LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w88 7/1 ts. 31
  • Dipotso tse di Tswang go Babadi

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Dipotso tse di Tswang go Babadi
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1988
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • O A Ba Newa Ba bo Ba Tsamaya Nae
    Monna Yo Mogolo go Gaisa Botlhe Ba Ba Kileng Ba Tshela
  • O A Ba Newa Ebile Ba Tsamaya Nae
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1991
  • Ponto Pilato E ne E le Mang?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2005
  • Jesu o Tsenngwa mo Diatleng Tsa Baba ba Gagwe
    Jesu ke Tsela, Boammaaruri le Botshelo
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1988
w88 7/1 ts. 31

Dipotso tse di Tswang go Babadi

◼ A Bajuda ba ne ba na le thata ya kafa molaong go bolaya Jesu, jaaka mafoko a ga Pilatwe a kaya go Yohane 19:6?

Ga re na bosupi jwa gore a e ka’ne ka nako eo Baroma ba ne ba file Bajuda taolo ya go bolaya batho ba ba atlholetsweng loso.

Morago ga fa baeteldipele ba Bajuda ba sena go tlhotlheletsa gare Jesu a tshwarwe, ba ne ba itira ba ba mo sekisang. Mo tshekong eo ba ne “ba batla chupō ea kakō kaga Yesu, gare ba mmolaeè.” Kgabagare, ba ne ba bona Jesu molato wa gore o a tlhapatsa mme jalo ba re “O chwanetse go shwa.” (Mathaio 26:59, 60, 65, 66) Mme morago ga fa ba sena go “gakololana kaga Yesu, go mmolaea,” ba ne ba mo isa kwa mmusing wa Maroma, Pilatwe.—Mathaio 27:1, 2.

Maemo ano a ile a dira gore batho ba le bantsi ba akanye gare Bajuda ka nako eo ba ne ba sa letlelelwa ke Baroma go bolaya Jesu Keresete ka tatofatso eo ya sedumedi. Se ba bonang ekete se tiisetsa pono eo ke phetolo ya Bajuda fa Pilatwe a ne a ba raya a re ba atlhole molatofadiwa ka molao wa Sejuda. Ba ne ba arabela ka go re: “Ga rea lètlèlèlwa go bolaea mot ho opè.” (Yohane 18:31) Tota, polelo nngwe e e anelwang go Jerusalem Talmud e bolela gore mo e ka nnang dingwaga di le 40 pele ga tshenyego ya Jerusalema ka 70 C.E., Bajuda ba ne ba latlhegelwa ke thata ya bone ya go ka bolaya bafosi.

Mme, he, abo go gakgamatsa jang ne go bala mafoko a ga Pilatwe go Yohane 19:6. Fa a ne a arabela mekgosi e e tswang mo baetledîpeleng ba bodumedi ya gore Jesu a bapolwe, Pilatwe o ne a ba raya a re: “Mo itseeleñ, lo mmapolè: gonne nna, ga ke bone molato ope mo go èna.” Polelo ano e bonala e thulana le se Bajuda ba neng ba se buile go Yohane 18:31.

Raditiragalo wa Mojuda Flavius Josephus o re bolelela pego ya dilo tse di bonweng ka matlho tseo di tla re latlhelelang lesedi kaga kgotlhang eno. O bega gore mo tlhaselong ya Baroma mo Jerusalema ka 70 C.E., batsuolodi ba ne ba ya go tsena mo felong ga tempele. Bangwe ba batlhabanî bano ba ba nyoretsweng go tsholola madi ba ne ba le mo mafelong ao a neng a sa gatwe ka go bo a ne a leboitshepo. Ka go kgopisiwa ke go itshepolola seo le Baroma tota pa neng sa se tsaya jaaka patlelo e e boitshepo, Mogenerala Titus o ne a tlhaeletsa a re:

“Lona batho ke lona ba lo ferosang sebete! A ga lo a ka lwa baya thideni eo [kana sekganedi seo se neng se kgaoganya bontlhanngwe jwa lelwapa] go sireletsa ntlo ya lona e e boitshepo? A ga lo a ka lwa sadisa dikarolo tseo fa go tsone lo beileng dimatla tse di kwadilweng ditlhaka tsa Segerika le tsa rona, lo iletsa mongwe le mongwe go feta thekeletso ya yone? Mme ebile a ga la a ka lwa re fa tetla ya go balaya mongwe le mongwe yo a neng a ka e feta, le eleng fa e ne e le Moroma? Ke eng he jaanong, lona banna ke lona ba ba bosula, lo gatakela ditoto mo teng ga yone?”—The Jewish War, e e ranotsweng ke G. A. Williamsoñ, tsebe 312. Mokwalo o o sekameng ke wa rona.

Ka jalo, le eleng fa Baroma ba ne ba sa dumelele gare Bajuda ba ntshe kattholo ya polao mo melatong ya batho, go lebega ekete ba ne ba a tle ba ba fe thata ya go ba bolaya fa go dirilwe melato mengwe e e masisi ya sedumedi. Bajuda ba ba neng ba isa Jesu kwa go Pilatwe ba ka nna ba bo ba ile ba akanya gare go siame gore ba dumelele Baroma gore e nne bone ba diragatsang poléjo, gongwe e le go dira gore loso lwa gagwe lo bifelesege thata, mme jalo fa go na le ngongorego epe ya batho e lebagane ka tlhamalalo le batho ba seeng. (Bagalatia 3:13; Duteronome 21:23) Lefa go le jalo, Pilatwe, gongwe fa a ne a batla gore a tile bothata jono, o ne a ba raya a re: “Mo itseeleñ, lo mmapolè.” O ka nna a bo gape a ne a raya gare, fa e le gore kgang-kgolo e ne e le ya sedumedi, e e masisi thata, baeteledipele ba Bajuda e nne bone ba sikarang boikarabelo jwa go bolaya Jesu.

[Ditshwantsho mo go tsebe 31]

Mokwalo ono o o mo lolwapeng lwa tempele (bona setshwantsho se se fa gare) o ne o tlhagisa Baditšhaba kgatlhanong le go feta fa lekotswaneng lo lokhutshwane

[Motswedi wa Setshwantsho]

Setshwantsho sa motse wa Jerusalema ka nako ya tempele ya teng ya bobedie—eo e agilweng mo mabateng a Hotele ya Holyland, kwa Jerusalema

[Motswedi wa Setshwantsho]

Pictorial Archive (Near Eastern History) Est.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela