LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w88 11/1 ts. 10-14
  • Jehofa O Nnaya Tsotlhe Tse Ke Di Tlhokang

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Jehofa O Nnaya Tsotlhe Tse Ke Di Tlhokang
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1988
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Go Lemoga Ditlhokafalo tsa Semoya
  • Go Bulegelwa ga Me ke Ditshono tse di Kgatlhisang
  • Go Kgabaganya Dipoa tsa Nullarbor
  • A Ke Je Kana Ke Se Je?
  • Taletso ya go “Atolosa”
  • Kopano e e Kgothatsang ya Rangoon
  • Ntwa le Tlhaselo ya Ma-Japane
  • Ka Boela kwa Australia
  • Jehofa O Nnile Botshabelo jwa Me Go Tswa Bosheng
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1993
  • Karolo 3—Go Neela Bosupi go Fitlha Kwa Dintlheng Tsotlhe Tsa Lefatshe
    Basupi ba ga Jehofa—Baboledi ba Bogosi jwa Modimo
  • “Ke Hano, Roma Nna”
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1993
  • ‘Thobo E Budule’ mo Burma
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1989
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1988
w88 11/1 ts. 10-14

Jehofa O Nnaya Tsotlhe Tse Ke Di Tlhokang

Jaaka go boletse John E. (Ted) Sewell

JAAKA re ne re ntse re tsamaya re raletse sekgwa se se bokgola sa Thailand, ke ne ka akanya ka re, ‘Go tshwanetse ga bo go na le ditsela tse di motlhofo tsa go tswa kwa Bangkok go ya kwa Burma!’ Ereka dinao tsa me di ne di le botlhoko ebile ke tshologa sethito, seo ke neng ke tshwenyegile ka sone e ne e le gore re ne re tla thulana le dinkwe, dibera tse dintsho, kana ditlou tseo go neng go itsiwe fa di ne di tletse mo dikgweng tseno—ke sa bue sepe ka dinoga tse di lomang. Ke ka ntlhayang fa nna le Frank Dewar re ne re le mo loetong leno le le diphatsa?

Roobabedi re ne re le barongwa mo Thailand, mme re ne re sa tswa go utlwalela gore kopano ya malatsi a mararo e ne e tla tshwarelwa mo Rangooñ, Burma, ka November 26-28, 1938. Madi a rona ao e neng e se a sepe a ne a re tlama gore re ye Rangooñ re tswa kwa Bangkok ka tsela fela eo e neng e sa tlhoke madi a mantsi, mme go ne go tlhokega gore dikilometara di le 80 tsa mosepele oo re tsamaye ka dinao re raletse sekgwa seo.

Re ne ra tloga kwa Bangkok ka terena ka November 16, ra fologa ra palama bese e potlana, ra palama mokoro o mogolo o o gabilweng re kgabaganya Noka ya Ping, go tswa foo ra simolola go tsamaya ka dinao ka lobaka lo loleele re raletse sekgwa seo. Frank o ne a ile a sekaseka dimmapa ka kelotlhoko mme kgabagare a bona mmila o o neng o lebega o tsamaega. Go ne go sena ditsela dipe—fa e se tselana e tshesane fela eo e neng e tsamaiwa ke batsamai, bao tota ba neng ba kaelwa ke mogala wa founo.

Re ne ra lebogela go bo diphologolo dipe fela tseo re neng ra di bona e ne e le dikgabo di le mmalwa tse di neng di pagame ditlhare. Dithunya tse dintle thata tseo di neng di lepeletse di ne di kgatlha ka moo re neng re sa lebelela ka gone. Fa meriti ya thapama e ntse e atamela, re ne ra simolola go tshwenngwa ke gore re ne re tla bo re babalesegile go le kana kang go robala mo sekgweng seo. Go ne go farologane fela thata le dikgwa tsa Australia tseo ke neng ka robala mo go tsone gantsi kwa ntle fela. Gape re ne re tlhagisitswe ka dirukutlhi tseo go neng go itsiwe fa di ne di tle di thukhuthe batsamai le eleng go ba gobatsa mo mmeleng.

