimong!
  • Letsatsi la Katlholo—Ke Nako Eo Re Ka Nnang le Tsholofelo mo go Yone!
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1991
  • Phuthololo ya Baebele—Ka Tlhotlheletso ya ga Mang?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1999
  • Kgolokwe-Lefatshe
    Go Fetolana ka Dikwalo
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1988
w88 12/15 ts. 3-5

A Bibela e ka Iphuthololelwa ka Tsela Nngwe le Nngwe Fela?

“ONNETSE go tsopola kwa le kwa mo Bibeleng, o tlhopha dikwalo tseo di dumalanang le phuthololo ya gago,” mosadi mongwe o ne a ngongoregela mongwe wa Basupi ba ga Jehofa yo o neng a mo etetse kwa ntlong ya gagwe jalo.

A mme go lebisa ditemaneng tse di farologaneng mo Bibeleng tota ke bosupi jwa gore motho o a bo a leka go e phutholola go dumalana le megopolo ya gagwe? Fa go ntse jalo, a sena se raya gore Bibela e ka iphuthololelwa ka tsela nngwe le nngwe fela—e le gore e nngwe e bo e le boammaaruri fela jaaka e nngwe?

A re Utlwe gore Mokwadi wa Yone a Reng

Lemororo Bibela e na le Mokwadi a le mongwefela fela, ebong Jehofa Modimo, e nnile le bakwaledi ba le bantsi. Bakwaledi bano ba Bibela ba ba 40 le ka motlha ga ba ke ba ganetsana—seo, ka gone, eleng bosupi jwa gore e kwadilwe ke Modimo—lefa go le jalo ga go mokwaledi ope wa Bibela yo o akaretsang dilo tsotlhe ka kgang e e rileng. Jalo go tlhaloganya seo Mokwadi wa Bibela o se bolelang kaga kgang nngwe, go botlhokwa gore go sobokanngwe dikwalo tsotlhe tseo di tsamaisanang le kgang eo go buiwang ka yone. Seno ke sone se Mosupi yo o umakilweng fa godimo a neng a leka go se dira.

O ne a thaya motheo o o siameng. Ka motlhala, bula Bibela ya gago mo go Baroma kgaolo 9. Mono o tla fitlhela sekai se se tlhomolosegileng sa kafa Mokeresete yo o ikanyegang ebong Paulo a neng a dira selo se se tshwanang ka teng. Mo kgaolong eno fela, Paulo o tsopola makgetlo a le 11 mo dikarolong tse dingwe tsa Bibela. Ebile banyatsi bangwe ba ka nna ba ngongoregela gore Paulo o “tsopola kwa le kwa” fela thata. A simolola ka buka ya ntlha ya Bibela, o tlolela kwa bukeng ya bo-39, pele ga a tswelela ka ya bobedi, ya bo-28, mme labofelo, ka buka ya bo-23 ya Bibela.a

Legale, go ka bo go ne go le phoso gore Paulo a fapose dikwalo mo go seo di se bolelang a bo a di sokamise go dumalana le megorolo e e lenj ra iawwe. Mme Paulo o ne a sena molato wa seno. Lefa go ntse jalo, go lebega Bakeresete bangwe ba ntlha ba ne ba na le molato wa seno, ka gonne moaposetoloi Petere o bua ka “dilō diñwe gōna tse di thata go tlhalogañwa, tse ba ba senañ kicō le ba ba akgakgègañ, ba di shōkamisañ, yaka ba diha ka dikwalō tse diñwe, ba ba ba itshenya ka gōna.”—2 Petere 3:16.

Go ka diragala motlhofo fela gore “dilō diñwe gōna tse di thata go tlhalogañwa” di seka tsa utlwisisiwa. Le eleng dibuka tsa bakwadi ba ba tumileng ba ba tshwanang le Shakespeare le tsone di phuthololwa ka dit sela tse di farologaneng—ka phepafalo di se boammaaruri tsotlhe. Ka gone, ga go gakgamatse go bo sena se ntse jalo le ka Bibela. Fa Shakespeare a ne a santse a tshela, re ne re tla mmotsa re re: “Tota o ne o raya eng?” Lefa go le jalo, sena ga se kake sa kgonega; le gone ga go kake ga kgonega gore re botse bakwaledi ba Bibela gore ba re tlhalosetse ka mo go oketsegileng. Ka mo go itumedisang, re santse re ka botsa Mokwadi wa yone ka gonne o santse a tshela! (Pesalema 90:1, 2) Ebile o solofeditse go naya banna ba tumelo kaelo ya semoya bao ba e mo kopang.—Luke 11:9-13; Yakobe 1:5, 6.

