LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w88 8/15 ts. 24-26
  • Masaitseweng a Dikgoro

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Masaitseweng a Dikgoro
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1988
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Megido—Botlhabanelo Jwa Bogologolo Jo Bo Nang le Bokao Jwa Boperofeti
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1986
  • Merafe e Phuthegela Kwa Megido
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1989
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1988
w88 8/15 ts. 24-26

Masaitseweng a Dikgoro

BATHO ba le bantsi ba tlhakanngwa tlhogo ke masaitseweng—polelo e e nang le malepa, eo tharabololo ya yone e balwang ka ditsela tse di farologaneng, mme e fela ka tsela e e gakgamatsang, gongwe ka go bona letlotlo. Fa go ntse jalo ka wena, o tla ipelela ‘Masaitseweng a Dikgoro.’

Masaitseweng ano a ne a bonala kwa Megido, motse oo o neng o eme sentle jaaka boremelelo jwa kgwebo le bofeto jwa sesole mo Botlhaba Gare bogologolo. Baithuta-marope ba ile ba epolola masalela a sefikantswe sa kgoro ya boiphemelo, e bosupi bo neng jwa ba tlhatswa pelo gore e ne e le ya motlha wa ga Kgosi Solomone. E ne e ntse jang? Ditharabololo di ne tsa simologa.

Leba go isa kafa mojeng mo setshwantshong sa Megido wa bogologolo, mme segolo bogolo mo karolong e e bonaditsweng ya kgoro. Moeti wa bogologolo kana masole a a neng a tlile go tlhasela ka go tlhatlogela ka tsela kwa motseng o o thekeleditsweng ba ne ba feta pele mo kgorong ya ntlha. Mo teng ga yone go ne go na le patlelo, kana lolwapa. Fa ba le mo teng moo batlhasedi ba ne ba tla bonala sentle fa ba ntse ba tsenelela kwa teng le go fapogela kafa molemeng go ya go tsena mo kgorong e kgolo ya boiphemelo, eo masaitseweng tota-tota a leng mo go yone.

Dirala tsa tebelo tse di neng di thekeleditswe di ne di le kafa ntlheng e e kafa pele ga kgoro. Kago yotlhe ya kgoro e ne e sa dirwa ka maje fela a a tlwaelesegileng kana ditena, mme e leng ka ashlar (ditshidikwe tsa maje a a gabilweng ka kelotlhoko) ao a neng a tshwanela motlha wa ga Solomone. Mme go ne go na le tsela e e tlhomolosegileng kafa teng ga kgoro. Kafa thoko ga mokatako o moleele go ne go na le dipilara tse dikgolo, kana ditshegetsi tsa maje, tseo di neng di dira dikamore di le thataro koo badisa ba neng ba nna teng. (Bapisa Esekiele 40:6, 10, 20, 21, 28, 29.) Ka gale fela, kara kana setlhopha sa babapatsi di ne di kgona go feta fela motlhofo, lefa go le jalo go ne go ka farologana mo batlhaseding ba ba neng ba ka kgona go thubaganya ba bo ba ralala dikgoro tse dikgolo tse di thata. Dipilara tsa lorako di ne di patelela batlhasedi go tsena mo bofetong jo bosesane, go ralala masole a a nonofileng a Megido a a tlhometseng ka dibetsa a bofeto joo mo dintlheng tsoopedi kafa mojeng le kafa molemeng.

Jaanong re tswelela go tlhatlhoba masaitseweng kafa bokone jwa Lewatle la Galilea go ya kwa thoteng, kana thabana, ya Hasore wa 00-gologolo, koo Moporofesa John Garstang a ileng a gabolola gone ka 1928. Moithuta-marope wa Moiseraele ebong Yigael Yadiñ o ne a dira tlhotlhomiso mo thoteng eno e kgolo ka 1955. O ne a gopotse ka mafoko a Bibela a a balegang ka go re: “Mo ke gōna kaha kgosi Solomone o na a kgètha batho ka gōna; eboñ go aga ntlo ea ga Yehofa, le . . . lorakō loa Yerusalema, le Hasora, le Megido, le Gesera.” (1 Dikgosi 9:15) Ga go belaesege gore baitseanape ba dikago ba ga Solomone ba ne ba tla dirisa polane e e tshwanang go aga metse e mengwe e e thekeleditsweng e ba neng ba e aga sesha. A mme dikgoro tse di ntseng jalo tsa ga Solomone di ne di le gone kwa Hasore?

