A Ke Batho ba ba Dirisang ‘Lehuma le Botlhokakitso’ go Tsietsa ba Bangwe?
“BASUPI BA GA JEHOFA . . . ba dirisa ka tsela e e sa tshwanelang lehuma, bomadimabe, le botlhokakitso jwa bontsintsi jwa batho ba rona,” ga bolela jalo mokwadi mongwe wa kwa Mexico Jorge Garcia, “e le gore ba tle ba atlege mo go laoleng segakolodi sa bone.”—Excelsior ya March 9, 1983.
Ditatofatso tse di tshwanang le tseo kgatlhanong le Basupi ba ga Jehofa gantsi di utlwiwa kwa Latin Amerika. ‘Ga go ope yo o itsegeng thata yo o a tleng a nne mongwe wa Basupi ba ga Jehofa,’ go bua jalo batho bangwe ba ba rutegileng, mapolotiki, le baeteledipele ba bodumedi. ‘Basupi ba ga Jehofa ba bona balatedi ba bone mo bathong ba ba humanegileng, mo bathong ba ba senang kitso.’ Go boammaaruri gore bontsi jwa Basupi ba ga Jehofa ke batho ba ba kwa tlase, a mme sena se raya gore Basupi ba ga Jehofa ba ‘dirisa ka tsela e e sa tshwanelang lehuma la batho, tshotlego ya bone le botlhokakitso?’ A lebaka la go bo batho ba bantsi ba ba kwa tlase le ba ba humanegileng ba arabela mo dithutong tsa bone le raya gore dithuto tse di ntseng jalo di phoso?
Go araba dipotso tseno, a ko re akanye ka lekgolo la ntlha la dingwaga la Motlha wa Rona o o Tlwaelesegileng. Ka nako eo ke batho ba mofuta ofe ba ba neng ba kgatlhegela Bokeresete?
Bokeresete—Ke Goreng bo ne bo Ikuela mo Bathong ba ba kwa Tlase
Batho ba ba kgalang batho ba ga Jehofa gompieno tota-tota ba a bo ba boelela mafoko a baganetsi ba Bokeresete ba lekgolo la ntlha la dingwaga. Ka sekai, akanya ka batlhaleti ba Bagerika ba ba neng ba nna mo motseng wa bogologolo wa Korintha. Fela jaaka moaposetoloi Paulo a boletse, “Bagerika [ba ne] ba batla botlhale.” (1 Bakorintha 1:22) Legale, ba ne ba sa batle botlhale jwa Bibela, fa e se fela dikgang tsa matlhale a a thata go tlhaloganngwa. Mme e ne ya re fa moaposetoloi Paulo a sa tle “ka bontlè yoa puō leha e le yoa botlhale” mme go na le moo a bolela molaetsa o o motlhofo fela wa gore “Keresete, le èna [o] bapocwe,” ba le bantsi ba ne ba sotla Bokeresete ba re ke “dinyana hèla.”—1 Bakorintha 1:23; 2:1, 2.
A Paulo he ‘o ne a dirisa botlhokakitso ka tsela e e sa tshwanelang,’ mo go ikueleng mo bathong ba ba kwa tlase le ba ba nyatsegang mo bathong ba bangwe ba Korintha? Le eseng. Paulo o ne a tlhalosetsa Bakeresete koo are: “Gonne ba ga echo, a lo ko lo lebeñ go bidiwa ga lona, yaka go se bantsi ba ba botlhale kaha nameñ, . . . Me Modimo o itshenketse dilō tse di kaiwañ dinyana ke lehatshe, gore o tlhabisè ba ba botlhale ditlhoñ . . . Gore go se ka ga ikgantsha nama epè ha pele ga Modimo.”—1 Bakorintha 1:26-29.
Go tswa fela kwa tshimologong, Bokeresete e ne e le bodumedi joo bo neng bo gapa thata-thata batho ba ba kwa tlase, ba ba nyatsegang. Barutwa ba ga Jesu ba ba 12—bao e neng e le metheo ya kereke ya gagwe—ba ne ba seka ba tsewa gareng ga bakwadi le Bafarasai ba ba rutegileng. (Baefesia 2:20) Go na le moo, e ne e le batho fela ba ba iperekelang, ba le bane ba na le kitso ya go tshwara ditlhapi. (Mathaio 4:18-22; 10:2, 3) E ne e le batho bao baeteledipele ba bodumedi ba neng ba ba leba jaaka “ha ba sa rutèga, e le batho hèla,” moo go rayang gore thutego ya bone e ne e le kwa tlase fa e bapisiwa le dikolo tsa thutego e e kwa godimo. (Ditihō 4:13) Bakwadi le Bafarasai ‘ba ba rutegileng’ ba ne ba nyatsa Mesia yo o neng a sa bolo go letelwa, ba sotla dithuto tsa gagwe le balatedi ba gagwe. Ba ne ba nna le boikutlo jwa gore ‘ga go na ope yo o itsegeng yo o latelang Jesu.’
Gakologelwa seo se neng sa diragala mo pakeng nngwe fa ba ne ba romile maotlana go ya go “chwara” Jesu. Maotlana a ne a boa a iphotlhere fela. Ka ntlhayang? Bibela e bega jaana: “Me maōtlana a ba hetola, a re, Ga go e se go ko go bue motho opè yaka èna.” Ee, ba ne ba gakgamaditswe thata ke dithuto tsa ga Keresete! Lefa go le jalo, baeteledipele ba ba rutegileng ba bodumedi ba ne ba arabela jang? “Hoñ Bafarisai ba a hetola, ba re, A le lona lo timedicwe? A bañwe ba balaodi, kgotsa ba Bafarisai, ba dumetse mo go èna?” (Yohane 7:32, 44-48) Boikgogomoso he bo ne jwa ba kganela gore ba amogele Jesu. Go ntse fela jaaka Bibela e re “ba le bantsi ba dumèla mo go èna; me ba se ka ba mo ipolèla ka ntlha ea Bafarisai, e se re kgotsa ba kgaolwa mo tluñ ea thutō. Gonne ba ne ba rata kgalaleco ea batho bogolo go kgalaleco ea Modimo.”—Yohane 12:42, 43.
Akanya fela! Banna bano ruri ba ne ba tlhatswegile pelo gore Jesu o ne a na le boammaaruri, mme ba ne ba gana go nna barutwa ba gagwe ka ntlha ya go boifa batho. Go ne go sa siamela babusi bao gore ba ithontshe maemo a bone a ba neng ba na le one gareng ga batho, mo polotiking, le mo bodumeding gore ba nne balatedi ba ga Jesu. Ke sone se Jesu a neng are: “Amarure kea lo raea, Go tla thatahalèla mohumi go tsèna mo bogosiñ yoa legodimo”! (Mathaio 19:23) Jalo, ka kakaretso, batho ba ba ntseng jalo ba ne ba le boikgogomoso thata gore ba ka latela bodumedi joo jo bo neng bo ba tlhoka gore ba ikokobetse mme ‘ba tseye mokgoro wa bone mme ba sale Jesu morago.’ (Mathaio 16:24) Ka jalo Keresete ka nako nngwe o ne a bua jaana mo thapelong: “Kea gu leboga, Rra, Morèna oa legodimo le lehatshe, ka go bo dilō tse u di lobetse ba ba botlhale le ba ba tlhaloganyañ, me u di senoletse banyana ba bannye.” (Luke 10:21) Ka go sa tshwane le batlhaleti bano ba lefatshe, batho bao ba ne ba amogela boammaaruri.—Bapisa Mathaio 18:3.
Modimo ga se Motlhaodi
Morutwa Jakobe o ne a kwala are: “A Modimo a ga oa itlhaolèla ba e leñ bahumanegi kaga lehatshe yeno, gore ba nnè bahumi mo tumeloñ, le barui ba bogosi yo o bo sholoheditseñ ba ba o ratañ?” (Yakobe 2:5) A sena he, se raya gore batho ba ba itsholetseng le ba ba nang le thutego ya selefatshe ba ne ba thibetswe gore ba ka direla Modimo? Le eseng! Morago ga mosokologi wa ntlha wa Moditšhaba, Korenelio, a sena go amogela moya o o boitshepo, Petere o ne a tlhalosa jaana: “Amarure kea lemoga ha Modimo e se motlhaodi oa batho: Me mo merahiñ eotlhe eo o boihañ ōna, a ba a diha tshiamō, oa leboséga mo go ōna.” (Ditihō 10:34, 35) Gongwe Petere o ne a gakologelwa mafoko a ga Jehofa a a neng a a raya Samuele, makgolokgolo a dingwaga pelenyana: “Ka go bo Yehofa ga a bone yaka motho a bōna: gonne motho o leba bokahantlè, me Yehofa o leba pelo.”—1 Samuele 16:7.
Ka mo go kgatlhisang he, Bibela e tlhalosa gore “leshomō ye legolo ya baperisiti ya inèla mo tumeloñ.” (Ditihō 6:7) Bakeresete ba ne ba bo ba bonwa gape le ‘mo ntlong ya ga Kaisare’ ya boemo jo bo kwa godimo. (Bafilipi 4:22) Mme le eleng fa bontsi jwa Bakeresete e ne e le batlhoki fela, go ne go na le bangwe mo phuthegong ba ba neng ba humile.—1 Timotheo 6:17.
Mo Metlheng ya Segompieno
Ga go a tshwanela go re gakgamatsa he, go bo boammaaruri gompieno bo ile jwa ungwa thata-thata gareng ga batho ba ba tlwaelesegileng. Jehofa o santse a leba, eseng fela mo mading a motho a nang nao kana thutego ya gagwe ya lefatshe, mme eleng mo pelong. (Diane 21:2) Gakologelwa gape gore, Jesu o ne a re: “Ga go motho opè eo o ka tlañ mo go nna, ha Rara eo o nthomileñ a sa mo goge.” (Yohane 6:44) Ruri, Rara o tla gogela kwa go ene bao fela ba ikisitseng kwa tlase ebile ba amogela thuto, a ga go jalo?
Lefa go ntse jalo, seno ga se reye gore batho ba go tweng ba rutegile ebile ba na le kitso nngwe ga ba nne Basupi ba ga Jehofa. Fa Paulo a ne a tlhalosetsa Kgosi Ageripa boammaaruri jo bo motlhofo fela, mme bo nonofile, kgosi a ineela mme o ne a re: “Ua bo u rata go nkgōna go nna Mokeresete ka go mpuisa go le gonnye hèla.” (Ditihō 26:27, 28) Ka tsela e e tshwanang, batho ba le bantsi ba ba rutegileng ba ile ba gogelwa mo boammaaruring ke tlhaloso e e phepafetseng e e botlhale le ya boammaaruri jwa Bibela e e neelwang ke Basupi ba ga Jehofa. Gakologelwa gore, motho yo o boikokobetso ga go reye gore o a bo a sa rutega. Moshe o ne a bidiwa ‘motho yo o boikokobetso thata go feta batho botlhe ba ba neng ba le mo lefatsheng.’ (Dipalō 12:3) Lefa go le jalo, ‘o ne a rutilwe botlhale jotlhe jwa Baegepeto.’—Ditihō 7:22.
Lefa go le jalo, go tshwanetse go lemogiwa gore, fa batho ba ba senang thuto e ntsi ba simolola go kopanela le phuthego ya Basupi ba ga Jehofa, gantsi ba tsaya dikgato tsa go tokafatsa thutego ya bone. Ba leka go tokafatsa tsela ya bone ya go bala le mekgwa ya go ithuta gore ba tle ba ithute dithuto tsa konokono tsa Bibela mme ba tswelele ba ntse ba bala, dibuka tsa Bibela tse dintsintsi tse di gatisiwang ke Basupi ba ga Jehofa. Fa motho yo o peloephepa a batla go ithuta Bibela mme a kgorelediwa ke go sa itse go bala, gantsi thuto ya mahala e ka rulaganyediwa ka phuthego ya lefelo le a leng mo go lone.
Mokgatlho wa Watchtower o bile o gatisa buka ya setlhogo se se reng Ithute go Bala le go Kwala. Bukana eno e thusitse diketekete tsa batho gore ba ithute go bala mo Asia, Afrika, le mo Bogare lo Borwa jwa Amerika. Mo nageng nngwe ya Latin Amerika, batho ba le 51 249 ba ile ba ithuta go bala le go kwala mo dingwageng tse 26 tse di fetileng ba thusiwa ke bukana eno! Mo motsaneng mongwe wa Latin Amerika, motlhatlhobi wa dikolo wa Lephata la Thuto o ne a kopana le baemedi ba mekgatlho e le mentsinyana e e farologaneng—go akareletsa le Basupi ba ga Jehofa. Mosupi wa koo o ne a ba bolelela kaga bukana ya Ithute go Bala mme a laletsa setlhopha seo go ya go nngwe ya dipokano tsa Basupi.
Setlhopha seo se ne sa nna gone mo Sekolong sa Bodihedi sa Bolegodimo—pokano eo e rulaganyeditsweng go thusa banna le basadi go nna barutisi ba ba nang le bokgoni. Ba ne ba gakgamala thata go bona monna mongwe yo ba neng ba itse gore ga a itse go bala le go kwala—a le mo seraleng aa fa puo ya Bibela! Mongwe wa baeti, yo e leng mogokgo wa sekolo, o ne a re: “Ga go dumelesege gore monna yono yo re sa leng re mo itse gore ga a itse go bala le go kwala jaanong o kgona go bua ka Sepanishe [go na le loleme lwa ga mmaagwe], re sa bue sepe ka go bua le morafe, mme ke yono o a dira.”
Jalo go na le gore ba bo ba tsietsa batho ba ba kwa tlase, Bakeresete ba boammaaruri ba ba thusa go itokafatsa ka go ba thusa gore ba bapale kitso ya boammaaruri. Bakeresete ba ba ntseng jalo ba tsweledisa tiro ya go ruta eo Jesu a neng a ntsha taolo ya gore e dirwe fa a ne are: “Ke gōna tsamaeañ, lo dihè merahe eotlhe barutwa, . . . Lo ba rutè go tlhōkōmèla dilō cotlhe tse ke di lo laoletseñ. ” (Mathaio 28:19, 20) Ka jalo, mo ngwageng mongwe le mongwe diketekete tsa batho ba mefuta yotlhe ba ikopanya le Basupi ba ga Jehofa.