Fa motlhanka wa Modimo yo o ikanyegang a ne a le kwa Egepeto, o ne a lemoga botlhokwa jwa go kopa Modimo gore o mo kaele fa a ne a bilediwa go tlhalosa toro eo Modimo o neng o e lorisitse mmusi wa Egepeto. “Diphuthololō a ga se tsa Modimo?” a botsa jalo. Morago ga Josefa a sena go neela phuthololo e e siameng, Faro o ne a tlhotlheletsega gore are: “A re ka bōna moñwe eo o nntseñ yaka eo, e le monna eo mōea oa Modimo o nntseñ mo go èna?” Mme o ne a raya Josefa are: “Ereka Modimo o gu shupeditse cotlhe tse, ga go na opè eo o thaloganyañ, leha e le eo o botlhale yaka wèna.”—Genesise 40:8; 41:38, 39.

Diphuthololo tse di farologaneng tseo di ganetsanang tseo re di fitlhelang gareng ga bao go tweng ke Bakeresete gompieno ga se molato wa Mokwadi wa Bibela, le gone ga se molato wa bakwaledi ba Bibela. Jaaka baperofeti ba Modimo, bano ba ne ba ‘bua se se tswang kwa Modimong, jaaka ba ne ba tlhotlhelediwa ke moya o o boitshepo.’ (2 Petere 1:20, 21 Ke molato wa babadi ba Bibela bao ba paletsweng ke go latela dikaelo tsa moya wa Modimo ka go letlelela Modimo go phutholola Lefoko la gagwe. Ba ile ba letlelela megopolo ya batho go fifatsa pono ya bone ya seo Mokwadi wa Bibela ka boene o se bolelang. Are tseye dikai di le pedi.

Kotlhao ya Boleo ke Eng?

Batho bangwe ba rutilwe gore ba dumele gore kotlhao ya boleo ke go tlhokofadiwa ka bosakhutleng mo diheleng tsa molelo motho a ikutlwa. Batho bao ba ka nna ba bala Tshenolō 20:10, eo e buang ka Diabolo a “latlhèlwa mo bodibeñ yoa molelō le sulefura,” mme ba e phutholola go ema-nokeng dipono tsa bone. Legale, sena ga se dumalane le Moreri 9:5, eo e bolelang gore baswi “ga ba itse sepè”; le gone ga se dumalane le Baroma 6:23, eo e tlhalosang gore “maduō a boleo ke losho,” eseng go tlhokofadiwa motho a ikutlwa. Lefa go le jalo, bangwe ba ka nna ba ipotsa gore, a Tshenolō 20:10 ga e re Satane (le, ka mo go tlhaloganyesegang, batho bao ba timediwang ke ene) “ba tla tlhokohadiwa motshegare le bosigo ka bosakhutleñ le ka bosaeeñkae”?

Mo lekgolong la ntlha la dingwaga, lefoko la Segerika la “tlhokofatso”—leo le dirisitsweng ke mokwaledi wa Bibela Johane fano—le ne le na le tlhaloso e e kgethegileng. Ereka magolegwa fa gongwe ba ne ba tlhokofadiwa (lemororo sena se ne se le kgatlhanong le molao wa Modimo), badisa-kgolegelo ba ne ba itsiwe jaaka batlhokofatsi.

Mokwadi yo mongwe wa Bibela o lebisa go sena fa a bua kaga motlhanka yo o sa ikanyegeng yoo morena wa gagwe a neng “a mo neèla batlhokohatsi, a tla a tsamaeè a lehè molato otlhe hèla.” (Mathaio 18:34) Fa The International Standard Bible Encyclopedia e akgela mo temaneng eno, ya re: “Gongwe go latlhelwa mo kgolegelong ka bogone go ne go lebiwa jaaka ‘tlhokofatso’ (jaaka kwantle ga pelaelo e ne e le yone), mme ‘batlhokofatsi’ ga se sepe fela fa e se badisa-kgolegelo.”

Ka gone re ka bona gore ka go bapisa dikwalo le go akanyetsa seo di se kayang mo puong eo Bibela e neng e kwadilwe ka yone, go ka kgonega gore go tliwe mo phuthololong eo e dumalanang le Bibela yotlhe. Kwantle ga megopolo e sele, ka phepafalo re ka bona gore Tshenolō 20:10 ga se bosupi jwa tlhokofatso ya bosakhutleng mo molelong wa dihele ka gope. Phelelo ya batsuolodi botlhe bao ba leng kgatlhanong le Modimo ke go golegwa ka bosakhutleng mo losong. Ba senngwa mo go feletseng mo go nnang jaaka ekete ba latlhetswe mo bodibeng jwa molelo tota-tota.

Bokhutlo jwa Lefatshe ke Eng?

Go ya ka 2 Petere 3:10, “lehatshe le ditihō tse di mo go yeōna di tla lailwa ka molelō.” Batho bangwe ba ranola gore sena se raya gore kgolokwe yotlhe e tla senngwa, gongwe ka masetlapelo a ntwa ya nuklea. Lefa go le jalo, ponong ya seo Mosimolodi wa Bibela a se buang go sele, se se ka nna jalo jang? Mo go Pesalema 104:5 mopesalema, ka tlhotlheletso, o tlhalosa gore Modimo “o [beile] methèō ea lehatshe, gore le tlè le se ka ya tshikiñwa ka bosakhutleñ.” Kgosi Solomone yo o botlhale, le ene a bua ka tlhotlheletso, o ne a bolela mo go Moreri 1:4 gore “kokomana e ñwe e hetèla koñ, me go tle e ñwe, me lehatshe le nnetse rure ka bosakhutleñ.”

