Phuthololo ya Baebele—Ka Tlhotlheletso ya ga Mang?
TLHALOSO e nngwe ya lefoko “go phutholola” ke “go tlhaloganya selo go ya ka tsela e motho a se dumelang ka yone, a lebang dilo ka yone, kana go ya ka maemo.” (Webster’s Ninth New Collegiate Dictionary) Ka gone, fa motho a phutholola sengwe gantsi o a bo a tlhotlhelediwa ke dilo tse di mo diragaletseng, thutego ya gagwe le tsela e a godileng ka yone.
Le fa go le jalo, go tweng ka phuthololo ya Baebele? A re gololesegile go tlhalosa ditemana tsa Baebele go ya ka tsela e re ‘dumelang ka yone, e re lebang dilo ka yone, kana go ya ka maemo mangwe’? Bakanoki le baranodi ba le bantsi ba Baebele ba bolela gore bone ga ba dire jalo, go na le moo ba re ba kaelwa ke Modimo.
Sekai sengwe ke se se boletsweng mo ntlhanyaneng e e kwa tlase ya Johane 1:1 mo go A New Version of the Four Gospels, e e gatisitsweng ka 1836 ke John Lingard yo o neng a iteile leina la “Mokatoliki.” E bolela jaana: “Banna ba ditumelo tsotlhe ba dumela gore ba na le bosupi jwa gore dikgopolo tsa bone tse di sa tlwaelegang di tswa mo dikwalong tse di boitshepo: ka gonne tota e bile, ga ba senolelwe ke Lokwalo, mme ke bone ba ba tlhalosang Lokwalo go ya ka pono ya bone.”
Le mororo kgopolo eno e utlwala, boikaelelo jwa mokwadi e ne e le eng? Kakgelo ya gagwe e ne e tshegetsa phuthololo ya gagwe ya temana eo, e a ileng a e ranola jaana: “Kwa tshimologong go ne go na le ‘lefoko;’ mme ‘lefoko’ a bo a na le Modimo; mme ‘lefoko’ e ne e le Modimo,” phuthololo e e tshegetsang Tharonngwe.
Ke eng se se neng sa tlhotlheletsa mokwadi yono gore a ranole Johane 1:1 ka tsela e e tshegetsang thuto ya Tharonngwe? A o “senoletswe ke Lokwalo” gore a dire jalo? Ga go a nna jalo, ka gonne ga go na gope mo Baebeleng mo go bolelwang ka thuto ya Tharonngwe gone. Ela tlhoko se The New Encyclopædia Britannica e se bolelang malebana le ntlha eno: “Tota le lone lefoko le le reng Tharonngwe kana thuto e e tlhalosiwang ka tsela eo ga e yo mo Tesetamenteng e Ntšha.” Mo godimo ga moo, porofesa ya Yale University e bong E. Washburn Hopkins o ne a bolela jaana: “Go bonala Jesu le Paulo ba ne ba sa itse thuto ya tharonngwe; . . . ga ba umake sepe ka yone.”
Ka gone, re ka reng ka batho ba ba tshegetsang phuthololo ya Tharonngwe ya Johane 1:1 kana temana nngwe fela ya Baebele? Go ya ka tsela e Rre Lingard a bonang dilo ka yone, “ga ba senolelwe ke Lokwalo, mme ke bone ba ba tlhalosang Lokwalo go ya ka pono ya bone.”
Se se itumedisang ke gore, re na le Lefoko la Modimo le le re kaelang malebana le seno. Moaposetoloi Petere o ne a bolela jaana: “Santlha lo itse seno, gore ga go boporofeti bope jwa Lokwalo jo bo tswang mo phuthololong epe ya motho ka boene. Gonne ga go ka nako epe boporofeti bo neng jwa tlisiwa ka thato ya motho, mme batho ba ne ba bua se se tswang kwa Modimong e re ka ba ne ba tlhotlhelediwa ke moya o o boitshepo.”—2 Petere 1:20, 21.