Re ne ra kgaoga dipelo fa re ne re kopana le setlhopha sa banna bangwe bao ba neng ba tshosa, mongwe le mongwe a sometse thipa e kgolo mo moitlamong wa gagwe. Ba ne ba re emisa mme ba re botsa gore re ne re lebile kae. Fa re ne re ba tlhalosetsa gore re ne re ya kopanong ya Bakeresete kwa Rangooñ, ba ne ba re leba ka go re belaela mme ba tsamaya ba sa re gobatsa.

Ka bokhutshwane fela, re ne ra kopana le makawana a le mabedi bao ba neng ba lebega ba le botsalano fela thata. Re ne ra buisana le bone ka puo ya Se-Thai lefa re ne re sa e itse thata, mme ra ba hira gore ba re ise kwa Burma. Fa go ne go nna lefifi, re ne ra fitlha fa setlhareng se segolo seo se neng se na le mapagamo a a yang kwa seraleng sengwe seo se neng se le fa gare ga dikala. Mme ra robala koo ka bo-ne jwa rona.

Re ne ra goroga mo motseng mongwe o mmotlana mo phirimaneng ya letsatsi le le latelang, koo re neng ra kgona go lala teng mo mathuding a ntlo nngwe ya segologolo. Mo letsatsing la boraro, re ne ra fitlha kwa motseng wa Mae Sot mo molelwaneng wa Burma. Fano re ne ra kgaogana le bakaedi ba rona mme ra ba duelela tiro ya bone e e molemo ka boitumelo.

Fa re sena go kgabaganya noka go tsena mo Burma, re ne ra pagama bese e potlana eo e neng ya tsamaya ka tsela e e neng e feta fa gare ga dithaba mme go tswa foo ra palama mokoro go ya kwa Moulmeiñ. Karolo ya bofelo ya loeto lwa rona lwa go ya kwa Rangooñ e ne e le ka terena, leo le neng le lebega le le motlhofo fela thata morago ga ditlhabi tsa go tsamaya ka dinao. Loeto loo lotlhe lo ne lwa tsaya beke, mme lo ne lo tshwanela boiteko jotlhe jwa go ya go ipelela bokopano jwa semoya le bakaulengwe ba rona. E ne e le bosupi jo bongwe fela jwa jo bontsi jwa gore Jehofa o ne a nnaya tsotlhe tse ke di tlhokang. Mme mma ke go bolelele gore go ne go diregile jang gore ke bo ke le mo Thailand.

Go Lemoga Ditlhokafalo tsa Semoya

Botshelo le dingwao di ne di fetoga fa ke ne ke tsholwa kwa West Australia ka 1910. Ntwa ya Lefatshe I eo e neng ya simologa ka 1914 e ne e lebega e akofisa diphetogo tseo. Lemororo ke ne ke le dingwaga di supa fela ke gakologelwa sentle fa Mmè a ne a kwalela Rre yo a neng a le kwa ntweng kwa Yuropa lokwalo. Nako nngwe Mmè o ne a nthaya are: “O itse gore ke eng, Bibela e bolela gore go tla nna le dintwa le medumo ya dintwa.” O ne a seka a ntlhalosetsa go ya pele, mme ke ne ke batla go itse.

Dingwaga di le dintsi moragonyana, ka December 1934, fa ke ne ke boela kwa tshimong eo ke neng ke bereka kwa go yone ke palame pitse, ke ne ka kopana le tsala nngwe ya me ya bogologolo ya kwa sekolong yoo o neng a mpolelela gore bangwe ba Basupi ba ga Jehofa ba ne ba tlile bosheng go tswa kwa Perth. Balelapa la gagwe ba ne ba rekile dibuka tsa bone mme ba ne ba dirile phetso ya gore ba seka ba di bala. Ka go bo ke ne ke batla go itse, ke ne ka bona buka ya Life mo go ene.

Fa ke ne ke ntse ke tsamaya ke bala mo bosigong go foka phefo ngwedi a tlhatswitse, lesedi la ngwedi le ne le phatsima thata mo ke neng ke kgona go bala mokwalo o mogolo wa setlhogo sa kgaolo nngwe le nngwe. Fa ke ne ke goroga kwa polasing, ke ne ka tsweledisa go bala ke tshubile lobone lwa parafene. Koo, e le lantlha, ke ne ka ithuta gore Modimo o na le leina la gagwe—ebong Jehofa. Ke ne ka itumelela go ithuta gore Modimo o na le boikaelelo jo bo molemo ka lefatshe la rona, ee, gore lefatshe le tla nna paradaise e e tla ipelelwang ke batho ba ba kutlo. Ebu, dipotso tsa me tsotlhe di ne tsa arabiwa mo bukeng eno!

Batho ba ntlha bao ke neng ke batla go ba bolelela e ne e le batsadi ba me, bao ba neng ba nna mo tshimong e potlana eo e neng e le bokgakala jwa dikilometara di le 138. Seno se ne se raya mosepele wa letsatsi le sephatlo ke palame pitse. Fa ke ne ke bolelela Mmè seo ke neng ke ntse ke se ithuta, o ne a nkgakgamatsa fa a ne a re le ene o ne a ntse a ithuta a bile a ipelela dibuka tse di tshwanang tsa Bibela! Fa ke ne ke le mo loetong lwa go boela gae loo lo neng lwa tsaya nako e telele morago ga beke, ke ne ka akanya ka dilo tse dintsi, ka gonne go ithuta ga me go ne go mpontshitse gore Modimo ga o tlhoke kitso le tumelo fela. Jaanong ke ne ke itse gore Mokeresete wa boammaaruri o tshwanetse go sala Jesu Keresete morago a bo a direle Jehofa ka namana ka go rerela ba bangwe. Jalo ke ne ka ikemisetsa gore ke tla leka go dira sena mafelo beke mangwe le mangwe go simolola ka nako eo go ya pele.

Go Bulegelwa ga Me ke Ditshono tse di Kgatlhisang

Gore ke tle ke kgone go supa mo kgaolong ya rona ya dipolase tse di gasameng, ke ne ka reka kara ya Model-T Ford eo e neng e fetotswe go nna koloi eo e neng e ka rwala dilo tse dintsi. Ke pegile dikobo le dilo tse dingwe di sekae tsa botlhokwa, ke ne ke etela dipolase mo maitsiboeng otlhe a Matlhatso, ke robale mo koloing mme ke tsweledise go neela bosupi mo tshimong nngwe le nngwe mo mosong wa Sontaga. Ke ne ke boela gae mo phirimaneng.

Ka April 1936 ke ne ka bontsha boineelo jwa me ka go kolobediwa kwa kopanong e potlana mo Perth. Nngwe ya dipolelo e ne ya gatelela bodihedi jwa nako e e tletseng jwa bobulatsela. Ke ne ke itse gore ke ne ke sena maikarabelo ape a Dikwalo a a neng a ka nthibela go tsaya karolo mo tirong eno ya botlhokwa jalo, ka December 1936, ke ne ka simolola go bula tsela.

Mo go yone kgwedi eo, babulatsela bangwe ba ba dinatla, Arthur Willis le Bill Newlands, ba ne ba goroga mo Perth ba tla ka koloi. Ba ne ba tlogile kwa Sydney kafa lotshitshing lo lo kafa botlhaba dikgwedi di fera bongwe tse di fetileng mme ba ne ba tsaya loeto lwa go neela bosupi go kgabaganya Australia. O ka akanya gore ke ne ke itumetse go le kana kang fa Mokgatlho o ne o nkabela go boa le bone. Mme ba nnaya thapiso ya botlhokwa eo ke se kitlang ke e lebala.

Go Kgabaganya Dipoa tsa Nullarbor

Leina Nullarbor le raya gore “ga go na ditlhare.” Ke tlhaloso e e tshwanelang ya dipoa tseo tse di sekaka, tseo go senang ditlhare mo go tsone tse di mo bogareng jwa Australia. Mo dingwageng tseo tsa magare a bo-1930 tsela eo re neng ra kgabaganya ka yone e ne e le ya boleele jwa dikilometara di le 1 600 e le maswe mo o ka sekang wa akanya.

Re ne re robala mo malawaneng bosigo bongwe le bongwe gant si re le mo lebaleng fela. Ga go na pula e e kalo ebile ga go na monyo gotlhelele mo karolong eo ya naga eo. Fa re ne re ikhutsa bosigo bongwe le bongwe re lebile dinaledi, tseo di neng di phatsima mo phefong e e phepa, e e sa kgotlelwang, gant si ke ne ke gakologelwa mafoko a a simololang a Pesalema ya bo-19 a a reng: “Magodimo a bolèla kgalalèlō ea Modimo; phuthologō le eona e shupa tihō ea diatla tsa ōna.”

Seporo se se kgabaganyang Nullarbor se bolelwa fa e le se seleele go feta diporo tsotlhe tse di tlhamaletseng mo lefatsheng lotlhe. Se tsamaya se tlhamaletse sekgala sa dikilometara di le 480 se sa fapoge lefa go le gonnye kana go obega. Re ne ra ipelela go neela bosupi mo mathibelelong a mabotlana go bapa le seporo seo, le mo bathong bao ba neng ba nna mo mafelong a dinku, kana fa merakeng. Ditsha tsa lefelo leo la Australia di ne di le dikgolo thata. Ke gakologelwa setsha sengwe se se neng se le bogolo jwa dikilometara di feta 4 000 boleele le bophara seo ntlo e e neng e le mo go sone e neng e le bokgakala jwa dikilometara di le 80 go tswa kwa kgorong e e kwa pele.

Kwa bokhutlong, re ne ra goroga mo Katoomba kwa Blue Mountains eo e neng e le kwa bophirima jwa Sydney ka nako ya Segopotso ka March 26, 1937. Loeto loo re neng re lo abetswe e ne e ile ya nna le le ipedisang le leo le duelang semoyeng, mme e ne e le phetogo e e itumedisang go nna ka nakwana le phuthe go ya Modimo.

A Ke Je Kana Ke Se Je?

Ka nako ya Segopotso seo sa 1937, go ne go sa ntse go na le ketsaetsego malebana le “dinku di sele.” (Yohane 10:16) Bangwe ba ne ba ikutlwa gore bogolo jwa tumelo le tlhagafalo ya Bokeresete eo motho a neng a e supa ke tsone tse di neng di tla atlhola fa e le gore a o amogetse pitso ya selegodimo kana nnyaa. Jalo, jaaka ba bangwe ba palo e e rileng bao ba neng ba le mo maemong a a tshwanang, ke ne ka ja ditshwantshetso tseo. Ngwaga o o latelang rona babulatsela ba le mmalwa re ne ra tshwenngwa gape ke kgang ya go ja.

Mo teng ga dipelo tsa rona re ne re lebeletse go tla go tshela mo lefatsheng la paradaise, lefa go le jalo ba le bantsi ba ne ba ikutlwa gore tlhagafalo ya rona le bodihedi jwa rona jwa bobulatsela di ne di supa fa re tloditswe ka moya. Ka nako e e tshwanetseng Jehofa o ne a re naya karabo ka phuthego ya gagwe ya selefatshe. Mo maitsiboeng ao a Segopotso, tokololo ya The Watchtower ya March 15, 1938, e ne ya goroga. Setlhogo sa yone se segolo se se neng se re, “Letsomane la Gagwe,” e ne e le thuto e e tlhalositsweng sentle e e kaga Yohane 10:14-16. Abo re ne ra itumelela tlhaloso e e phepafetseng eo jang ne eo e neng ya araba dipotso tsa rona!

Setlhogo seo se ne se fa dikai tsa kafa moya wa Modimo o neng o dira fela thata ka teng mo batlhankeng ba gagwe mo metlheng ya bogologolo wa ba wa ba dira gore ba dire ditiro tse dikgolo bogologolo pele ga pitso ya selegodimo e simologa. Ka mo go tshwanang, Modimo o naya batlhanka ba gagwe ba ba ineetseng mo lefatsheng gompieno bao a ba fileng tsholofelo ya selefatshe moya wa gagwe. Ka gone re ne ra itumelela go tlhaloganya pharologanyo gareng ga go tsalwa ka moya o o boitshepo le go tlhagafadiwa ke moya wa Modimo go dira thato ya gagwe.

Taletso ya go “Atolosa”

Ditiragalo tse dingwe tseo di neng di kgatlhisa ka 1938 e ne e le loeto lwa mookamedi wa Mokgatlho wa Watch Tower, ebong Mokaulengwe Rutherford, le kopano ya kwa Lebaleng la Metshameko la Sydney. Go ne ga ntshiwa pitso kwa kopanong eo ya babulatsela bao ba neng ba ikemiseditse go ya go direla kwa Burma, Malaya, Siam (e jaanong e bidiwang Thailand) le Java (e jaanong e bidiwang Indonesia). Nna le Hector Oates, le Fred Patoñ, re ne ra itumelela go abelwa go ya kwa Burma.

Ke ne ke ise ke ko ke tswe mo Australia pele. Lefa go ntse jalo, morago ga dikgwedi tse pedi, nna le babulatsela ba bangwe re ne re palame sekepe re lebile kwa dikabelong tsa rona. Re ne ra fologa kwa Singapore ka June 22, 1938, mme ra kgatlhantshiwa ke Bill Hunter kwa boemelong jwa dikepe, yoo a neng a set se a bula tsela koo. Abo sengwe le sengwe se ne se lebega se gakgamatsa jang ne ebile se kgatlhisa jang ne fa re ne re bona kapari le dingwao tsa batho ba lefelo leo mme re utlwa dipuo tse re neng re sa kgone go di tlhaloganya.

Mokaulengwe Hunter o ne a nneela telegerama eo e neng e tswa kwa Australia eo e neng e bolela gore ke ne ke abetswe go ya kwa Malaya go na le kwa Burma. Fred Patoñ le Hector Oates ba ne ba tla dira mo Burma ba le bosi. Ke ne ka itumelela gore ke ne ke tla bo ke dira le barongwa ba le babedi bao ba neng ba na le maitemogelo, ebong Kurt Gruber le Willi Unglaube. Ba ne ba simologile ba tswa kwa Jeremane mme ba ne ba na le nako e e rileng ba ntse ba direla ma Malaya.

Morago ga dikgwedi tse tharo ke nt se ke le mo Malaya, ke ne ka abelwa go ya kwa Thailand. Willi Unglaube o ne a tshwanetse go mpata, gammogo le Frank Dewar, yoo pele a neng a kile a dira tiro ya borongwa koo. Re ne ra goroga re palame terena ka September 1938, ra iponela bonno joo re neng ra nna mo go jone ka nakwana, mme ra simolola tiro ya go supa. Re ne ra bona fa batho ba Thailand ba le pelonomi ba bile ba le pelotelele fa re ntse re kgaratlhela go itse puo ya bone e e tlhalosegang sentle.

Kopano e e Kgothatsang ya Rangoon

Re ne ra tsaya loeto lo lo lapisang loo lo lo tlhalositsweng pelenyana re tswa kwa Bangkok, Thailand re ya kwa Rangooñ, Burma. E ne e le la ntlha kopano e tshwarelwa mo Burma, mme Holo ya Motse e ntle e ne e tletse ebile e tshologa ka batho ba ba neng ba feta sekete mo puong ya phatlalatsa. Go ne go tshwanelwa gore go tswalwe dikgoro ereka go ne go sena fa batho ba ba oketsegileng ba neng ba ka nna teng. Go ne go na le Basupi ba sekae fela mo Burma le mo dinageng tseo di neng di bapile le yone, jalo bontsi jwa bao ba neng ba tla go reetsa puo eo e ne e le batho ba ba neng ba arabetse go dipampitshana tsa taletso tse di diketekete tseo di neng di abilwe pele ga kopano eo.