A ke go ikganetsa? Nnyaa, Mokwadi wa Bibela, ebong Modimo wa boammaaruri, o ka seka a ikganetsa. Mme dite mana tseno tse pedi di ka nyalanngwa jang? A re akanyetseng dite mana tseo di dikologileng 2 Petere 3:10.

Mo ditemaneng tsa 5 le 6 Petere o bua kaga Morwalela wa motlha wa ga Noa a ba a tshwantshanya mo temaneng ya 7, le tshenyego e e tla tlang ka “letsatsi ya tshekishō le ya tshenyègō ea baikepi.” Ke eng seo se neng sa senngwa ka Morwalela? Temana ya 6 ya re ‘lefatshe ja jale le ne la senngwa.’ Kgolokwe eno ya lefatshe e ne ya seka ya nyelela. Go na le moo, go ne ga nyelela tsamaiso e e bosula ya selefatshe. Mme fa Modimo o ne o solofetsa Noa, mo go Genesise 9:11, gore go ne go se kitla go nna “morwalèla go senya lehatshe,” ka phepafalo o ne a sa bue kaga polanete eno, ka gonne e ne e se kile ya senngwa. Jalo “lehatshe” leo le tla senngwang, go ya ka 2 Petere 3:10 ke one mofuta wa “lehatshe” leo le neng la senngwa ka Morwalela—eseng polanete Lefatshe mme eleng batho ba ba bosula ba selefatshe.—Bapisa Genesise 11:1, koo “lehatshe” le dirisiwang ka tsela e e tshwanang teng.

Lefa o ka tlhatlhobisa kafa o ka kgonang ka teng, ga o na go bona temana epe ya Bibela eo e ganetsanang le phuthololo eno. Jalo he, e tshwanetse ya bo e le e e tshwanetseng e e tswang kwa Mokwading wa Bibela ka boene.

Ke ka Ntlhayang e ka Seka ya Iphuthololelwa ka Tsela Nngwe le Nngwe Fela?

Mmalelapa o ne a ka akanya jang ka buka ya kapei eo e neng e ka iphuthololelwa ka tsela nngwe le nngwe fela? Kana go ne go ka bo go na le mosola ofe go senya madi o reka bukamantswe eo e letlelelang mmadi wa yone go tlhalosa mantswe ka tsela epe fela eo a e batlang? A oo ke mofuta wa buka e e kaelang eo re ka lebelelang Modimo go e naya dibopiwa tsa gagwe? Eleruri, fa go ntse jalo, a go ka bo go bile go tshwanela go bua ka yone jaaka buka e e kaelang?

Batho ba ba ikanyegang, ba ba boifang Modimo ga ba rate go sokamisa Dikwalo “ba itshenya ka gōna.” (2 Petere 3:16) Go tila seno, ba batla dikwalo tsotlhe tse di buang ka kgang eo ba lekang go e tlhaloganya. Fa ba bona dikwalo tseo ka phepafalo di ganetsanang le dipono tsa bone tsa pele, dipono tsa go nna jalo di latlhiwa ka bofefo, ka go bo di sa kake tsa bo di le boammaaruri.

Ka go bo ba na le boikutlo jwa mofuta ono wa bopelonomi, didikadike tsa batho bao pele ba neng ba kgaoganye ka bodumedi jaanong ba utlwana mo tumelong e le nngwefela le Basupi ba ga Jehofa. Go na le go batla go phutholola Bibela go dumalana le megopolo ya botho, ba ile ba iketleeletsa go dumalana le phuthololo e e phepafetseng eo e dirwang ke Mokwadi wa Bibela ka boene.

Abo go le molemo jang ne go itse gore Bibela ga e kake ya iphuthololelwa ka tsela nngwe le nngwe fela. Fa re letlelela Mokwadi wa yone go e re phuthololela, eleruri “e molemo go ruta, le go kgalemèla, le go shokolola, le go kaèla ka tshiamo.” Ke gone, ebile e le gone fela, e ka re dirang ‘boitekanelo ka botlalo, re iketleeleditse ruri tiro nngwe le nngwe e e molemo.’—2 Timotheo 3:16, 17.

[Ntlha e e kwa tlase]

a Ditsopolo tseno di fitlhelwa mo go Baroma kgaolo 9, mo ditemaneng 7 (Genesise 21:12), 9 (Genesise 18:14), 12 (Genesise 25:23), 13 (Malaki 1:2, 3), 15 (Ekesodo 33:19), 17 (Ekesodo 9:16), 25 (Hosea 2:23), 26 (Hosea 1:10), 27, 28 (Isaia 10:22, 23), 29 (Isaia 1:9), le 33 (Isaia 28:16).

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela