Thuso ya go Thlopha Ditsala
A o ka solegelwa molemo ke dingwe tsa tsone? Basha ba lebagane le diphetso di le dintsi tse di boima fa ba ntse ba gola mo metlheng eno e e nang le matshwenyego. Mosetsana mongwe wa kwa Britane o kwala jaana mabapi le thuso eo a e bapetseng go Bosha jwa Gago—Go Iponela Molemo mo go Jone:
“Ke tlhomamisa gore ke buka e e botoka thata e e kileng ya kwalelwa bana. Ke motho wa dingwaga tse 13, mme e nthusitse ka dilo di le dintsi, jaaka ‘Ka Baka Lang o Ithuta kwa Sekolong?,’ ‘A O Fetsa se O se Simololang?,’ le ‘Ke Mofuta Ofe wa Ditsala O oo Batlang?’ Ke ile ka nna le bothata mo go tlhopheng ditsala, mme kgaolo eno ruri e nthusitse. Ke lo lebogela buka eno e e molemolemo.”
Le wena o ka nna le buka eno, eo e tlotlang ka dipotso tse di tshwanang le tse di fa godimo le tse dingwe tse dintsi, ka go tlatsa le go romela foromonyana eno. Ke R2 fela.
Tswee-tswee romelang, poso e duetswe, buka ya khabara e e thata, ya ditsebe tse 192 ya Bosha jwa Gago—Go Iponela Molemo mo go Jone. Ke e romelela R2.