Fa e le ka rona bao re neng re tswa kwa dikarolong tse di kwa thoko tsa borongwa, eleruri e ne e le molemo wa semoya. Mme fa kopano e sena go fela, re ne ra boela gae kwa Thailand—lefa go ntse jalo, ka nako eno, ra tsaya tsela e e motlhofo e e neng e sa tlhoke gore re ralale sekgwa.

Ntwa le Tlhaselo ya Ma-Japane

Matshosetsi a ntwa a ne a tla a lebile borwabotlhaba jwa Asia a befile. Fa masole a Japane a ne a tsena mo Thailand, ba ne ba thibela tiro ya Basupi ba ga Jehofa. Batho botlhe ba Britane, ba Amerika, le ba Holland ba ne ba kganelelwa mo bothibelelong go fitlhela ntwa e fela. George Powell, mmulatsela yo o neng a tswa kwa Singapore go tla go dira le rona mo Bangkok, o ne a latlhelwa mo kgolegelong le nna. Re ne ra senya dingwaga di le tharo le dikgwedi di fera bobedi re le mo bothibelelong mmogo.

Ka nako ya fa re thibetswe, re ne ra seka ra amogela dibuka dipe tse disha lefa e le go utlwa sepe go tswa kwa Mokgatlhong. Mme re ne ra itemogelela tsholofetso ya Mopesalema e e reng: “Yehofa o tshegetsa botlhe ba ba wafi, o topalatsa botlhe ba ba obamefi.”—Pesalema 145:14.

Ka Boela kwa Australia

Fa ntwa e ne e fela ka 1945, ke ne ka boela kwa Australia. Ereka ke ne ke ja dijo tse di siameng ebile maemo a botshelo e ne e le a a siameng, botsogo jwa me jo bo molemo bo ne jwa tokafala mme ke ne ka simolola go bula tsela gape. Go tswa foo, ka 1952, ke ne ka abelwa go dira tiro ya go eta jaaka molebedi wa potologo, mme ke ne ka ipelela tshiamelo eno mo dingwageng tse 22 tse di latelang. Ka 1957, ke ne ka nyala Isabell, yo o neng e ntse e le mmulatsela mo dingwageng tse di 11, mme re ne ra tswelela mo tirong ya potologo jaaka monna le mosadi.

Mathata a botsogo a ne a simolola go ketefatsa go eta ga nako le nako, jalo ka 1974 re ne ra nna mo lefelong le le lengwe fela re bula tsela mo Melbourne. Ke santse ke direla jaaka molebedi wa potologo yo o thusang gangwe le gape, mme bosheng jaana ke ne ka nna le tshiamelo ya go arola jaaka morutisi kwa go sengwe sa dikolo tsa tirelo ya bobulatsela. Mo tirong eno yotlhe, mosadi wa me o nnile a nna motshegetsi wa ka metlha le yo o itumedisang. Ereka jaana ke na le dingwaga di le 78, ke ikutlwa ke leboga Jehofa fela thata jaaka a tswelela go nnaya tsotlhe tse ke di tlhokang.

Fa ke leba kwa morago mo dingwageng tse dmtsl, gantsl ke akanya kafa Jehofa a re thapisitseng ka gone, a re thusitseng ka teng mo diphosong tsa rona, a bile a re thusitseng ka teng go re tlhagafatsa jaaka batlhanka ba gagwe. Ke gakologelwa dinako tse Modimo o neng wa nnaya ditsela tsa go fenya diteko ka tsone tseo di neng di ka seka tsa kgona go itshokelwa ke motho. Dilo tse ke di gakologelwang tseno ke motswedi wa nonofo ebile di nkgakolola gangwe le gape gore Jehofa eleruri o nneile tsotlhe tse ke di tlhokang.

[Setshwantsho mo go tsebe 10]

Setshwantsho sa bosheng sa me ke m le mosadi wa me, ebong Isabell

[Setshwantsho mo go tsebe 12]

Ke Neela Bosupi mo Nullarbor

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela