Bakeresete—Ba Nitame mme Felà Ba Tsamaisana le Seemo
SETLHARE se segolo sa moakere se tshwantshetsa nonofo eleruri. Fa diphefo tse di maatla di foka, gant si ga se na bothata mo go kalo go emelelana le tsone. Lemororo setlhare se se thata sa moakere se kgona go falola bol.ltsi jwa ditsuatsue ka baka la nonofo ya son’h.le go itsetsepela mo gogolo kana go nitama, mogwang o mosesane wa tlhaga le one o a falola mme e le ka lebaka le le farologaneng fela thata. Sephiri sa one ke eng? Ke go tsamaisana le seemo. O a konega mme ga o robege fa o ntse o fokwa ke phefo e e maatla.
Go tsamaisana le seemo kana go itsetsepela—ke gofe, he, mo go leng botlhokwa thata? Tota, Mokeresete o di tlhoka tsoopedi. Lefa go le jalo, ka dinako tse dingwe le eleng bangwe ba batho ba ga Jehofa ba ka tswa ba tlhoka go lekalekanya nitamo le go tsamaisana le seemo. Ba na le melao-metheo e e kwa godimo, mme ba sekae ba na le go sekamela mo go sa ineeleng. Ba bangwe ka tsela nngwe ba tshwana le “lotlhaka 10 10 tshikiñwañ ke phelō.” (Mathaio 11:7) Ba ineela mo dikgatelelong le ditlhotlheletso tsa lefatshe leno le le boikepo. Kana ba ka leseletsa dilo go ya bokgakaleng jwa go repisa.
Fela jaaka Solomone a ne a bolela: “Señwe le señwe se na le motlha oa shōna.” (Moreri 3:1) Jalo, nako ya go itsetsepela ke efe, mme ya go tsamaisana le seemo ke efe?
Nako ya go Nitama
Nako nngwe, Kgosi Saulo wa Iseraele o ne a laolelwa jaana ka tlhamalalo: “Ea u bolaeè ba Amaleka, [morafe wa baba ba bone] u bo u senyetsè rure cotlhe tse ba nañ nacō, me u se ka ua ba rèkègèla; u bolaeè monna, le mosadi, ñwanyana le eo o anyañ, kgomo le nku, kamela le esela.” (1 Samuele 15:3) Baamaleka ba ne ba na le hisitori ya go ganetsana le Modimo le batho ba gagwe mme ka jalo ba ne ba tshwanelwa ke go nyelediwa. (Duteronome 25:17-19) Lefa go ntse jalo “Saule le batho ba rèkègèla Agage, [kgosi ya Baamaleka] le dinku tse di tlhophegilefi, le ga dikgomo . . . , ba gana go di senyetsa rure.” Jehofa o ne a seka a amogela go sokamisa melao ga ga Saulo. “Bōna,” ga bolela moperofeti Samuele, “go utlwa go molemō bogolo go go isa chupèlō.”—1 Samuele 15:9-22.
Thuto e e rutiwang ke sena e phepafetse: Ga go na go tsamaisana le seemo fa go tla mo go utlweng Modimo. “Gonne lo ke lōna loratō loa Modimo,” go boletse jalo moaposetoloi Johane, “gore re bolokè ditaolō [tsa Modimo]: me ditaolō tsa ōna ga di tlhokohatse.” (1 Yohane 5:3) Boitemogelo jwa ga Shaderake, Meshake, le Abedenego bo supa bokgakala joo batlhanka ba Modimo ba tshwanetseng go ikemisetsa go ya go jone go bontsha kutlo eno. Ba ne ba gana go obamela setshwantsho seo kgosi ya Babelona ebong Nebukadenesare a neng a se tlhoma. Ka ntlhayang? Ka gonne molao wa Modimo ka phepafalo o ne o kgala kobamelo ya medimo ya disetwa. (Ekesodo 20:4-6) Ba ne ba seka ba akanya gore maemo a ne a letlelela gore ba tlole taolo eno ya bomodimo. Go na le moo, kwantle ga go ineela ba ne ba bona fa go swa go le botoka go na le go tlhoka kutlo.—Daniele 3:16-18.
Bakeresete ka bontsi ga ba na bothata mo go kalo mo go ikobeleng melao ya Bibela e e tlhalositsweng ka phepafalo. Mme Bakeresete ba bolelelwa jaana: “Utlwañ ba ba lo laolañ.” (Bahebera 13:17) Bagolwane ba phuthego ba ka tlhoma dinako tse di rileng tseo phuthego e tshwanetseng go kopana ka tsone go ya tirelong ya tshimo. Kana ba ka laolela gore didirisiwa tsa Holo ya Bogosi di tshwanetse go dirisiwa ka tsela e e rileng. Ke boammaaruri, ga go na temana epe ya Bibela eo e bolelang kafa selekanyo sa mogote se tshwanetseng go baakanngwa ka teng kana gore ke mang yo o tshwanetseng go dira paakanyo eo. Lefa go le jalo, fa bagolwane ba dira diphetso tsa go nna jalo, a ga se selo se se molemo gore go dirisanwe mmogo le bone?
Ka mo go tshwanang, monna o ka direla lelapa la gagwe diphetso di le mmalwa tsa lelapa la gagwe. Mosadi wa Mokeresete o ka nna a seka a dumalana le katlholo ya gagwe ka tsela nngwe, mme o leka go utlwa “molaō mo monneñ oa gagwè.” (Baroma 7:2) Bagolwane, banna, batsadi, le bahiri ga ba a tshwanela go tlhoka go ikobelwa go twe go tsamaisanngwa le seemo.—Bakolosa 3:18-24.
Nako ya go Tsamaisana le Seemo
Lefa go le jalo, gape go na le nako ya go tsamaisana le seemo. Moaposetoloi Paulo o ne a supa sena fa a ne are: “A boiphapaanyō yoa lona bo itsiwè mo bathuñ botlhe.” (Bafilipi 4:5) Lefoko la Segerika leo Paulo a neng a le dirisa fano le raya “go sa tatalale ka lekwalo la molao; le tlhalosa kakanyetso ya go leba ‘mabaka a kgang e e rileng ka bopelonamagadi le ka boiphapaanyo.’” (W. E. Vine, An Expository Dictionary of New Testament Words) Boiphapaanyo gantsi bo raya go ikemisetsa go inaakanya le maemo a a leng gone.
Ka sekai, morongwa mongwe yo o direlang kwa nageng e sele ka bofefo fela o ka lemoga gore melao ya lefelo leo le maitseo di farologane le tsa lefatshe leo a goletseng mo go lone. Mme fa a tseela kwa tlase ditsela tsa batho ba lefelo leo a bo a gana go dira diphetogo dingwe, bodihedi jwa gagwe bo tla nna le matswela go le kana kang? Jalo ka botlhale o inaakanya le ditsela tse di nang le mosola tsa mokgwa o mosha oo wa botshelo.—1 Bakorintha 9:19-23.
Ka mo go kgatlhisang, Paulo o ne a kgothalets a Bakeresete ba Bafilipi go iphapaanya ka bokhutshwane fela morago ga go umaka basadi ba babedi ba phuthego eo bao ba neng ba na le mathata a botho. (Bafilipi 4:2-5) Lemororo Paulo a se kile a re bolelela gore ba ne ba sa utlwanele eng, go tlhoka boiphapaanyo gantsi ke jone bothata jwa go sa utlwaneng ga dits ala. Ga go na ope yo o tleng a wele dibete fa a na le motho yo o nyatsang bobe kana yo o gatelelang thata. “U se ka ua nna tshiamō ea mo go heteletseñ,” ga tlhagisa jalo Solomone, “le gōna u se ka ua itiha botlhale yoa mo go heteletseñ: ana u ka bo u itshenyetsañ?”—Moreri 7:16.
Bakeresete ba tshwanetse go iphapaanya le go sa itekanelang ga ba bangwe. Abo go le molemo jang ne fa re leka go leba dikgang kafa motho yo mongwe a di lebang ka teng! Lefa go le jalo, ka maswabi, Bakeresete bangwe ba Korintha wa bogologolo ba ne ba tshwenyegile thata ka “ditshwanelo” tsa bone tsa botho mo ba bileng ba fetsa ka gore ba ise badumedi-kabone kwa kgotla-tshekelong. Ka go bolelela batho ba ba sa dumeleng mathata a bone, ba ne ba seka ba lere kgobo mo phuthegong fela, mme gape ba ne ba gakatsa go sa utlwaneng ga bone.—1 Bakorintha 6:1-6.
Ka jalo Paulo o ne a kgothaletsa Bakeresete ba ba neng ba kgopisegile ba Bakorintha go nna le boikutlo jwa go ineela. O ne a kgothatsa jaana: “Nya, e setse e le molato hèla mo go lona, ka lo na le ditshèkisanyō. Ga lo ichokeleleñ tshiamololō bogolo? ga lo iteseletseñ go patikwe bogolo?” (1 Bakorintha 6:7) Mokeresete o go tsaya e le go boloka dikamano tse di molemo le bakaulengwe le bokgaitsadi ba gagwe ba semoya.
Bao ba laolang ba tshwanela go iphapaanya segolo bogolo. Ka sekai, batsadi ba ka baya nako eo barwa le barwadiabone ba tshwanetseng ba bo ba le mo gae ka yone mo maitsiboeng. Mme are re ngwana o ikopela go tlola molao 00 gangwe fela? A go tla bo go sa tshwanela gore botoka go sekasekiwe mabaka a a rileng ao a kopanyelediwang? Mme go tweng ka bagolwane ba Bakeresete? A boiphapaanyo ga se nngwe ya ditshwanelego tsa bone? (1 Timotheo 3:3) Ee. Mme ba tshwanetse go bontsha nonofo eno leng le jang?
Bagolwane—Ba Nitame Mme Fela ba Tsamaisana le Seemo
Moaposetoloi Petere nako nngwe o kile a bapisa banna ba ba ‘boiphapaanyo’ le bao ba leng “logala hèla.” (1 Petere 2:18) Mogolwane mongwe o ka ntsha dikakantsho tsa go thusa mokaulengwe mongwe go tokafatsa kgono ya gagwe ya go bua. Mme fa mogolwane yoo a baya tekanyetso e e gagametseng thata a bo a retelelwa ke go akanyetsa thutego, dikgono, le maemo a mokaulengwe yoo, go ka nna ga diragala eng? Mokaulengwe yoo o ka nna a gana kgakololo kana a kgobega marapo fela thata, a fetsa ka gore bagolwane ba “logala hèla.”
Gape bagolwane ba tshwanetse go tsamaisana le seemo fa ba dirisa melao e e farologaneng mo phuthegong. Le ka motlha ga baa tshwanela go letlelela melao go ‘dirolola lefoko la Modimo’ ka go ketefatsa melao ya go nna jalo go feta melao-metheo e e itekanetseng ya Lefoko la ga Jehofa.—Mathaio 15:6; 23:23.
Go a tshwanela gore bagolwane ba tsamaisane le seemo fa ba sa tlole melao-metheo ya Dikwalo ka go tsamaisana le seemo moo. Ka motlhala, ba ka ela tlhoko gore kwa dikopanong tse dikgolo, tse di nang le batho ba le bantsi go boloka manno a mantsi go nyadiwa fela thata. Mme a molao wa go nna jalo o tshwanetse go gatelelwa mo phuthegong e potlana e e nang le ditulo tse dintsi? Kana bagolwane ba ka ikutlwa gore ka kakaretso mokgwa mongwe wa kapari—o o tshwanang le baki le thai mo banneng o a tshwanela fa ba rera ka ntlo le ntlo. Go ne ga nna jalo mo phuthegong nngwe ya lefatshe la Amerika Borwa. Lefa go ntse jalo, mogolwane mongwe koo o ne a lemoga gore lekawana lengwe le ne le ikgogona mo go abalaneng mafoko a a molemo le ba bangwe. Lebaka e ne e le lefe? O ne a sa kgone go reka baki le thai. Mogolwane o ne a fetsa ka gore go ne go tshwanela gore a tsamaisane le seemo mme ka jalo a kgothaletsa lekawana leo go simolola go abalana tumelo ya gagwe le ba bangwe.
Gape go tshwanetse ga tsamaisanngwa le seemo fa go berakanwa le dikgang tsa boatlhodi mo phuthegong. Lemororo phoso eo modira-phoso a e dirileng e ka mo tshwanelegisa go kgaolwa, go tweng fa a bontsha boikotlhao? Jehofa o ne a tlhoma sekao se se tshwanetseng mo go dirisaneng ga gagwe le batho ba Ninife. Modimo o ne o reile Jona wa re: “Go sa le malatsi a le mashomè manè, mme Ninefe o tla ribegediwa.” Lefa go le jalo, fa batho bao ba ne ba bontsha boikwatlhao, Jehofa o ne a seka a gatelela gore go itsisiwe gore ba ne ba tla senngwa. O ne a lemoga gore maemo a ne a fetogile. (Yona 3:4, 10) Ka mo go tshwanang, bagolwane ba tshwanetse go itumelela go “ichwarèla ka botlalō” koo go nang le bosupi jo bo phepafetseng jwa gore motho o ikotlhaile ka boammaaruri teng.—Isaia 55:7.
Go boloka tekatekano gareng ga nitamo le go tsamaisana le seemo ga go motlhofo. Batho ba ba sa itekanelang ka tlholego fela ba lebega ba sekametse mo go feteletseng dilo. Mme Bakeresete bao ba lekelang go nitama mme fela ba obega ba tla duelwa fela thata. Ka gonne ba leka go tsamaisana le seemo, ba tla ipelela botsalano jo bo botoka le ba bangwe mme ba tile go tshwenyega thata mo maikutlong. Mo godimo ga moo, ka gonne bagolwane ba ba tlhomilweng ba nitame, ba tlhoafetse mo ditirong tse di molemo jaaka baboloka-bothokgami, ba tlhoma sekao seo se dirang gore phuthego yotlhe e ba tshepe e ho e dirisane mmogo le bone, jaaka botlhe ba tswelela pele ba na le tsholofelo ya botshelo jo bo sa khutleng.—Isaia 32:2; 1 Bakorintha 15:58.