Fa babereki ba ga Yadiñ ba ntse ba tsweletse pele go gabolola lefatshe, ba ne ba bona lorako lo lo nang le matlwana a phemelo fa gare, lorako lo lo pataganeng gabedi lo lo dikamore fa gare. Go tswa foo ga bonala kago e kgolo e e tshwaraganeng le dithako. Yadiñ a re: “Ka bofefo fela re ne ra lemoga gore re bone kgoro . . . Gape, go ne ga akofa ga bonala gore polane ya dikgoro—eo e neng e na le matlwana a le marataro le dirala tsa tebelo di le pedi—gammogo le dilekanyo tsa tsone di ne di tshwana le tsa kgoro e e neng ya bonwa [dingwaga di le dintsinyana] pelenyana kwa Megido . . . Kgatlhego ya badirikanna e ne ya oketsega thata . . . re ne ra tshwantsha fa fatshe polane ya kgoro ya Megido, re tshwaya ka dimapo go supa fa dikhutlo le dithako di neng di le gone, mme go tswa foo ra bolelela babereki ba rona go epa go ya kafa re tshwaileng ka teng, re ba solofetsa ka go re: ‘fano lo tla fitlhela lorako,’ kana ‘fale lo tla fitlhela ntlwana.’ Fa ‘dipolelelopele’ tsa rona di sena go itshupa di le boammaaruri, re ne ra nna motlotlo thata . . . Fa re [ba balela temana ya Bibela ya ditiro tsa ga Solomone mo Hasore, Megido, le Gesera, tlotlomalo ya rona e ne ya fokotsega, mme ya Bibela e ne ya tsholetsega thata!”—Hazor: The Rediscovery of a Great Citadel of the Bible.

Go ne go bonala ekete masaitseweng a dikgoro a ne a rarabololwa ka tlhomamo kafa go neng go lebeletswe go ya ka dintlha tse di mo Bibeleng. Lefa go le jalo, go tweng kaga Gesera, kwa borwa? Yadiñ o ne a itse gore moithuta-marope wa Ireland ebong R. A. S. Macalister, yo o neng a gabolola koo fa gare ga 1902 le 1909,0 ne a seka a fitlhela sepe koo seo se neng se kaiwa gore ke sa ga Solomone. A ka tsela nngwe o ka ne a ile a tlhokomologa ditharabololo dingwe tse di botlhokwa mo go seo le eleng Yadiñ a ileng a se bitsa “Masaitseweng a Gesera”?

O anela jaana: “Diphitlhelelo tsa kwa Hasore le temana e e itsegeng ya 1 Dikgosi di ne tsa dira gore ke boe gape ke kanoke pego ya ga Macalister ke na le tsholofelo ya go bona kgoro. o ka akanya fela kafa ke neng ka gakgamala ka gone le go kgatlhega thata-thata fa . . . ke bona go kwadilwe . . . ka setlhogo se se reng ‘Polane ya Kago-phemelo ya Gesera ya ga Maccabaeus.’” Macalister o ne a bolela gore marope a “kago-phemelo” ao a ne a le a motlha wa botsuolodi jwa Bajuda ba ga Maccabaeus (lekgolo la dingwaga la bo-2 la B.C.E.). Mme Yadiñ o ne a akanya gore mo setshwantshong se segologolo seno o ne a ka boñ a ‘lorako lo lo nang le matlwana a phemelo fa gare, ntlwana ya kgoro ya ka kwantle, mme go feta moo sengwe seo se neng se ka lebega jaaka bontlhanngwe jwa kgoro ya motse, tse di tshwanang fela le tse di bonweng kwa Megido le Hasore.’ Yadiñ o ne a gatisa dipolelo dingwe kaga ditharabololo tseo. Moragonyana, Dr. William G. Dever o ne a gabolola kwa Gesera. O ne a bona eng? Dever o ne a kwala jaana ka matlhagatlhaga: “Ruri Solomone o ne a aga Gesera sesha!” Kana jaaka Yadiñ a tlhalosa: “Ee ruri, lekoko la ga Dever ga le a ka la bona fela bontlhanngwe jwa kgoro, mme dilo tse di fitlhetsweng koo le didirisiwa tsa letsopa di ne di supa ka botlalo gore moago oo o ne o agilwe mo metlheng ya ga Solomone.”

Jalo masaitseweng a ne a rarabololwa. Yadiñ o ne a tlhalosa jaana go The Biblical Archaeologist (Volume XXXIII, 1970, 3): “Ka thuso fela ya polelwana e khutshwane ya Bibela e e tswang mo go Dikgosi, dikago tsa phemelo tsa ga Solomone, tse di tshwanang fela ka polane mo metseng e meraro, di ne tsa bonwa le go itsiwe nako ya tsone.” “Ee, ruri, go bonala ekete ga go na sekai sepe mo ditiragalong tsa boithuta-marope koo polelwana e ileng ya thusa thata-thata mo go lemogeng le go beeng motlha wa dikago tse di mo dithoteng tse dintsinyana tse di botlhokwatlhokwa . . . jaaka go dirile 1 Dikgosi 9:15.”

[Ditshwantsho mo go tsebe 25]

Ba ikaegile ka 1 Dikgosi 9:15, baithuta-marope ba ne ba bona kgoro kwa Hasore e e lekanang fela le go tshwana ka sebopego le e e kwa Megido

[Ditshwantsho mo go tsebe 26]

Kgoro ya Gesera e lebilwe go tswa kwa loaping. Setshwantsho seno se bontsha seo se neng sa lemogiwa lantlha (go supilwe ka mola o montsho) le seo se neng sa bonwa dingwaga di ka nna 60 moragonyana (go supilwe ka marontho)

[Motswedi wa Setshwantsho]

Pictorial Archive (Near Eastern History) Est.

[Motswedi wa Setshwantsho mo go tsebe 24]

Pictorial Archive (Near Eastern History) Est.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela